O se Lape go Dira Molemo
“A re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”—BAGALATIA 6:9.
1. Ke thomo efe eo Jesu a neng a e fa barutwa ba gagwe?
A BO e le tiro e e molemo jang ne eo Bakeresete ba e dirang jaaka karolo ya kobamelo ya bone! E akareditswe mo taolong eno e e phepafetseng: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè . . . , Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) E ne e le Jesu Keresete ka namana yo o neng a naya barutwa ba gagwe thomo ya go dira tiro eo ya go ruta mo lefatsheng ka bophara.
2. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka re go dira barutwa e ne e le tiro ya botlhokwa le e e molemo? (b) Tiro ya go rera e diragatsa maikaelelo afe?
2 Ereka thomo ya go dira barutwa e ne e le nngwe ya dipolelo tsa bofelo tseo Jesu a di buileng le barutwa ba gagwe ba ntlha pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, a e ne e se tiro e e botlhokwatlhokwa? Ee, ka gonne go e diragatsa go ne go tla boloka matshelo. (1 Timotheo 4:16) Seo se e dira tiro e e molemo. E naya bao ba reetsang molaetsa wa Bogosi thuto e e utlwalang ya Bibela, mme tiro ya go rera e tlhagisa bao ba sa arabeleng. (Luke 10:10, 11) Jalo, go dira tiro eno ga bone go tlhaola Bakeresete ba boammaaruri fela jaaka go dumalana ga bone le dithuto dipe fela tsa ga Jesu.—Yohane 8:31.
3. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba arabela jang mo sekaong sa gagwe sa botho le taolo? (b) Jesu o ne a dira gore barutwa ba gagwe ba nne le boikutlo bofe?
3 Jaaka Morutisi yo Mogolo, Jesu o beetse barutwa ba gagwe sekao se se molemo thata. O ne a ruta phatlalatsa a ba a dira barutwa ka go “rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Mathaio 9:35) Ka go mo etsa, balatedi ba basha le bone ba ne ba fetoga badira-barutwa, gonne morutwa wa boammaaruri ke “motho yo o amogelang a bo a thusa mo go phatlalatseng dithuto tsa yo mongwe.” Kwa tshimologong, ba ne ba dira tiro ya bone ya go dira barutwa go Bajuda le basokologelabojudeng fela. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege kganetso e e neng e le gone mo tshimong eo, a barutwa ba ga Jesu ba ne ba diragatsa thomo ya gagwe ya ‘gore ba tsamaye ka malatsi otlhe’ ‘ba sa kgaotse’? Mme kana, ee, ba ne ba ya “kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela” go fitlha baditšhaba ba ntlha ba fetoga badumedi ka 36 C.E. (Mathaio 10:5, 6; Ditihō 5:42) Go ne ga bolelwa gore barutwa bao ba ne ba “tladitse Yerusalema ka thutō ea [bone].” (Ditihō 5:28) Ga ba a ka ba lesa tiro ya bone e e molemo. Go na le moo, ba ne ba e tsweledisa ka boikanyegi.
“Tshimo ke lehatshe”
4. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba dira tiro ya bone e e atolositsweng ka boikutlo bofe?
4 Jesu o ne a bontsha gore tshimo e ne e tla akareletsa “merahe eotlhe.” (Mathaio 28:19) Mo setshwantshong se se mabapi le go jalwa ga peo ya Bogosi, o ne a rile: “Tshimo ke lehatshe.” (Mathaio 13:38) Ka jalo, Bakeresete ba ne ba tla nna “basupi” ba gagwe ba Bogosi gongwe le gongwe. Ba ne gape ba tla ‘tsamaya ka malatsi otlhe,’ jaanong “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Moaposetoloi Paulo o ne a ‘tshwaregile thata ka lefoko,’ mme re ka tlhomamisega gore Bakeresete ba bangwe le bone ba ne ba ntse fela jalo.—Ditihō 18:5.
5. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a lebeletse gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse go tshwarega mo tirong eno ya go rera go fitlha kwa bokhutlong jwa motlha ono?
5 Jesu o ne a lebeletse gore Bakeresete ba tshwarege thata mo tirong ya go rera go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo. Seno se bontshiwa ke seo a neng a se bolelelapele kaga bodihedi jwa Bokeresete le tshimo eo bo neng bo tla e akaretsa. Jesu o ne are: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
6. Tiro ya go rera kaga Bogosi e ne e tla dirwa ka nako e e kana kang, mme seno se tshwanetse go ama boikutlo jwa rona malebana le yone jang?
6 Fa Jesu a ne a ntsha taolo ya go tshwarega mo tirong ya go rera kaga Bogosi le go dira barutwa lefatshe ka bophara, o ne a itse gore ka letsatsi lengwe tiro e e molemo eo e ne e tla fitlha kwa bokhutlong jwa yone, fela jaaka e dirile mo tshimong ya Bajuda. Mme e ne e tla fitlhelela boikaelelo jwa yone. “Hoñ,” jaaka a buile, “ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Ka gone, go fitlha bokhutlo bo tla, Basupi ba ga Jehofa ka tlhagafalo le ka boipelo ba ntse ba tsweletse mo tirong e ba e neilweng. Seo se ba thusa go tswelela mo tirong mo motlheng ono wa rona go fitlhelela e bo e wediwa.
Ka Moo Tiro e ka Dirwang ka Gone
7. Ke setlhogo sefe seo se neng se tshwaya bodihedi jwa ga Jesu le jwa barutwa ba gagwe?
7 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe ba ntlha ka moo ba ka dirang bodihedi jwa bone jwa phatlalatsa ka gone. Ba ne ba arabela ka tlhoafalo mo taolong ya gagwe ya go re “tsamaeañ.” Fa a ne a ba katisa mo go direng tiro ya bone ya bosupi, Jesu o ne are: “Lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 10:7) Seo se ne se naya molaetsa wa bone setlhogo se se tshwanang sa Bogosi se se neng se tshwaya bodihedi jwa gagwe. E ne e tla nna mafoko a a molemo go ba ba pelo di ikanyegang. Fa barutwa ba ga Jesu ba simolola tiro ya bone, a ene o ne a tlogela? Nnyaa, eleruri, gonne “e rile Yesu a sena go wetsa go laea barutwa ba gagwè ba ba shomè le bobedi, a tloga a cwa gōna, a ea go ruta le go rèra mo metsiñ ea bōnè.”—Mathaio 11:1.
8. (a) Ke kae le jang bareri ba Bogosi ba neng ba tshwanetse go atamela batho? (b) Ke ka ntlhayang fa go tshwanela õ isa mafo o a a molemo kwa ntlong ya motho? (c) Go na le melemo efe mo go dumediseng mong wa ntlo ka tshwanelo?
8 Ke kae le jang bareri bano ba Bogosi ba neng ba tshwanetse go bua ka gone? Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè.” (Mathaio 10:12) Go ya kwa ntlong ya motho ka mafoko a a molemo go naya mong wa ntlo tlotlo, go mo naya tshono ya go tsaya kgato ka molaetsa wa Bogosi a le mo legaeng la gagwe. Ditsela tse di tlwaelesegileng le tse di amogelesegang tsa go dumedisa ga se ditsela tsa maitseo fela le tsa go akanyetsa tsa go simolola motlotlo mme gape go ka iponelwa molemo fa go dumedisa ka botsalano le ka boitumelo go dira gore loeto lo lo neng lo sa solofelwa lo amogelwe. (Bapisa Mathaio 28:9; Luke 1:28.) Karabo ya motho fa kgorong le lentswe la gagwe le tsone di re bolelela go le gontsi ka boikutlo jwa gagwe. Seo ke se o tshwanetseng go se tlhokomela pele o ka tswelela gonne kitso e e ntseng jalo e dira gore go nne motlhofo go fetola dikakgelo tsa gago gore di tshwanele ditlhokafalo tsa mong wa ntlo.—Bapisa Ditihō 2:1, 2; 23:6.
9. Ke eng seo se bontshang gore ga se botlhe bao ba tla anaanelang molaetsa wa Bogosi, mme ba ne ba tshwanetse go itshwara jang go bao ba sa o kgatlhegeleng?
9 Jesu o ne a itsise barutwa ba gagwe gore ga se batho botlhe mo tshimong bao ba tla arabelang sentle. O ne are: “Leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsènañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna.” Fa e le gore botlhe ba ne ba tla amogela molaetsa wa Bogosi, go ne go sa tlhokege gore go dirisiwe polelo “lo senkè.” Ba ne ba tshwanetse go itshwara jang malebana le bao ba neng ba tla seka ba bontsha kgatlhego mo molaetseng oo? “Me leha e le bomañ ba ba se ketlañ ba lo chola, leha e le go reetsa mahoko a lona, e re lo cwa mo tluñ euō, kgotsa mo motsiñ ouō, lo itlhotlhorè dithole mo dinaoñ tsa lona,” go tsamaya ka kagiso go ba tlogelela diphelelo tsa katlholo ya ga Jehofa.—Mathaio 10:11, 14.
Seemo Gompieno
10. Ke eng se se ileng sa bolelwa mabapi le tiro ya go rera ka Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa?
10 Ba dira ka boikanyegi tumalanong le thomo eno ya Bokeresete, Basupi ba ga Jehofa ba akaretsa lefatshe lotlhe ka molaetsa wa Bogosi. Ke gone ka moo, A. P. Wisse, mokwala-dikgang mo Netherlands, a neng a akgela jaana: “Ba farologane le batho ba bangwe. Sengwe seo se tlisang pharologano eno ke go tlhoafala ga bone mo boefangeleng. Ba tsaya Bokeresete jwa boammaaruri eseng jaaka bodumedi jwa dikago tse dikgolo tsa dikereke, le maloko ao mongwe le mongwe wa bone a nang le sebaka sa gagwe se se kgethegileng le bao bodumedi jwa bone bo sa batleng go le gontsi mo go bone fa e se go reetsa fela. Ba bua ka tlhoafalo e e tshwanang le ya ga Paulo go mongwe le mongwe yo o tla reetsang.” Go boammaaruri gore tlhoafalo e e ntseng jalo mo bodiheding e ile ya segofadiwa ke Jehofa Modimo.
11, 12. (a) Ke matswela afe ao a bonweng mo bodiheding mo dingwageng tsa bosheng jaana? (b) Fa palo ya rona e ntse e gola, ke eng seo se diragalang ka tshimo e e leng gone eo re tshwanetseng go rera mo go yone? (c) Ke dipotso dife tse di bodiwang?
11 Baboledi ba Bogosi ba ba fetang 3 000 000 jaanong ka tlhoafalo ba dira mo mafatsheng a le 210. Re bona koketsego e kgolo mo barutweng ba basha—go setse go kolobeditswe ba le 1 246 204 mo dingwageng tse supa tse di fetileng. Tshegofatso ya ga Jehofa mo maitekong ana a a tlhaga e a bonala. (Isaia 60:8-10, 22) Mme kana, mo mafatsheng a ka nna 40 le ditlhaketlhake, go na le Mosupi a le mongwe go baagi bangwe le bangwe ba ba 300 kana kwa tlase ga moo, kana a le mongwe go malapa a ka nna 100! Mo godimo ga moo, mo dikarolong tsa mafatshe a a tshwanang le Canada le Guadeloupe, selekanyo sa gone ke Mosupi a le inongwe go batho ba le 45 kana ba le 50 mo tshimong ya phuthego—mo e ka nnang fela matlo a a ka nnang 15 kana kwa tlase ao mmoledi a le mongwe a tshwanetseng go a etela! Bontsi jwa ditshimo tseno bo kopanngwa kgwedi le kgwedi. Le eleng mo mafatsheng ao selekanyo se leng kwa godimo, dikgaolo dingwe tsa ditoropo di kopanngwa gangwe le gape mo tirong ya rona ya go rera. Kwa Seoul, Repaboliki ya Korea, dikarolo dingwe tsa motse-mogolo di berekiwa morago ga malatsi a le matlhano mangwe le mangwe! Fa palo ya rona e ntse e gola, gape le jaaka Basupi ba ba oketsegileng ba ntse ba tsenelela mo tirong ya bobulatsela le bobulatsela jo bo thusang, re tla nna re nt se re etela magae a baagelani ba rona ka mo go oketsegileng nako le nako. A seo se tlhagisa mathata?
12 Go tshwanetswe ga dumelwa gore go na le mathata mo dikarolong tse dingwe, mo Basuping ba ga Jehofa gammogo le go bao re ba etelang. Seo se oketsang mathata ke go oketsega ga go tlhoka kgatlhego ga batho mo dinageng di le dintsi. Ebu, fa palo ya rona e nt se e gola a ka bonya ka bonya re nna re lesa go dira tiro ya rona e e molemo? A re fetsa ka gore tiro ya rona e setse e weditswe le gore re setse re ‘senkile’ botlhe bao ba neng ba tla arabela mme ba fetoga barutwa? A wena ka bowena o ikutlwa o lapa kana le eleng gone go nyema mooko go nna o boela mo bathong ba ba sa arabeleng? Ke eng seo se ka dirwang go tshola selekanyo sa rona sa go dira se le kwa godimo?
Go Boloka Boikutlo jo bo Siameng
13, 14. (a) Re tshwanetse go nna le ponoefe ka seemo se se nnang gone sa tshimo e e dirwang kgapetsakgapetsa? (b) Ke ka ntlhayang fa re sa kgobiwe marapo ke bao “ba sa reetseng”? (c) Re ka latela jang sekao sa baaposetoloi mo go lebaganeng le bao ba ganang maeto a rona?
13 Segolobogolo tharabololo e ama boikutlo jwa rona jaaka Basupi ba ga Jehofa. Ntlha ke gore, a ka metlha re lebe letlhakore le le siameng. Go kopanya tshimo kgapetsa ka mo go oketsegileng ka ntlha ya selekanyo se se kwa godimo sa baboledi mo baaging ke seo se neng se tla diragala mo mafelong a mantsi fa tiro ya rona e atamela kwa bokhutlong. Mme a sena ga se seo re ileng ra nna ra se rapelela? (2 Bathesalonia 3:1) Seo re se bonang jaanong se tshwanetse go re ipedisa le go re tlhatswa pelo gore re mo metlheng ya bofelo ya tiro ya go dira barutwa! Bogosi bo a rerwa, jaaka Jesu a ne a bolelelapele. Mme le eleng kwa mafelong ao batho ba se kitlang ba ‘reetsa mafoko a rona gone,’ ba ntse ba tlhagisiwa ka tiro ya rona ya go rera kaga Bogosi. Gakologelwa, kwantle ga go dira barutwa, re bolela mafoko a a molemo “go nna chupō.”—Mathaio 10:14; 24:14.
14 Mo godimo ga moo, go tshwanetswe go lebelelwa gore fa bokhutlo bo ntse bo atamela ba le bantsi ba tla gana molaetsa wa Bogosi. Dipolelelopele di bonala sentle, le maitemogelo a ga Jesu gammogo le a ga Paulo a re tlhomamisetsa gore go tla nna le bao. ba sa reetseng le ba ba pelo di ‘thata.’ Jalo, mo nakong eno re tshwanetse go elatlhoko gore rona ga re ba ba sa reetseng thomo ya rona. Re tshwanetse go ya ‘gangwe le gape,’ le eleng go bao ba sa reetseng. (Isaia 6:9-11; Mathaio 13:14, 15; Diane 10:21) Eleruri, go tlhokega bopelokgale go boaboela mo bathong ba ba sa rateng maeto a rona. Lefa go ntse jalo, go seka ga nna le maemo ape mo tshimong efe fela ao le ka motlha a tla re rayang a re ‘Lesang go bua.’ Go na le moo, fela jaaka baaposetoloi, re tshwanetse go rapelela bopelokgale e le gore re nne re ‘bue’—go sa kgathalesege kganetso kana bogale—go fitlhelela tiro e wediwa.—Ditihō 4:18-20, 24-31.
15. Bagalatia 6:9 e re naya kgothatso efe, mme e tshwanetse go ama pono ya rona ya go etela baagelani ba rona ka mafoko a a molemo jang?
15 Tota-tota, go na le mefuta e le mebedi fela ya batho mo ditshimong tsotlhe tsa rona—bao mo nakong eno ba kgatlhegang le bao ba sa kgatlhegeng. Jalo he, re tshwanetse go nna re ntse re tshwere tiro ya ‘go senka ba ba tshwanelang.’ Go dira sena go gareng ga ditiro tse dingwe tse di molemo tseo re tshwanetseng go di dira jaaka Bakeresete e le go bontsha lorato lwa rona mo go Jehofa le boikanyegi jwa rona go ene. Jalo he, “a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.” (Bagalatia 6:9) Ereka jaanong re setse re le gaufi jaana le bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, ga se nako ya go lesa kana go lapa mo go nneng re etela baagelani ba rona ka mafoko a a molemo a Bogosi. Jehofa ga a ise a re tiro e weditswe.
Lebaka la go ho re Tshwanetse go ‘Nna re Bua’
16. (a) Ke maemo afe ao a ka fetolang go arabela ga batho mo tshimong? (b) Ke dikai dife tsa phetogo mo go arabeleng mo lefelong la lona tseo o ka di nayang?
16 Gape re tla thusiwa go boloka boikutlo jo bo siameng fa re ka gakologelwa gore go ikanyega go Jehofa go bontshiwa ka go tlhoafala mo ditirong tsa go rera kaga Bogosi. Mo godimo ga moo, tshimo e nna e ntse e fetoga ka ditsela tse di farologaneng. Batho ba a fuduga, kana maemo a bone a ka fetoga. Ba ka nna ba bo ba ne ba sa kgatlhege mo nakong e e fetileng fa re ne re ba etetse, mme go latlhegelwa ke tiro, loso lwa mongwe yo ba mo ratang, phetogo e kgolo mo kgogakgoganong ya mebuso e megolo, bolwetse jo bo masisi—dilo tseno le diphetogo tse dingwe di ka nna tsa ba dira gore mo nakong e e latelang fa re ba etela ba arabele. Ba bangwe, fa ba sena go utlwa fa tsala kana mongwe yo ba mo ratang a fetogile mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, jaanong ba ka batla go bua le rona go itse gore ke eng seo re se dumelang seo se ka bong se dirile phetogo eno.
17. Ba bangwe jaanong ba arabela jang molaetsa wa Bogosi? Naya dikai dipe fela tsa lefelo la lona.
17 Gakologelwa, gape, gore bao ba ntseng ba gola mo dingwageng tsa bosheng jaana jaanong ba na le malapa, ba tsaya botshelo ka bomasisi, ba bile ba botsa dipotso tseo Lefoko la Modimo e leng lone fela le ka di arabang. Ka sekai, mmè mongwe yo mosha o ne a laleletsa Basupi bangwe ba babedi mo ntlong ya gagwe mme a re: ‘Fa ke ne ke le mosetsanyana, ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa mmè a ne a tlhola a koba Basupi a ba a ba bolelela gore ga a kgatlhege, fa fela seo le neng le se batla e le go buisana le ene ka Bibela. Ke ne ka fetsa mogopolo ka nako eo gore fa ke gola, mme ke nyalwa, ebile ke na le ntlo ya me, ke tla laletsa Basupi ba ga Jehofa gore ba tle go ntlhalosetsa Bibela.’
18. Phetogo mo seemong sa bodumedi e ama jang tshimo eo re rerang le go ruta mo go yone?
18 A o lemogile gore bangwe ba batho bao mo dingwageng tse dintsi ba neng ba ka seka ba bua le rona mme ebile ba ne ba akanya gore ba “bolokilwe” jaanong ba botsa dipotso ka tlhoafalo? Ke ka ntlhayang? Go nnile le phetogo mo go akanyeng ga bone ka bodumedi. Ba bolela gore ba ile ba bulega matlho ba bo ba gakgamadiwa fela thata ke go senolwa ga boitsholo jo bo sa siamang, go tsenelela mo dipolotiking, le go senngwa ga madi a kereke ke baefangele ba thelebishene ba ba kwa godimo bao ba neng ba ba ikanya pele. Ka mo go lebegang ka teng, go tla nna go nna le tse dintsi tse di tshwanang le tseno jaaka maemo mo teng ga Babelona o Mogolo a ntse a senyega go fitlha ka nako ya go senngwa ga gagwe.—Tshenolō 18:1-8.
19, 20. Ke eng seo se bontshang lebaka la go bo re sa tshwanela go ikutlwa re kgobega marapo mabapi le go boaboelela kwa bathong bao ba sa batleñ molaetsa?
19 Lefa go le jalo, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa batho ba le bantsi ba sa arabele. Fa re sena go kgaogana nabo, ba ka nna ba sala ba ntse ba re akantse mo megopolong ya bone. Kwa Canada mong wa ntlo mongwe yo o neng a etelwa ke Basupi ba le babedi o ne a ba phepafaletsa gore ga a kgatlhege. Moragonyana, o ne a simolola go akanya ka seo ba neng ba se bua mme a batla go ba bona e le gore ba tle ba arabe dipotso tse a neng a nna natso. O ne a tsena mo kareng ya gagwe mme a tsamaya go ya go ba batla gongwe le gongwe mo mebileng e e gaufi mme a seka a ba bona. A o ne a itlhoboga? Nnyaa, o ne a tsena fa ntlong ya tsala ya gagwe a botsa gore a ga ba ise ba tsene foo. Ba ne ba ise ba tsene, mme tsala ya gagwe e ne ya re go na le Mosupi mongwe kwa a berekang teng le gore e tla golaganya motho yoo yo o kgatlhegang le Mosupi yoo. Go ne ga felela ka maeto a go boela a mantsintsi kwa legaeng la motho yono yo o kgatlhegang, koo a neng a laletsa ditsala tsa gagwe, baagelani, balosika, le badiri-ka-ene. Ka dinako dingwe go ne go nna le batho ba le 15, mme go ne ga tsamaisiwa dibuka di le 430, le di-Bibela gammogo le dimakasine di le 2 015.
20 Ba le bantsi ba anaanela maeto a rona. Mo lokwalong longwe 10 10 neng 10 kwaletswe kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower, mosadi mongwe o ne are: “Ke lo lebogela go bo lo tlhotlheleditse mo dipelong tsa bao e leng ba tumelo ya lona boineelo jo bogolo. Ke a leboga fa le ile la tla kwa go nna . . . le go abalana le ba bangwe lorato lwa Morena. Tiro e nnye eo fela e thusa ba bangwe fela thata. . . . Lefa ba bangwe ba ka nna bogale, ba bangwe ba itlhokomolosa, ba bangwe ba arabela, . . . eleruri go thusa thata go bona mongwe a tla go go gopotsa ka dilo tsa semoya. Ke fitlhela sena se le molemo, go buisana kaga Morena le ba bangwe.” Mo lokwalong lo longwe, mong wa ntlo o ne a re kopa gore Ore seka ra les a go bua le batho,’ go sa kgathalesege ka moo ba re tshwarang ka gone. “Me a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ona, ha re sa ñodiege.” (Bagalatia 6:9) Jehofa o amogela le go segofatsa tiro eno, fa re nna le seabe mo go yone ebile go supa lorato lwa rona mo go ene le baagelani ba rona. (Mathaio 22:37-39) Jalo a re nneng re dire tiro eno go fitlhela e wediwa.—Bapisa Bafilipi 1:6.
21. (a) Ke kae, ka mo go bonalang ka teng, kgwetlho ya go boaboela gangwe le gape kwa tshimong e e berekiwang kgapetsa e leng gone? (b) Ke eng seo re tla tlotlang ka sone mo setlhogong se se latelang?
21 Re tshwanetse go dumela gore e ka nna ya bo e se batho bao ka metlha ba tla dirang gore go lebege ekete go bokete go dira tshimo kgapetsa kgapetsa. Ka dinako tse dingwe ke rona ka borona. A re simolola ka dikakanyo tse eseng tsone, re ikutlwa gore re itse batho botlhe le gore re itse gore ba tla arabela jang? Seo se ka ama boikutlo jwa rona mme gongwe le lentswe la rona le boemo jwa rona jwa sefatlhego. A re santse re dirisa mekgwa le mafoko a a tshwanang le ao re neng re ntse re a dirisa go kgabaganya dingwaga? Jaanong ka jaana tshimo e ntse e fetoga, seo se neng se atlega mo nakong e e fetileng se ka nna sa seka sa fitlhelela ba ba “chwanetseñ.” Gongwe re tlhoka go fetola tsela ya rona ya go bua le go lebelela tiro ka tsela e ntsha. Gape, are boneng gore re ka dira seo jang e le gore re se ‘lape mme e le gore re tle re robe mo motlheng wa gone.’
A O ka Tlhalosa?
◻ Ke ka ntlhayang ta re sa tshwanela go ‘lapa’ mo go iseng matoko a a molemo go baagelani ba rona?
◻ Ke mang yo o re rutileng go dira barutwa ka tsela eo re dirang ka yone, mme dikarolo tsa konokono tsa mokgwa one ke dite?
◻ Ke seemo sete se se nnileng gone mo ditshimong tse dintsi, mme ke eng seo se ka re thusang go nna re bolokile maikutlo a a siameng mabapi le seemo seo?
◻ Ke ka ntlhayang ta re tshwanetse go ‘nna re ntse re bua’ matoko a a molemo ‘re sa lape’?
[Lebokoso mo go tsebe 14]
RE KA SEKA RA ‘LAPA’ MO GO RERENG MAFOKO A A MOLE MO FA RE KA GAKOLOGELWA:
◻ Gore ke mang yo o re fileng thomo le taolo ya gore tiro eno e dirwa jang
◻ Gore Jehota o segotaditse seo se setseng se dirilwe mo letatsheng lotlhe
◻ Go boloka boikutlo jo bo siameng go sa kgathalesege bao ba sa ‘reetseng’
◻ Go rapelela le ‘go nna re bua’ tela jaaka baaposetoloi ba dirile