LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 12
  • Bontsha ba Bangwe Gore O a Ba Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha ba Bangwe Gore O a Ba Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE DIKWALO TSE DI BOITSHEPO DI SE RUTANG KA LORATO
  • RE KA BONTSHA JANG BA BANGWE GORE RE A BA RATA
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
  • Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Lorato—Nonofo e e Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ke Eng Se se Ka re Thusang Gore re Tswelele re Ratana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 12
Moagelani wa Mosamarea yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu o tshasa leokwane mo dinthong tsa monna yo o iteilweng a bo a tlogelwa fa thoko ga tsela.

Fa re rata batho ba bangwe, go ba direla dilo tse di molemo e tla nna selo se se botlhokwa mo go rona

Bontsha ba Bangwe Gore O a Ba Rata

E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, rotlhe re lelapa le le lengwe fela. Le fa gone batho botlhe mo lelapeng ba tshwanetse go ratana le go tlotlana, gompieno go thata go dira jalo. Mme gone Modimo ene o batla gore re ratane.

SE DIKWALO TSE DI BOITSHEPO DI SE RUTANG KA LORATO

“O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.”—LEFITIKO 19:18.

“Tswelelang lo rate baba ba lona.”—MATHAIO 5:44.

RE KA BONTSHA JANG BA BANGWE GORE RE A BA RATA

Ela tlhoko gore Modimo o tlhalosa jang lorato mo go 1 Bakorintha 13:4-7:

“Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.”

Akanya ka seno: Fa o dirile phoso, o ikutlwa jang fa batho ba bangwe ba le pelotelele, ba le bonolo e bile ba sa go tenegele?

“Lorato ga lo fufege.”

Akanya ka seno: O ikutlwa jang fa batho ba belaela dilo tse o di dirang kgotsa fa ba go fufegela?

Lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”

Akanya ka seno: O ikutlwa jang fa batho ba bangwe ba go reetsa e bile ba sa go pateletse gore o lebe dilo ka tsela e ba di lebang ka yone?

Lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”

Akanya ka seno: Modimo o iketleeleditse go itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone. “Ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng, le gone ga a kitla a nna a kgopilwe.” ( Pesalema 103:9) Re a itumela fa motho yo re mo diretseng phoso a re itshwarela, ka jalo le rona re tshwanetse itshwarela ba bangwe.—Pesalema 86:5.

Lorato “ga lo ipelele tshiamololo.”

Akanya ka seno: Fa re tlhagetswe ke sengwe se se re utlwisang botlhoko, ga re ka ke ra rata fa ba bangwe ba itumelela se se re diragaletseng. Le rona ga re a tshwanela go itumela fa batho ba bangwe ba tlhagelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko.

Fa re batla gore Modimo a re segofatse, re tshwanetse go rata batho botlhe go sa kgathalesege gore ba tswa kae, ke ba bodumedi bofe, kgotsa ba na le dingwaga tse kae. Ga re a tshwanela go bua fela gore re rata batho ba bangwe mme re tshwanetse go ba direla dilo tse di molemo, jaaka go ba thusa fa go na le dilo tse ba di tlhokang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela