LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 7/15 ts. 15-20
  • O Bone go Ruta ga Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bone go Ruta ga Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Moo o Ka Dirang Tshimo e “Ntšha” ka Gone
  • Dira Bosupi ka Botlalo
  • Bao Ba Ngongoregang
  • Go Thulana le Kgwetlho ya Kganetso
  • Go Dira Go Fitlha e Wediwa
  • O se Lape go Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Nna le Matswela mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Mo Tshimong eo e Berekiwang Kgapetsakgapetsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 7/15 ts. 15-20

O Bone go Ruta ga Gago

“U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”—1 TIMOTHEO 4:16.

1. Ke ka ntlhayang fa eno e se nako ya gore re ka repisa mo tirong ya go rera ka Bogosi?

JEHOFA jaanong o akofisa tiro go phuthiwa ga baseka-dinku. Eleruri, he, eno ga se nako ya gore batho ba gagwe ba iketle mo tirong ya bone ya go rera kaga Bogosi le go dira barutwa. (Isaia 60:8, 22; Mathaio 24:14; 28:19, 20) Re tshwanetse go dira tumalanong le moya wa seo Modimo o se dirang mo motlheng wa rona. Jaaka bofelo bo ntse bo atamela, re tla nna re ntse re boaboelela kwa baagelaning ba rona nako le nako. Eleruri, go oketsa tiro ya go supa ga baboledi le babulatsela mo tirong ya go rera jaanong go tshikhinya tshimo ya lefatshe. Mme lebelo la go kgobokanya mono mo go ipedisang le santse le tla gola.—Isaia 60:11; bapisa Pesalema 126:5, 6.

2. (a) Go ya ka Isaia 40:28-31, ke motswedi ofe wa thata oo re ka bonang nonofo eo re e tlhokang go wetsa tiro ya rona ya go rera ka Bogosi go tswa go one? (b) Ke lebaka lefe le le molemo la go tlhokomela boleng jwa bodihedi jwa rona thata mo nakong eno?

2 Go na le gore re ka ineela mo go ikutlweng gore re ‘lapile’ ka gonne tshimo nngwe e kopanngwa kgapetsa kgapetsa, re tshwanetse ra lemoga gore eno ke nako ya gore re rapele Jehofa gore a re neye “thata” eo re e tlhokang go wetsa tiro. (Isaia 40:28-31; 1 Yohane 5:14) Eleruri, dimilione tsa “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo setse bo phuthilwe. Mme seo pele se neng se atlega mo go thuseng batho bangwe se ka nna sa bo se sa tlhole se le mosola mo go thuseng ba bangwe ba ba santseng ba le gone mo tshimong ya rona. (Tshenolō 7:9, 10; Yohane 10:16) Ka gone, boleng jwa bodihedi jwa rona bo tlhoka tlhokomelo e e oketsegileng.

3. Re ka tsenya jang tlhagafalo e ntšha mo tirelong ya rona ya tshimo?

3 Ka boikaelelo jo bo shahaditsweng, re ka tlhoma mogopolo mo go tokafatseng bokgoni jwa rona mo bodiheding. Seno se ka dira gore re dire tirelo ya rona ya tshimo ka botlhaga jo bosha. Mme sena se ka dirwa jang? Ka go ‘ikelatlhoko le go elatlhoko go rota ga rona ka metlha,’ eseng fela go dira tirelo ya rona jaaka seomodiro fela. (1 Timotheo 4:16) Melomo ya rona e tshwanetse go isa go feta “chupèlō ea pakō” ya tlwaelo fela. (Bahebera 13:15) Re tshwanetse go nna ditswerere mo tirong ya rona. (Diane 22:29) He, seo se tlhokafalang ke go bereka tshimo ya rona ka botswerere. Fano re na le dikarolo tsa bodihedi jwa rona tseo re tshwanetseng go di ‘elatlhoko ka metlha.’

Ka Moo o Ka Dirang Tshimo e “Ntšha” ka Gone

4. Ke ka tsela efe re ka dirang tshimo e “ntšha” mo kabelong ya phuthego ya rona?

4 A re lebeng seemo ka tsela e e mosola. Mo mafelong a mantsi, ga go na tshimo e ntsha kana e e berekiwang ka sewelo. Jalo ke ka ntlhayang fa o sa simolole tshimo e “ntšha” mo go e e abetsweng phuthego ya lona? Jang? Ebu, fa re ntse re boaboela ka metlha, re ka seka ra itshwara jaaka ekete ga re ise re ko re etele ntlo eo ka go bua sone seo ka tlwaelo re ntseng re se bua mo matlong. Ka mo go tshwanang, mong wa ntlo o tla re lemoga fa re ile ra nna ra kopanya tshimo eo gangwe le gape. Buka Go Fetolana ka Dikwalo e re fa diketapele tse di fetang 40 tseo re ka di dirisang mo bodiheding jwa rona. Re tshwanetse go di baakanyetsa sentle jaaka sengwe se sesha le seo se gogelang ka go di tshwaraganya le ditiragalo tsa lefelo la rona tsa bosheng tse di tsosang kgatlhego. Go na le gore re ikutlwe re le molato ka ntlha ya go boaboela kgapetsa, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng le go dira tshimo ya rona “ntsha” ka diketapele tsa maemo a a kwa godimo. Mme a sena se ka thusa fa beng ba matlo ba se botsalano?

5. (a) Re ka dira jang gore boikutlo jo bo neng bo se botsalano jwa nako e e fetileng bo re tswele mosola? (b) Ke eng seo o boneng se nna le matswela mo lefelong la lona? (c) Ke ka ntlhayang fa go reetsa le go akgola go thusa?

5 Go itse boikutlo jwa mong wa ntlo jwa nako e e fetileng go ka dira gore o nne le maikutlo a eseng one mabapi le go boa gape. Me ke ka ntlhayang o sa dire gore kitso eo e go tswele mosola? Jang? Ka go e umaka pele o bo o agelela mo go seo se neng se builwe mo ketelong e e fetileng. O ka nna wa re: “Dumela, Rre Modise!” Fa go lebega go tshwanela, o ka nna wa oketsa ka go re: “O setse o ntse o tsoga jang?” Go tswa foo o ka nna wa re: “Fa ke ne ke le fano mo bekeng e e fetileng, o ne wa mpolelela gore kereke ya gago e tlhokomela ditlhokafalo tsotlhe tsa gago tsa semoya le gore o leloko le le tlhoafetseng. Jaaka moagelani yoo le nna ke tsayang bodumedi ka bomasisi, a nka botsa gore kereke ya gago ya re tsholofelo ya go falola motlha ono wa nuklea ke efe?” Go tswa foo, mo letle go araba. Akgola mong wa ntlo fa o ka kgonang teng. Go mo reetsa le go mo akgola go ka fetola boikutlo jwa gagwe. Gantsi, batho ba dumela gore ba etelwe gape fa bone ka bobone ba kgona go nna ba akgela sengwe. Legale, o tla batla go dumalanya molaetsa wa gago le seo mong wa ntlo a se buang.

6. (a) Ke jang re ka rotang beng ba rona ba matlo go re lebelela gore re tla ba etela ka metlha? (b) Ke mafoko afe a konokono ao a ka re thusang go atlega? (c) Ke eng seo se nnang le matswela thata mo tshimong ya lefelo la lona?

6 Ka seo o se buang, o ka rota beng ba matlo go re lebelela go ba etela gangwe le gape. Leka go re: “Dumela, Mme Pule! o tsogile jang gompieno? Mo ketelong eno go baagelani ba rona, re bua le batho ka . . . ” Kana o ka nna wa re: ” Dumela! Re dira maeto a rona a a tlwaelesegileng a beke le beke. Re itumelela go bo re boile gape. Baagelani ba gago ba ipeletse setlhogo se sesha seo re tlotlang ka sone mo ketelong eno.” Go tswa foo, o ka tswelela. Seno le sone se dira tshimo “ntšha” mo go wena. Tsela e go bewang mafoko ka yone e ka nna ya farologana mo nageng ya lona, mme sena se re naya lesedi fela la ka moo go ka dirwang ka gone. Ke eng o sa go dirise, go go tswela mosola?

7. (a) Fa ba tsamaya, Basupi ba bangwe ba baakanyetsa mong wa nUo ketelo e nngwe jang? (b) Mabapi le seno, ke eng se se nnang le matswela mo lefelong la lona?

7 Go baakanyetsa mong wa ntlo loeto lo lo latelang, Basupi ba bangwe ba bona katlego ka go digela jaana: “Re lebeletse pele go go etela gape mo nakong e khutshwane.” Go bao ba neng ba sa batle go bua le wena pele, o ka nna wa re: “Ke ipeletse puisano ya rona. O akgetse ka dintlha tse di molemo tota. Seno se tsere metsotswana fela, mme go botoka ka ga re a tlotla ka dikgang tse di bosula, tseo re ka nnang ra di utlwa ka nako nngwe le nngwe. Eleruri go ne go le molemo.” Kwantle ga pelaelo, o tla dira ditsela tse dingwe tseo di tshwanetseng tsa go bua le beng ba matlo. Lefa go le jalo, ka mafoko a a siameng, diketapele tsa maemo a a kwa godimo, le botsalano, leka go thusa batho gore ba seka ba ila maeto a rona a ka metlha.

Dira Bosupi ka Botlalo

8, 9. Ke dikakantsho dife tseo di filweng mabapi le go senka ba ba tshwanelegang ka botlalo?

8 Selo se sengwe gape seo re ka se elang tlhoko seo se tla re bolokang re le tlhaga thata ke go senka ka ootlalo bao ba tshwanelegang. (Ditihō 8:25; 20:24) Ka sekai, ka mafelo-beke kana mo maitsiboeng mokaulengwe o ka nna a kopa go bona rre wa ntlo fa mmè kana ngwana a tla fa kgorong. Go ka diragala gore, re ile ra bua le bommè ka dinako tse dintsi. Jalo re ka simolola sesha mo ntlong eo ka go bua le tlhogo ya lelapa. He re ka dumalanya molaetsa le ene, re bua ka dilo tse di jaaka, “Ke eng se o akanyang se ka tlisetsa lelapa la gago isagwe e e itumetseng?” kana, “Tlhokomela ka moo Bibela e rotloetsang kutlwano ya lelapa ka gone.” Mo akgolele dikakanyo tse di molemo tseo a ka di tlhagisang.

9 Tsela e nngwe ya go bona tshimo e “ntsha” ke ka go batla maloko a mangwe a lelapa a a nnang mmogo mo ntlong eo—mmemogolo, setlogolo kana ntsala yo o tsenang sekolo, ngwetsi e e berekang mo gare ga beke. Gape go ile ga thusa go tlhokomela gore go na le dimetara tse kae tsa motlakase kana mabokose a poso mo ntlong eo. Tseno le tsone di ka kgona go bontsha foo batho ba tlhabolotseng mabeelo a dikara kafa tlase, ntlwana e e kwa godimo, kana ba agile matlwana a a hirisiwang. Leka go bona bahiri bano—barutwana, badiri ba ba sa nyalang, batlholagadi, le ba bangwe. Seno le sone se thusa go atolosa tshimo e e leng teng.

10. Ke tsela efe e nngwe gape ya go atolosa tshimo ya rona ya ntlo le ntlo, mme ke eng se ba bangwe ba se dirileng go fitlhelela ba ba dirang bosigo?

10 Tsela e nngwe gape ya go atolosa tshimo ya rona ya ntlo le ntlo ke go e lesa ka dinako tse dingwe fa re tsaya karolo mo dibopegong tse dingwe tsa bodihedi jwa rona. Go kabakanya, re ka nna ra dira tshimo ya rona re neelana fela ka thuto ya Bibela ya legae ya mahala. Batho ba bangwe bao ba seong mo gae fa re ba etela ba ka nna ba bonwa kwa mafelong a bone a kgwebo kana a tiro. Mme go supa kwa mafelong a kgwebo go ka nna le matswela. Bangwe ba batho bano ba ka nna ba fitlhelelwa fa re dira bosupi jwa mmila ka dioura tse di tshwanelang, tseo go berekiwang ka tsone. Kwa Canada babulatsela ba ne ba bona matswela a a molemo fa ba ne ba dira maeto bosigo go badiri kwa diteisheneng tsa peterole tse di dirang bosigo jotlhe, kwa mabenkeleng, kwa dihoteleng koo badiri ba gone ba sa tshwaregang thata ka dinako tseo mme gantsi ba ipelela go bona seo ba ka se balang. Legale, bokgaitsadi segolo bogolo ba tla tshwanela go tila mafelo mangwe mo dioureng tsa bosigo.

11. (a) Ke eng seo Basupi ba bangwe ba se dirang koo ba bantsi ba seyong mo gae mo loetong lwa ntlha? (b) Ke mosola ofe le matswela tseo go dira ka thata mo go boeleng koo go neng go sena ope di ka nnang gone mo tshimong, ka diphelelo dife mo bodiheding jwa rona?

11 Go tweng he ka bao ba seng kwa magaeng fa re etile? Fano gape, re tshwanetse go dira ka botlalo. Basupi ba bangwe morago fela ga go dira ka ntlo le ntlo ba dirisa direkoto tsa bone tsa ntlo le ntlo mme ba boele koo batho ba neng ba se mo gae pelenyana mo letsatsing leo. Gantsi, beng ba matlo ba a bo ba boetse gae, kana bao ba dirang bosigo ba a bo ba tsogile ka nako eo. Mo mafelong a mantsi, batho ba ba ka nnang 50 lekgolong kana go feta ba a bo ba seyo mo gae motshegare. Jalo, tota, re ka, menaganya tshimo ya rona sebedi ka go etela koo batho ba neng ba seyo mo gae gone ka dioura tse di farologaneng go :6.tlhelela re bo re. :6.tlhela motho koo. Babulatsela le baboledi bao ba nang le boitemogelo ba dumela gore go dira ka tlhoafalo koo re neng re sa fitlhela batho teng gantsi go ntsha matswela a a botoka go gaisa fa re ne re dira tshimo eo lantlha. Fa re ela karolo eno ya bodihedi tlhoko, go ka diragala thata gore re robe masego a le mantsi.—Diane 10:22.

Bao Ba Ngongoregang

12. Re ka itshwara jang fa batho bangwe ba ngongoregela gore re ba etela kgapetsa thata? Ka ntlhayang?

12 Go ka tweng ka batho bao ba ngongoregelang gore re eta kgapetsa kgapetsa thata? Godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go bontsha gore re a akanyetsa. (Mathaio 7:12) Mo go bone, go lebega ekete re boile ka pele thata. Mme go molemo go gakologelwa gore le eleng mo dingwageng tse di fetileng batho ba ne ba ntse ba re, ‘Lo ne lo le fano mo bekeng e e fetileng,’ fa rona re ne re itse sentle fela gore go ne go fetile fela dikgwedi di le thataro kana go feta fa e sale re tla foo. Kwantle ga moo, go boaboela kgapetsa go ka tsosa kgatlhego. K wa Guadeloupe monna o ne a sianela Mosupi mongwe go mo raya are: “E setse e le dibeke di le dintsi jaanong ke ntse ke go etsetlhoko. Gantsi, ga ke reetse Basupi, mme ke tshwanetse go itse jaanong gore ke ka ntlhayang fa lo etela batho kgapetsa kgapetsa jaana!” Seno se ne sa felela ka thuto ya legae ya Bibela.

13, 14. Badumedi-ka-rona ba dirisana jang le beng ba matlo ba ba ngongoregang?

13 Bakauiengwe ba bangwe ka bonolo ba ne ba bolelela bangongoregi letlha labofelo leo ba neng ba etile ka lone le go ba fa dimakasine tsa bosheng, go ba phepafaletsa sentle gore ditlhogo tse di mo dimakasineng tseno ga di tshwane le tsa fa re ne re ba etetse pele. Go buisana le beng ba matlo ba ba jalo, re ka nna ra ba bolelela gore ka gongwe ba ile ba ikamogelela dikoranta le dimakasine tse dintsi fa esale re ba etela, mme tseno ga se ka metlha di neng di na le mafoko a a molemo. Re ka nna ra tlhalosa gore seo re se tlisang ke mafoko a a molemo le gore maeto a rona ga se a maleele. Mme fa mong wa ntlo a tshwaregile thata, re ka nna ra re: “Fa eno e se nako e e siameng thata ya go bua le wena, nka nna ka go bona fa re tla gape mo e ka nnang morago ga beke.”

14 Ke eng gape se se ka buiwang? Seno se ikaegile ka boikutlo jwa mong wa ntlo le kamogelo e e tlwaelesegileng ya koo re nnang gone. Kgaitsadi mongwe kwa Japane o tlhalosa maeto a rona a ka metlha ka tsela eno: ‘Dikgang tsa thelebishene di bega tsela eo kgwanyape e tsamayang ka yone gangwe le gape, di ntse di boeletsa boikitsiso joo kgapetsa kgapetsa gore ba ba neng ba sa utlwa kgaso e e fetileng ba utlwe. Seno se dirwa ka ntlha ya gore go kopanyeletsa matshelo. Dipego di nna di ntse di oketsega fa sefefo seo se ntse se atamela. Jalo, jaaka sefefo sa Hara-Magedona se nt se se atamela, molaetsa wa tlhagiso o tshwanetse go bolelwa gantsi ka mo go ka kgonegang ka gone go boloka matshelo.’ Legale, re tla dira polelo e e ntseng jalo ka bopelonomi le ka tlhoafalo, re solofela go fitlhelela pelo ya moreetsi.

Go Thulana le Kgwetlho ya Kganetso

15. (a) Ke kgwetlho efe eo e ka nnang gone fa re boeletsa tshimo gangwe le gape? (b) Ke ka ntlhayang fa batho bangwe ba itlhokomolosa?

15 Jaaka palo ya maeto a rona e ntse e oketsega, kgwetlho e re kopanang le yone gantsi ke kganetso. Mme fa re tlhatlhoba dingwe tsa dilo tseo di bakang kganetso go ka re tlhotlheletsa go lemoga gore go santse go kgonega gore re ka fitlhelela dipelo tsa bangwe ba batho bano. Kganetso ya bone e ka bontsha go tlalelwa le go tlhoka tsholofelo ga bone. Ba ka nna ba ikutlwa gore ga go na kgoro ya botso mo maemong a lefatshe a gompieno, ba baya mabaka a gore ba tla tshela matshelo a bone fela ka tsela e e molemo e ba ka e kgonang. Ba bangwe ba befetswe ka ntlha ya fa baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ikopanya le dipolotiki, ba na le molato wa boitsholo jo bo sa siamang, kana ba sa kgone go tsaya kgato e e gagametseng kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Jalo beng bano ba matlo ba swabile mme ga ba amege ka gope ka isagwe.

16. O ka fitlhelela jang pelo ya motho yo o itlhokomolosang?

16 Re a itse gore badihedi ba Bakeresete ba pele ba ne ba atlega mo go dirisaneng le seemo se se tshwanang, gonne batho bangwe ka nako eo ba ne ba re: “A re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.” (1 Bakorintha 15:32) Ka jalo, re itse gore re na le seo batho ba go nna jalo ba tlhokang go se utlwa. Gape, re ka fitlhelela jang dipelo tsa bone? Tsela e nngwe ke ka go beela dibuka tsa rona tsa Bibela kwa thoko ka nakonyana, re dira gore ba re bone re dira jalo. Go tswa foo re ka nna ra botsa dipotso tse di akanyeditsweng sentle jaaka tseno: “A o akanya gore go na le tharabololo nngwe ya mathata a gompieno? A ke ka ntlha ya gore batho ka bontsi ga ba ise ba bone tharabololo? A o akanya gore re tshwanetse go solofela mme re nne re ntse re batla?” Mo go ba bangwe, re ka nna ra re: “Eleruri o dumela gore go botoka go tshela o na le tsholofelo go na le go tshela kwantle ga go nna o sa lebelela pele sepe se se botoka. Ke eng seo o solofelang go se bona?” Re ka nna ra botsa: “Ke eng seo wena ka bowena o bonang e le sekgoreletsi se segolo sa kutlwano le kagiso ya lefatshe?” Gape, bangwe re ka ba botsa jaana: “A o akanya gore madumedi otlhe a jaaka o a tlhalositse?” Ka makgetlo a le mantsi dipotso tseno di tla dira gore beng ba matlo ba ntshe dipono tsa bone. Go tswa foo, fa ba arabela, dira gore o reetse. Ee, dira gore ba tshololele dipelo tsa bone mo go wena. Bontsi jwa bone ke ba ba ‘fegelwang le go shonelelwa dilo tse di makgapha tse di dirwang.’—Esekiele 9:4.

17. Re ka dirisa jang dikgatiso tsa rona go fitlhelela bao le eleng ka lekgetlo la ntlha fela ba reng ga ba kgatlhege?

17 Mokgwa o mongwe wa go dirisana le kganetso ke go reetsa lebaka kana se mong wa ntlo a se ganetsang mme o bo o boela o tshotse makasine kana nngwe fela ya dikgatiso tsa Watch Tower e e buang ka kgang eo. Lantlha, e ka nna ya bo e le kgang e e seng ya bodumedi, e e jaaka setlhogo sa go swa ka tshoganetso ga masea kana go swa ga dikgwa tsa rona. Tlhalosa gore o ne o akanya ka seo se kgatlhileng mong wa ntlo mme wa gakologelwa setlhogo seno. Go tswa foo o bo o supela go dintlha tse dikgolo mo boikitsisong jono. Mosadi mongwe yo o neng a sa tswa go gana dikgatiso tsa rona o ne tsaya makasine metsotswana fela morago ga foo. Ka ntlhayang? Ka gonne Mosupi o ne a botsa mosadi yoo fa a ne a itse fa go senngwa ga dimpa go ka tshwara dimilione di le 55 ngwaga le ngwaga. A gakgamaditswe” ke go utlwa seno, o ne a kopa makasine o o nang le boikitsiso joo.

Go Dira Go Fitlha e Wediwa

18, 19. (a) Re tshwanetse go ‘tlhokomela’ dintlha dife tse di oketsegileng fa re dira bodihedi jwa rona? (b) Ke dikakanyo dife tse di phoso tseo ba bangwe ba nang le tsone mabapi le seo re se dumelang, mme re ka ba araba jang?

18 Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go nna pelotelele le batho. Bua ka bonya le ka boikutlo jo bo bothito. Bontsha lorato le bopelonomi. (Bagalatia 5:22, 23) Pele ga o fetela kwa ntlong e e latelang, akanya ka seo se diragetseng mo go e o tswang kwa go yone e le go bona gore o ka tokafatsa fa kae. Nna yo o akanyetsang, gonne batho ba le bantsi ba na le dikakanyo tse di phoso ka Basupi ba ga Jehofa. Ba ka nna ba re: ‘Ga lo tsene mo dipolotiking lefa e le mo ditirong tsa setšhaba,’ ‘Lo gana go tsenelela bosole,’ kana, ‘Lo thuba malapa.’ Mme boikutlo jono bo tshwana fela le joo lefatshe le neng le na le jone ka badumedikarona ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Bontsha beng ba matlo seno, o ka nna wa dirisa ditsopolo go tswa mo bukeng Go Fetolana tlase ga setlhogo “Boitlhaodi.”

19 Malebana le Bakeresete ba pele, raditiragala Will Durant o kwadile jaana: “Go Mokeresete bodumedi jwa gagwe e ne e le sengwe se se farologaneng le se se kwa godimo ga mokgatlho wa sepolotiki; o ne a boifa Keresete bogolo go Kaisare. . . . Go ikgaoganya ga Mokeresete le merero ya selefatshe go ne go lebega mo baheitaneng jaaka go tshaba go dira ditiro tsa semorafe, go koafatsa dikgolagano tsa set shaba le thato ya sone. Tertulliañ o ne a gakolola Bakeresete go gana go tsenelela bosole; . . . Baeteledipele ba Bakeresete ba ne ba ba gakolola go ikgaoganya le bao eseng Bakeresete, go leba metshameko ya bone jaaka e e senang tlhaloganyo, le mabala a bone a metshameko jaaka koo go direlwang makgapha otlhe gone. . . . Bokeresete [fa bo sokolola batho] bo ne bo bewa molato wa go thuba malapa.”—Caesar and Christ, tsebe 647.

20, 21. (a) Ke eng seo re batlang go se tlhomamisa fa batho ba sa arabele? (b) Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go ‘lapa’ mme re tswelele ka tiro ya rona e e molemo ya go rera ka Bogosi?

20 Batho ba bangwe ga ba kitla ba reetsa, go sa kgathalesege seo re se buang. Mme seo e tshwanetse ya nna ka ntlha ya go gana ga bone molaetsa wa Bogosi, eseng ka ntlha ya go palelwa ga rona go dira diketapele tsa maemo a a kwa godimo mo bodiheding jwa rona. (Luke 10:8-11; Ditihō 17:32; Esekiele 3:17-19) Re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona ka thuso ya Modimo, mme Jehofa o tla tsamaisa tiro go fitlhela e wediwa.—Bapisa Bafilipi 1:6.

21 He, ka tsholofelo e e tletseng, tswelelang lo “nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.” (1 Bakorintha 15:58) “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) Mo godimo ga tsotlhe, “a re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”—Bagalatia 6:9.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ditsela dite re ka bolokang boikutlo jo bo siameng mo tshimong e e dirwang kgapetsa kgapetsa?

◻ Re ka senka bao ba tshwanelang ka botlalo jang?

◻ Re ka leka go dirisana jang le bao ba ngongoregelang gore re ba etela kgapetsa thata?

◻ Ke ka ditsela dite re ka thulanang le kgwetlho ya kganetso?

◻ Ke eng seo se ka tokatatsang boleng jwa bodihedi jwa rona?

[Lebokoso mo go tsebe 20]

JAAKA FA GO KOPANNGWA GA TSHIMO GO OKETSEGA,

‘Tlhokomeka ka metkha’ go:

◻ Atamela le go bua ka tsela e e siameng

◻ Senka ka botlalo ba ba tshwanelang

◻ Dirisana ka bopelotelele le ba ba ngongoregang

◻ Fenya dikgwetlho tsa boitlhokomoloso le go sa tlhaloganyeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela