Jehofa o Duelela Tumelo le Bopelokgale
“Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola mo bokepishoñ yo bo molelō, yo bo tukañ; me o tla re golola mo seatleñ sa gago, kgosi.”—DANIELE 3:17.
1. Ke thuto efe e e neng ya tlotlomadiwa mo setlhogong se se fetileng, mme ke ka ntlhayang fa go tlhatlhobiwa ga ditiragalo tseo gape go ka re solegelang molemo?
JEHOFA MODIMO, Mmusi wa Lobopo Lotlhe, o ile a ruta babusi ba lefatshe dithuto tse di botlhokwa mabapi le bogolo jwa gagwe. Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra bona boammaaruri jwa se no ka ditiragalo tse di kwadilweng mo dibukeng tsa ntlha tse thataro tsa buka ya Daniele. Ditiragalo tseo jaanong di tla tlhatlhobiwa gape go bona gore re ka ithuta eng mo go tsone fa re boloka mafoko a a tlhotlheleditsweng ano a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”—Baroma 15:4.
2, 3. Ke bomang bao ba neng ba le gareng ga batshwarwa ba ga Kgosi Nebukadenesare, mme go ka dirwa ditshwetso dife ka ntlha ya se se neng se kaiwa ke maina a bone?
2 E ne e le mo pu song e khutshwane ya ga Jehoiakine, morwa Kgosi Jehoiakime, ka ngwaga wa 617 B.C.E., fa Kgosi Nubukadenesare a ne a laela gore go tlisiwe basha ba Bajuda ba ba molemo le ba ba tlhalefileng thata kwa Babelona. Gareng ga bano e ne e le Daniele, Hanania, Mishaele, le Asaria.—Daniele 1:3, 4, 6.
3 Fa go sekasekiwa maina a bone, go bonala ka phepafalo fela gore lefa go ne go na le maemo a a boikepo mo Juda ka nako eo, basha ba bane bano ba Bahebera ba ne ba na le batsadi ba ba boifang Modimo. “Daniele” go raya gore “Modimo ke Moatlhodi wa Me.” Leina la ga Hanania le raya gore “Jehofa o Bontshitse Botsalano; Jehofa o Ntse a le Boutlwelobotlhoko.” Leina la ga Mishaele le tshwanetse la bo le raya gore “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” kana “Ke Mang yo e Leng wa Modimo?” Mme leina la ga Asaria le raya gore “Jehofa o Thusitse.” Ga go belaetse gore one maina ao a bone a ne a ba tlhotlheletsa go ikanyega mo Modimong wa boammaaruri. Mo boemong jwa maina ano, Bakaladea ba ne ba bitsa basha bano ba bane ba Bahebera, Beleteshasare, Shaderake, Meshake, le Abedenego. Legale, ka go bo e ne e le batlhanka mo pu song e sele, ba ne ba ka seka ba itlhophela maina a bathopi ba bone ba ka ba bitsang ka one.—Daniele 1:7.
Go Lekwa ga Tumelo le Bopelokgale
4. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba tseye masisi melao ya gagwe e e mabapi le diphologolo tse di itshekileng le tse di sa itshekang?
4 Batsadi ba bone ba ba boifang Modimo ga ba a ka ba ba bontsha fela tsela e e molemo ya botshelo ka maina a bone mme ba tshwanetse ba bo ba ne gape ba ba godisitse go ya ka Molao wa ga Moshe, go akareletsa le dikarolo tsa one tsa dijo. Jehofa Modimo le ene o ne a di leba di le botlhokwa thata ka go bo morago ga go kwala dithibelo tse dintsi tse di tshwanang o ne a bua jaana: “Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.”—Lefitiko 11:44, 45.
5. Kgodiso e e molemo ya basha ba bane ba Bahebera e ne ya lekwa jang?
5 Kgodiso e e molemo eno ya basha ba bane bano ba Bahebera e ne ya lekwa go ise go e kae. Jang? Ka go bo ba ne ba ‘laoletswe kabelo ya malatsi otlhe ya dijo tsa kgosi, le ya bojalwa jwa mofine jo e bo nwang.’ (Daniele 1:5) Ba ne ba itse gore mo gare ga dijo tse di neng di thibelwa ke Molao wa ga Moshe go ne go na le tse di tshwanang le dikolobe, mebutla, dikgetla, le ditlhapi-seka-noga. Le eleng dinama tse Molao o neng o sa di thibele di ne di belaetsa mo ntlong ya kgosi ya Babelona, ereka go ne go sena tsela eo ka yone ba neng ba ka itse gore di ne di tsholotswe madi sentle. Kwantle ga moo, dinama tse di jalo di ka nna tsa bo di itshekolotswe ke kingwao tsa boheitane.—Lefitiko 3:16, 17.
6. Bahebera bao ba bane ba ne ba arabela jang mo tekong ya bane?
6 Bahebera ba bane bano ba ne ba ka dira eng? Re bala gore Daniele, mme kwantle ga pelaelo le ba bangwe ba bararo, o ne a ikaelela mo pelong ya gagwe gore ga a kitla a iitshekolola ka dijo tseo. Ka jalo, o ne “a lōpa” merogo fela go na le dijo tse di monate tsa kgosi le met si mo boemong jwa bojalwa jwa yone jwa mofine. Ba ne ba seka ba akanya sepe ka gore ke dife tseo di neng di le monate go feta tse dingwe. Go tshwanetse ga bo go ne go tlhoka tumelo le bopelokgale go latelela kgang eno. Ebu, ereka Jehofa a ne a kgatlhegela basha ba bane bano, o ne a dira gore kgosana e kgolo ya lelapa la kgosi e nne botsalano mo go Daniele. Lefa go ntse jalo, kgosana eno e ne ya tshaba go diragatsa kopo ya ga Daniele ka go tshaba seo dijo tse di ntseng jalo di ka se dirang mo boitekanelong jwa ga Daniele. Jalo Daniele o ne a mo kopa gore a ba dumelele go leka dijo tseo ka malatsi a le lesome. O ne a na le tumelo e e nonofileng ya gore go obamela Molao wa Modimo go ne go ka seka ga mo naya fela segakolodi se se molemo mme go ne go tla mo solegela molemo le mo boitekanelong. Go bo ba tsere kemo eo, kwantle ga pelaelo Bahebera ba bane bano ba ne ba itshokela ditshotlo di le dintsi.—Daniele 1:8-14; Isaia 48:17, 18.
7. Basha ba bane bao ba Bahebera ba ne ba duelelwa jang bopelokgale jwa bone?
7 Go ne ga tlhoka Bahebera ba bane bano tumelo le bopelokgale go emelana le kgang eno ya dijo tsa bone. Mme abo ba ne ba duelwa jang ne ka go dira jalo, ka go bo kwa bokhutlong jwa malatsi a le lesome, ba ne ba lebega ba ritibetse le go itekanela go feta ba bangwe botlhe! Jehofa o ne a ba fa kitso, temogo, le botlhale, e le gore fa ba tla go tlhagelela fa pele ga kgosi kwa bokhutlong jwa katiso ya bone ya dingwaga tse tharo, e ne ya ba fitlhela ba “gaisa ga shomè baitseanape botlhe le diñaka cotlhe tsa lehatshe yeotlhe ya eōna.”—Daniele 1:20.
8. Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ka ithuta eng mo go seno?
8 Gompieno batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ka ithuta thuto e kgolo go tswa mo go seno Basha bao ba Bahebera ba ne ba ka nna ba akanya gore dithibelo tsa Molao wa ga Moshe tsa dijo di ne di se botlhokwa thata fa di bapisiwa le Melao e e Lesome kana melao e e mabapi le ditlhabelo kana mediro ya ngwaga le ngwaga. Mme nnyaa, Bahebera ba ba ikanyegang bao ba ne ba amegile thata ka go tshela tumalanong le dikarolwana tsotlhe tsa Molao wa Modimo. Seno se re gakolola ka molao-motheo ono o o builweng ke Jesu o o kwadilweng mo go Luke 16:10: “Eo o ikanyègañ mo go se sennye, o ikanyèga le mo go se segolo; me eo o sa siamaii mo go se sennye, ga aa siama le mo go se segolo.”—Bapisa Mathaio 23:23.
9. Basupi ba bangwe ba ile ba bontsha bopelokgale jo bo tshwanang jang gompieno?
9 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha tumelo le bopelokgale tse di tshwanang ka makgetlo a mantsi, jaaka fa ba kopa bathapi ba bone go ba neela nako ya go ya kwa dikopanong tsa kgaolo. Mme gangwe le gape, ba a letlelelwa. Basupi ba ba batlang go tsenelela tiro ya bobulatsela kana bobulatsela jo bo thusang ba ile ba bontsha keletso ya bone ya go bereka tiro e e sa tseyeng letsatsi lotlhe mme gantsi ba ne ba neelwa tshiamelo eno.
10. Batsadi ba Basupi ba ka ithuta eng mo go sena sotlhe?
10 Abo batsadi ba ba boifang Modimo gompieno ba ka ithuta thuto e e molemo jang ne go tswa mo kgodisong ya basha ba bane bano ba Bahebera! Fa batsadi ba Bakeresete eleruri ba kgatlhegela bomoya jwa bana ba bone mo dipelong tsa bone, ba tla bo baya kwa pele mo matshelong a bone, tumalanong le Mathaio 6:33. Morago ga foo ba ka lebel el a gore bana ba bone ba ka kgona go emelelana le dithaelo le dikgatelelo tsa balekane ba bone le barutabana fa go tla mo go bolokiweng ga malatsi a botsalo kana malatsi mangwe a boikhutso kana go tlola melao-metheo ya Dikwalo ka tsela nngwe. Ka jalo batsadi bano ba ba boifang Modimo ba tla bo ba supa gore Diane 22:6 e boammaaruri.
Go Phutholola Ditoro tsa ga Nebukadenesare ka go Tlhoka Poifo
11. Re ka latela sekao sa ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo jang gompieno?
11 Kgaolo ya bobedi ya Daniele e re naya sekai se sengwe gape sa tumelo le bopelokgale. Fa Daniele a utlwa ka taolo ya kgosi ya go nyeletsa banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona ka go bo ba ne ba sa kgone go mmolelela toro ya gagwe le phuthololo ya yone, a Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba tshoga? Eleruri nnyaa! Go na le moo, ka tumelo e kgolo mo go Jehofa gore o ne a tla mo naya boikitsiso joo kgosi e neng e bo batla, Daniele o ne a tla fa pele ga kgosi eo mme a mo kopa gore a mo fe nako ya go mo naya karabo. O ne a fiwa se a neng a se kopa. Jalo Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba rapelela kgang eno ka tlhoafalo. Jehofa o ne a duel a tumelo ya bone ka go ba naya boikitsiso jo ba neng ba bo tlhoka. Morago ga seo, Daniele o ne a rapela Jehofa a mo leboga go tswa pelong. (Daniele 2:23) Me go phutholola ga ga Daniele toro e e mo go kgaolo 4 go ne go tlhoka gore a bolelele Kgosi Nebukadenesare gore o ne a tla fetsa dingwaga tse supa a tshela jaaka phologolo le dibatana tsa naga. Seno se ne se tlhoka mofuta wa tumelo le bopelokgale tseo batho ba Modimo ba, tshwanetseng go di bontsha gompieno fa ba bolela molaetsa o o nonofileng wa go ipusolosetsa ga One kgatlhanong le lefatshe la ga Satane.
‘Go Emelela Bogale jwa Molelo’
12, 13. Ke teko efe e e umakilweng mo go Daniele kgaolo 3 e Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba neng ba lebane le yone?
12 Daniele kgaolo 3 e re fa nngwe ya ditiragalo tse di tlhomologileng thata tsa Bibela tseo di bontshang ka moo Jehofa a neng a duela tumelo le bopelokgale tse di gakgamatsang tsa batlhanka ba gagwe ba bararo ba Bahebera ka gone. A o ko o akanye ka tiragalo eno. Batlotlegi botlhe ba Babelona ba kgobokane mo lobaleng lwa Dura. Fa pele ga bone go eme setshwantsho sa gouda se se dimitara di le 27 ka boleele le dimitara di le 2,7 ka bophara. Go tlhotlheletsa maikutlo a bone, kgosi e ne e na le baletsi ba diletso tsa mefutafuta. Fa mmino o simolola, bao ba neng ba kgobokane foo ba ne ba tshwanetse gore ba “wèlè ha hatshe, [ba] ōbamèlè sechwanchō sa gouda se Nebukadenesare kgosi o se tlhomileñ: Me leha e le mañ eo o sa weleñ ha hatshe a se ōbamèla, hèla ka lobaka louō a latlhèlwè mo gare ga bokepishō yo bo molelō, yo bo tukañ.”—Daniele 3:5, 6.
13 Ga go sepe se se belaetsang ka sena: Go gana go obamela taolo eo go ne go tlhoka tumelo e e nonofileng le bopelokgale. Mme go bo ba ile ba ‘ikanyega mo go tse dinnye’ go ne go ba baakanyeditse gore ba ka ‘ikanyega mo go tse dikgolo.’ Lebaka la gore boemo jwa bone bo ne bo ka baya Bajuda botlhe mo kotsing le ne le sa belaesege. Ba ne ba se kitla ba wela fa fatshe go obamela setshwantsho. Go gana ga bone go go pepenene go ne ga bonwa ke balekane bangwe ba bone bao ba ba tlhoileng, bao ba ileng ba seka ba senya nako go bolelela kgosi seno.
14. Nebukadenesare o ne a itshwara jang fa ba ne ba gana go obama, mme ba mo araba jang fa a ba tshosetsa?
14 Ka “chakgalō le cacarègō” Nebukadenesare, o ne a laela gore Bahebera ba bararo bao ba tlisiwe kwa go ene. Potso ya gagwe ya go re, “A go ntse jalo eleruri?” (NW) e ne e bontsha gore kgosi e ne e sa tlhaloganye gore ke ka ntlhayang fa ba ne ba gana go wela fa fatshe go obamela setshwantsho sa gouda. O ne a batla go ba neela sebaka se sengwe gape, mme fa e le gore ba ne ba santse ba gana, ba ne ba tla latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. “Me,” ga bua jalo kgosi ya Babelona e e boikgodiso, “modimo e be e le ohe o o tla lo gololañ mo diatleñ tsa me?” Ka bopelokgale le tumelo ya boammaaruri mo go Jehofa, Bahebera ba bararo ba ne ba araba kgosi ka tlotlo jaana: “Ga re na chwanèlō ea go gu hetola mo seloñ se. Ha go ka nna yalo, Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola mo bokepishofi yo bo molelō, yo bo tukañ . . . , kgosi. Me ha go sa nna yalo, u tlo u itse, kgosi, ha re gana go dihèla medimo ea gago, le go ōbamèla sechwanchō sa gouda se u se tlhomileñ.”—Daniele 3:13-18.
15. Nebukadenesare o ne a tsaya kgato efe?
15 Fa e le gore Nebukadenesare o ne a gale file pele, jaanong o ne a shakgetse fela thata, ka go bo re bala jaana go re, “tebègō ea sehatlhōgō sa gagwè ea bo e hetogetse” Bahebera ba bararo bao. (Daniele 3:19) Taolo ya gagwe ya gore go godiwe molelo ga supa go feta ka gale e ne e bontsha ka moo a neng a galefile ka gone. Morago ga moo banna bangwe ba ba nonofi-leng ba mophato wa gagwe ba ne ba tsaya Bahebera ba bararo bao ba ba latlhela mo bokepisong jo bo tukang jwa molelo. Kgabo ya one e ne e le kgolo mo e neng ya bolaya banna bao ba neng ba dira tiro eno.
16. Tumelo ya Bahebera ba bararo bano e ne ya duelwa jang?
16 Mme abo kgosi e ne ya gakgamala jang ne fa e ne e bona eseng fela banna ba bararo mme banna ba bane ba ba neng ba tsamaya fela mo gare ga molelo ba sa direga lefa e le sepe! Fa kgosi e ne e laela gore Bahebera ba bararo bao ba tswe moo, o ne a fitlhela gore go ne go sa sa lefa e le leodi le le lengwefela la moriri wa ditlhogo tsa bone mme ebile go ne go sena lefa e le monkgo wa mosi mo diaparong tsa bone. Abo Jehofa a ne a duetse tumelo ya bone le bopelokgale jwa bone thata jang ne! Kwantle ga pelaelo sekao sa bone ke se moaposetoloi Paulo a neng a se gopotse fa mo go baleng boidiidi jo bogolo jwa basupi a ne a bua ka bao ba neng ba “tima bogale yoa molelō.” (Bahebera 11:34) Abo ba ile ba nna sekao se se molemo jang ne mo batlhankeng ba ga Jehofa fa esale ka nako eo!
17. Ke dikao dife tse di molemo tse di tshwanang tseo re nang le tsone gompieno?
17 Gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ga baa lebagana le matshosetsi a bokepiso jwa mmatota jwa molelo. Mme bothokgami jwa ba le bantsi bo ile jwa nna jwa lekwa fela thata fa go ne go batlega gore ba tlotle ditshwantsho tsa semorafe ka tsela e e masisi. Boikanyegi jwa ba bangwe bo ne jwa lekwa ka gore ba reke dikarata tsa diphathi tsa bopolotiki kana go tsenelela bosole. Jehofa o ile a tshegetsa batho botlhe ba ba ntseng jalo, a ba kgonisa gore ba lebagane le kgwetlho ya bothokgami jwa bone ka katlego ka jalo ba supa Diabolo e le moaki le Jehofa e le Modimo wa boammaaruri.
Sekai se Sengwe Gape sa Tumelo le Bopelokgale
18. Beleshasare o ne a bontsha go nyatsa Jehofa, Modimo wa Bajuda jang, jaaka go umakilwe mo go Daniele kgaolo 5, mo ditemaneng tsa 3, 4?
18 Sekai se sengwe sa tumelo le bopelokgale se kwadilwe mo bukeng ya Daniele, kgaolo 5. Seo mo go sone Beleshasare, kgosi ya Babelona a neng a ipelela moletlo wa bodumedi le diketekete tsa bagolwane ba gagwe, basadi ba gagwe ba dinyatsi, le bagadingwana ba gagwe. Ka tshoganetso fela, go ne ga tlhagelela mokwalo o o sa tlwaelegang mo leboteng. Seno se ne sa tshosa kgosi fela thata mo malokololo a dinoka tsa yone a neng a repa le mangole a yone a neng a itaana. Go ne ga bidiwa gape, Daniele, motlhanka wa Modimo wa boammaaruri, go tla go ntsha phuthololo ka go bo banna botlhe ba ba botlhale ba Babelona ba ne ba gamaregile.
19. Ke eng se se neng se tlhomologile fa Daniele a ne a phutholola mokwalo o o mo loboteng?
19 Go ema ga gagwe a le no si fela mo lefelong le le tsabakelang le gareng ga batho ba ba bobaba go ne ga se ka ga tshosa Daniele kana go mo dira gore a seka a bua molaetsa jaaka o ntse kana go latlhegelwa ke pono ya kgang eo. A nitame ebile a ritibetse, ka puo e e tlhamaletseng, le e e nonofileng, o ne a naya bosupi mabapi le Modimo wa gagwe. Ka go sa kgotsofadiwe fela ke go naya phuthololo ya mokwalo, Daniele o ne a gakolola kgosi gore Jehofa Modimo o ne a kile a kokobetsa rraagwemogolo ka go mo dira gore a tshele jaaka sebatana sa naga go fitlha a bo a lemoga gore Mogodimodimo ke Mmusi mo godimo ga bogosi jwa batho. “Leha u nu u itsile di16 cotlhe tse,” Daniele o ne a bolelela Beleshasare are, ‘ga wa ka wa ikokobetsa mme o ne wa itshekolola dijana tsa tempele ya ga Jehofa mme wa galalets a medimo ya gouda, ya selefera, ya kgotlho, ya tshipi, ya logong, le ya lentswe e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng sepe. Mme Modimo o ditsela tsotlhe tsa gago di leng mo go one, ga o a o galaletsa. Ka jalo, taolo eno e dule mo go one. O beilwe mo dilekanyong mme wa fitlhelwa o le motlhofo, bogosi jwa gago bo kgaogantswe mme jwa newa Bameda le Baperesia.’ Ee, Daniele o ne a beela batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno sekao se sengwe gape se se tlhomologileng sa tumelo le bopelokgale.—Daniele 5:22-28.
20. Mo pusong ya ga Dario, ke sekao sefe se sengwe gape sa tumelo e kgolo se Daniele a neng a se tlhoma?
20 Fa re fitlha mo go kgaolo 6 ya Daniele, re na le sekai se sengwe gape se se molemo sa tumelo le bopelokgale. Kgosi Dario yo jaanong a neng abusa o ne a dira Daniele mongwe wa balaodi ba bagolo ba bararo mo bogosing jwa gagwe. Ba bangwe, ka go bo ba ne ba tlhoile Daniele, ba ne ba pateletsa kgosi eno go tlhoma molao oo ka one go seng ope yo o neng a tshwanetse go rapela ope fela ka malatsi a le 30 kwantle ga kgosi. Ba ne ba lemoga gore ke yone tsela fela eo ba neng ba ka pega Daniele molato ka yone. O ne a itlhokomolosa molao oo mme a tswelela go rapela mo godimo ga ntlo ya gagwe fensetere ya gagwe e butswe, a lebile Jerusalema. Fa a bonwa molato wa go tlola molao wa kgosi, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau ka go ne go tshegediwa kotlhao eo e neng e kwadilwe mo molaong. Jehofa Modimo o ile a duela gape tumelo ya ga Daniele le bopelokgale jwa gagwe. Jang? Jaaka Bahebera 11:33 e bontsha, Jehofa o ne a “thiba melomo ea ditau.”
21. Ka ntlha ya dikao tse di molemo tsa tumelo le bopelokgale tse di kwadilweng mo dikgaolong tsa ntlha tse thataro tsa buka ya Daniele, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
21 Abo ditiragalo tse di mo go Daniele dikgaolo 1 go ya go 6 di nonotsha tumelo jang ne! Abo Jehofa a ile a duela ba ba ileng ba bontsha tumelo le bopelokgale thata-thata jang ne! Mo letlhakoreng le lengwe, sena se ne se diragala fa ba ne ba golediwa fa mo letlhakoreng le lengwe e ne e le ka go itemogela go gololwa ka mo go gakgamatsang. Ka boammaaruri, maitemogelo a basupi bano ba ba ikanyegang a ka re gomotsa le go re naya tsholofelo fa re lebane le diteko. Ebu, dilo tseno di kwadilwe ka jone boikaelelo joo! Ka jalo, a rona, re ikemisetse go nna baetsi ba ba molemo ba tumelo e e jalo le bopelokgale.—Baroma 15:4; Bahebera 6:12.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke eng se maina a basha ba bane ba Bahebera a se akantshang ka kgodiso ya bone?
◻ Go fenya teko ya dijo ga Bahebera go re ruta eng?
◻ Bothokgami jwa batlhanka ba ga Jehofa bo ile jwa lekwa jang gompieno fela jaaka go ne ga nna ka Bahebera ba bararo?
◻ Daniele o ne a bontsha tumelo le bopelokgale jang fa a ne a neela Beleshasare bosupi?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba ithuta go gana