LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 10/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Na le Tsholofelo ka Baswi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tsogo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 10/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A go na le tsholofelo ka baswi?

Loso lo tshwana le boroko ka gonne baswi ga ba ikutlwe mme ga ba kgone go dira sepe. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa botshelo a ka dira gore baswi ba tshele gape a dirisa tsogo ya baswi. Bosupi jwa seo ke gore Modimo o ne a naya Jesu maatla a go tsosa batho ba le mmalwa.—Bala Moreri 9:5; Johane 11:11, 43, 44.

Loso lo tshwana le boroko ka tsela efe?

Modimo o solofeditse gore baswi ba ba mo mogopolong wa gagwe ba tla tsosiwa gore ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Batho ba ba tla tsosiwang ba tshwanetse go nna ba le mo losong go fitlha Modimo a ba tsosa. Modimo Mothatayotlhe o eletsa go dirisa maatla a gagwe go dira gore baswi ba boe ba tshele gape.—Bala Jobe 14:14, 15.

Tsogo ya baswi e tla nna jang?

Fa Modimo a tsosa batho, ba tla kgona go lemoga ditsala tsa bone le ba malapa a bone. Le fa mmele wa motho o bola, Modimo o kgona go tsosa ene motho yoo ka mmele o mosha.—Bala 1 Bakorintha 15:35, 38.

Ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla tsosediwang go tshela kwa legodimong. (Tshenolo 20:6) Bontsi jwa batho ba ba tla tsosiwang ba tla boa ba tshela gape mo lefatsheng le le tla bong e le paradaise. Batho bano ba tla simolola botshelo jo bosha, ba na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng.—Bala Pesalema 37:29; Ditiro 24:15.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 6 le 7 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

O ka itseela yone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela