LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 45
  • Go sa Tseye Letlhakore go Kaya Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go sa Tseye Letlhakore go Kaya Eng?
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • “Ga ba Karolo ya Lefatshe”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 45
Thuto 45. Kgaitsadi yo mosha wa Mosupi o eme ka tlotlo a sa opele pina ya bosetšhaba fa baithuti ba bangwe bone ba e opela e bile ga a beye seatla mo sehubeng jaaka bone.

THUTO 45

Go sa Tseye Letlhakore go Kaya Eng?

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ga ba a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19) Seno se akaretsa le go sa tseye letlhakore. Go sa tseye letlhakore ke go sa nne le seabe mo dipolotiking le mo dintweng. Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe go sa tseye letlhakore ga go motlhofo. Batho ba ka nna ba re tshega ka gonne re sa tseye letlhakore. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tsaya letlhakore mme re tswelele re ikanyega mo go Jehofa Modimo?

1. Bakeresete ba boammaaruri ba leba dipuso tsa batho jang?

Bakeresete ba tlotla puso. Re dira fela jaaka Jesu a ile a re re dire mme re ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ Seno se raya gore re ikobela melao ya naga, e e jaaka go duela makgetho. (Mareko 12:17) Baebele e ruta gore Jehofa o letleletse dipuso tsa batho gore di buse. (Baroma 13:1) Ka jalo, re tlhaloganya gore dipuso tsa batho di na le taolo e e lekanyeditsweng. Re tshepa gore Modimo wa rona o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go rarabolola mathata a batho.

2. Re ka bontsha jang gore ga re tseye letlhakore?

Fela jaaka Jesu, ga re nne le seabe mo dipolotiking. Fa batho ba ne ba bona Jesu a dira kgakgamatso nngwe, ba ne ba leka go mo dira kgosi, mme ga a ka a dumela. (Johane 6:15) Ka ntlha ya eng? Moragonyana o ile a tlhalosa lebaka la seo a re, “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) E re ka re le barutwa ba ga Jesu, re bontsha gore ga re tseye letlhakore ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, ga re nne le seabe mo dintweng. (Bala Mika 4:3.) Re tlotla matshwao a naga a a jaaka difolaga, le fa go ntse jalo ga re a obamele. (1 Johane 5:21) Gape ga re tshegetse lekoko lepe la dipolotiki kgotsa bontlhopheng, e bile ga re kgatlhanong le bone. Re bontsha ka ditsela tseno le tse dingwe gore re ikanyega mo pusong ya Modimo ka botlalo, e leng Bogosi jwa gagwe.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ela tlhoko maemo a a ka dirang gore go nne thata gore re se ka ra tsaya letlhakore, mme o bone gore o ka dira jang ditshwetso tse di tla itumedisang Jehofa.

Monna ga a tseye karolo mo dipolotiking. Ga a tshegetse batho ba buang ba mekgatlho e e ganetsanang.

3. Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye letlhakore

Jesu le balatedi ba gagwe ba re tlhometse sekao. Bala Baroma 13:1, 5-7 le 1 Petere 2:13, 14. Go tswa foo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Tseye Letlhakore—Karolo 1 (4:28)

  • Goreng re tshwanetse go tlotla dipuso tsa batho?

  • Re ka bontsha ka ditsela dife gore re a di ikobela?

Ka dinako tsa dintwa, ditšhaba dingwe di ka nna tsa re ga di tseye letlhakore, mme gone di thusa matlhakore a a lwantshanang. Tota go sa tseye letlhakore go kaya eng? Bala Johane 17:1. Go tswa foo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Tseye Letlhakore—Karolo 2 (3:11)

  • Go sa tseye letlhakore go kaya eng?

O tla dira eng fa puso e re o dire sengwe se se sa dumalaneng le molao wa Modimo? Bala Ditiro 5:28, 29. Go tswa foo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Tseye Letlhakore—Karolo 3 (1:18)

  • Fa molao wa puso o sa dumalane le molao wa Modimo, o tshwanetse go ikobela ofe?

  • A o ka akanya ka maemo a Mokeresete a ka se kang a ikobela melao ya dipuso tsa batho?

4. O se ka wa tsaya letlhakore ka se o se akanyang le se o se dirang

Bala 1 Johane 5:21. Go tswa foo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlhoka Bopelokgale—Go sa Tseye Letlhakore (2:49)

  • Mo bidiong eno, goreng Ayenge a ile a dira tshwetso ya go sa nne leloko la lekoko lengwe la sepolotiki kgotsa go nna le seabe mo meletlong ya naga, e e jaaka go dumedisa folaga?

  • A o akanya gore o ile a dira tshwetso e e siameng?

Ke maemo afe a mangwe a a ka dirang gore go nne thata go sa tseye letlhakore? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Se re Se Ithutang mo Toreng ya Tebelo—Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng (5:16)

  • Re ka bontsha jang gore ga re tseye letlhakore fa re lebile motshameko wa ditlhopha tsa dinaga tse di sa tshwaneng?

  • Re ka bontsha jang gore ga re tseye letlhakore, tota le fa ditshwetso tse batho ba dipolotiki ba di dirang di re ama ka tlhamalalo?

  • Dilo tse re di utlwang mo dikgannyeng kgotsa mo bathong ba re tlwaelaneng le bone, di ka ama jang boikemisetso jwa rona jwa go sa tseye letlhakore?

Ditshwantsho: 1. Setlhopha sa batho ba ba galefileng se tshwere dipolakate e bile se a gwanta. 2. Monna o a goa e bile o tsholeditse folaga kwa motshamekong. 3. Moithuti o opela pina ya bosetšhaba. 4. Lesole le tshwere tlhobolo. 5. Baemedi ba ditlhopha tse pedi tse di farologaneng ba a ngangisana. 6. Mosadi o tsenya pampiri mo lebokosong la go bouta.

Ke mo maemong afe a Mokeresete a ka tswelelang a sa tseye letlhakore ka se a se akanyang le se a se dirang?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “Goreng o sa dumedise folaga kgotsa o sa opele pina ya bosetšhaba?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

Bakeresete ba leka ka natla gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dipolotiking ka dilo tse ba di akanyang, tse ba di buang le tse ba di dirang.

Poeletso

  • Ke eng se re tlhokang go se direla dipuso tsa batho?

  • Goreng re sa tseye letlhakore mo dipolotiking?

  • Ke maemo afe a a ka dirang gore go nne thata go sa tseye letlhakore?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke dilo dife tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di tlogela gore re nne re sa tseye letlhakore?

Jehofa ga a Ise A ko A re Swabise (3:14)

Ke eng se malapa a ka se dirang go ipaakanyetsa go sa le gale gore a tla dira eng fa ba lebana le maemo a go ka nnang thata gore ba se ka ba tsaya letlhakore?

Go sa Tseye Karolo fa go Opelwa Pina ya Bosetšhaba (4:25)

Goreng go femela naga ya gago e se maemo a a kwa godimo a motho a ka nnang le one?

“Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo Modimong” (5:19)

Ithute gore o ka dira eng gore o se ka wa nna karolo ya lefatshe fa o dira ditshwetso ka tiro ya boitshediso.

“Mongwe le Mongwe o Tla Rwala Morwalo wa Gagwe” (Tora ya Tebelo, March 15, 2006)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela