LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 27
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Go rekolola dilo tse di diretsweng maikano (1-27)

        • Batho (1-8)

        • Diphologolo (9-13)

        • Matlo (14, 15)

        • Masimo (16-25)

        • Maitibolo (26, 27)

      • Dilo tse di tlhaoletsweng Jehofa (28, 29)

      • Go rekolola dikarolo tsa bolesome (30-34)

Lefitiko 27:2

Ditshupiso

  • +Dut 23:21; Baa 11:30, 31; 1Sa 1:11

Lefitiko 27:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

  • *

    Bona Dintlha B14.

  • *

    Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”

Lefitiko 27:8

Ditshupiso

  • +Lef 5:7, 11; 12:8; 14:21
  • +Luk 21:2-4; 2Bk 8:12

Lefitiko 27:11

Ditshupiso

  • +Lef 20:25; Dut 14:7, 8

Lefitiko 27:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwetlhanong (1/5).”

Ditshupiso

  • +Lef 27:19

Lefitiko 27:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “itshepisa.”

Ditshupiso

  • +Lef 27:11, 12

Lefitiko 27:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwetlhanong (1/5).”

Lefitiko 27:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Semela se se tshwanang le korong.

  • *

    Seheb., “sa homere.” Bona Dintlha B14.

Lefitiko 27:17

Ditshupiso

  • +Lef 25:10

Lefitiko 27:18

Ditshupiso

  • +Lef 25:15, 16

Lefitiko 27:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwetlhanong (1/5).”

Lefitiko 27:21

Ditshupiso

  • +Dip 18:8, 14

Lefitiko 27:22

Ditshupiso

  • +Lef 25:25

Lefitiko 27:23

Ditshupiso

  • +Lef 27:11, 12, 18

Lefitiko 27:24

Ditshupiso

  • +Lef 25:10, 28

Lefitiko 27:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gera e lekana le 0,57 g. Bona Dintlha B14.

Lefitiko 27:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “itshepisa.”

Ditshupiso

  • +Ek 13:2; Dip 18:17
  • +Ek 22:30; Dut 15:19

Lefitiko 27:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwetlhanong (1/5).”

Ditshupiso

  • +Lef 27:11-13

Lefitiko 27:28

Ditshupiso

  • +Dip 18:8, 14

Lefitiko 27:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhaotsweng.”

Ditshupiso

  • +Dip 21:2
  • +Jos 6:17; 1Sa 15:3, 18

Lefitiko 27:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ditsabosome tsotlhe.”

Ditshupiso

  • +Ge 14:20; 28:22; Dip 18:21, 26; Dut 14:22; 2Dt 31:5; Neh 13:12; Mal 3:10; Luk 11:42; Bah 7:5

Lefitiko 27:32

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2008, ts. 9

Lefitiko 27:33

Ditshupiso

  • +Lef 27:9, 10

Lefitiko 27:34

Ditshupiso

  • +Ek 3:1; Dip 1:1

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 27:2Dut 23:21; Baa 11:30, 31; 1Sa 1:11
Lefi. 27:8Lef 5:7, 11; 12:8; 14:21
Lefi. 27:8Luk 21:2-4; 2Bk 8:12
Lefi. 27:11Lef 20:25; Dut 14:7, 8
Lefi. 27:13Lef 27:19
Lefi. 27:14Lef 27:11, 12
Lefi. 27:17Lef 25:10
Lefi. 27:18Lef 25:15, 16
Lefi. 27:21Dip 18:8, 14
Lefi. 27:22Lef 25:25
Lefi. 27:23Lef 27:11, 12, 18
Lefi. 27:24Lef 25:10, 28
Lefi. 27:26Ek 13:2; Dip 18:17
Lefi. 27:26Ek 22:30; Dut 15:19
Lefi. 27:27Lef 27:11-13
Lefi. 27:28Dip 18:8, 14
Lefi. 27:29Dip 21:2
Lefi. 27:29Jos 6:17; 1Sa 15:3, 18
Lefi. 27:30Ge 14:20; 28:22; Dip 18:21, 26; Dut 14:22; 2Dt 31:5; Neh 13:12; Mal 3:10; Luk 11:42; Bah 7:5
Lefi. 27:33Lef 27:9, 10
Lefi. 27:34Ek 3:1; Dip 1:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 27:1-34

Lefitiko

27 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 2 “Bua le Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Fa motho a dira maikano a a kgethegileng+ a gore o tla isetsa Jehofa madi a a lekanang le tlhwatlhwa e e beetsweng motho mongwe, 3 tlhwatlhwa ya monna yo o nang le dingwaga di le 20 go ya go di le 60, e tla nna dishekele* tsa selefera di le 50 go ya ka selekanyashekele* sa lefelo le le boitshepo.* 4 Mme fa e le mosadi, tlhwatlhwa ya gagwe e tla nna dishekele di le 30. 5 Fa motho yoo a le dingwaga di le tlhano go ya go di le 20, tlhwatlhwa ya monna e tla nna dishekele di le 20 mme ya mosadi e tla nna dishekele di le 10. 6 Fa a na le kgwedi e le nngwe go ya go dingwaga di le tlhano, tlhwatlhwa ya monna e tla nna dishekele tsa selefera di le tlhano mme ya mosadi e tla nna dishekele tsa selefera di le tharo.

7 “‘Fa motho yoo a le dingwaga di le 60 le go feta, tlhwatlhwa ya monna e tla nna dishekele di le 15 mme ya mosadi e tla nna dishekele di le 10. 8 Mme fa motho yo o dirang maikano a humanegile thata mo a ka se kang a kgona go duela tlhwatlhwa e e beilweng,+ motho yo o ntshiwang a tle fa pele ga moperesiti mme moperesiti o tla baya tlhwatlhwa e sele e a tla e ntshediwang. Moperesiti o tla baya tlhwatlhwa eo go ya ka se motho yo o dirang maikano a ka kgonang go se ntsha.+

9 “‘Fa maikano ao a akaretsa phologolo e e siametseng go ka ntshediwa Jehofa e le setlhabelo, sepe fela se se tla newang Jehofa e tla nna selo se se boitshepo. 10 A se ka a se emisetsa ka se sengwe kgotsa a ntsha se se siameng mo boemong jwa se se sa siamang kgotsa se se sa siamang mo boemong jwa se se siameng. Mme gone, fa a ntsha phologolo mo boemong jwa phologolo e nngwe, phologolo e e neng e ntshitswe pele le e e ntshitsweng mo boemong jwa yone, tsoopedi di tla nna boitshepo. 11 Fa e le gore ke phologolo e e itshekologileng+ e e ka se ntshediweng Jehofa e le setlhabelo, foo o tla emisa phologolo eo fa pele ga moperesiti. 12 Go tswa foo, moperesiti o tla e beela tlhwatlhwa, gore a e siame kgotsa ga e a siama. Tlhwatlhwa e e beilweng ke moperesiti ke yone e e tla ntshiwang. 13 Mme fa a ka batla go e reka gape, foo o tshwanetse go ntsha karolwana* ya yone mo godimo ga tlhwatlhwa e e beilweng.+

14 “‘Jaanong fa motho a ntsha* ntlo ya gagwe gore e nne selo se se boitshepo mo go Jehofa, foo moperesiti o tla e beela tlhwatlhwa, gore a e siame kgotsa ga e a siama. Ntlo eo e tla ntshediwa madi ao go ya ka tlhwatlhwa e moperesiti a e beileng.+ 15 Mme fa motho yo o ntshang ntlo ya gagwe a batla go e reka gape, foo o tshwanetse go ntsha karolwana* ya madi a tlhwatlhwa e e beilweng mo godimo ga tlhwatlhwa ya yone; mme e tla nna ya gagwe.

16 “‘Fa motho a naya Jehofa karolo ya tshimo ya gagwe, e tla beelwa tlhwatlhwa e e lekanang le peo e e tlhokegang go jala karolo eo ya tshimo: peo ya barele* ya selekanyo sa dikilogerama di le 130* e tla nna dishekele tsa selefera di le 50. 17 Fa a ntsha tshimo ya gagwe go simolola ka ngwaga wa Jubile,+ tlhwatlhwa eo ga e fetoge. 18 Fa a ntsha tshimo ya gagwe morago ga Jubile, moperesiti o tla mmalela tlhwatlhwa go tsamaisana le dingwaga tse di setseng go fitlha ka ngwaga wa Jubile o o latelang, mme tlhwatlhwa eo e fokodiwe.+ 19 Mme fa motho yo a neng a ntshitse tshimo a batla go e reka gape, foo o tshwanetse go ntsha karolwana* ya madi a tlhwatlhwa e e beilweng mo godimo ga tlhwatlhwa ya yone, mme e tla tswelela e le ya gagwe. 20 Jaanong fa a sa rekolole tshimo eo mme e bo e rekisediwa motho yo mongwe, e ka se ka ya rekololwa gape. 21 Fa tshimo eo e gololwa ka Jubile, e tla nna selo se se boitshepo mo go Jehofa, e le tshimo e a e tlhaoletsweng. E tla nna thuo ya baperesiti.+

22 “‘Fa motho a naya Jehofa tshimo e a e rekileng e e seng karolo ya boswa jwa gagwe,+ 23 moperesiti o tla mmalela tlhwatlhwa ya yone go fitlha ka ngwaga wa Jubile, mme o tla ntsha tlhwatlhwa eo mo go lone letsatsi leo.+ Ke selo se se boitshepo mo go Jehofa. 24 Mo ngwageng wa Jubile, tshimo e tla boela kwa mothong yo a e rekileng mo go ene, kwa mothong yo lefatshe e leng la gagwe.+

25 “‘Tlhwatlhwa nngwe le nngwe e bewe go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo. Shekele e lekane le digera* di le 20.

26 “‘Le fa go ntse jalo, ope a se ka a ntsha* leitibolo la diphologolo ka gonne le tsalwa e le leitibolo la ga Jehofa.+ E ka tswa e le poo kgotsa nku, e setse e le la ga Jehofa.+ 27 Fa le tswa mo diphologolong tse di itshekologileng mme a le rekolola go ya ka tlhwatlhwa e e beilweng, a a ntshe karolwana* ya tlhwatlhwa eo mo godimo ga tlhwatlhwa ya lone e e beilweng.+ Mme fa le sa rekololwe, le tla rekisiwa go ya ka tlhwatlhwa e e beilweng.

28 “‘Mme motho ope a se ka a rekisa kgotsa a rekolola selo se a se tlhaoletseng Jehofa se se tswang mo dithotong tsa gagwe, e ka ne e le motho kgotsa phologolo kgotsa tshimo e a nang le yone. Sengwe le sengwe se se tlhaotsweng ke selo se se boitshepotshepo mo go Jehofa.+ 29 Mo godimo ga moo, motho ope yo o atlhotsweng* yo o beetsweng kwa thoko gore a bolawe, a se ka a rekololwa.+ O tshwanetse go bolawa.+

30 “‘Karolo nngwe le nngwe ya bolesome*+ ya lefatshe, e ka ne e tswa mo thobong ya tshimo kgotsa mo maungong a ditlhare, ke ya ga Jehofa. Ke selo se se boitshepo mo go Jehofa. 31 Fa motho a ka batla go rekolola karolo epe ya gagwe ya bolesome, a a ntshe karolwana ya yone mo godimo ga yone. 32 Fa e le karolo nngwe le nngwe ya bolesome ya motlhape kgotsa letsomane, sengwe le sengwe se se fetang ka fa tlase ga thobane ya modisa, phologolo ya bolesome e nne sengwe se se boitshepo mo go Jehofa. 33 A se ka a e tlhatlhoba gore a e siame kgotsa ga e a siama, le gone a se ka a ntsha phologolo e nngwe mo boemong jwa yone. Mme fa a ka leka go ntsha phologolo e nngwe mo boemong jwa e nngwe, phologolo e e neng e ntshitswe pele le e a e ntshitseng mo boemong jwa yone, tsoopedi e tla nna selo se se boitshepo.+ Ga e ka ke ya rekololwa.’”

34 Tseno ke ditaelo tse Jehofa a neng a di naya Moshe mo Thabeng ya Sinai+ gore a di bolelele Baiseraele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela