LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 2/15 ts. 15-20
  • Go Bontsha Kanaanelo mo Dipontshong tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Kanaanelo mo Dipontshong tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiro ya Ntlo le Ntlo
  • Go Dira Maeto a go Boela
  • Go Tsamaisa Dithuto tsa Bibela tsa Magae
  • Go Supa ka Mmila
  • Bosupi jo bo sa Ikaelelwang
  • Go Amogela Baeng
  • Go Supa ka Makwalo
  • Go Dira Maeto ka Founo
  • Go Neela Bosupi ka Boitshwaro jo bontle
  • Masego a go Bontsha go Anaanela Lorato Lwa ga Jehofa—Karolo 2
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Masego a go Bontsha go Anaanela Lorato Lwa ga Jehofa—Karolo 1
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Bua ka Kgalalelo ya Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 2/15 ts. 15-20

Go Bontsha Kanaanelo mo Dipontshong tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi

“Rona rea ratana, ka go bo o re ratile pele.”​—1 YOHANE 4:19.

1. Ke sekao sefe se Jesu a neng a se re tlhomela?

RE KA bontsha sentle jang kanaanelo ya rona mo loratong le legolo le Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba le bontshitseng mo go rona? Tsela ya ntlha ke go etsa Jesu, yo kwantle ga go itsapa o neng a supela leina la ga Rraagwe le Bogosi. (1 Petere 2:21) O ne a dira jalo mo magaeng, mo disenagogeng, mo tempeleng, mo thoko ga dithaba, le mo lotshitshing ja lewatle. A re tlhokomeleng ditsela di roba-bongwe tse di bonalang sentle tse di re bulegetseng.

Tiro ya Ntlo le Ntlo

2. O ka itshoka jang mo tirong ya ntlo le ntlo?

2 Tsela ya ntlha, gongwe gape e le e e bonalang sentle, e re ka supang lorato lwa rona le kanaanelo ke go tsamaya ka ntlo le ntlo ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Go dira jalo go tlhoka go bua ka kgololesego tota ka gore ka metlha go kopanyeletsa go thulana ka tlhamalalo le ba bangwe, bontsi jwa bao ba tlaa re lebang re le ba ba letshwenyo. Go tlhoka lorato lwa boammaaruri mo Modimong le mo moagelaning go tswelela ka go tsamaya ka ntlo le ntlo, lemororo re ka nna ra kopana le itlhokomoloso, go tenega, lonyatso, kana kganetso e e tlhamaletseng.​—Bapisa Esekiele 3:7-9.

3. Ke motheo ofe wa Dikwalo o o nang le one wa tiro ya ntlo le ntlo?

3 Pego ya Efangele ya ditaelo tsa ga Jesu mo baaposetoloing ba gagwe ba ba 12, mme moragonyana mo baefangeleng ba ba 70, ka phepafalo e bontsha gore ba ne ba tshwanetse go tsamaya ka ntlo le ntlo ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 10:5-14; Luke 10:1-7) Mo go Ditihō 20:20 Paulo o bolela kaga go tsamaya ka ntlo le ntlo ga gagwe. Mafoko ao a ne a dirisiwa mabapi le maeto a bodisa, mme Dit 20 temana ya 21 e tlogela go sena pelaelo epe ya tiro e e bolelwang, ereka Paulo a oketsa jaana: “Ke shupetsa Bayuda le Bagerika”​—eseng bakaulengwe ba Bakeresete le bokgaitsadi—​“tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” Gantsi fa mogolwane a dira maeto a bodisa, ga a kgothaletse ‘tlhabologelo mo Modimong le tumelo mo go Jesu.’ Go na le moo, o kgothatsa Bakeresete-ka-ene go nna le kanaanelo e e oketsegileng ya dipokano le bodihedi, kana a ba thusa mo mathateng a bone a botho.

4. Ke eng se se re kgothaletsang go tlhakanela mo go rereng ka ntlo le ntlo?

4 Ga se fela gore re na le motheo o o utlwalang wa Dikwalo wa go tsamaya ka ntlo le ntlo mme gape maungo a tiro eo a bontsha gore masego a ga Jehofa a mo go yone. Ee, “Botlhale o atlholèlwa ke ditihō tsa gagwè.” (Mathaio 11:19) Gangwe le gape, bao ba tsamayang ka ntlo le ntlo ba ile ba bona bosupi jwa kaelo ya baengele e e ba gogelang go bao ba tshwerweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo. Mong wa ntlo o ne a re o ne a rapelela thuso le gore loeto lwa Mosupi lo ne lwa araba thapelo eo.

5. Ke thuso efe e e molemo e re nang le yone ya bodihedi jwa ntlo le ntlo, mme e ka re thusa ka ditsela dife tse dintsi?

5 Abo e le thuso e kgolo jang ne ya tirelo ya tshimo e re nang le yone mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo! E na le boikitsiso jo bontsi jo bo gogelang jwa dipuisanyo tsa Bibela gammogo le thuto e e mosola mo dintlheng tse di mmalwa tsa dikwalo kana tsa bodumedi. Ka gone se e tshware fela mme e lebelele ka nako tsotlhe. Ka mo go kgethegileng babulatsela ba ile ba bontsha kanaanelo e kgolo mo thusong eno e e botlhokwa ya tirelo ya tshimo. A o ka bontsha kanaanelo ya gago mo loratong lwa Modimo ka go dirisa buka eno thata-thata le mo go nang le matswela thata?

6. Re ka solofela go bona molemo ofe wa botho ka go tsamaya ka ntlo le ntlo ka molaetsa wa Bogosi?

6 Ga re a tshwanela go tlodisa matlho lebaka la gore rona ka borona re solofetse go solegelwa molemo thata ka go tlhakanela mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Jaaka rona Bakeresete re dirisa tumelo ya rona, e nitama segolo bogolo; jaaka re bua ka go tlhatswega pelo, e a nonofa. Ga re kake ra bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya rona kwantle ga gore tsholofelo ya rona e phatsime. Ga go na sepe se se ka gaisang go tlhakanela ka metlha mo bodiheding jwa ntlo le ntlo go tlhagolela maungo a moya a a umakilweng mo go Bagalatia 5:22, 23. Go tshwanetse ga nna fela jalo, ereka Bibela e re tlhomamisetsa jaana: “Motho yo o fang ka pelontle o tla a tlhogonolofala; yo o nosang ba bangwe le ene o tla a nosiwa.”​—Diane 11:25, New International Version.

Go Dira Maeto a go Boela

7, 8. Ke ka mabaka afe a a botlhale le a a dirang a re tshwanetseng go dira maeto a go boela?

7 Tsela ya bobedi ya rona ya go arabela mo loratong le Modimo le Keresete ba le bontshitseng mo go rona ke ka go dira maeto a go boela mo bathong ba pele ba ileng ba bontsha kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi. Paulo le Barenabase ba ne ba amegile ka bao ba neng ba kile ba ba rerela. (Ditihō 15:36) Tota, gore re tlhomame re tlhoka go dira maeto a go boela. Fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo, ka go sa ipaakanyetsa, kana mo mebileng, re batla bao ba “humanegileñ mo moeñ.” (Mathaio 5:3) Ka phepafalo, go ba neela galase e le nngwe ya metsi a semoya kana senkgwe se le sengwe fela sa semoya, jaaka go ka tualo, ga go a lekana ka tsela epe. Gore ba tle ba tsene mo tseleng e e isang botshelong, ba tlhoka thuso e kgolo.

8 Maiteko a rona a ntlha a ka nna a tshwantshanngwa le go jala peo ya boammaaruri. Mme jaaka moaposetoloi Paulo a ne a supa mo go 1 Bakorintha 3:6, 7, go tlhokafala mo gontsi. Go ne go sa lekana fela gore o jetse. Gape peo e ne e tlhoka metsi, ao Apolose a neng a a neela. Go tloga foo go ne go ka lebelelwa gore Modimo o ne o tla go godisa. Karolo eno ya tiro e itlhokomolosiwa ke bangwe, mme lefa go le jalo bangwe ba e bona e le karolo e e motlhofo ya bodihedi jwa Bokeresete. Ka ntlha yang? Ka gore batho ba re yang kwa go bone ba setse ba bontshitse kgatlhego nngwe.

Go Tsamaisa Dithuto tsa Bibela tsa Magae

9. Ke eng fa go tsamaisa thuto ya Bibela ya legae e tshwanetse go nna mokgele wa gago?

9 Fa maeto a go boela a dirwa ka metlha mo bathong bao ba bontshitseng kgatlhego mo molaetseng wa Bogosi, gantsi go felela ka thuto ya Bibela ya legae​—tsela ya boraro e re ka bontshang kanaanelo ya rona. Ruri e ka nna karolo e e ipedisang le e e duelang thata ya bodihedi jwa rona. Ka ntlha yang? Ebu, abo go ipedisa jang ne go bona batho ba gola mo kitsong le mo kanaanelong ya boammaaruri jwa Bibela, go ba bona ba dira diphetogo mo matshelong a bone, le go ba thusa go fitlhelela ba ineela go dira go rata ga Modimo le go kolobediwa! Ba ba ntseng jalo ka tshwanelo ba ka lejwa jaaka bana ba rona ba semoya mme rona re lejwe jaaka batsadi ba bone ba semoya.​—Bapisa 1 Bakorintha 4:14, 15; 1 Petere 5:13.

10. Ke sekai sefe se se tshwanang se se bontshang mosola wa go tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae?

10 Tlhokomela sekai se se tshwanang. Morongwa mongwe fa a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo mo setlhake-tlhakeng sengwe sa Caribbean o ne a kopana le batho ba babedi ba ‘ditlhobogwa’ bao legae la bone le neng le le boatla. Lefa go le jalo ba ne ba bontsha kgatlhego. Thuso ya Bibela e ne ya neelwa, mme thuto ya Bibela e ne ya simololwa le batho ba babedi bao, bao ba neng ba sa nyalana lemororo ba ne ba nna le bana ba le bantsinyana. Jaaka thuto e ntse e tsweletse, legae le ne la simolola go lebega botoka gammogo le batho ba babedi bao le bana ba bone. Go ise go ye kae batho ba babedi bao ba ne ba kopa morongwa yoo go ba nyadisa, mo go neng go ba bulela sebaka sa go kolobediwa. Go tswa foo letsatsi lengwe mokaulengwe yo mosha yoo ka boitumelo o ne a supa sesupo sa gagwe sa go kgweetsa koloi, e le la ntlha a nna le sone. Ee, pele ga a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ga a ise a ke a bone go tlhokafala go nna le sesupo sa lenyalo kana sesupo sa go kgweetsa, mme jaanong o ne a obamela melao ya Modimo gammogo le ya ga kaesare.

Go Supa ka Mmila

11, 12. (a) Re na le kgothatso efe ya Dikwalo gore re tlhakanele mo bosuping jwa mmila? (b) Ke mabaka afe a a teng a gore re dire jalo?

11 Tsela ya bone eo re ka bontshang kanaanelo ya rona mo go se Modimo le Keresete ba se re diretseng ke ka go dira bosupi jwa mmila. Fa re tsaya karolo, re thusa go diragatsa Diane 1:20, 21 mo e ka nnang ka tlhamalalo: “Botlhale o kuèla godimo mo mmileñ; o ntsha lencwe ya gagwè mo dipatleloñ; O kua mo bonnoñ yo bogolo yoa borakanèlō.”

12 Ka nako tsotlhe go na le mabaka a a utlwalang a gore re tlhakanele ka metlha mo karolong eno ya go rerwa ga Bogosi. Mo dikarolong tse dintsi, gantsi go bokete thata go fitlhela batho mo magaeng. E ka tswa e le gore ba tlhakanetse mo mofuteng mongwe wa boitloso-bodutu, go reka, kana ba ile tirong. Gape, batho ba le bantsi ba nna mo matlong a a tshwaraganyeng, re sa lebale ba ba nnang mo dioteleng. Mme gantsi go na le batho ba ba ka bonwang mo mebileng.

13. Bosupi jwa mmila bo ka nna le matswela afe? Tshwantsha.

13 Mogolwane mongwe mo United States jaanong o tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae di le nne le batho bao a ileng a ba bona lwa ntlha mo tirong ya go supa ka mmila. Legale, ga a eme fela (lemororo mo mafatsheng mangwe ke gone gotlhe mo molao o go letlelelang). Go na le moo, ka monyenyo wa botsalano le lentswe le le itumetseng, o atamela batho ba ba emeng, ba ba letetseng bese, kana ba ba itsamaelang fela. Puo ya gagwe ‘e ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai,’ mme o dirisa botlhale go atamela mongwe le mongwe. (Bakolosa 4:5, 6; 1 Petere 3:15) Ga se fela gore o ile a nna le dithuto tsa Bibela tsa magae ka go rera mo go ntseng jalo ga mmila mme gape o atlegile thata mo go neeleng dikgatiso go ba le bantsi. Ee, ka go apara sentle le ka go nna le monyenyo wa botsalano gammogo le go bua ka kgololesego, o ka atlega thata mo go rereng ka mmila. Tota, Basupi ba le batlhano bosheng jaana ba ile ba tsamaisa dikaelo tsa buka ya Life​—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? di feta 30 mo mafelong a borekisetso a botlhe. Bontsi jwa dibuka bo ne jwa amogelwa ke batho ba ba ntseng mo dikoloing tsa bone.

Bosupi jo bo sa Ikaelelwang

14. Bomosola jwa bosupi jo bo sa ikaelelwang bo bonala jang?

14 Tsela ya rona ya botlhano ya go bontsha kanaanelo mo loratong lo logolo lo Modimo le Keresete ba le bontshitseng mo go rona ke ka bosupi jo bo sa ikaelelwang. Abo seno se ile sa nna le matswela a magolo jang ne, mo go boneng batho ba ba bolailweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo le mo go neeleng dibuka! Ruri ke tsela e nngwe e re ka utlwang kgakololo e e fitlhelwang mo go Baefesia 5:15, 16, ‘go swela sebaka molemo.’ Morongwa mongwe o ne a simolola puisanyo le mopalami-ka-ene mo thekising. Monna o ne a bontsha kgatlhego. Maeto a go boela a ne a dirwa mme thuto ya Bibela e ne ya simololwa. Gompieno monna yoo ke mogolwane wa Mokeresete. Golo gongwe mogolwane o ne a simolola puisanyo le mosadi mongwe yo, go neng ga fitlhelwa gore, o ne a le mo tseleng ya go fetola bodumedi jwa gagwe go nyalwa ke Mojuda. O ne a batla go itse gore ke mang yo o tlileng pele, a ke Moshe, kana Noa, kana Dafide, jalo le jalo. O ne a mmolelela gore se a neng a se tlhoka e ne e le buka ya Dipolelo tsa Bibela, eo e neelang ditiragalo tsa Bibela ka tlhomagano ya nako. Lemororo a ne a sa mo itse gotlhelele, ka go rata o ne a mo neela leina la gagwe le aterese le moneelo o o tlhokafalang gore a tle a mo romelele buka.

15. Ke eng se se tla a re thusang go nna podi-matseba mo dibakeng tsa bosupi jo bo sa ikaelelwang?

15 Ka nako tse dingwe, ka poifo ya gore re ka nna ra ganediwa, re ka nna ra oka-oka go simolola puisanyo le mongwe yo o nang le rona mo loetong. Lefa go le jalo, ke ga kae re duelwang mo gogolo fa re nna pelo-kgale go dira jalo! Kanaanelo ya bomolemo jwa Modimo le letlhoko la batho di tla re thusa go nna le bopelokgale jo bo tlhokafalang. Ee, gakologelwa gore “Modimo ga o a ka oa re naya moya wa bogatlapa, mme o re neetse wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng hela.”​—2 Timotheo 1:7, NIV.

Go Amogela Baeng

16. Ke eng fa re tshwanetse go nna podi-matseba go lemoga baeng ba ba etetseng Holo ya Bogosi ya rona?

16 Tsela ya borataro e re ka bontshang malebogo mo Modimong le Keresete ke ka go amogela baeng bao ba tlang kwa Holong ya Bogosi ya rona. Lorato lwa moagelani le tshwanetse go re dira podi-matseba go elatlhoko moeng ope yo o etelang lefelo la kobamelo la rona. A re lekeng go mo dira gore a ikutlwe a lapologetswe, a ikutlwa gore o fa gare ga ditsala tse ka boammaaruri di kgatlhegelang bomoya jwa gagwe. Kwantle ga pelaelo, se se fetileng go kgatlhega fela se mo isitse koo. O ka nna a tswa a bolailwe ke tlala le go nyorelwa tshiamo. Kamego ya rona ya boammaaruri mo go ene e ka nna ya felela ka gore re simolole thuto ya Bibela ya legae, go mo thusa go tsena mo tseleng e e isang botshelong. (Mathaio 5:3 ,6; 7:13, 14) Tota, selo seno ka bo sone se diragetse gantsi. Morongwa mongwe go tswa kwa setlhopheng santlha sa Sekolo sa Gilead sa Watchtower o ne a bontsha gore dithuto tsa gagwe tsa Bibela tse pedi tse di solofetsang thata e ne e le bao a kopaneng le bone lantlha kwa Holong ya Bogosi.

Go Supa ka Makwalo

17. Go dira bosupi ka makwalo go ka nna le matswela afe?

17 Tsela ya bosupa ya rona ya go neela bosupi, e le karabelo ya rona mo loratong lo Modimo le Keresete ba le re bontshitseng, ke ka go kwala makwalo. Bao ba dirisang mokgwa ono wa go neela bosupi gantsi ba bona diphetolo tsa makwalo tse di supang kanaanelo thata. Mokgwa ono o dirisiwa ke badihedi ba nako e e tletseng bao ka nakwana ba ka sekeng ba kgone go tsamaya ka ntlo le ntlo ka ntlha ya bokoa jwa mebele ya bone. Ka sekai: Go ne go na le lelapa lengwe le na le bana ba le 12. Letsatsi lengwe fa rra lelapa a tla gae o ne a fitlhela ba le batlhano ba bone ba bolailwe ke mongwe wa dinyatsi tsa ga morwadie. O ne a solofela kgomotso go tswa go baruti ba La-Bodumedi kwantle ga go e bona. Go tloga foo letsatsi lengwe o ne a amogela lekwalo go tswa go mongwe yo a sa mo itseng, e ne e le Mosupi mongwe yo o neng a bala mo koranteng ka matlhotlha-pelo a gagwe le yo o neng a batla go mo gomotsa, a tsentse buka ya Boamarure. Seno e ne e le sone tota se monna yoo o neng a se batla. Gompieno, le ene, ke Mosupi yo o tlhagafetseng.a

Go Dira Maeto ka Founo

18, 19. Ke sebaka sefe se sengwe sa go rera mafoko a a molemo se bangwe ba ileng ba se fitlhela se na le matswela, mme ka ntlha yang?

18 Go umaka tsela ya boroba-bobedi ya go neela bosupi, go na le sebaka sa go dirisa founo mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi. Seno ka mo go oketsegileng se itshupile e le mokgwa o o itumedisang le o o nang le matswela wa go neela bosupi. Bontsi-ntsi jwa Basupi ba nna le maitemogelo mo karolong eno ya bodihedi, mme ebile e na le mosola o mogolo. Ka yone re fitlhelela batho ba re sa kgoneng go kopana le bone mo tirong ya ntlo le ntlo. Fa go neela bosupi ka founo go dirisiwa ka botlhale, le ka bonolo, le ka matsetseleko, le ka boitemogelo, bangwe ba ile ba bona karabelo e e botoka go feta go ya kwa bathong bao mo magaeng a bone.

19 Phuthego nngwe ya Japane mo nageng nngwe e go buiwang Sekgoa gone e dirisa buka ya difouno jaaka bontlhanngwe jwa tshimo ya yone. Bagoeletsi ba founela kwa maineng a Sejapane le go rulaganyetsa maeto ka bobone kwa ba fitlhelang kgatlhego gone. Ka boammaaruri ba ile ba simolola dithuto di le dintsi ka mothale ono.

Go Neela Bosupi ka Boitshwaro jo bontle

20, 21. Boitshwaro jwa rona bo ka nna le diphelelo dife tse di molemo? Tshwantsha.

20 Tsela ya boroba-bongwe e re ka isetsang Jehofa kgalaletso ka yone ke ka boitshwaro jo bontle jwa rona. Mmega-dikgang mongwe wa Russia nako nngwe o ne a tlhalosa gore boitshwaro jwa rona jo bontle e ne e le thero e e di gaisang tsotlhe. Tota, ka go ipoeletsa, dipampiri tsa dikgang di ile tsa akgela ka boitsholo jo bo kwa godimo jwa Basupi ba ga Jehofa. E nngwe e ne ya bega jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba lemosega e le batho ba ba boikanyego thata mo Federal Republic of Germany.” Mosetsana mongwe wa Mosupi o ne a isetsa morutabana wa gagwe buka ya Sekolo kwa tshimologong ya paka ya gagwe ya sekolo. O ne a e gana thata-thata, a re o ne a sa batle go dirisana le Basupi. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya boitshwaro jwa gagwe jo bontle bo ne jwa gapa kgalaletso e kgolo mo go ene le go baka phetogo e e feletseng ya boikutlo mo go ene mabapi le Basupi. Mogopolo o o tshwanang ke wa lekwalo le batsadi ba Basupi ba neng ba le amogela mo morutabaneng wa ngwana wa bone: “Selekanyo se se sa ganediweng sa katlego ya ditumelo tsa lona ke bana ba lona.”

21 Ba ba mo lefatsheng ga ba kake ba bua molemo ka Basupi ba ga Jehofa kwantle ga go tlisetsa Jehofa le Keresete tlotlo. Go tshwanetse go nna fela ka tsela eo. A Jesu ga a ka a re re tshwanetse go letlelela lesedi la rona go phatsima gore batho ba tle ba bone ditiro tsa rona tse di siameng mme ba neele Rraarona wa selegodimo kgalaletso? (Mathaio 5:16) Ke boammaaruri, ka boitshwaro jwa rona jo bontle, re ka kgabisa boammaaruri. (Tito 2:10) Ruri, lebaka la gore boitshwaro jwa rona jo bontle bo isetsa Modimo le Keresete kgalaletso le gore bo thusa ba bangwe go tsena mo tseleng e e isang botshelong ke lebaka le le maatla la go bo re tshwenyegile thata gore boitshwaro jwa rona ka dinako tsotlhe bo se nne le sekgopi.

22. O tla a lwela go bontsha kanaanelo ka ditsela dife, mme ka ntlha yang?

22 Jaaka re bone, go na le ditsela di le dintsi tse re ka bontshang kanaanelo ya rona mo go sotlhe se Jehofa le Jesu Keresete ba se re diretseng, segolo-bogolo mo dipontshong tse dikgolo tsa lorato lwa bone. Fa re ntse re dira jalo, re ka supa lorato lwa boagelani.​—Mareko 12:30, 31.

23. Ke ka tsela efe ya bofelo o ka bontshang kanaanelo mo Modimong le mo go Jesu?

23 Labofelo, a re tlhokomeleng gore re ka bontsha kanaanelo ya rona mo dipontshong tse dikgolo tsa lorato ka go keteka Selalelo sa Morena. Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng jaaka motho, Jesu o ne a tlhoma dijo tsa kgakologelo ya ngwaga le ngwaga e le senkgwe le beine, tse di emelang nama ya gagwe le madi a gagwe. O ne a laela gore mokete ono o dirwe go mo gopola. (1 Bakorintha 11:23-26) Mo ngwageng ono selalelo sa Morena se tla a nna ka Sontaga, April 12, letsatsi le sena go dikela. Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba tla a bo ba phuthegile ba ikobela taolo ya ga Jesu. Se seka sa go fosa!

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona Awake! ya October 22, 1986, ditsebe 12-16.

Dipotso tse di Boeletsang

◻ Jesu o ne a neela bosupi jang le gone kae?

◻ Re ka etsa Jesu ka ditsela dife mo go bontsheng kanaanelo mo loratong lo logolo lwa Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela