Dipontsho tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi tse di Kileng tsa Dirwa
“Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna . . . a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—YOHANE 3:16.
1. Go tewang ka polelo “Modimo o loratō”?
“MODIMO o loratō.” Moaposetoloi Johane o ne a neela polelo eo gabedi. (1 Yohane 4:8, 16) Ee, Jehofa Modimo o lorato go ya bokgakaleng jwa gore gape o botlhale, o tshiamiso ebile o maatla; Ke lorato. Ke sebele, mothofatso, wa lorato. O ka nna wa ipotsa: ‘A ke itse gore ke ka ntlha yang fa seo se le boammaaruri? A nka neela mongwe tlhaloso e e phepafetseng, e e tshegediwang ke bosupi kana dikai tse di supang gore O lorato? Le gore le ama jang botshelo le ditiro tsa me?’
2. Modimo o neetse dipontsho dife tse di bonalang tsa lorato lwa gagwe?
2 Abo Jehofa Modimo o supile lorato lo logolo jang ne mo dibopiweng tsa gagwe tsa batho mo lefatsheng! Gakologelwa ka bontle jo bo feletseng le tiriso ya matlho a rona, kgakgamatso ya nonofo ya marapo a rona, le thata ya mesifa ya rona, le bokgoni jwa rona jwa go utlwa ka go tshwara. Re na le lebaka la go boeletsa maikutlo a mopesalema: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ.” Tlhokomela, gape, dithaba tse dikgolo, metsi a a itshekileng a a iketlileng a melatswana, masimo a dithunya tsa dikgakologo, le kgalalelo ya phirimo ya letsatsi. “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”—Pesalema 139:14; 104:24.
3, 4. Dikwalo tsa Sehebera di neela dikai dife tsa dipontsho tsa lorato lwa Modimo?
3 Dipontsho tsa lorato lwa Modimo ga di a ka tsa khutla fa ditshedi tsa gagwe tsa batho tsa ntlha di ne di tsuologa. Ka sekai, Jehofa o ne a bontsha lorato ka go letlelela banyalani bao go tshola bana ba ba neng ba ka solegelwa molemo ka tlamelo ya ga Jehofa ka “losika” lwa tsholofetso. (Genesise 3:15) Moragonyana, o ne a dira gore Noa a age Araka go sireletsa losika lwa motho le ditshedi tse dingwe tsa selefatshe. (Genesise 6:13-21) Go tloga foo o ne a bontsha lorato lo logolo mo go Aberahame, yo o neng a itsege jaaka tsala ya ga Jehofa. (Genesise 18:19; Isaia 41:8) Ka go golola bana ba ga Aberahame mo botshwarong kwa Egepeto, Modimo o ne a neela pontsho e nngwe ya lorato lwa gagwe, jaaka re bala mo go Duteronome 7:8: “Yehofa o ne a lo ntsha ka lecōgō ye le nonohileñ, . . . ka go bo Yehofa oa lo rata.”
4 Lemororo Baiseraele ba ne ba tswelela ka go sa lebogeng le go tsuolola kgapetsa, Modimo ga a ka a ba latlha gone foo. Se se farologaneng, o ne a buisanya le bone ka lorato: “Shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañ go shwa, lona ba ntlo ea Iseraela?” (Esekiele 33:11) Lefa go ntse jalo, lemororo Jehofa e le mothofatso wa lorato, ebile o tshiamiso le botlhale. Ka gone nako e ne ya tla fa batho ba gagwe ba ba tletseng botsuolodi ba ne ba fitlha mo bolekanyetsong jwa boitshoko jwa gagwe! Ba ne ba ya bokgakaleng jo eleng: ‘Go ne go sena paakanyo,’ jalo a ba lesa ba tsena mo botshwarong jwa Bababelona. (2 Ditihalō 36:15, 16) Le eleng ka nako eo lorato lwa Modimo ga le a ka la emela ruri. O ne a dira gore morago ga dingwaga tse 70 masalela a bone a letlelelwe go boela kwa lefatsheng la ga bone. Tswee tswee bala Pesalema 126 mme o bone mo go yone ka moo ba ba boileng ba ileng ba ikutlwa ka gone.
O Baakanyetsa Pontsho e Kgolo ya Lorato lwa Gagwe
5. Ke eng fa go ka twe go romela Morwawe ga gagwe mo lefatsheng e ne e le pontsho ya lorato lwa Modimo?
5 Gareng ga ditiragalo nako e ne ya tla gore Jehofa a neele pontsho e kgolo ya lorato lwa gagwe. Ruri e ne e le lorato lwa go intsha setlhabelo. Ka go baakanyetsa seno, Modimo o ne a dira gore botshelo jwa ga Morwawe yo o tsetsweng a le esi bo ntshiwe kwa lefelong la semoya kwa legodimong mme a bo tsenya mo sebopelong sa lekgarejwana la Mojuda ebong Maria. (Mathaio 1:20-23; Luke 1:26-35) Akanya ka katamelano e e kgethegileng e e neng e le teng gareng ga ga Jehofa le Morwawe. Re bala kaga go nna gone ga ga Jesu go tshwantshediwa ka mothofatso wa botlhale pele ga a tshela jaaka motho: “Ke ne ke le ha go èna, yaka motho eo e leñ tlhōgō ea tihō: ke ne ke le natehèlō ea gagwè ka malatsi aotlhe; ke nntse ke itumèla ka metlha eotlhe ha pele ga gagwè.” (Diane 8:30, 31) Ka jalo a o ka seke o dumele gore fela go tswa ga Morwawe yo o tsetsweng a le esi fa pele ga Gagwe e ne e le setlhabelo sa ga Jehofa?
6. Ke kgatlhego efe ya motsadi e Jehofa o tshwanetseng a bo a ne a nna le yone mo tshimologong ya botshelo jwa ga Jesu?
6 Kwantle ga pelaelo, Jehofa o ne a lebelela ka tlhoafalo le kgatlhego e kgolo go gola ga ga morwawe go tswa mo go tsalweng a le motho go ya pele. Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa sireletsa Maria gore sepe se se ka sa utlwisa ngwana yo o golang mo sebopelong botlhoko. Jehofa o ne a dira gore Josefa le Maria ba ye kwa Bethelehema kwa palong ya batho gore Jesu a tle a tsholelwe koo e le tiragatso ya Mika 5:2. Ka moengele, Modimo o ne wa tlhagisa Josefa ka maano a polao a ga Kgosi Herode, a dira gore Josefa le lelapa la gagwe ba tshabele kwa Egepeto go fitlhelela Herode a a swa. (Mathaio 2:13-15) Modimo o tshwanetse a bo a ile a tsweledisa kgatlhego ya gagwe mo go goleng ga ga Jesu. Abo go ile ga ipedisa jang ne mo Modimong go lebelela Jesu yo o dingwaga di le 12 a akabatsa baruti le ba bangwe mo tempeleng ka dipotso le dikarabo!—Luke 2:42-47.
7. Ke dipontsho dife tse tharo tse di neng tsa supa kgatlhego ya Modimo mo bodiheding jwa ga Jesu?
7 Dingwaga di le lesome le borobabobedi moragonyana Jehofa o ne a lebeletse fa Jesu a ne a tla kwa go Johane wa Mokolobetsi go tla go nwediwa. Go tloga foo ka boipelo o ne a romela moya wa gagwe mo go Jesu mme o ne a re: “Eo ke Morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:17) Rrabana wa Mokeresete mongwe le mongwe o ka akanya ka moo go ka ipedisang ka gone mo Modimong go latela bodihedi jwa ga Jesu le go bona ka tsela e a neng a isetsa Rraagwe wa selegodimo kgalaletso. Ka nako nngwe Jesu o ne a tsaya bangwe ba baaposetoloi ba gagwe a ba isa kwa godimo ga thaba nngwe e kgolo. Koo Jehofa o ne a dira gore Keresete a phatsime ka kgalalelo ya semoya, mme Rraagwe o ne a re: “Eo ke morwaake eo ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna; lo utlweñ èna.” (Mathaio 17:5) Jehofa o ne a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe e le la boraro a arabela kopo ya ga Jesu ya gore Modimo a galaletse leina le eleng la gagwe. Jehofa o ne a re: “Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.” Go bonala seno se ne se bolelwa molemong wa ga Jesu segolo-bogolo, ereka bangwe ba ba neng ba na le ene ba ne ba akanya gore moengele o ne a buile, fa ba bangwe ba ne ba akanya gore e ne e le tladi.—Yohane 12:28, 29.
8. O ikutlwa jang ka lorato lwa Modimo?
8 Phetso ya gago ke eng mo tshobokanyong eno ya ditiro tsa Modimo mo go Morwawe le kgatlhego go ene? Go tshwanetse ga bo go bonala sentle gore Jehofa o rata Morwawe yo o tsetsweng a le esi thata. Ka go gakologelwa seo, le ka go tlhaloganya ka gone mo e ka nnang motsadi mongwe le mongwe wa motho a ka ikutlwang ka gone mo ngwaneng wa gagwe yo o esi, tlhokomela se se ileng sa latela—loso lwa setlhabelo lwa ga Jesu.
Pontsho e Kgolo ya Lorato
9, 10. Ke pontsho efe e kgolo ya lorato lwa Modimo mo bathong, e diragatsa bosupi bofe jwa Dikwalo?
9 Bibela e bontsha gore Rraarona wa selegodimo o na le kutlwelo-botlhoko. Re bala mo go Isaia 63:9 mabapi le batho ba gagwe Iseraele jaana: “Mo dipogishoñ cotlhe tsa bōnè le èna a bogisiwa, moengele oa gagwè eo o èmèlañ èna, a ba boloka; a ba rèkolola ka loratō loa gagwè, le ka pelotlhomogi ea gagwè; me a ba bèlèga, a ba sikara ka malatsi aotlhe a bogologolo.” Abo go ile ga hutsafatsa thata Jehofa jang ne go utlwa le go bona “selelō se se tona le dikeledi” tsa ga Jesu. (Bahebera 5:7) Jesu o ne a rapela jalo mo tshimong ya Gethesemane. O ne a dirilwe legolegwa, a lebagane le teko ya tshotlo, a bidiwa le go bogisiwa, gape o ne a rwesitswe serwalo sa mitlwa se panyeleditswe mo tlhogong ya gagwe. Gakologelwa, Rraagwe yo o lorato o ne a tlhokometse gotlhe moo. Gape o ne a bona Jesu a kgopiwa a imelwa ke thupa ya tlhokofatso le go lebelela jaaka Morwawe labofelo a ne a kokotelwa mo thupeng eo. A re seka ra lebala gore Modimo o ka bo a thibetse pogo eno e e mo go Morwawe yo a mo ratang thata. Lefa go le jalo Jehofa o ne a letlelela Jesu go boga mo go kalo. Ereka Modimo a na le maikutlo, mo go ene go lebelela ditiragalo tseno kwantle ga pelaelo go ne ga baka botlhoko joo a iseng a ke a bo utlwe le joo a tla sekeng a bo utlwa gope.
10 Ka go lebelela ditiragalo tseo tsa pele, re ka bona bogolo jwa bokao jo bo gone mo mafokong a ga Jesu go Nikodemo: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a seka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Mafoko a ga Johane, moaposetoloi wa ga Jesu yo o rategang a tshotse bokao jo bo tshwanang: “Loratō loa Modimo lo bonatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, . . . go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.”—1 Yohane 4:9, 10.
11. Moaposetoloi Paulo o papamatsa jang pontsho e kgolo ya lorato lwa Modimo?
11 Go tswa foo, o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang moaposetoloi Paulo, mo go Baroma 5:6-8, a ne a otlelela lorato lo logolo lwa ga Jehofa Modimo ka mafoko a: “Keresete a shwèla baikepi mo lobakeñ lo e leñ lōna. Gonne goa belaesèga, go re, a yana motho moñwe o ka shwèla mosiami: me motlha opè ha e le motho eo o molemō, moñwe o ka ipatèlèla go mo shwèla. Me Modimo ōna, o re tlhomamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.” Ruri, ka go tlisa Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla mo lefatsheng, go bogisega, le go swa loso le le tlhabisang ditlhong, Jehofa Modimo o ne a dira pontsho e kgolo ya lorato.
Pontsho e Kgolo ya Lorato ya Bobedi
12, 13. (a) Ke ka tsela efe pontsho ya lorato lwa ga Jesu e neng e le ya mofuta wa yone fela? (b) Paulo o gogela kgatlhego jang mo loratong le legolo lwa ga Jesu?
12 ‘Ke eng,’ o ka nna wa botsa, ‘se e neng e le pontsho e nngwe gape e kgolo ya lorato?’ Jesu Keresete o ne a re: “Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè.” (Yohane 15:13) Ke boammaaruri, go ralala ditiragalo tsa losika lwa motho, go ile ga nna le bangwe ba ba ileng ba ntsha matshelo a bone setlhabelo mo boemong jwa ba bangwe. Mme matshelo a bone e ne e le fela a a lekanyeditsweng; ka bofefo kana moragonyana ba ne ba ntse ba tla a swa. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete e ne e le motho yo o itekanetseng yo o nang le tshwanelo ya botshelo. O ne a sa lebanwa ke loso lo lo ruilweng jaaka go ne go ntse ebile go ntse ka losika lotlhe lwa motho; le gone go ne go sena ope yo o neng a ka tsaya botshelo jwa ga Jesu ka dikgoka kwantle ga go go letlelela. (Yohane 10:18; Bahebera 7:26) Gakologelwa mafoko a gagwe: “Ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa?”—Mathaio 26:53; Yohane 10:17, 18.
13 Re ka lemoga gape lorato lo lo kopanyelediwang mo go se Jesu a se dirileng ka go tlhatlhoba ntlha e e latelang: O ne a tlogetse botshelo jwa gagwe jo bo galalelang jaaka setshedi sa semoya kwa magodimong kwa o neng a nna teng jaaka tsala e e atamalaneng thata le modiri mmogo ya Mmusi wa lobopo le Kgosi ya bosakhutleng. Lefa go le jalo, ka ntlha ya lorato lo lo senang boikgagapeledi, Jesu o ne a dira jaaka moaposetoloi Paulo a re bolelela: “Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; Me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō.”—Bafilipi 2:6-8.
14. Moperofeti Isaia o ne a supela jang pontsho e kgolo ya lorato lwa ga Jesu?
14 A seo e ne e se pontsho ya lorato? Ruri e ne e le yone—leo le fetwang ke la ga Jehofa Modimo fela, Rraagwe wa selegodimo. Mafoko a boperofeti a ga Isaia kgaolo 53 a supela mo go sotlhe se Jesu a neng a se itshokela: “O na a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna oa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; . . . Rure, o nntse a rwele pelo dibotlhoko tsa rona, a sikara mahutsana a rona; leha go nntse yalo ra mo kaea gore, o bediwa hèla, a itèwa ke Modimo hèla, a bogisiwa hèla. Me o na a ntshediwa ditlolō tsa rona matsañko, a tekètèlwa maikèpō a rona; . . . Re bile re hodisiwa ka diñalō tsa gagwè. . . . o na a goromeletsa mōea oa gagwè loshuñ.”—Isaia 53:3-5, 12.
15, 16. Gore fano tota Jesu o ne a intsha setlhabelo, seno se ka bonwa mo mafokong afe a gagwe?
15 Ka ntlha ya gotlhe moo go neng go tla a pata loso lwa gagwe, Jesu o ne a rapela mo tshimong ya Gethesemane: “Rra wè, ha go ka nna yalo, a senwèlō se, se mphetè: leha go nntse yalo, eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Mathaio 26:39) Jesu o ne a kopa eng fa a ne a bua mantswe ao? A o ne a kopa gore a seka a nna “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe”? (Yohane 1:29) Ruri go ne go ka seke go reye seo, ereka nako tsotlhe Jesu o ne a boleletse barutwa ba gagwe gore o ne a tla a bogisega le go swa, le eleng go supa mofuta wa loso le o neng a tla swa ka lone. (Mathaio 16:21; Yohane 3:14) Ka gone Jesu o tshwanetse a bo a ne a gopotse sengwe fa a ne a rapela jalo.
16 Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a amegile ka ga go pegwa molato wa tlhapatso, molato o mogolo o Mojuda a ka nnang mo go one. Ke ka ntlha yang fa a ne a tshwenyega ka tatofatso ya maaka? Ka ntlha ya gore loso lwa gagwe mo maemong a a ntseng jalo lo ne lo tlaa tlisa kgobo mo go Rraagwe wa selegodimo. Ee, Morwa Modimo yo o senang molato, yo o neng a rata tshiamo mo go kalo mme a tlhoile tlolo-molao le yo o neng a tlile mo lefatsheng go galaletsa leina la ga Rraagwe, jaanong o ne a na le go bolaiwa ke batho ba Modimo ka namana. Go twe ke motlhapatsi wa ga Jehofa Modimo.—Bahebera 1:9; Yohane 17:4.
17. Ke eng fa mofuta wa loso le Jesu o neng a lebagane le lone le ne la itshupa le le teko e kgolo mo go ene?
17 Pelenyana mo bodiheding jwa gagwe Jesu o ne a kile a tlhalosa jaana: “Me ke na le kolobeco e ke nañ le go kolobediwa ka eōna; me ke pitlaganye yañ go tsamaee go dihale!” (Luke 12:50) Jaanong e ne e le setlhoa sa kolobetso eno. Ka phepafalo seno ke sone se dirileng gore sethitho sa gagwe se nne jaaka marothodi a madi fa a ne a rapela. (Luke 22:44) Mo godimo ga moo, go ne go na le mokgweleo o mogolo thata mo go ene mo bosigong joo, mokgweleo o o fetileng ka moo re ka tlhaloganyang ka gone. O ne a itse gore o ne a tshwanetse go bontsha boikanyego ka gore fa a ne a paletswe, abo e ne e tlaa nna kgobo mo go Jehofa! Satane o ne a tlaa iphaka gore o ne a le boammaaruri le gore Jehofa Modimo o ne a fositse. Mme abo Satane a ne a amogela kgobo ka ntlha ya gore Jesu o ne a nna boikanyego go ya losong! Ka gone a supa fa Satane a le rra-maaka, moaki yo mogolo, le yo o maswe thata.—Diane 27:11.
18. Ke eng fa Jesu a ne a le mo botlhokong jo bogolo mo bosigong joo?
18 Jehofa Modimo o ne a na le ikanyo e kgolo mo boikanyegong jwa ga Morwawe mo eleng gore o ne a boleletse pele gore Jesu o ne a tlaa nna boikanyego. (Isaia 53:9-12) Lefa go le jalo, Jesu gape o ne a itse gore mokgweleo wa go tshegetsa bothokgami o ne o ikaegile ka ene. O ne a ka bo a paletswe. O ne a ka bo a leofile. (Luke 12:50) Botshelo jwa gagwe jwa bosakhutleng le jwa losika lotlhe lwa motho di ne di le mo kotsing mo bosigong joo. Abo seo se tshwanetse sa bo se nnile botlhoko jang ne! Fa Jesu a ka bo a ile a nna bokoa mme a leofa, o ne a ka seke a ikuele mo mautlwelo-botlhokong a motheo wa setlhabelo se sengwe, jaaka rona ditshedi tse di sa itekanelang re ka dira.
19. Ke eng se Jesu a neng a se fitlhelela ka kgato ya gagwe e e senang bogagapa?
19 Ruri, boitshoko jwa ga Jesu ka Nisane 14, 33 C.E., e ne e le pontsho e kgolo ya lorato lo lo senang boikgagapeledi e e iseng e ke e dirwe ke motho ope, lo lo fetwang ke la ga Jehofa Modimo fela. Mme abo a ile a fitlhelela dilo tse dikgolo jang ne mo boemong jwa rona ka loso lwa gagwe! Ka loso lwa gagwe o ne a nna “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Yohane 1:29) O buletse ba ba 144 000 ba ba latelang dikgato tsa gagwe phatlha ya go nna dikgosi le baperesiti le go busa le ene ka dingwaga tse di sekete. (Tshenolō 20:4, 6) Se sengwe gape, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” gompieno ba solegelwa molemo mo setlhabelong sa ga Keresete mme ba ka solofela go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e kgologolo. Bano e tla nna ba ntlha go ipelela masego a paradaise ya selefatshe. Kwantle ga pelaelo gape go tla nna le dibilione tsa losika lwa motho ba ba tla a tsosiwang ka ntlha ya se Jesu a se dirileng. Le bone ba tlaa nna le sebaka sa go ipelela botshelo jo bosakhutleng mo Paradaiseng ya selefatshe. (Tshenolō 7:9-14; Yohane 10:16; 5:28, 29) Ka boammaaruri, “leha dipolèlō tsa choloheco tsa Modimo di ka bo di le dintsi yañ, mo go èna go na le E, hèla,” ke gore, ka Jesu Keresete.—2 Bakorintha 1:20.
20. Re tshwanetse go arabela jang mo dipontshong tse dikgolo tse pedi tsa lorato lwa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete?
20 Go tshwanetse thata gore re anaanele se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se dirileng mo boemong jwa rona ka go re neela dipontsho tse dikgolo tseno tsa lorato. Re ba kolota kanaanelo eo, mme gore re tle re solegelwe molemo mo go feletseng, re tshwanetse go nna le kanaanelo e e ntseng jalo. Setlhogo se se latelang se tlaa bontsha dingwe tsa ditsela tse di botoka thata tse re ka di latelang gore re dire seno.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke dipontsho dife tsa lorato lwa Modimo tse losika lotlhe lwa motho lo di bonang?
◻ Re ka itse jang gore Jehofa Modimo o ne a boga fa a ne a bona Morwawe a boga?
◻ Loso lwa ga Jesu mo boemong jwa batho lo no lo farologana jang le lwa bangwe ba ba ka tswang ba ile ba ntsha matshelo a bone setlhabelo?
◻ Re tshwanetse go amega jang ka lorato lo re lo bontshitsweng ke Jehofa le Jesu?