Obamela Mmopi, Eseng Dibopiwa
“U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, me u dihèlè ōna o le osi hèla.”—LUKE 4:8.
1. Polelwana “go obamela” e tlhalosiwa jang, mme kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse ya neelwa jang?
BUKA e e tlhalosang mantswe e tlhalosa polelwana “go obamela” ka tsela eno: “Go naya tlotlo e kgolo, e e feletseng, tshisimogo, kana boineelo.”a Ke mang yo o tshwanetseng go newa kobamelo e e ntseng jalo? Jesu Keresete o ne a bua jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago.” (Mathaio 22:37) Gape, fa a ne a solofediwa go newa magosi otlhe a lefatshe fa a ne a ka ‘obamela’ Satane gangwe fela, Jesu o ne a gana ka go bua jaana: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, me u dihèlè ōna o le osi hèla.” (Luke 4:7, 8) Go tswa mo mafokong a ga Jesu le ditiro tsa gagwe, go phepafetse gore ke Jehofa Modimo fela yo o tshwanetseng go obamelwa. Kobamelo eno e kopanyeletsa “tirelo e e boitshepo” ka go bo “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.”—Yakobe 2:26.
2. Ke ka ntlhayang fa go tshwanetse gore go obamelwe Mmopi a le esi?
2 Go obamela Jehofa jalo go tshwanetse ka gore ke ene Molaodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe, Mmopi wa magodimo a a boitshegang le lefatshe le mefuta ya ditshedi tse di mo go lone. Ka jalo, ke ene fela yo batho ba tshwanetseng go mo naya “tlotlo e kgolo, e e feletseng, tshisimogo, kana boineelo.” Bibela e tlhalosa jaana: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” (Tshenolō 4:11) Eleruri, ga go motho ope, selo sengwe se se tshelang kana se se sa tsheleng, seo se ka tshwanelwang ke “tlotlo, tshisimogo, kana boineelo” jo bo ntseng jalo. Ke Jehofa fela a tshwanelwang ke “boineelo jo bo kgethegileng.”—Ekesodo 20:3-6, NW.
Ka Bonako ka mo go Kgethegileng
3. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go obamela Mmopi ka bonako ka mo go kgethegileng?
3 Ka go bo re tshela mo nakong ya katlholo, re tshwanetse go obamela Modimo ka tshwanelo ka bonako ka mo go kgethegileng. Diphelelo tsa bosakhutleng di a tlhomiwa. Lefoko la Modimo la polelelopele le re bolelela gore Keresete Jesu o setse a tlile ka kgalalelo ya bolegodimo “le baengele botlhe” mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ya tsamaiso ya jaanong ya dilo. Ka boikaelelo bofe? Jesu ka boene o ne a bolelela pele boikaelelo joo, fa a ne a re: “Merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Me dinku di tla ya kwa “botsheloñ yo bo sa khutleñ.” Dipodi di tla ya kwa “pecoñ e e sa khutleñ.”—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 25:31, 32, 46.
4. (a) Paulo o supa jang bao ba tlileng go senyediwa ruri kwa bokhutlong jwa lefatshe leno? (b) Bao ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng ba bontsha boikutlo bofe?
4 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala kaga “tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molèmo a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègo e e sa khutleñ.” (2 Bathesalonia 1:7-9) Ka jalo, tshenyego ya bosakhutleng e tla nna bokhutlo jwa batho ba ba tlhogoethata, ba seka-dipodi bao ba sa batleng go utlwa ka maikaelelo a Modimo kana bao ba ganang go tsaya kgato fa ba na le tshono. Me “[botshelo] yo bo sa khutleñ” e tla nna bokhutlo jwa batho ba ba boikokobetso, ba seka-dinku bao ba batlang go itse ka Jehofa, bao ba reetsang ditaolo tsa gagwe, le bao go tswa foo ba ikobelang thato ya gagwe. Bibela e bua jaana: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17; bona gape 2 Petere 2:12.
5, 6. (a) Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira go bona boammaaruri ka Jehofa le maikaelelo a gagwe? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore ba ba batlang boammaaruri ba tla bo bona go sa kgathalesege boemo jwa bone mo botshelong?
5 Batho ba seka-dinku ba iketleeleditse go ntsha setlhabelo nako ya bone, maatla a bone, dilo tsa bone tse di bonalang go batla boammaaruri. Ba dira seo Diane 2:1-5 e se bolelang: “Morwaaka, ha u ka chola mahoko a me, ua ba ua ipeèla ditaolō tsa me ha go wèna: Ua ba ua sekègèla botlhale tsèbè, me ua lebisa pelo ea gago kwa tlhaloganyoñ; E, ha u tlhaeletsa tlhalemaleye, me ua choleletsa tlhaloganyō lencwe ya gago; Ha u mmatla yaka e ka bo e le selefera, ha u mo hukuletsa yaka e ka bo e le dikhumō tse di shubegileñ; Hoñ u tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bona kicō ea Modimo.”
6 Go rata ga bone go batla Jehofa ke sone seo se farologanyang batho ba seka-dinku mo bathong ba seka-dipodi. “Ha u mmatla, o tla bōnwa ke wèna; me ha u mo tlogèla o tla gu latlha ka bosakhutleñ.” (1 Ditihalō 28:9) Ka jalo, go sa kgathalesege gore motho ke wa lotso kana morafe ofe, gore o rutegile go le kana kang, a humile kana a humanegile, fa a batla boammaaruri kaga Modimo ka tlhoafalo, o tla bo bona. Go tswa kwa lefelong la bone la selegodimo leo ba kgonang go bona tsotlhe gone, Keresete le baengele ba gagwe ba dira gore mmatli a bone boammaaruri, go sa kgathalesege gore motho yoo o nna kwa kae. Go batla go go ntseng jalo go ka duela jang? Jesu o ne a bua jaana: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo o mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3; bona gape Esekiele 9:4.
Tila go Obamela Dibopiwa
7, 8. (a) Bodiphatsa jwa go obamela batho ke bofe? (b) Tlhalosa “tlotlo e e feteletseng, tshisimogo, kana boineelo” tseo di neelwang Maria.
7 Batho ba bantsi go kgabaganya lefatshe ba naya batho—batshedi kana baswi—“tlotlo e e feletseng, tshisimogo, kana boineelo.” Lefa ba ka ikutlwa gore seno ke karolo ya kobamelo ya bone go Modimo, eleruri se ba faposa mo kobamelong ya boammaaruri. Seno se ba bulela tsela ya go obamela dingwao le go dira ditiro tseo di leng kgatlhanong le go rata ga Modimo. Sekai sengwe se se tlhomologileng ke tsela eo Maria, mmaagwe Jesu a lejwang ke dimilione tsa batho ba Roma Katoliki gammogo le ba dinaga tsa Eastern Orthodox Catholic ka gone.
8 Ditshwantsho le mekgabisa ya ditshwantsho tsa ga Maria di ikobelwa ka boikutlo jwa go obamelwa, mo thutong nngwe ya kafa molaong wa kereke, o bidiwa “Lekgarebane Maria Theotokos.” Lefoko the·o·toʹkos le kaya “yo o tshotseng Modimo” kana “mmaagwe Modimo.” New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Maria ke mmaagwe Modimo. . . . Fa e le gore ka boammaaruri Maria ga se mmaagwe Modimo, he Keresete ga se Modimo wa boammaaruri lefa e le gone go nna motho wa boammaaruri.” Ka jalo, jaaka karolo ya thuto ya tsone ya Tharo-nngwe, ditumelo tseno di ruta gore Jesu e ne e le Modimo Mothatayotlhe mo sebopegong sa motho, seo se dirang Maria go nna “mmaagwe Modimo.” Motswedi oo o oketsa ka gore go ineela mo go Maria go kopanyeletsa: “(1) go mo tlotla, kana go tlotla maemo a Lekgarebane le le boitshepo mmaagwe Modimo ka tshisimogo; (2) go rapela, kana go kopa Lekgarebe la rona gore le re buelele jaaka mmè le kgosigadi; . . . le dithapelo tsa sephiri [go Maria].”
9. A Bibela e ruta gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo”?
9 Lefa go ntse jalo, lefoko the·o·toʹkos ga le tlhage gope mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. Ebile ga go gope koo Bibela e bolelang gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo” gone. Jesu ga a ka a ruta jalo, lefa e le bone Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo godimo ga moo, Bibela e bontsha ka phepafalo fela gore Jesu e ne e se Modimo Mothatayotlhe mo sebopegong sa motho mme e ne e le Morwa Modimo.b Eleruri, fa Maria a ne a bolelelwa ke moengele gore o ne a tla tshola morwa, o ne a bolelelwa jaana: “Mōea o o Boitshèpō o tla tla mo go wèna, le nonohō ea Mogodimodimo e tla gu chutihalèla: ke gōna le shōna seuō se se boitshèpō se u tla se bèlègañ, se tla bidiwa boitshèpō, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Jalo Jesu e ne e le Morwa Modimo, eseng Modimo ka boone mo sebopegong sa motho. Ka gone, Maria e ne e le mmaagwe morwa Modimo Jesu, eseng mmaagwe Modimo o o mo sebopegong sa motho. Ke ka gone moo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba se kile ba bitsa Maria “mmaagwe Modimo.”
10, 11. (a) Ke dikai dife tse di bontshang ka moo Jesu a neng a leba mmaagwe ka gone? (b) Baaposetoloi gammogo le barutwa ba ga Jesu ba ne ba leba mmaagwe jang?
10 Tsela eo Jesu a neng a leba mmaagwe ka yone e bontsha kafa a neng a amana le ene ka gone. Kwa moletlong mongwe wa lenyalo kwa Kana, pego ya Bibela e re bolelela jaana: “Me ea re boyalwa yoa mofine bo tlhaèla, mma Yesu a mo raea, a re, Ga ba na boyalwa yoa mofine. Me Yesu a mo raea, a re, Mosadi, ke dihañ ka wèna?” Fano Bibela ya Roman Catholic Douay Version e balega jaana: “Mosadi, seo se raya eng mo go nna le mo go wena?” (Yohane 2:3, 4) Mo lekgetlong le lengwe, mongwe o ne a mo raya a re: “Go segō sebopèlō se se gu belegeñ, le mabèlè a u a amuleñ.” Eo e ne e le tshono e e molemo ya gore Jesu a neele mmaagwe tlotlo e e kgethegileng le go supa gore ba bangwe ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Go na le moo, Jesu o ne a re: “E, me bogolo go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.”—Luke 11:27, 28.
11 Ditshupetso tse di ntseng jalo di bontsha gore Jesu o ne a sa tlhokomele go naya Maria kobamelo, kana tlotlo e e sa mo tshwanelang kana go mmitsa ka sereto se se kgethegileng. O ne a seka a letla kamano ya bone go mo tlhotlheletsa. Mme baaposetoloi le barutwa ba ne ba latela sekao sa gagwe, ka gonne ga ba a ka ba naya Maria tlotlo e e sa mo tshwanelang, sereto, kana seriti mo dikwalong tsa bone tse di tlhotlheleditsweng. Lefa ba ne ba mo tlotla jaaka mmaagwe Jesu, ga ba a ka ba feteletsa seo. Eleruri ga ba ise ba ko ba mmitse “mmaagwe Modimo.” Ba ne ba itse gore Jesu e ne e se Modimo Mothatayotlhe mo sebopegong sa motho mme, seo se raya gore, Maria o ne a ka seka a nna mmaagwe Modimo, eleng boemo jo bo kwa godimo go feta joo Lefoko la Modimo le bo nayang Maria.
Kobamelo ya Mmè wa Modimo wa Sesadi
12. Kgopolo ya gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo” e ne ya simologa kae le gone leng?
12 Ke kae, he, koo kgopolo eno e simologileng gone? E ne ya tsena ka bonya ka bonya mo go La-Bodumedi wa botenegi mo lekgolong la boraro le la bo-ne la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Seno se ne sa nna jalo segolo bogolo morago ga 325 C.E. fa Council of Nicaea e ne e dumelela thuto e e seng ya dikwalo ya gore Keresete e ne e le Modimo. Morago ga gore kgopolo eno e e phoso e dumelelwe, go ne ga nna motlhofo gore go rutiwe gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo.” Mabapi le seno, The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Leina [‘mmaagwe Modimo’] go lebega le ne la dirisiwa mo kobamelong, gongwe kwa Alexandria, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-3 kana la bo-4 la dingwaga . . . Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga, Theotokos e ne e kgonne go tlhomama mo dikarolong tse di farologaneng tsa kereke.” New Catholic Encyclopedia e tlhokomedisa gore thuto eno e ne ya amogelwa kafa molaong “fa esale ka Council of Ephesus ka 431.”
13. Ke eng seo se lebegang se ka bo se tlhotlheleditse Council of Ephesus ka 431 C.E. gore e bolele kafa molaong gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo”?
13 Seo se kgatlhisang ke koo lekgotla leo le neng la kopanela gone le lebaka la go kopana ga lone. Buka The Cult of the Mother-Goddess, ya ga E. O. James, e tlhalosa jaana: “Council of Ephesus e ne e tshwaretswe mo tempeleng ya Theotokos ka 431. Koo, gareng ga mafelo otlhe, mo lemororo motsemogolong oo o neng o itsege ka kobamelo ya Aretamise, kana Diana jaaka Baroma ba ne ba mmitsa, koo go neng go bolelwa gore setshwantsho sa gagwe se ne se wetse gone go tswa kwa legodimong, kafa tlase ga moriti wa tempele e kgolo e e neng ya tshwaelwa Magna Mater [Mmè yo Mogolwane] fa esale ka 330 B.C. mme go ya ka ngwao e neng e le bonno jwa nakwana jwa ga Maria, leina ‘yo o tshotseng Modimo’ le ne le ka se tlhoke go golediwa.”
14. Hisitori e tlhomamisa jang gore thuto eno e simologile kwa boheitaneng?
14 Jalo fela jaaka ka Tharo-nngwe, thuto ya “mmaagwe Modimo” ke thuto ya boheitane e e tsewang jaaka ekete ke ya tumelo ya Bokeresete. E ne e le kwa godimo mo ditumelong tsa boheitane mo dingwaga-kgolong tsa pele ga ga Keresete. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana kafa tlase ga setlhogo “mmè wa modimo wa sesadi”: “Mofuta ope fela wa medimo ya sesadi le ditshwantsho tsa bommè tsa popo, tsalo, monono, tlhakanelo-dikobo, kotlo, le kgolo. Lereo leno le ile la dirisiwa gape mo ditshwantshong tse di farologaneng tse di bidiwang tsa Stone Age Venuses le Lekgarebe Maria. . . . Ga go na ngwao epe eo e sa diriseng mofuta mongwe wa ditshwantsho tsa sesadi go supa medimo ya yone. . . . Ke mosireletsi le mootli wa ngwana wa bomodimo le, fa go akarelediwa, wa batho botlhe.” Ka gone, moperesiti wa Mokatoliki Andrew Greely o bua jaana mo bukeng ya gagwe The Making of the Popes 1978: “Setshwantsho sa ga Maria se golaganya Bokeresete ka tlhamalalo le ditumelo tsa bogologolo [boheitane] tsa bommè ba medimo ya sesadi.”
Kobamelo e e sa Tshwanelang
15. (a) Ke eng seo se ileng sa nna gone mo go La-Bodumedi mabapi le Maria? (b) Go ya ka Bibela, ke mang fela yo a ka re buelelang le Modimo?
15 Boiphako jwa gore Maria e ne e le “mmaagwe Modimo” bo mo naya boemo jo bo kwa godimo mo e leng gore batho ba ka nna ba leka go mo obamela, mme seo ke se se ntseng se diragala ka makgolo a dingwaga. Makgolokgolo a dimilione tsa batho mo mafatsheng a mantsi a ile a mo rapela kana a rapela ka ene gape a ile a obamela ditshwantsho le mekgabisa ya ditshwantsho tsa gagwe ka boineelo. Lefa baithuta-bodumedi ba ka nna ba dira seipato ka go bolela gore go rapela Maria ke go obamela Modimo mme e se ka tlhamalalo, Modimo ga o go lebe jalo. “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu.” (1 Timotheo 2:5; 1 Yohane 2:1, 2) Jesu ka boene o ne a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.”—Yohane 14:6.
16. Petere le Johane ba ne ba phepafatsa jang gore go tshwanetswe ga obamelwa Jehofa fela?
16 Go ineela mo go Maria ka tlhamalalo kana mo eseng ka tlhamalalo, go mo rapela, go obama fa pele ga ditshwantsho le mekgabisa ya ditshwantsho tsa gagwe ke go obamela dibopiwa go na le go obamela Mmopi. Ke go obamela medimo ya disetwa, mme Bakeresete ba laelwa gore ba ‘tshabe kobamelo ya medimo ya disetwa.’ (1 Bakorintha 10:14) Fa Korenelio wa Moditšhaba a ne a obama ka tlotlo fa pele ga moaposetoloi Petere, tlhokomela gore go ne ga diragala eng: “Me ga dihala ea re Petere a tsèna, Korenelio a mo kgatlhantsha, me a wèla ha dinaoñ tsa gagwè, a mo ōbamèla. Me Petere a mo kakatlolola, a re, Èma; le nna ka nosi ke motho.” (Ditihō 10:25, 26) Go obama fa pele ga motho ka go mo obamela go ne go sa tshwanela, mme Petere o ne a ka seka a go amogela. Gape, fa moaposetoloi Johane a sena go amogela ponatshegelo ka moengele o bega jaana: “Ka wèla ha hatshe, ka re, ke ōbamèla ha dinaoñ tsa moengele eo o mpontshitseñ dilō tse. Me a nthaea, a re, U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna, le ka baperofeti ba ga eno, le ka ba ba bolokileñ mahoko a lokwalō lo: ōbamèla Modimo.” (Tshenolō 22:8, 9) Fa e le gore le eleng moengele wa Modimo ga a tshwanelwa go obamelwa, abo batho kana ditshwantsho tsa bone di sa tshwanela jang ne.
17. Ke eng seo saetlopedia ya Katoliki e se dumelang gore e ka nna ya nna phelelo ya go rapela Maria?
17 The Catholic Encyclopedia e dumela gore go ineela go go ntseng jalo mo go Maria go ka felela ka kobamelo e e sa tshwanelang. Kgatiso ya yone ya pelenyana e ne ya tlhalosa jaana: “Ga go kake ga ganelwa gore boineelo jo bo tlwaelegileng go Lekgarebe le le Segofaditsweng gantsi bo dirwa ka mo go feteletseng le ka mo go sa tshwanelang.”
18. Thuto e e ntseng jalo e e seng ya dikwalo e ka tswa e tswa motsweding ofe?
18 Thuto e e ntseng jalo e e seng ya dikwalo e ne e tswa motsweding ofe? Motswedi wa motheo e tshwanetse go nna Mmaba wa Modimo, Satane Diabolo. (Yohane 8:44) Ke ka ntlhayang a ne a rotloetsa thuto e e ntseng jalo? Go nyenyefatsa le go nyatsa Molaodi-Mogolo Jehofa, go goletsa batho, le go tsosa tlhakatlhakano. E faposa batho mo kobamelong ya boammaaruri mme e ba dira gore ba lebelele gore ditshwantsho di ka ba boloka. Gape e ile ya dira gore baruti ba nne le maatla ka makgolokgolo a dingwaga mo bathong ba ba tlwaelegileng, bao ba neng ba rutiwa gore ba tshwanetse go ikobela baeteledipele ba bone ba bodumedi ka go bo e ne e le baruti fela ba ba neng ba na le kitso e e sa tlhaloganngweng eo ya bodumedi.
19, 20. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore pele ga Modimo a diragatsa dikatlholo tsa gagwe, batho ba seka-dinku ba tla bona boammaaruri? (b) Ke dipotso dife tseo di tla arabiwang mo setlhogong se se latelang?
19 Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Gape Jehofa o solofetsa gore o tla kgobokanya batho botlhe ba seka-dinku ka go rerwa ga Bogosi go ‘ba kaela ditsela tsa gagwe gore ba tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe.’ (Isaia 2:2-4) Ka go bo ba phuthelwa kwa kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa, Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Jalo ba ba batlang boammaaruri ba tla bo bona mme ba tla gololwa mo dithutong tsa bodumedi jwa maaka tseo di thibelang batho go dira go rata ga Mmopi.
20 Go na le dithuto tse dingwe tsa bodumedi le ditiro tse ka tlwaelo di amogelwang tseo di faposang batho mo kobamelong ya boammaaruri ya Mmopi, mme ba ineela mo dibopiweng. Dingwe tsa tseno ke dife, mme go ile ga felela jang ka tsone? Kobamelo ya boammaaruri e kopanyeletsa eng? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary, 1986.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Jesu o ne a bontsha ka phepafalo jang gore ke Jehofa fela a tshwanetseng go obamelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa jaanong go potlakile ka mo go kgethegileng go obamela ka tshwanelo?
◻ Ke ka ntlhayang fa Maria a sa tshwanela go newa tlotlo e e sa mo tshwanelang?
◻ Kgopolo ya gore Maria ke “mmaagwe Modimo” e simologile kae?
◻ Moaposetoloi Petere le Johane ba ne ba gatelela jang gore Jehofa ke ene fela yo o tshwanetseng go obamelwa?