Motlhwa—A ke Tsala Kana Mmaba?
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA KENYA
“KHUMBE! Mchwa!” Modiredi mongwe wa Mokeresete o ne a tlhaeletsa jalo fa ene le setlhopha sa ba bangwe ba ne ba tsholetsa letangwana le le dirilweng ka legong. Ba ne ba solofetse go le dirisa jaaka letamo la go kolobetsa kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kenya. Lefa go ntse jalo, ba ne ba fitlhela legong la teng le bodile. Ke sone se a neng a tlhaeletsa jalo a tlaletswe. Fa re ranola, go raya go re: “Mmalonnaawee! Motlhwa!”
Gongwe ga go na tshenekegi e e amangwang le tshenyo go gaisa motlhwa. A mme ruri tsitsiri eno ke mmaba wa motho? Go bona karabo, mma re sekasekeng motlhwa sentle.
Kago ya Phemelo ya Motlhwa
Gantsi kwa Kenya motho o bona metlhoboloko ya motlhwa. E bopegile jaaka tšhimini ya mosi e e boleele jwa dimmetara tse tlhano go ya go tse thataro go tswa mo mmung. Metlhoboloko eno ya teng e e keteng ke kago e e goletsegileng ya phemelo e agiwa ka maatlametlo thata mo metlhwa e ileng ya bidiwa gore ke bomankge ba kago. A ga go gakgamatse go bo ditshenekegi tse dinnye go le kalo di bo di ka kgona go aga dikago tse di ntseng jalo tse di kgatlhang le mororo di tsamaya ka bonya jalo—e bile di sa bone?
Mo teng ga motlhoboloko go na le mafaratlhatlha a diphaposi le megogoro. Mafaratlhatlha ao a meago e e raraaneng gape a na le thulaganyo ya go tlosa leswe, ya go tsenya phefo le ya go phepafatsa moya o o mo teng. Moya o o mogote o tswa ka mesimanyana e e kwa godimo ya motlhoboloko. Moya o o tsiditsana o tsena go tswa kwa tlase. Tsela e nngwe ya go tsidifatsa mo teng e dirwa ka mokgwa wa go moafatsa metsi: Metlhwa e kgatsha dipota ka go di kgwela metsinyana. Fa metsi ao a moafala, go dira gore moya o tsidifale le go dira gore o tswe go bo go tsena o mongwe. Ka jalo, ntlo ya motlhwa e nna e tsidifetse monate ka didikirii tsa Celsius di le 30 ka diura tse 24 ka letsatsi!
Setšhaba sa Motlhwa
Sengwe se se gakgamatsang go gaisa ke setšhaba sa motlhwa. Metlhoboloko mengwe ya motlhwa e nna ditšhabatšhaba kana mefutafuta e mentsi ya baagi ba ka nna dimilione tse tlhano. Go na le gore metse eo e nne e tlhakatlhakane, e nna e rulagane ka bothakga tota. Losika lwa metlhwa lo dirilwe ka mefuta e le meraro, e bong, wa babereki, wa masole, le wa ba ba tsalang. Babereki ba dira tiro ya go aga motlhoboloko ka boone ba dirisa mathe go dira samente.
Masole ano ke maloko a lelapa a a bogale tota. A sireletsa kago eo ya phemelo gore baba ba ba jaaka masitlaoka ba se ka ba e tlhasela. Gape a sireletsa babereki fa ba ntse ba kgarakgatsega kwa ntle ga motlhoboloko ba senka dijo. Fa go tlhokega, masole ano a ka dirisa dibetsa tsa dikhemikale; a na le kgeleswa nngwe e e kgethegileng e e tsimolang seedi sengwe se se ka bolayang fela jaaka tlhobolo ya metsi e a tsimola.
Masole ano a duelelwa tiro eno ya one jang? Go lebega e kete ditlhaa tsa one di dikgolo thata mo a sa kgoneng go tlhafuna dijo fa a ja. Ka jalo, fa lesole le tshwerwe ke tlala, le forogotlha tlhogo ya mmereki ka ditetswana tsa lone. Seo se kaya gore, “Njese!” Mmereki o tla tsibogela seo ka go kgwela dijo mo leganong la lesole.
Mo phaposing ya segosi, mo lefifing le lentshontsho, go nna ba ba tsalang—kgosi le kgosigadi. Kgosigadi e kgolo thata fa e bapisiwa le molekane wa yone yo monnye. Mpa ya yone e e gogomositsweng ke mae ke bosupi jwa nonofo ya yone ya go tsala. Go fopholediwa gore e ka kgona go beela mae a ka nna 4 000 go ya go 10 000 ka letsatsi. Ke gone ka moo batho bangwe ba ileng ba bitsa kgosigadi ba re ke “motšhini wa otomatiki o o beelang mae.”
Bobedi jono jwa segosi ga bo kgone go nna ba le nosi go le kalo ka gonne go aga go na le babereki ba ba tsenang ba tswa. Ba dikaganyetsa kgosigadi, ba e tlhokomela ka dilo tse e di tlhokang tota le go e tlamela ka dijo. Fa e ntse e beela mae, babereki ba a tseela kwa kamotshaneng e a tlhokomelwang kwa go yone ka go a hupa ka ditlhaa.
A ke Ditsala Kana Baba?
Le mororo batho ba le bantsi ba ka dumela gore ditshenekegi tseno di a kgatlha, ba le bantsi ba santse ba di leba e le disenyi—e le baba! Dr. Richard Bagine, mookamedi wa Lephata la Invertebrate Zoology la National Museum kwa Kenya, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba tsaya motlhwa e le nngwe ya ditshenekegi tse di senyang go gaisa. Lefa go ntse jalo, borasaense ba leba motlhwa ka tsela e e farologaneng. Fa motlhwa o le mo nageng, ke leloko le le mosola thata la losika lwa dimela le lwa diphologolo.
“Sa ntlha, o kumaganya dimelanyana tse di suleng go nna motswako o o motlhofo. Ka tsela eno, motlhwa o dira gore dimela di bone dikotla tse di di tlhokang gape. Sa bobedi, ke motswedi o o mosola thata wa dijo. O jewa ke mo e ka nnang mefuta yotlhe ya dinonyane le diamusi tse dintsi, digagabi, le ditshedi tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng le ditshenekegi tse dingwe. Batho ba le bantsi ba ba nnang kwa bophirima le kwa bokone jwa Kenya ba rata tatso ya one e e botshe le e e tletseng dikotla; o na le mafura le diporoteine tse dintsi. Sa boraro, o thusa go dira mmu. Motlhwa o tlhakanya mmu o o nnang kwa tlase le o o nnang fa godimo ka nako ya fa o dira dintlhaga tsa one le fa o di baakanya. O dira motshotelo ka go kumaganya makakaba a magolo a dimela tse di suleng go nna manathwana a mannye. Jaaka fa o ntse o tsamaya mo teng ga mmu, o bula diphatlha tse moya le metsi a medi ya dimela e a tlhokang a tla tsenang ka tsone. Ka jalo, motlhwa o dira gore mmu o nne boleta, o bopege sentle le go o nontsha.”
Lefa go ntse jalo, ke eng fa motlhwa o na le go tsenelela batho mo ba nnang teng? Dr. Bagine a re: “Totatota, batho ba fudugetse mo motlhwa o neng o nna teng ba bo ba tlosa bontsi jwa dimela tse motlhwa o neng o di dirisa. Motlhwa o tlhoka go ja gore o nne o ntse o tshela mme gantsi o ja dimela tse di suleng. Fa dilo tseno di tlosiwa mo go one, motlhwa o tla ja dilo tse di dirilweng ke motho tse di jaaka matlo le mabolokelo a dilo.”
Ka jalo, le mororo ka dinako tse dingwe motlhwa o ka lebega e le sesenyi, ruri ga se mmaba wa rona. Ruri ke sekao se se kgatlhang se se bontshang botlhale jwa ga Jehofa mo go bopeng dilo. (Pesalema 148:10, 13; Baroma 1:20) Mme mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang, jaaka fa motho a tla bo a ithuta go tshedisana mmogo le diphologolo, kwantle ga pelaelo o tla simolola go leba motlhwa ono o monnye e le tsala, e seng mmaba.—Isaia 65:25.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Sekao sa motlhoboloko o e keteng ke kago ya phemelo
Se se mo teng: Metlhwa ya babereki
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Motlhwa wa lesole ka tlhogo ya one e kgolo le dikgeleswa tse di ntshang dikhemikale tse di bolayang, o eme sentle go ka sireletsa motse ono wa metlhwa
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Kgosigadi, mpa ya yone e gogomositswe ke mae
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Kgosigadi e dikaganyeditswe ke setlhopha sa badiredi