‘Go Adimana’ Bana—A Go Dira Jalo ke Tsela e e Botlhale?
“JAAKA fa o itse Daniel, ke na le bana ba le bantsi,” ga bolela jalo ntsalae Daniel. “Jalo ke bone fa go le molemo gore bangwe ba bone ke ba abele ba-losika.” Fa a sena go supa mosetsanyana yo a tlileng le ene, ntsalae o ne a re: “Yo ke wa gago.”
“Ke a leboga,” Daniel a bolela. Lefa go le jalo, kafa pelong, o ne a sa itumele. O ne a setse a na le bana ba ba lekaneng ba gagwe mme jalo a sa batle bape fela ba bangwe. Mme go ya kafa mokgweng wa lefelo, go gana mpho eo go ne go tla tsewa jaaka phoso e e masisi—seo se ka sekang sa dirwa! Mme jalo Daniel o ne a na le ngwana yo mongwe gape wa mosetsana go mo tlhokomela.
Mo mafatsheng a le mantsi a a tlhabologang, segolo bogolo mo Afrika, ke selo se se tlwaelesegileng gore batsadi ba adime ba-losika bana ba bone kana ditsala tsa bone mme seo se tsaya dikgwedi, dingwaga—mme fa gongwe ba isediwa ruri. Mokgwa oo o ka lebega o sa tlwaelesega mo bathong ba Bophirima, mme tota-tota re ka re seo se tshwana fela le tlwaelo ya go romela bana kwa dikolong tse di nang le matlwana a borobalo kana go ya kwa maitapolosong a lobaka lo loleele a selemo. Lefa go le jalo, ke eng se tota se tlhotlheletsang mokgwa ono wa go adimana bana? A ke tlwaelo e e botlhale?
Lebaka Leo ba Adimanang Bana ba Bone
Lemororo mekgwa ya setso e fetoga, mo Moafrikeng, bana ga se ba batsadi ba le bosi fela. Go na le moo, le ba bangwe gape ba losika e ntse ke ba bone. Bommangwane, bo-malome, bo-rremogolo, le ba bangwe go akanngwa fa botlhe ba na le ditshwanelo le taolo mo baneng. Ke fela jaaka seane sengwe sa Afrika Bophirima se re: “Ngwana o tsholwa ke motho a le mongwe fela, mme o tlhokomelwa ke ba le bantsi.”
Ka jalo, fa mathata a tshoganetso a tlhaga, jaaka fa batsadi ba ngwana ba ka tlhokafala, ba-losika ba ikemiseditse le go iketleeletsa go tsaya ngwana wa lesiela. Lefa go ntse jalo, gantsi lebaka le legolo thata, la go adima ba-losika bana, ke ka ntlha ya madi. Fa lelapa le humanegile mme bana ba le bantsi, batsadi ba ka nna ba ikutlwa ka gore mongwe wa bana kana bangwe ba bone ba ka solegelwa molemo ka go ya go nna le ba-losika ba ba itsholetseng. Ba akanya ka gore wa losika lwa bone o ka kgona go tsenya ngwana sekolo, a mo rekela diaparo, a mo siela melemo, le go mo fa dijo. Jalo ga se tlhaelo ya lorato lwa botsadi mme, go na le moo, ke keletso ya go thusa bana ba bone kafa ba ka kgonang ka gone seo se tlhotlheletsang batsadi bangwe gore ba adimane ka bone.
Lebaka le lengwe ke keletso ya gore bana ba bone thutego e e molemo. Gongwe sekolo se se fa gaufi se kgakala-kgakala le legae la ngwana. Ereka go ka nna thata kana ga ketefalela lelapa lotlhe go fuduga, batsadi ba ka akanya ka gore go ka nna molemo gore ba romele bana ba bone go ya kwa go ba-losika gore ba tle ba nne gaufi le sekolo.
Ba-losika gantsi ba itumelela go amogela bana bano. Gareng ga dilo tse dingwe, se se lejwang ke gore ngwana yo mongwe yo o tla bong a otliwa yono o ntse gape o tla thusa mo go berekeng ditiro tsa mo lapeng. Mme fa gongwe batsadi ba thusa mo ditshenyegelong ka go nna ba nt se ba romela madi kana dijo.
Mabaka a a Tshwanetseng go Akanyediwa
Lemororo go le boammaaruri gore go ka bo go na le melemo mengwe mo thutegong le mo dilong tse di bonalang ka ntlha ya go adimana ngwana, go na le mabaka mangwe a a tshwanetseng go sekasekwa ka kelotlhoko. Ka sekai, ngwana o tla tlwaelana jang le batlhokomedi ba gagwe ba basha, mme ba tla tlwaelana ka tsela efe le ngwana? Fa gongwe dithulaganyo tse di ntseng jalo di a atlega, mme batsadi ba basha ba nna le dikamano tse di nonofileng le tsa lorato le ngwana yo ba mo filweng. Ka sekai, mogolwane mongwe wa Mokeresete mo Sierra Leone o ne a tsaya setlogolo sa gagwe sa lesiela. Fa a bodiwa moragonyana ga dingwaga di le dintsinyana kaga ngwana wa gagwe yo a mo filweng, o ne a araba a re: “Ga ke tseye Desmond jaaka ngwana yo ke mo filweng—ke ngwanake. Ke nama ya me le madi a me.”
Lefa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba lebang bana ba ba ba filweng ka tsela eno. Go tshwantshetsa seno, mo motseng mongwe wa Afrika Bophirima go ne ga nna le mekubukubu. Marumo a ne a ntse a fulegela dintlheng tsotlhe. “Ka bofefo!” Ga tlhaeletsa jalo mosadi mongwe go bana ba gagwe ba babedi: “Arthur, iphitlhe kafa tlase ga bolao! Wena, Sorie, okomela ka fensetere o re bolelele gore go diragalang!” Arthur e ne e le ngwana wa gagwe yo a mo tsetseng, mme Sorie, e ne e le ngwana yo a mo filweng, kana mosirelediwa.
Ke selo se se tlwaelesegileng gore bana ba motho mo lapeng e nne bone ba tshwarwang sentle thata. Ka jalo, melemo ya dilo tse di bonalang e e batlwang thata-thata gantsi ga e nke e nna gone. Ke gantsi basirelediwa ba berekisiwang thata, ba sa fiweng thuto e e siameng, mme ebile e le bone ba bofelo go fiwa diaparo, go fiwa melemo kana kalafi ya meno. Go ne ga bolela jaana morongwa mongwe yo o ileng a fetsa dingwaga tse 23 a dira mo Afrika: “Basirelediwa gantsi ka metlha yotlhe e nna bana ba ba kwa tlase ga ba bangwe.”
Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa ke go re: Gantsi fa ngwana a fuduga mo gae, go nna le mathata a boikutlo. Megopolo ya bana le dipelo e bosisi le go amega bobe. Go tswa fela kwa bonyaneng ba batla boiketlo le polokesego e ba e bonang mo go atamalaneng le batsadi ba bone. Fa bana ba fudusiwa mo gae gore ba ye go nna le batho ba ba sa ba itseng gotlhelele seo se ka nna bokete thata-thata.
Mo Sierra Leone mosadi mongwe yo o bidiwang Comfort o ne a romelwa go ya go nna le mmangwanaagwe fa a ne a na le dingwaga di fera bongwe. O gakologelwa seno: “Dingwaga tse ke di sentseng ke se mo gae di ne di le bokete thata. Ke ne ke aga ke tlhoafalela bagaetsho thata-thata—segolo bogolo bana ba gaetsho ba basimane le ba basetsana. Go ne go ntse jaaka ekete ba ne ba ntsere ko ke neng ke ka bo ke le teng mme ba nkisa kwa ke neng ke sa tshwanela go ya teng. Lemororo mmangwane a ne a ntshwara sentle thata, ke ne ke sa kgone go buisana le ene ka kgololesego fela jaaka ke ne ke ka dira mo go mmè. . . . Go sa kgathalesege gore boemo bo ka nna bokete go le kana kang, ga ke kitla ke romela bongwanake go ya go nna le mongwe o sele.”
Francis, wa kwa Afrika Bophirima yo le ene a neng a golela mo tlhokomelong ya batho ba sele, o ne a bua jaana: “Ke hutsafalela go bo ke ile ka seka ka nna le kamano e e nonofileng le mmè wa mmatota. Ka tsela nngwe, ke akanya gore ka bobedi jwa rona re ile ra latlhegelwa ke sengwe se se mosola thata.”
Ditlhokafalo Tsa Semoya Tse di Botlhokwatlhokwa
Lefa go ntse jalo, lebaka le le a gaisang otlhe ke molemo wa semoya wa ngwana. Mme Modimo ka tsela e e botlhale o laela gore batsadi e nne bone ba tlhokomelang bana ba bone mo semoyeng. Fa a ne a bua le batsadi ba Baiseraele, Modimo o ne a ba gakolola are: “Mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” (Duteronome 6:6, 7) Moaposetoloi Paulo ka tsela e e tshwanang o ne a raya borre ba Bakeresete are: “Lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.
Mme ngwana o ka ‘godisediwa jang mo taong le mo kwatlhaong ya ga Jehofa’ fa aile a romelwa go ya go nna le ba-losika ba ba sa dumeleng? Abo e se selo se se botlhale jang ne, go baya botshelo jwa semoya jwa ngwana mo kotsing ka ntlha ya melemo e e ka bonwang ya dilo tse di bonalang!
Go tweng kaga go romela ngwana go ya go nna le badumedimmogo? Lemororo seno se le botoka go na le go ba adima batho ba ba sa dumelang, seno le sone ga se a siama ka ditsela tse dintsinyana. Ngwana o santse a ka tshwanelwa ke go lebagana le mathata a magolo a leago, boikutlo, le tlhaloganyo. Bana bangwe ba ile ba sulafala pelo kana ba nna diganana le go ikopanya le ba ba bosula. Bangwe ba ile ba felelwa ke kanaanelo yotlhe-yotlhe mo dilong tsa semoya.
Fela jaaka batsadi ba itse sentle, gore ngwana a nne le lorato mo go Jehofa, go tlhokafala botswerere, bopelotelele, le nako e ntsi. Fa tiro e e ntseng jalo e le bokete mo batsading ba ngwana ba ba mo tsetseng ba ba mo itseng boteng jwa gagwe go tswa fela kwa bonyaneng, abo go ka nna boima jang ne gore banyalani bangwe ba tlamele ngwana yo e seng wa bone! Ereka botshelo jo ho sa khutleng jwa ngwana bo amega, batsadi ruri ba tshwanetse go akanyetsa ka masisi le ka thapelo gore a tota go adima batho ngwana wa bone ruri ga go na dikotsi dipe.
Lefa go le jalo, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go itirela phetso ya gore ba tla dirisa jang kgakololo ya 1 Timotheo 5:8: “Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” Fa bone ka namana ba sa kgone go tlamela ngwana ka dilo tse di bonalang, ba tshwanetse go tlhokomela ditlhokafalo tsa semoya tsa ngwana, ba leka bojotlhe kafa tlase ga maemo otlhe gore ba dire jalo.
Mopesalema o ne a kwala jaana: “Bana ke mpho e e tswang kwa Modimong; ke tuelo ya gagwe.” (Pesalema 127:3, The Living Bible) Ka jalo, somarela bana ba gago, mme o ba atamalanye le wena. Ba rate, mme o dire gore ba go rate. Ba thuse gore ba nne banna ba semoya le basadi, ka go bo go dira jalo go tla felela ka gore ba tlhogonolofale ka bosakhutleng. Gongwe o ka kgona go bua o re, jaaka go ile ga bua Johane ka bana ba gagwe ba semoya: “Ga ke na boitumèlō bopè yo bo hetañ yo, yoa go utlwa ha bana ba me ba nntse ba tsamaea mo boamarureñ.”—3 Yohane 4.