Babelona o Mogolo
Tlhaloso: Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o o akaretsang ditumelo tsotlhe tseo dithuto tsa tsone le ditlwaelo tsa tsone di sa dumalaneng le kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa, Modimo o osi wa boammaaruri. Morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, bodumedi jwa maaka bo ne jwa simologa kwa Babela, (o moragonyana o neng wa itsiwe jaaka Babelona). (Gen. 10:8-10; 11:4-9) Fa nako e ntse e ya, ditumelo tsa bodumedi jwa Sebabelona le ditlwaelo tsa teng di ne tsa anamela mo mafatsheng a mantsi. Ka jalo Babelona o Mogolo e ne ya nna leina le le tshwanelang la bodumedi jwa maaka ka kakaretso.
Ke bosupi bofe jo bo supelang seo Babelona o Mogolo yo o bolelwang mo go Tshenolō, a leng sone?
Ga e ka ke ya nna motse wa bogologolo wa Babelona. Tshenolō e ne ya kwalwa kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. mme e tlhalosa ditiragalo tseo di neng di tla fitlhelela le eleng mo motlheng wa rona. The Encyclopedia Americana e re: “Motse [Babelona] o ne wa tsewa ke Baperesia tlaseng ga ga Kurose yo Mogolo ka 539 B.C. Moragonyana Alexander yo Mogolo o ne a rulaganyetsa go dira Babelona motse-mogolo wa bogosi jwa gagwe jwa botlhaba, mme morago ga loso lwa gagwe Babelona o ne a latlhegelwa ke botlhokwa jwa gagwe ka bonya ka bonya.” (1956, Bol. III, ts. 7) Gompieno motse oo ke matlotla a a sa nniweng.
Mo tshwantshetsong ya ga Tshenolō, Babelona o Mogolo o lebisiwa jaaka “motse o mogolo,” ‘bogosi’ joo bo laolang dikgosi tse dingwe. (Tshen. 17:18) Jaaka motse, o ne o tla nna le diphuthego tse dintsi mo teng ga one; le jaaka bogosi jo bo tla kopanyeletsang dikgosi tse dingwe mo teng ga bolaodi jwa teng, e ne e tla nna jo bogolo fela thata, e le jwa merafe-rafe. O tlhalosiwa jaaka o o nang le dikamano le babusi ba sepolotiki le go tlatseletseng mo lehumong la batho mo papading, fa jone ka bobone e le karolo ya seraro mme o “hetogile boagō yoa badimo” le mmogisi wa “baperofeti, le [wa] baitshepi.”—Tshen. 18:2, 9-17, 24.
Babelona wa bogologolo o ne a itsiwe thata-thata ka bodumedi jwa gagwe le go gomahalela Jehofa
Gen. 10:8-10: “Nimerode . . . E ne e le mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa; . . . Me tshimologō ea bogosi yoa gagwè e ne e le Babela [o moragonyana o neng wa itsiwe jaaka Babelona].”
Dan. 5:22, 23: “Me wèna [Beleshasare kgosi ya Babelona] . . . U ikgodiseditse Morèna oa legodimo . . . u bakile medimo ea selefera, le ea gouda, le ea kgōtlhō, le ea tshipi, le ea logoñ, le ea lencwè, e e sa utlweñ, e e sa itseñ: me Modimo o go hema ga gago go leñ mo seatleñ sa ōna, le o ditsela cotlhe tsa gago di leñ tsa ōna, ga ua o galaletsa.”
Mokwalo mongwe o o dimapo wa bogologolo o balega jaana: “Go na le ditempele di le 53 mo Babelona tsa medimo e megolo, le matlo a thuto a ga Marduk a le 55, matlo a thuto a le 300 a medingwana ya selefatshe, a le 600 a medingwana ya selegodimo, dibeso di le 180 tsa modimogadi Ishtar, di le 180 tsa medimo Nergal le Adad le dibeso tse dingwe di le 12 tsa medimo e e farologaneng.”—E tsopotswe go The Bible as History (New York, 1964), W. Keller, ts. 301.
The Encyclopedia Americana ea balega: “Tlhabologo ya Sumeria [eo e neng e le karolo ya Babelonia] e ne e laolwa ke bapirisita; mme tlhogo ya mmuso e ne e le lugal (mo tota go rayang ‘monna yo mogolo’), moemedi wa medimo.”—(1977), Bol. 3, ts. 9.
Ka gone, ka mo go utlwalang, Babelona o Mogolo yo o lebisitsweng mo go Tshenolō ke wa bodumedi. O tshwana le motse le mmuso, ga wa lekanyediwa fela go setlhopha sa bodumedi se le sengwe mme o akareletsa ditumelo tsotlhe tseo di kgatlhanong le Jehofa, Modimo wa boammaaruri.
Dikgopolo le ditlwaelo tsa sedumedi tsa Babelona wa bogologolo di fitlhelwa gompieno mo ditumelong mo lefatsheng ka bophara
“Egepeto, Peresia, le Gerika di ne tsa nna le tlhotlheletso ya bodumedi jwa Sebabelona . . . Tlhakatlhakano e kgolo ya dikarolo tsa ba “Semitic” mo ditlhamaneng tsa kwa tshimologong tsa Segerika le dikobamelo tsa Segerika jaanong di ne tsa dumelelwa ka kakaretso ke batlhalefi mo e leng gore ga go tlhokafale kakgelo e nngwe gape e e oketsegileng. Dikarolo tseno tsa Seaferika bogolo jwa tsone ke tsa Sebabelona.”—The Religion of Babylonia and Assyria (Boston, 1898), M. Jastrow, Jr., dits. 699, 700.
Medimo ya bone: Go ne go na le medimo ya ditlhogo tse tharo, mme gareng ga medimako ya bone go ne go na le eo e neng e emela maatla a a farologaneng a tlholego mme e mengwe e ne e le eo e neng e na le tlhotlheletso e kgolo mo ditirong tse di rileng tsa setho. (Babylonian and Assyrian Religion, Norman, Okla.; 1963, S. H. Hooke, dits. 14-40) “Tharo-nngwe ya ga Plato, ka boyone e le fela paakanyo ya ditharo-nngwe tse di kgologolo tsa metlha ya batho ba bogologolo, e bonala e le botlhajana fela jwa tharo-nngwe jo bo kwa tlasenyana jo bo neng jwa tsala medimo e meraro kana batho ba bararo ba e leng badimo jo bo rutwang ke dikereke tsa Bokeresete. . . . Kgopolo ya motlhalefi wa Mogerika [Plato] ya tharo-nngwe ya bomodimo . . . e fitlhelwa mo ditumelong tsotlhe tsa bogologolo tsa [seheitane].”—Nouveau Dictionnaire Universel (Paris, 1865-1870), e e neng ya kwalwa ke M. Lachâtre, Bol. 2, ts. 1467.
Tiriso ya ditshwantsho: “[Mo bodumeding jwa Mesopotamia] seabe sa setshwantsho e ne e le sa konokono mo kobamelong gammogo le mo borapeding jwa kwa bothokong fela, jaaka phatlalatso ya mefuta ya ditshwantsho tse di ntseng jalo e bontsha. Tota-tota, modimo o ne o tsewa o le gone mo setshwantshong sa one fa o ne o supiwa dikarolo dingwe tse di rileng tse di tlhamaletseng le go tlhokomelwa ka mokgwa mongwe o o tshwanetseng.”—Ancient Mesopotamia—Portrait of a Dead Civilization (Chicago, 1964), A. L. Oppenheim, ts. 184.
Tumelo malebana le baswi: “Ga go na batho le eleng bone baetapele ba bodumedi [mo Babelona] ba ba kileng ba lebana le kgonego ya nyeletso e e feletseng ya sengwe seo se kileng sa tlisiwa mo botshelong. Loso e ne e le tsela fela ya go ya mofuteng o mongwe wa botshelo.”—The Religion of Babylonia and Assyria, ts. 556.
Boemo jwa bopirisita: “Pharologanyo magareng ga mopirisita le motho fela e bonala mo bodumeding jono jwa [Babelona].”—Encyclopædia Britannica (1948), Bol. 2, ts. 861.
Tiriso ya tepo-dinaledi, boloi, maselamose, le borai: Raditiragalo A. H. Sayce o a kwala: “[Mo] bodumeding jwa Babelona wa bogologolo . . . selo sengwe le sengwe le maatla a tlholego di ne di gopolelwa di na le zi ya tsone kana moya, o o neng o ka laolwa ka ditiro tsa boselamose tsa ga Shaman, kana mopirisita wa borai.” (The History of Nations, New York, 1928, Bol. I, ts. 96) “Bakaladia [Bababelona] ba ne ba gatela pele fela thata mo thutong ya tepo-dinaledi ka boiteko jwa go bona isagwe ka dinaledi. Mofuta ono wa tiro o bitswa ‘tepo-dinaledi.’”—The Dawn of Civilization and Life in the Ancient East (Chicago, 1938), R. M. Engberg, ts. 230.
Babelona o Mogolo o tshwana le seaka, se se tshelang mo letlepung la matlhabisa-ditlhong
Tshenolō 17:1-5 e re: “Tla kwano, ke tla gu shupetsa tshekishō ea seaka se segolo se se dutseñ mo metsiñ a mantsi [batho]; Se dikgosi [babusi ba bopolotiki] tsa lehatshe di gokahetseñ nashō, le ba ba agileñ mo lehatshiñ ba ne ba tagisiwa ke boyalwa yoa kgokahalō ea shōna. . . . Me mo phatleñ ea gagwè ga bo go kwadilwe leina, go twe, BOTEÑ, BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” Tshenolō 18:7 e oketsa ka gore o ne a “ikgalaletsa . . . le go hoahoèga.”
A ga go boammaaruri gore diphuthego tsa bodumedi tse dikgolo di ile tsa go dira tlwaelo go ikopakopanya le babusi ba bopolotiki gore di tlotlege le go huma, lemororo seno se ile sa felela ka pogo mo bathong fela? A ga go boammaaruri gore baruti ba bone ba ba kwa godimo ba tshelela mo letlepung, lemororo batho ba bantsi bao ba tshwanetseng gore ba ba direle ba le mo lehumeng le legolo?
Ke goreng ditumelo tse di reng ke tsa Bokeresete tota ka tshwanelo di ka lejwa jaaka karolo ya Babelona o Mogolo, gammogo le tseo di sa itseng sepe ka Modimo wa Bibela?
Jak. 4:4: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Ka jalo, lefa ba ka tswa ba itse se Bibela e se buang kaga Modimo, ba itira baba ba gagwe fa e le gore ba ikgethela go nna tsala le lefatshe ka go etsa ditsela tsa lone.)
2 Bakor. 4:4; 11:14, 15: “Modimo oa lehatshe yeno o [houhaditse] megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemō a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.” “Gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō; ba bokhutlō yoa bōnè bo tla nnañ kaha ditihoñ tsa bōnè.” (Ka gone mmaba yo mogolo wa ga Jehofa, Satane Diabolo ka sebele, eleruri o tlotlwa ke botlhe bao ba sa obameleng Modimo wa boammaaruri ka tsela eo A ileng a e tlhoma, le eleng fa ba ka iphaka gore ke Bakeresete. Bona gape 1 Bakorintha 10:20.)
Math. 7:21-23: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ [Jesu Keresete], a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ. E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”
Ke ka baka lang go potlakile go tswa mo Babelona o Mogolo kwa ntle ga tiego?
Tshen. 18:4: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”
Tshen. 18:21: “Me moengele moñwe eo o thata a tsaea lencwè, ekete lolwala lo logolo, me a lo thabuetsa mo lewatleñ, a re, Babelona, motse o mogolo, o tla pirigañwa yalo ka piriganyō e kgolo, me ga o ketla o tlhōla o bōnwa gopè.”
Luke 21:36: “Me lona, lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanètse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”
Go tla diragalang ka batho bao ba ba neng ba sa itse boammaaruri jwa Bibela mme ba ne ba tshela ebile ba sule mo nakong e e fetileng ba le karolo ya Babelona o Mogolo?
Dit. 17:30: “Ke gōna, metlha ea botlhōka kicō, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe.”
Dit. 24:15: “Go tla nna cogō ea basiami le basiamolodi.” (Go re ke “basiamolodi” bafe ba ba tla tsosiwang, ke ga Modimo moo.)
Yobe 34:12: “E, rure, Modimo ga o ketla o diha ka mokgwa o o boshula, le gōna Mothataeotlhe ga a ketla a shōkamisa katlholō.”