LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rr kgao. 12 ts. 129-136
  • “Ke Tla Dira Gore ba Nne Setšhaba se le Sengwe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Tla Dira Gore ba Nne Setšhaba se le Sengwe”
  • Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E “Tla Nna Thobane e le Nngwe Fela mo Seatleng sa Me”
  • Jehofa o Ile a ba “Phutha Mmogo” Jang?
  • “Motlhanka wa me Dafide o Tla Nna Kgosi ya Bone”
  • Jehofa o Tla Dira Gore Batho ba Gagwe ba Nne Seoposengwe
  • “Ba Tla Nna Batho ba Me”
  • ‘Lefelo La me Le le Boitshepo Le Mo Go Bone Ka Bosakhutleng’
  • “Ba Sireletse ka Ntlha ya ga Satane”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Lo Tla Tshela”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Go Kopanngwa ga Dithobane tse Pedi
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
rr kgao. 12 ts. 129-136
Esekiele a tshwere dithobane tse pedi fa pele ga Bajuda ba ba leng kwa botshwarwa kwa Babelona.

KGAOLO 12

“Ke Tla Dira Gore ba Nne Setšhaba se le Sengwe”

ESEKIELE 37:22

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Jehofa o solofetsa gore o tla phutha batho ba gagwe; boporofeti jwa dithobane tse pedi

1, 2. (a) Ke eng fa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ka tswa ba ne ba tshogile? (b) Go ne ga direga eng se ba neng ba sa se lebelela? (c) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

MODIMO o ne a tlhotlheletsa Esekiele gore a dire dilo dingwe fa pele ga Baiseraele ba ba neng ba le kwa botshwarwa. Dilo tse Esekiele a neng a di dira di ne di emela se se tla diregang mo nakong e e tlang. Selo sa ntlha se Esekiele a ileng a se dira se ne se bolelela pele sengwe se se utlwisang botlhoko se Jehofa a neng a tla se dira, sa bobedi fela jalo, sa boraro, le tse dingwe tse a ileng a di dira morago ga moo. (Esek. 3:24-26; 4:1-7; 5:1; 12:3-6) Tota e bile, dilo tsotlhe tse Esekiele a ileng a di dira, di ne di emela katlholo ya Modimo e e neng e tla tlela Bajuda.

2 Ka jalo, akanya fela gore batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ka tswa ba ne ba tshogile jang fa ba bona Esekiele a ema fa pele ga bone gape. Gongwe ba ka tswa ba ne ba ipotsa go re ‘O a bo a tlile go re bolelela eng se se utlwisang botlhoko?’ Mme go ne ga direga sengwe se ba neng ba sa se lebelela. Se Esekiele a ileng a se dira se ne se sa emele molaetsa wa katlholo o o utlwisang botlhoko. Go na le moo, se ne se emela sengwe se se itumedisang. (Esek. 37:23) Esekiele o ile a bolelela Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa molaetsa ofe? Molaetsa oo o kaya eng? O ama batlhanka ba Modimo jang gompieno? Mma re bone.

E “Tla Nna Thobane e le Nngwe Fela mo Seatleng sa Me”

Dithobane tse pedi tsa boporofeti jwa ga Esekiele.

LEBOKOSE LA GO RUTA 12A: Go Kopanngwa ga Dithobane tse Pedi

3. (a) Thobane “ya ga Juda” e ne e emela eng? (b) Ke eng fa re ka re “thobane ya ga Eferaime” e ne e emela bogosi jwa ditso di le lesome?

3 Jehofa o ne a laela Esekiele gore a tseye dithobane tse pedi, mo go e nngwe a kwale a re “ya ga Juda” mme mo go e nngwe a kwale a re “ya ga Josefa, thobane ya ga Eferaime.” (Bala Esekiele 37:15, 16.) Dithobane tseno di ne di emela eng? Thobane “ya ga Juda” e ne e emela bogosi jwa ditso tse pedi e leng Juda le Benjamine. Dikgosi tsa lotso lwa Juda di ne di busa ditso tseno tse pedi mme baperesiti ba ne ba nna le tsone ka gonne ba ne ba direla kwa tempeleng kwa Jerusalema. (2 Ditir. 11:13, 14; 34:30) Ka jalo, bogosi jwa Juda bo ne bo akaretsa dikgosi tse di tswang mo losikeng lwa ga Dafide le baperesiti ba ba tswang mo lotsong lwa Lefi. “Thobane ya ga Eferaime” yone e ne e emela bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele. Ke eng fa re rialo? Kgosi ya ntlha ya ditso di le lesome e ne e le Jeroboame wa lotso lwa Eferaime. Fa nako e ntse e ya, lotso lwa Eferaime e ne ya nna lone lo lo di gogang kwa pele kwa Iseraele. (Dute. 33:17; 1 Dikg. 11:26) Bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele, bo ne bo sa akaretse dikgosi tse di tswang mo losikeng lwa ga Dafide kgotsa baperesiti ba ba tswang mo lotsong lwa Lefi.

4. Se Esekiele a ileng a se dira ka dithobane tse pedi se emela eng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

4 Jehofa o ile a laela Esekiele gore a pataganye dithobane tseo, gore e nne “thobane e le nngwe fela.” Bajuda ba ne ba lebile Esekiele ba tshwenyegile. Go tswa foo ba bo ba mmotsa ba re: “A ga o kitla o re bolelela gore dilo tseno di kaya eng?” O ile a ba bolelela gore se a se dirang se emela se Jehofa a tla se dirang. Jehofa o ne a re o tla dira gore dithobane tseo ‘di nne thobane e le nngwe fela, mme di tla nna thobane e le nngwe fela mo seatleng sa gagwe.’​—Esek. 37:17-19.

5. Se Esekiele a ileng a se dira se kaya eng? (Bona lebokose le le reng “Go Kopanngwa ga Dithobane Tse Pedi.”)

5 Go tswa foo, Jehofa o ile a tlhalosa gore go pataganngwa ga dithobane tse pedi go kaya eng. (Bala Esekiele 37:21, 22.) Batho ba ba neng ba isitswe botshwarwa ba bogosi jwa ditso di le pedi tsa Juda le ba bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele (Eferaime), ba ne ba tla busediwa kwa Iseraele mme fa ba le koo, ba ne ba tla nna “setšhaba se le sengwe fela.”​—Jer. 30:1-3; 31:2-9; 33:7.

6. Esekiele kgaolo 37 e na le boporofeti bofe jo bo tsamaisanang?

6 Boporofeti jo bo mo go Esekiele kgaolo 37 bo a kgatlha mme gape bo a tsamaisana. Jehofa o ne a tla bontsha gore a ka kgona go golola batho ba gagwe kwa botshwarwa (temana 1-14) a bo a dira gore ba nne seoposengwe (temana 15-28). Tota re ka re molaetsa o o kgothatsang wa boporofeti jono ke go re: Jehofa o kgona go golola batho ba gagwe, e bile o kgona go dira gore ba nne seoposengwe.

Jehofa o Ile a ba “Phutha Mmogo” Jang?

7. Pego e e mo go 1 Ditiragalo 9:2, 3 e bontsha jang gore “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega”?

7 Go ne go lebega go ka se kgonege gore Baiseraele ba gololwe kwa botshwarwa le gore ba boe ba kopane gape.a Le fa go ntse jalo, “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Math. 19:26) Jehofa o ile a diragatsa boporofeti joo. Batho ba gagwe ba ile ba gololwa kwa Babelona ka 537 B.C.E., mme morago ga moo, batho ba ditso di le pedi le ba ditso di le lesome ba ne ba boela Jerusalema gore ba boe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Seno se boammaaruri ka gonne dikwalo di a re: ‘Dingwe tsa ditlogolwana tsa ga Juda, tsa ga Benjamine, tsa ga Eferaime le tsa ga Manase di ne tsa nna kwa Jerusalema.’ (1 Ditir. 9:2, 3; Esera 6:17) Fela jaaka Jehofa a ne a buile, batho ba ditso di le lesome tsa Iseraele, ba ile ba kopana le ba ditso di le pedi tsa Juda.

8. (a) Moporofeti Isaia o ile a bolelela pele eng? (b) Esekiele 37:21 e tlhalosa dintlha dife tse pedi tsa botlhokwa?

8 Dingwaga di ka nna 200 pele ga moo, moporofeti Isaia o ile a bolelela pele gore go tla direga eng ka batho ba Iseraele le ba Juda fa ba sena go gololwa kwa botshwarwa. O ile a bolelela pele gore Jehofa o ne a tla phutha “batho ba Iseraele ba ba phatlaletseng, e bile o tla phutha batho ba Juda ba ba gasametseng kwa dikhutlong tse nnê tsa lefatshe” go akaretsa le ba ba neng ba le kwa “Asiria.” (Isa. 11:12, 13, 16) Go ne ga nna fela jalo. Jehofa o ne a ntsha “Baiseraele kwa ditšhabeng tse ba neng ba gasametse kwa go tsone.” (Esek. 37:21) Mme ela tlhoko dintlha tseno tse pedi tsa botlhokwa: Jehofa o ne a sa tlhole a bitsa batho ba ba tswang kwa botshwarwa a re batho ba “Juda” kgotsa batho ba “Eferaime,” mme o ne a ba bitsa a re “Baiseraele.” Mo godimo ga moo, go ne go sa tlhole go twe Baiseraele ba tswa kwa Babelona, go na le moo, go ne go twe ba tswa kwa ditšhabeng tse di farologaneng. Tota e bile, Baebele ya re ba ne ba “tswa kwa dikarolong tse di farologaneng.”

9. Jehofa o ile a thusa jang batho ba ba neng ba tswa kwa botshwarwa gore ba nne seoposengwe?

9 Fa Baiseraele ba sena go boela kwa nageng ya bone, Jehofa o ile a ba thusa jang gore ba nne seoposengwe? O ile a ba tlhomela badisa ba ba molemo ba ba jaaka Serubabele, Moperesiti yo Mogolo Joshua, Esera le Nehemia. Gape o ile a tlhoma baporofeti ba ba jaaka Hagai, Sekarea le Malaki. Banna bano ba ba ikanyegang ba ne ba dira ka natla, ba kgothatsa batho gore ba ikobele melao ya Modimo. (Neh. 8:2, 3) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a sireletsa Baiseraele ka gonne o ne a nna fela a dira gore maano a baba ba bone a iteye sefololetse.​—Eseth. 9:24, 25; Seka. 4:6.

Esera le banna bangwe ba ruta batho melao ya ga Jehofa.

Jehofa o ile a tlhoma badisa ba ba molemo gore ba thuse batho ba gagwe go nna seoposengwe (Bona serapa 9)

10. Satane o ile a kgona go dira eng?

10 Mme gone, le fa Jehofa a ne a tlhokometse Baiseraele jalo, bontsi jwa bone ba ile ba palelwa ke go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Dilo tse ba neng ba di dira, di kwadilwe mo dipegong tsa Baebele tse di leng tsa kwalwa fa ba sena go boa kwa botshwarwa. (Esera 9:1-3; Neh. 13:1, 2, 15) Tota e bile, dingwaga di ka nna 100 Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa, ba ne ba dira dilo tse di maswe thata jaana mo Jehofa a neng a ba kopa a re: “Boelang mo go nna.” (Mal. 3:7) Ka nako ya fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, Bajuda ba ne ba sa tlhole ba obamela Jehofa mmogo, go na le moo, ba ne ba itirile makoko a a eteletsweng pele ke badisa ba ba sa ikanyegeng. (Math. 16:6; Mar. 7:5-8) Satane o ne a dirile gore batho ba Modimo ba se ka ba nna seoposengwe ka tsela e e feletseng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofeditse gore batho ba gagwe ba tla nna seoposengwe, mme se a se solofeditseng se ne se tla direga. Jang?

“Motlhanka wa me Dafide o Tla Nna Kgosi ya Bone”

11. (a) Jehofa o ile a tlhalosa eng ka boporofeti jwa gore batho ba gagwe ba tla nna seoposengwe? (b) Satane o ile a leka go dira eng fa a sena go lelekwa kwa legodimong?

11 Bala Esekiele 37:24. Jehofa o ile a tlhalosa gore boporofeti jwa gore batho ba gagwe ba tla nna seoposengwe, bo ne bo tla diragadiwa ka botlalo mo bathong ba gagwe fa ‘motlhanka wa gagwe Dafide’ e bong Jesu a sena go tlhomiwa gore e nne Kgosi. Seno se ile sa direga ka 1914.b (2 Sam. 7:16; Luke 1:32) Ka nako eo, Jehofa o ne a sa tlhole a amogela setšhaba sa Iseraele, go na le moo, o ne a amogela “Iseraele wa Modimo” e leng batlodiwa. (Jer. 31:33; Bagal. 3:29; 6:16) Fa Satane a sena go lelekwa kwa legodimong, o ne a ikemiseditse go dira goe batho ba Modimo ba se ka ba nna seoposengwe, jaaka a ile a dira mo nakong e e fetileng. (Tshen. 12:7-10) Ka sekai, fa Mokaulengwe Russell a sena go tlhokafala ka 1916, Satane o ne a leka go dira gore batlodiwa ba se ka ba nna seoposengwe ka go dirisa batlhanogi. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, batlhanogi bao ba ne ba tlogela phuthego. Gape Satane o ne a dira gore bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele ka nako eo, ba tsenngwe mo kgolegelong. Mme leano leo le lone ga le a ka la dira gore phuthego ya Modimo e thubege. Batlodiwa ba ba neng ba ikanyega mo go Jehofa ba ile ba tswelela ba le seoposengwe.

12. Ke eng fa leano la ga Satane le sa bereka mo bathong ba Modimo ba ba tloditsweng?

12 Ka jalo, le fa gone Satane a ile a dira gore Baiseraele ba se ka ba nna seoposengwe, leano leo la gagwe ga le a ka la bereka mo bathong ba Modimo ba ba tloditsweng. Ka ntlha yang? Ka gonne Batlodiwa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ikobela melao ya ga Jehofa. Ka ntlha ya seo, Kgosi ya bone e bong Jesu Keresete, yo o nnang a fenya Satane, o a ba sireletsa.​—Tshen. 6:2.

Jehofa o Tla Dira Gore Batho ba Gagwe ba Nne Seoposengwe

13. Boporofeti jo bo ka ga go kopanngwa ga dithobane tse pedi bo re ruta eng sa botlhokwa?

13 Ke eng fa boporofeti jono jwa go kopanngwa ga dithobane tse pedi bo le botlhokwa gompieno? Nna o gopotse gore ntlha ya konokono ya boporofeti jono e ne e le go bontsha gore ditlhopha tse pedi di tla kopanngwa. Mme sa botlhokwa le go feta, Jehofa ke ene a neng a tla dira gore ditlhopha tseno di kopane. Ka jalo, boporofeti jono jwa go kopanngwa ga dithobane tse pedi, bo re ruta eng sa botlhokwa? Bo re ruta gore Jehofa o tla dira gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe.​—Esek. 37:19.

14. Fa e sale go tloga ka 1919, boporofeti jo bo ka ga go kopanngwa ga dithobane tse pedi bo ile jwa diragadiwa jang ka tsela e e kgolwane?

14 Ka 1919, batho ba Modimo ba ne ba itshekisiwa ka tsela ya tshwantshetso e bile ba ne ba simolola go obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang. Fa e sale go tloga ka nako eo, boporofeti jono bo ile jwa simolola go diragadiwa ka tsela e e kgolwane. Ka nako eo, bontsi jwa batho ba Jehofa a neng a ba kopantse mmogo, ba ne ba na le tsholofelo ya go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (Tshen. 20:6) Batlodiwa bano ba ne ba tshwana le thobane “ya ga Juda,” setšhaba se se neng se akaretsa dikgosi tse di tswang mo losikeng lwa ga Dafide le baperesiti ba ba tswa mo lotsong lwa Lefi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ile ba kopanngwa le ba bangwe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Bano ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba ne ba tshwana le “thobane ya ga Eferaime,” setšhaba se se neng se sa akaretse dikgosi tse di tswang mo losikeng lwa ga Dafide le baperesiti ba ba tswa mo lotsong lwa Lefi. Ditlhopha tseno tse pedi, di direla Jehofa di le seoposengwe, di eteletswe pele ke kgosi ya tsone e bong Jesu Keresete.​—Esek. 37:24.

“Ba Tla Nna Batho ba Me”

15. Boporofeti jo bo mo go Esekiele 37:26 le 27 bo diragadiwa jang gompieno?

15 Boporofeti jwa ga Esekiele bo bontsha gore batho ba le bantsi ba ne ba tla kopana le batlodiwa gore ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Jehofa o ne a bua jaana ka batho ba gagwe: “Ke tla . . . dira gore ba nne bantsi e bile tente ya me e tla nna mo godimo ga bone.” (Esek. 37:26, 27; ntlh.) Mafoko ano a ga Jehofa a dira gore re akanye ka se moaposetoloi Johane a ileng a se bona mo ponatshegelong dingwaga di ka nna 700 Esekiele a sena go swa. O ne a bona gore “yo o ntseng mo setulong sa bogosi o [ne a] tla tsharololela tente ya gagwe mo godimo ga boidiidi jo bogolo jwa batho.” (Tshen. 7:9, 15; ntlh.) Gompieno batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo ba dira mmogo ba le seoposengwe ba sireleditswe ke Modimo.

16. Moporofeti Sekarea o ile a bolelela pele eng?

16 Moporofeti Sekarea, yo le ene a ileng a gololwa kwa botshwarwa, o ile a bolelela pele gore batlodiwa ba ne ba tla kopanngwa le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. O ne a re: ‘Batho ba le lesome ba ba tswang mo ditšhabeng ba tla ngangatlela seaparo se seleele sa Mojuda,’ ba bo ba re: “Re batla go tsamaya le lona, ka gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.” (Seka. 8:23) Mo temaneng eno fa go buiwa ka “Mojuda” ga go buiwe ka motho a le mongwe, mme go buiwa ka setlhopha sa batho. Batho ba ba tewang go twe “re batla go tsamaya le lona,” ba emela batlodiwa. (Bar. 2:28, 29) “Batho ba le lesome” ba emela ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Ba “ngangatlela” batlodiwa e bile ‘tsamaya le bone.’ (Isa. 2:2, 3; Math. 25:40) Mafoko a a reng “ngangatlela” le a a reng “tsamaya le lona” a bontsha gore ditlhopha tseno tse pedi di seoposengwe ka tsela e e feletseng.

17. Jesu o ile a tlhalosa jang kutlwano e batho ba Modimo ba nang le yone gompieno?

17 Gongwe Jesu o ne a akantse ka boporofeti jwa ga Esekiele jwa go kopanngwa ga dithobane tse pedi fa a ne a tlhalosa gore ke modisa wa dinku. O ne a tlhalosa gore o tla thusa dinku tsa gagwe (batlodiwa) le dinku tse dingwe (ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng) gore e nne “letsomane le le lengwe.” (Joh. 10:16; Esek. 34:23; 37:24, 25) Se Jesu le baporofeti ba mo nakong e e fetileng ba ileng ba se bua, se tlhalosa sentle kutlwano e e gakgamatsang e batho ba Modimo ba nang le yone gompieno, ba ka tswa ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Bodumedi jwa maaka bo na le dikereke di le dintsintsi, mme batho ba ga Jehofa bone ba seoposengwe.

Batho ba ga Jehofa ba le mo dipokanong ba reeditse ngwana a arabela. Mo phuthegong eo go na le mokaulengwe yo o tloditsweng.

Gompieno batlodiwa le “ba dinku tse dingwe” ba obamela Jehofa mmogo e le “letsomane le le lengwe” (Bona serapa 17)

‘Lefelo La me Le le Boitshepo Le Mo Go Bone Ka Bosakhutleng’

18. Jaaka go tlhalositswe mo go Esekiele 37:28, goreng go le botlhokwa gore batho ba Modimo ba se ka ba nna “karolo ya lefatshe”?

18 Mafoko a bofelo a a mo boporofeting jwa ga Esekiele jwa dithobane tse pedi a re thusa go bona gore batho ba ga Jehofa ba tla tswelela ba le seoposengwe go ya go ile. (Bala Esekiele 37:28.) Batho ba ga Jehofa ba seoposengwe ka gonne lefelo la gagwe le le boitshepo “le mo go bone” kgotsa ka gonne ba mo obamela mmogo. Lefelo la gagwe le le boitshepo le tla tswelela le le mo go bone fa fela ba sa ikamanye ka gope le lefatshe leno la ga Satane. (1 Bakor. 6:11; Tshen. 7:14) Jesu o ile a gatelela botlhokwa jwa go sa nne karolo ya lefatshe. Fa a ne a rapelela barutwa ba gagwe, o ne a re: “Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele . . . gore ba tle ba nne seoposengwe . . . Ga ba karolo ya lefatshe. Ba dire boitshepo ka mafoko a gago; ka gonne mafoko a gago a boammaaruri.” (Joh. 17:11, 16, 17) Ela tlhoko gore Jesu o ile a amanya go nna “seoposengwe” le go sa nne “karolo ya lefatshe.”

19. (a) Re ka bontsha jang gore re batla go ‘etsa Modimo’? (b) Jesu o ile a bua eng se se botlhokwa pele ga a swa?

19 Mo Baebeleng, leno ke lone fela lekgetlho le Jesu a bitsang Modimo a re “Rara yo o Boitshepo.” Jehofa o boitshepo ka tsela e e feletseng e bile o siame. O ne a raya Baiseraele a re: “Lo tshwanetse go nna boitshepo ka gonne ke boitshepo.” (Lefi. 11:45) E re ka re batla go ‘etsa Modimo,’ re tshwanetse go ikobela taelo eno ka dinako tsotlhe. (Baef. 5:1; 1 Pet. 1:14, 15) Mo bathong, go nna boitshepo go kaya “go itlhaola.” Ke gone ka moo pele ga Jesu a swa, a ileng a gatelela ntlha ya gore barutwa ba gagwe ba tla tswelela ba le seoposengwe fa fela ba nna ba itlhaotse mo lefatsheng leno kgotsa ba sa ikopanye ka gope le lone.

“Ba Sireletse ka Ntlha ya ga Satane”

20, 21. (a) Ke eng se se dirang gore re tlhatswege pelo gore Jehofa o a re sireletsa? (b) O ikemiseditse go dira eng?

20 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba seoposengwe. Seno se bontsha gore Jehofa o arabile kopo ya ga Jesu fa a ne a re: “Ba sireletse ka ntlha ya ga Satane.” (Bala Johane 17:14, 15.) Re kgona go bona gore maano a ga Satane a go leka go kgaoganya batho ba Modimo ga a atlege, mme seno se dira gore re tlhatswege pelo gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe. Mo boporofeting jwa ga Esekiele, Jehofa o ne a tlhalosa gore dithobane tse pedi di tla nna thobane e le nngwe fela mo seatleng sa gagwe. Ka jalo, Jehofa o dirile gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe, e bile o a ba sireletsa gore Satane a se ka a ba kgoma.

21 Ka jalo, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? Re tshwanetse go dira ka natla gore go tswelele go na le kutlwano mo phuthegong. Re ka dira seo jang? Ka go tswelela re obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Re tla bona gore re ka obamela Jehofa jang ka tsela e e mo itumedisang mo dikgaolong tse pedi tse di latelang.

a Dingwaga di ka nna 200 pele ga Esekiele a amogela boporofeti jono, batho ba bogosi jwa ditso di le lesome (“thobane ya ga Eferaime”) ba ile ba isiwa botshwarwa ke Baasiria.​—2 Dikg. 17:23.

b Go tlotliwa ka boporofeti jono mo Kgaolo 8.

OBAMELA JEHOFA KA TSELA E E MO ITUMEDISANG

  1. Boporofeti jwa dithobane tse pedi bo re ruta eng sa botlhokwa? (Esek. 37:19)

  2. Ke eng fa re re boporofeti jwa gore Jehofa o tla dira gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe bo ile jwa diragadiwa ka tsela e e kgolwane morago ga 1914? (Esek. 37:24)

  3. O ka dira eng gore re tswelele re le seoposengwe? (1 Pet. 1:14, 15)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela