LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 12/1 ts. 10-14
  • Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nebukadenesare o Ithuta gore Modimo wa Boammaaruri ke Mang
  • Toro ya Setlhare
  • Beleshasare o Bona Mokwalo mo Loboteng
  • Dario o Ithuta ka Maatla a ga Jehofa a a Gololang
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ela Tlhoko Lefoko la Modimo la Boporofeti la Motlha wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Daniele—Buka E e Mo Tshekong
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 12/1 ts. 10-14

Fa Jehofa a Ne a Ruta Dikgosi Dithuto

“Ditihō cotlhe tsa eōna di boamarure, le ditsela tsa eōna di tekatekanyō: me ba ba sepelañ mo pelahaloñ o nonohile go ba isa tlhatse.”—DANIELE 4:37.

1. Elihu o re tlhokomedisa nonofo efe ya ga Jehofa?

“BŌNA, Modimo o diha ka bogodi mo thateñ ea ōna. Emañ eo e leñ moruti yaka ōna?” Mafoko ao a ga Elihu a a neng a lebisitswe kwa go Jobe yo o neng a boga a gogela tlhokomelo ya rona mo go nngwe ya dinonofo tsa mofuta wa tsone fela tsa Mmopi, Jehofa Modimo. Ga go ope yo o ka bapisiwang le ene fa go tla mo go kaeleng, kana mo go ruteng ba bangwe.—Yobe 36:22.

2, 3. (a) Ke thuto efe eo Jehofa a neng a bona go le botlhokwa go e ruta batho? (b) Ke kgosi efe ya metlha ya ga Moshe eo Jehofa a neng a tshwanelwa ke go e ruta thuto eno, mme ka mokgwa ofe? (c) Ke ga kae mo Lefokong la gagwe Modimo a tlhalosang kaga boikaelelo jwa gagwe jwa go ruta batho thuto eno?

2 Gareng ga dilo tseo Modimo a neng a tlhoka go di ruta batho le merafe ke go nna le kamano e e tshwanetseng le ene. Seno se otlelelwa ke mafoko ano a ga mopesalema Dafide a a mo go Pesalema 9:19, 20: “Tloga u ème, Yehofa; a motho a se henye: a merahe e atlholwè mo ponoñ ea gago. Yehofa, ba boihisè: a merahe e ikitse ha e le batho hèla.”

3 Faro wa mo motlheng wa ga Moshe e ne e le mongwe wa dikgosi tsa lefatshe tseo Jehofa Modimo a neng a fitlhela go le botlhokwa gore a mo rute thuto eno. Modimo o ne a dira jalo ka dipetso tseo a neng a di romelela Baegepeto. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bolelela Faro yo o boikgodiso yoo are: “Ke gu emiseditse gōna mouō, gore ke gu bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” (Ekesodo 9:16) Mo godimo ga moo, Jehofa o bolela mo e ka nnang ka makgetlo a le 70, go tswa mo go Ekesodo 6:7 go ya kwa go Yoele 3:17, gore o tla dira ditiro tse di tshwanang le tseo tse dikgolo gore dikgosi, batho, le merafe di tle di itse gore ke ene Jehofa, Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.

4. Mo motlheng wa ga Daniele, ke babusi bafe ba bararo ba Jehofa a neng a ba ruta, mme jang?

4 Dikai di le mmalwa tse di tlhomologileng tsa ka moo Jehofa a neng a ruta dikgosi ka gone di kwadilwe mo bukeng ya Daniele. Babusi bao e ne e le Nebukadenesare, Beleshasare, le Dario. O ne a ba ruta leng? Go lebega e le fa gare ga 617 B.C.E. le 535 B.C.E. Mme jang? Ka go dirisa ditoro le diphuthololo tsa tsone le ka go bontsha maatla a gagwe. Jehofa o ne a ruta babusi bano ba batho gore ke ene Mmusi yo Mogolo wa lobopo le gore bone e ne e le bathonyana fela ba bannye—dithuto tseo babusi ba lefatshe ba jaanong ba tla tshwanelang go di ithuta.

5. Ke bosupi bofe jo bo ka dirisiwang go ganetsa batho ba ba belaelang bonnete jwa buka ya Daniele?

5 Mme a baganetsi ba bantsi ba segompieno ga ba ganetse bonnete jwa buka ya Daniele? Fa a araba baganetsi bano, mongwe wa bakanoki ba Bibela o ne a bua jaana: “Dikgakgamatso tse di mo go yone, dipolelelopele tse e di tlhomamisang, ke tseo di kwadilweng ke Daniele mo motlheng wa gagwe. Re ka tswa he re na le dikgakgamatso tsa boammaaruri le dipolelelopele tse di boammaaruri, kana re sena sepe fela se e leng boammaaruri.” (Daniel the Prophet, ka E. B. Pusey, tsebe 75) Ebu, mokwadi wa buka eno o ipolela kgafetsa kgafetsa, jaaka fa are, “Nna Daniela”! (Daniele 8:15; 9:2; 10:2) A seno sotlhe e ne e le go tsietsa? Lebaka ke gore pele ga karolo ya ntlha ya lekgolo la bo-18 la dingwaga, gore buka ya Daniele e kwadilwe ke mang go ne go sa ganediwe ke Bajuda kana Bakeresete. Lefa go ntse jalo, se se nayang bosupi jo bogolo ga se dikgopolo tsa mokanoki ope fela wa segompieno wa Bibela mme ke bosupi jwa Dikwalo ka buka ya Daniele. Ka jalo, re fitlhela gore Daniele o umakiwa ka makgetlo a mararo mo bukeng ya Esekiele. (Esekiele 14:14, 20; 28:3) Mme seo se otlelelang sena mo go tsotlhe tseo ke mafoko ana a ga Jesu, Morwa Modimo, ao a kwadilweng mo go Mathaio 24:15, 16: “Ke gōna e tla reñ lo bōna se se makgapha a shwahatsañ, se se bolecweñ ke moperofeti Daniele, se eme mo heloñ ga boitshèpō,—a eo o balañ a tlhaloganyè,—Hoñ ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ.”a

Nebukadenesare o Ithuta gore Modimo wa Boammaaruri ke Mang

6. Ke eng se se ka neng se tlhotlheleditse boikgodiso jwa kgosi ya Babelona, mme ke eng seo a neng a se bua kaga gagwe mo dikwalong tsa gagwe?

6 Jaaka moperofeti Isaia a bontsha, dikgosi tsa Babelona e ne e le banna ba ba boikgodiso thata. (Isaia 14:4-23) Nebukadenesare e ne e le motho yo o ratang bodumedi fela thata. Mo dikwalong tsa gagwe o hua ka “dikago tsa gagwe le go rapela ga gagwe medimo ya Babelona.” Ga go belaetse gore go gapa ga gagwe Jerusalema le Juda yotlhe morago ga gore Senakeribe a palelwe mo go botlhoko go ne ga dira gore a ikgodise thata.

7. Ke boitemogelo bofe joo bo umakilweng mo go Daniele kgaolo 1 joo bo ka bong bo rutile Nebukadenesare go tlotla Modimo wa Bahebera?

7 Eleruri, morago ga gore Daniele le balekane ba gagwe ba bararo ba Bahebera ba tlhagelele fa pele ga ga Nebukadenesare o ne a nna le lebaka le le utlwalang la go tlotla Modimo wa bone, ka go bo “mo diloñ cotlhe tsa botlhale le tlhaloganyō, tse kgosi e ba botsañ kaga cōna, ea ba hitlhèla ba gaisa ga shomè baitseanape botlhe le diñaka cotlhe tsa lehatshe yeotlhe ya eōna.” Ee, banna ba ba botlhale bao Modimo wa bone e neng e le Jehofa ba ne ba gaisa botlhe ba ba neng ba rapela medimo e mengwe. Ga go ka moo Nebukadenesare a neng a ka se lemoge ntlha eo ka gone.—Daniele 1:20.

8. Jehofa o ne a senola jang gore banna ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba sena kitso epe e e kgethegileng?

8 Jehofa o ne a na le mo go oketsegileng go go ruta Kgosi Nebukadenesare. Thuto e e latelang e ne ya kwalwa mo go Daniele kgaolo 2. Modimo o ne a lorisa kgosi toro e e boifisang mme a bo a e mo lebatsa. Toro eno e ne ya tshwenya kgosi eno ya Babelona thata, mme o ne a bitsa banna botlhe ba gagwe ba ba botlhale go tla go mmolelela toro le phuthololo ya yone. Legale, ba ne ba seka ba kgona go e mmolelela, lefa e le gone go mo naya phuthololo ya yone, ka jalo a dumela ka ditiro gore ba ne ba sena kitso epe fela e e kgethegileng. Se no se ne sa galefisa kgosi thata mo a neng a laela gore ba bolawe botlhe. Fa Daniele le balekane ba gagwe ba ne ba bolelelwa ka taolo ya kgosi, Daniele o ne a kopa go fiwa sebaka, mme a se neelwa. Jalo ene le ditsala tsa gagwe tse tharo ba rapelela sena ka tlhoafalo,. mme ga felela ka gore Jehofa a senolele Daniele toro le thanolo ya yone.—Daniele 2:16-20.

9. (a) Ke mang fela yo o neng a kgona go phutholola toro ya ga Nebukadenesare, mme Ene yoo o ne a mo naya phuthololo efe? (b) Ka ntlha ya seo, ke tshwetso efe e kgosi e neng ya fitlha go yone?

9 Fa Daniele a ne a tlisiwa fa pele ga kgosi, Nebukadenesare o ne a mmotsa a re: “A u nonohile go nkitsise tōrō e ke e bonyeñ, le phuthololō ea eōna?” Morago ga go gakolola kgosi e e boikgodiso eno gore banna ba gagwe ba ba botlhale ba ne ba sa kgone go mmolelela sephiri sa toro ya gagwe le phuthololo ya yone, Daniele o ne a re: “Go na le Modimo kwa legodimoñ o o senolañ tse di sa itsiweñ, me ōna o itsisitse kgosi Nebukadenesare se se tla dihalañ mo metlheñ ea kwa boheloñ.” Fa a tswelela, Daniele o ne a bolelela kgosi ka setshwantsho se segolo se a se lorileng le gore se ne se raya eng. Kgosi e ne ya kgatlhega fela thata mo e bileng ya re: “Amarure Modimo oa lona ke Modimo oa medimo, le Morèna oa dikgosi, le mosenodi oa tse di sa itsiweii, ka e le ha u nu u nonohile go senola bosaitsiweñ yo.” Jalo Jehofa o ne a ruta Kgosi Nebukadenesare gore e ne e le Modimo o o osi wa boammaaruri.—Daniele 2:26, 28, 47.

10, 11. (a) Mo boikgodisong jotlhe jwa gagwe, ke eng seo Kgosi Nebukadenesare a neng a se dira, mme morago o ne a ntsha taolo efe? (b) Ka go gana ga bone go reetsa taolo ya kgosi, ke kgang efe e Bahebera ba bararo bao ba neng ba e tsosa. mme e ne ya felela jang?

10 Lefa kgosi Nebukadenesare kwantle ga pelaelo a ne a kgatlhilwe ke kitso le botlhale jwa Modimo wa Bahebera, go ne go santse go na le mo gontsi mo a neng a tshwanetse go go ithuta. Mo boikgodisong jwa gagwe, o ne a emisa setshwantsho se segolo sa gouda mo lobaleng lwa Dura. Setshwantsho se ne se le dikubita di le 60 ka boleele le dikubita di le 6 ka bophara, seo se re gakololang palo 666 eo e leng letshwao la “sebatana” sa ga Satane se se umakilweng mo go Tshenolō 13:18. (Ka go bo kubita e ka nna fela dimitara tse 0,5, setshwantsho se ne se ka nna dimitara tse di ka nnang 27 ka boleele le bophara jwa dimitara tse 2,7.) Kgosi e ne ya laela gore balaodi botlhe ba bogosi jwa gagwe “ba tlè go kgakola sechwanchō” mme a ba laela gore fela fa mmino o simolola, ba wele botlhe fa fatshe ba obamele setshwantsho. Fa batlhankedi bangwe ba Bakaladea ba ba letlhoo ba lemoga gore Bahebera bangwe ba bararo ba ba neng ba le gone foo ba ne ba sa kopanele mo modirong, ba ne ba bolelela kgosi kaga seno.—Daniele 3:1, 2.

11 Seno e ne e le kgang e e masisi tota mo go Nebukadenesare, gonne o ne a kile a ipelafatsa ka gore “e ne e le ene motho yo o dirileng gore batho ba bake medimo e megolo ka melomo ya bone. ” Ka jalo, thata e kgolo ya bogosi ya ga Nebukadenesare le go tlhagafalela bodumedi ga gagwe go ne go nyaditswe thata. Ka tšhakgalo le bogale, kgosi e e boikgodiso eno e ne ya naya Bahebera ba bararo bano sebaka sa bofelo mme a bo a ba raya a re: “Ha lo sa se ōbamele, lo tla latlhèlwa ka lobaka louō hèla mo gare ga bokepishō yo bo molelō, yo bo tukañ; me modimo e be e le ohe o o tla lo gololañ mo diatleñ tsa me?” Ebu, Nebukadenesare o ne a tla tshwanelwa go lemoga gore eleruri Modimo wa bone o ne o nonofile go golola batlhanka ba One mo seatleng se sennye sa kgosi eo le gore ga go modimo ope o o gone o o ka kgonang go golola jaaka Modimo wa Bahebera.—Daniele 3:15.

Toro ya Setlhare

12, 13. (a) Ke phuthololo efe e Daniele a neng a e naya Nebukadenesare kaga toro ya gagwe ya setlhare? (b) Nebukadenesare o ne a bontsha jang gore phuthololo ya toro e ne e sa mo dira gore a baakanye maikutlo a gagwe?

12 Go ithuta dithuto tseo go ka bo go ne ga go ama jang? Go lebega ekete, dithuto tse tharo tseno di ne di sa lekana go dira gore Kgosi Nebukadenesare a itemoge. Jalo Jehofa o ne a tshwanelwa ke go mo ruta thuto e nngwe gape. Go ne go kopanyeletsa toro e nngwe gape, mme gape go ne go se ope wa banna ba ba botlhale ba Babelona ba ba neng ba kgona go e phutholola. Kwa bofelong, go ne ga bidiwa Daniele, mme o ne a kgona go bolelela kgosi se toro eo e neng e se raya, seo e neng e le gore o ne a tla tshela jaaka “diphōlōhōlō tsa naga” ka dingwaga tse supa, mme morago ga foo tlhaloganyo ya gagwe e ne e tla boela gape mo go ene.—Daniele 4:1-37.

13 Go tswa mo go se se neng sa latela, go bonala sentle gore toro e ile ya palelwa ke go dira gore Nebukadenesare a ikokobetse. Ka jalo, mo e ka nnang ngwaga moragonyana ga foo, fa kgosi e ne e tsamaya mo ntlong ya gagwe ya segosi, e ne ya ipelafatsa ka boikgodiso ya re: “A ga se ōna Babelona o mogolo, o ke o agileñ, gore o nnè boagō yoa segosi, ka bonatla yoa thata ea me, le ka ntlha ea kgalalèlō ea borèna yoa me?” A boithamako ruri! Jalo ga tswa lentswe kwa legodimong ka yone nako eo la bolelela kgosi e e boikgodiso eo gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla tsewa mo go ene le gore o ne a tla tshela le dibatana tsa naga ka metlha e supa “go tsamaea u itse ha Mogodimodimo abusa mo bogosiñ yoa batho.”—Daniele 4:30-32.

14. Toro ya setlhare e ne ya diragadiwa jang, mme e ne ya nna le diphelelo dife mo go Nebukadenesare?

14 Morago ga go tshela ga ga Nebukadenesare jaaka phologolo ka metlha e supa, kana dingwaga di supa, Jehofa o ne a busetsa tlhaloganyo ya gagwe mo go ene mme o ne a tshwanela go dumela gore “ga go na opè eo o ka thibañ seatla sa gagwè, kgotsa a mo raea, are, U dihañ?” Go feta seno, kgosi eno ya Babelona e ne ya bontsha ka mo go oketsegileng gore o ithutile thuto e nngwe gape, ka go bua jaana: “Me yana nna Nebukadenesara ke baka Kgosi ea legodimo, ke ba ke e godisa ke e tlotla; gonne ditihō cotlhe tsa eōna di boamarure, le ditsela tsa eōna di tekatekanyō: me ba ba sepelañ mo pelahaloñ”—jaaka kgosi e ne e dirile—“o nonohile go ba isa tlhatse.” A bosupi jotlhe jono mabapi le tsela eo Jehofa a ileng a atlhola kgang ya bobusi ka gone ga bo a nonofa go supa gore dikgang tseno ga se dilo fela tse di ikakanyeditsweng ke motho mme ke tiro ya mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo go kwala ditiragalo tseo tsa mmatota?—Daniele 4:35, 37.

Beleshasare o Bona Mokwalo mo Loboteng

15. Beleshasare o ne a bontsha lonyatso jang mo Modimong wa boammaaruri, Jehofa?

15 Kgosi e nngwe eo Jehofa a neng a nna le sebaka sa go e ruta e ne e le Beleshasare. E ne e le morwa Kgosi Nabonidase e bile abusa mmogo le ene, yoo ene ka boene e neng e le motlhatlhami wa ga Nebukadenesare. Ka nako ya modiro o mogolo, Beleshasare o ne a ntsha taolo ya gore go tlisiwe dijana tsa gouda tse rraagwemogolo a neng a di tsere kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema gore ene, bagolwane ba gagwe, basadi ba gagwe, le bagadingwana ba gagwe ba nwe ka tsone. Jalo “ba nwa boyalwa yoa mofine, me ba baka medimo ea gouda, le ea selefera le ea kgōtlhō, le ea tshipi, le ea logoñ, le ea lencwè.”—Daniele 5:3, 4.

16, 17. (a) Jehofa o ne a boifisa Beleshasare jang? (b) Ke phuthololo efe e Daniele a neng a e ntsha kaga mokwalo o o mo loboteng, mme sena se ne sa supiwa se le boammaaruri jang?

16 Nako ya Modimo ya go khutlisa puso ya Babelona e ne e gorogile. Ka jalo, o ne a dira gore go tlhagelele mokwalo o o gakgamatsan“g mo loboteng. Kgakgamatso eno e ne ya tshosa kgosi mo e neng ya bits a bañ na botlhe ba gagwe ka gangwe fela go tla go e phutholola. Ga go ope wa bone yo a neng a kgona. Jalo mmaagwe o ne a mo gakolola gore Daniele, yo o neng a phutholotse ditoro tsa ga Nebukadenesare, o ne a ka kgona go phutholola mokwa-10. (Daniele 5:10-12) Fa a kopiwa mme a bodiwa gore a o ka dira jalo, Daniele o ne a gakolola kgosi eno ka moo Modimo o neng wa kokobetsa rraagwemogolo yo o neng a le boikgodiso gore a itse fa Mogodimodimo a na le thata mo godimo ga bogosi jwa batho.—Daniele 5:20, 21.

17 Daniele o ne a tswelela go raya Beleshasare are: “Modimo o go hema ga gago go leñ mo seatleñ sa ōna, le o ditsela cotlhe tsa gago di leñ tsa ōna, ga ua o galaletsa.” (Daniele 5:23) Jalo mokwalo o ne o tlhagisa mmusi wa Babelona gore malatsi a bogosi jwa gagwe a ne a tlile kwa bokhutlong, gore o ne a beilwe mo selekanyong, mme a fitlhelwa a tlhaela, le gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla neelwa Bameda le Baperesia. Mme mo go jone bosigo joo, morago ga gore Jehofa a rute kgosi eno e e boikgodiso thuto e e botlhokwa eno, Beleshasare, kgosi ya Bakaladea, o ne a bolawa.—Daniele 5:30.

18. Jehofa o tla ruta babusi ba lefatshe ba gompieno dithuto tse di tshwanang kaga bolaodi jwa gagwe le maatla a gagwe a a gololang ka tsela efe?

18 Le eleng fela jaaka Jehofa a ile a ruta dikgosi tse di boikgodiso ebong Nebukadenesare le Beleshasare kaga bolaodi jwa gagwe le maatla a gagwe a go falotsa, jalo Modimo ka Hara-Magedona o tla dira gore babusi botlhe ba lefatshe ba itse gore ke ene Mmusi yo Mogolo, mothatayotlhe Mmusi wa Lobopo Lotlhe. Botshelo jwa gago bo tla amega. Jang? Ka go bo ka nako eo Jehofa gape o tla golola batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, fela jaaka a ne a golola Bahebera ba bararo mo bokepisong jwa molelo.—Daniele 3:26-30.

Dario o Ithuta ka Maatla a ga Jehofa a a Gololang

19, 20. Ke tiragalo efe e e neng ya ruta Dario kaga maatla a ga Jehofa a a gololang mo botshelong jwa ga Daniele?

19 Kgaolo ya borataro ya Daniele e re bolelela ka tiragalo e nngwe gape eo mo go yone Jehofa a neng a ruta kgosi, Dario thuto—kaga maatla a Modimo a a gololang. Go latlhelwa ga ga Daniele ke kgosi mo mongobong wa ditau, go ne go tlisitswe ke mcrero ka go bo go ne go le kgatlhanong le go rata ga kgosi eo. E ne e se ene yo o neng a ikgodiseditse Modimo wa boammaaruri. Ka mo go kgatlhisang, lefa Dario a ne a tlhomamiseditse Daniele gore Modimo wa gagwe o ne o tla mo golola, eleruri o ne a sa dumele ka botlalo. Fa go sa nna jalo, ke ka ntlhayang fa a ne a se kile a robala mo bosigong mme a tlhobaela go fitlha mo mesong, a bo a itlhaganelela kwa mongobong wa ditau? Morago o ne a tlhaeletsa a re: “Daniela wè, motlhanka oa Modimo o o tshedileñ, a Modimo oa gago, o u nntseñ u o dihèla ka metlha eotlhe, a o nonohile go gu golola mo ditauñ?”—Daniele 6:18-20.

20 Ee, Modimo o ne o ile wa kgona go sireletsa Daniele. Kgosi Dario o ne a itumela fela thata mo a bileng a ntsha taolo e e reng: “Mo pushoñ eotlhe ea bogosi yoa me batho ba roromè ba boihè ha pele ga Modimo oa ga Daniele: gonne ko ōna Modimo o o tshedileñ, o o tlhōmameñ ka bosakhutleñ, le bogosi yoa ōna ke yo bo se ketlañ bo señwa . . . Oa golola, o halodise, me o dihe dichupō le dikgakgamaco kwa legodimoñ le mo lehatshiñ; ko ōna o o golotseñ Daniele mo thateñ ea ditau.”—Daniele 6:26, 27.

21. (a) Dikgaolo tse thataro tsa ntlha tsa buka ya Daniele di re naya dikai dife tse di tlhomologileng? (b) Ditiragalo tsotlhe tse di kwadilweng tseno di tshwanetse go re ama jang?

21 Eleruri dikgaolo tse thataro tsa ntlha tsa buka ya Daniele di re naya dikai tse di tlhomologileng tsa ka moo Jehofa, ka tlhagafalo—ee, a bile a le lefufa—a ileng a ruta dikgosi tsa lefatshe kaga leina la gagwe gore eleruri ke Mothatayotlhe, Molaodi wa Lobopo Lotlhe, yo o kgonang go kokobetsa dikgosi tse di boikgodiso fa a golola batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Dipolelo tseno di tshwanetse go re tlhotlheletsa go boifa Jehofa le go mo tlotla gammogo le puso ya gagwe. Ka nako e e tshwanang, dikwalo tseno tse di tlhotlheleditsweng di nonotsha tumelo mme di re naya dikai tse di tlhomologileng tsa batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba ba ileng ba bontsha tumelo e kgolo le bopelokgale, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha ka phepafalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo, ya October 1, 1986, ditsebe 3-7.

O ne o ka Araba Jang?

◻ Ke thuto efe eo go ileng ga tlhokafala gore Jehofa a e ru te babusi ba lefatshe?

◻ Go ka buiwa eng kaga bonnete jwa buka ya Daniele?

◻ Ke thuto efe e nngwe eo e neng ya dira gore Kgosi Nebukadenesare a ikokobetse?

◻ Go ruta ga ga Jehofa dikgosi go tshwanetse ga re ama jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela