LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 80
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Modisa wa Baiseraele o tlhoka go tsosolosiwa

        • “Ao tlhe Modimo, re amogele gape” (3)

        • Iseraele ke setlhare sa Modimo sa morara (8-15)

Pesalema 80:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe go tewa seletswa sa megala, mofuta wa mmino kgotsa molodi wa pina, mme gone bokao jwa yone jwa mmatota ga bo itsiwe.

Ditshupiso

  • +1Dt 25:1

Pesalema 80:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “fa gare.”

  • *

    Kgotsa “Senola phatsimo ya gago.”

Ditshupiso

  • +Pes. 77:20; Isa 40:11; Jer 31:10; Esk 34:12; 1Pe 2:25
  • +Ek 25:20, 22; 1Sa 4:4

Pesalema 80:2

Ditshupiso

  • +Isa 42:13
  • +Isa 25:9

Pesalema 80:3

Ditshupiso

  • +Pes. 85:4; Dik 5:21
  • +Dip 6:25; Pes. 67:1, 2

Pesalema 80:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o tla galefela.”

Ditshupiso

  • +Pes. 74:1; 85:5; Dik 3:44

Pesalema 80:6

Ditshupiso

  • +Pes. 44:13; 79:4

Pesalema 80:7

Ditshupiso

  • +Pes. 80:3, 19

Pesalema 80:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Isa 5:7
  • +Pes. 44:2; 78:55; Jer 2:21

Pesalema 80:9

Ditshupiso

  • +Ek 23:28, 30; Jos 24:12, 13; 1Dk 4:25

Pesalema 80:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Euferatese.

Ditshupiso

  • +Ge 15:18; Ek 23:31; 1Dk 4:21; Pes. 72:8

Pesalema 80:12

Ditshupiso

  • +Isa 5:5
  • +Nah 2:2

Pesalema 80:13

Ditshupiso

  • +2Dk 18:9; 24:1; 25:1; 2Dt 32:1; Jer 39:1

Pesalema 80:14

Ditshupiso

  • +Isa 63:15

Pesalema 80:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Thito ya setlhare sa morara.”

  • *

    Kgotsa “kala.”

Ditshupiso

  • +Isa 5:7; Jer 2:21
  • +Ek 4:22; Isa 49:5

Pesalema 80:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka ntlha ya go kgalema ga sefatlhego sa gago.”

Ditshupiso

  • +Pes. 79:5; Jer 52:12, 13

Pesalema 80:17

Ditshupiso

  • +Pes. 89:20, 21

Pesalema 80:19

Ditshupiso

  • +Pes. 80:7

Ditemana Tse dingwe

Pes. 80:Maf1Dt 25:1
Pes. 80:1Pes. 77:20; Isa 40:11; Jer 31:10; Esk 34:12; 1Pe 2:25
Pes. 80:1Ek 25:20, 22; 1Sa 4:4
Pes. 80:2Isa 42:13
Pes. 80:2Isa 25:9
Pes. 80:3Pes. 85:4; Dik 5:21
Pes. 80:3Dip 6:25; Pes. 67:1, 2
Pes. 80:4Pes. 74:1; 85:5; Dik 3:44
Pes. 80:6Pes. 44:13; 79:4
Pes. 80:7Pes. 80:3, 19
Pes. 80:8Isa 5:7
Pes. 80:8Pes. 44:2; 78:55; Jer 2:21
Pes. 80:9Ek 23:28, 30; Jos 24:12, 13; 1Dk 4:25
Pes. 80:11Ge 15:18; Ek 23:31; 1Dk 4:21; Pes. 72:8
Pes. 80:12Isa 5:5
Pes. 80:12Nah 2:2
Pes. 80:132Dk 18:9; 24:1; 25:1; 2Dt 32:1; Jer 39:1
Pes. 80:14Isa 63:15
Pes. 80:15Isa 5:7; Jer 2:21
Pes. 80:15Ek 4:22; Isa 49:5
Pes. 80:16Pes. 79:5; Jer 52:12, 13
Pes. 80:17Pes. 89:20, 21
Pes. 80:19Pes. 80:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 80:1-19

Dipesalema

Go mokaedi wa “Malômô a Masoma.”* Sengwe se se gopotsang. Pesalema ya ga Asafe.+ Pina.

80 Ao tlhe Modisa wa Iseraele, reetsa,

Wena yo o kaelang Josefa fela jaaka letsomane.+

Wena yo o ntseng fa godimo* ga ditšheruba,+

A ko o phatsime.*

 2 Bontsha bogolo jwa gago+

Fa pele ga ga Eferaime le Benjamine le Manase;

Tlaa mme o re boloke.+

 3 Ao tlhe Modimo, re amogele gape;+

Re phatsimisetse sefatlhego sa gago, gore re tle re bolokwe.+

 4 Jehofa Modimo wa masomosomo, o tla nna setlhogo mo* bathong ba gago ka lobaka lo lo kae e bile o gana go reetsa dithapelo tsa bone?+

 5 O ba fepa ka dikeledi gore e nne senkgwe sa bone,

E bile o dira gore ba nwe dikeledi tse di se nang selekanyo.

 6 O letla gore baagelani ba rona ba nne le kgotlhang le rona;

Baba ba rona ba nna ba re sotla jaaka ba rata.+

 7 Ao tlhe Modimo wa masomosomo, re amogele gape;

Re phatsimisetse sefatlhego sa gago, gore re tle re bolokwe.+

 8 O ne wa ntsha setlhare sa morara*+ kwa Egepeto.

O ne wa leleka ditšhaba o bo o se jala.+

 9 O ne wa se baakanyetsa lefelo,

Mme se ne sa mela medi se bo se tlala lefatshe.+

10 Dithaba di ne tsa khurumediwa ke moriti wa sone,

Le masedara a Modimo a ne a khurumediwa ke dikala tsa sone.

11 Dikala tsa sone di ne tsa fitlha kwa lewatleng,

Le matlhogela a sone a ne a fitlha kwa Nokeng.*+

12 Ke ka ntlha yang fa o thubile dipota tsa maje tsa tshimo ya morara,+

Gore batho botlhe ba ba fetang ka tsela ba kgetle maungo a yone?+

13 Dikolobe tse ditonanyana tse di nnang mo sekgweng di a se senya,

Le diphologolo tsa naga di fula mo go sone.+

14 Ao tlhe Modimo wa masomosomo, tsweetswee boa.

Leba o le kwa legodimong mme o bone!

Tlhokomela setlhare seno sa morara,+

15 Kutu* e o e jadileng ka seatla sa gago sa moja,+

Mme o lebe morwa* yo o mo nonotshitseng gore o tlotliwe.+

16 Se fisitswe ka molelo,+ se kgaotswe.

Ba a nyelela fa o kgalema.*

17 E kete seatla sa gago se ka tshegetsa motho yo o ka fa seatleng sa gago sa moja,

Morwa motho yo o mo nonotshitseng gore o tlotliwe.+

18 Foo ga re kitla re fapoga re go tlogela.

Re boloke, gore re tle re bitse leina la gago.

19 Ao tlhe Jehofa Modimo wa masomosomo, re amogele gape;

Re phatsimisetse sefatlhego sa gago, gore re tle re bolokwe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela