Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka Seetebosigo 30, 2014.
Ke ka ntlha yang fa molaomotheo o o mo go Ekesodo 23:2 o le botlhokwa jaana fa re tlhopha boitlosobodutu le boitapoloso? [Mot. 5, w11 7/15 ts. 10-11 ser. 3-7]
Taelo ya gore baperesiti ba tlhape pele ba isetsa Jehofa ditlhabelo e ne e le masisi go le kana kang, mme ke kgakololo e e botlhokwa ka tsela efe mo batlhankeng ba Modimo gompieno? (Ekes. 30:18-21) [Mot. 19, w96 7/1 ts. 9 ser. 9]
Ke ka ntlha yang fa Arone a ne a se ka a otlhaelwa go dira namane ya gouta? (Ekes. 32:1-8, 25-35) [Mot. 19, w04 3/15 ts. 27 ser. 4]
Tsela e Bakeresete ba lebang thatano le lenyalo ka yone e amana jang le go iletsa ga Modimo gore Baiseraele ba se ka ba nyalana le banni ba batswakwa? (Ekes. 34:12-16) [Mot. 26, w89 11/1 ts. 20-21 ser. 11-13]
Ke ka ntlha yang fa se se diragaletseng Besalele le Oholiabe se ka re kgothatsa thata? (Ekes. 35:30-35) [Mot. 26, w10 9/15 ts. 10 ser. 13]
“Letshwao le le boitshepo la boineelo” la sethathelela tlhogo se se neng se rwalwa ke moperesiti yo mogolo wa Iseraele le ne le gopotsa eng, mme letshwao leno le re ruta eng ka boineelo? (Ekes. 39:30) [Seet. 2, w01 2/1 ts. 14 ser. 2-3]
Bakeresete botlhe ba na le boikarabelo bofe malebana le go bega boleo jo bo masisi jwa Mokeresete yo mongwe? (Lefi. 5:1) [Seet. 9, w97 8/15 ts. 27]
Ditshupelo tsa kabalano di ne di na le seabe sefe sa botlhokwa mo motlheng wa Baiseraele mme thulaganyo eno e tshwantshetsa eng ka rona gompieno? (Lefi. 7:31-33) [Seet. 16, w12 1/15 ts. 19 ser. 11-12]
Bomorwa Arone e bong Nadabe le Abihu ba ka tswa ba leofile jang, mme re ithuta dilo dife mo pegong eno? (Lefi. 10:1, 2, 9) [Seet. 23, w04 5/15 ts. 22 ser. 6-8]
Ke ka ntlha yang fa go tshola ngwana go ne go dira gore mosadi a “itshekologe”? (Lefi. 12:2, 5) [Seet. 23, w04 5/15 ts. 23 ser. 2]