Go Bona Kutlwano ya Ditso mo Afrika Borwa E E Tletseng Matshwenyego
Jaaka e boletswe ke Merlyn Mehl
KE MO-AFRIKA BORWA, kana jaaka go tlhalosiwa ka tsela nngwe e e sa tlwaelegang mo nageng eno, Mo-Afrika Borwa wa mmala. Ebile ke perofesara kwa Yunibesiting ya Kapa Bophirima, e eleng Yunibesiti e kgolo go di feta tsotlhe mo nageng eno e bontsi mo go yone eleng bantsho. Ke na le dikirii ya thuto ya physics. Gape ke na le dingwaga di le 20 tse di fetileng ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo mo maemong a mabedi ano ke afe mo go one a a nthusitseng gore ke bone kutlwano ya ditso mo lefatsheng leno la kgotlhang le ntwa?
Go Golela mo Afrika Borwa
Cape Town, e e kwa ntlheng e e kwa borwa ya Afrika, e ile ya tlhalosiwa jaaka ‘Kapa e ntle go di feta tsotlhe mo lefatsheng lotlhe.’ Go lebelela dinaledi mo loaping lo lo senang maru mo Cape Town ke tiragalo e e amang maikutlo. Tsatsi lengwe, ke santse ke dira jalo, ke gakologelwa ke raya tsala ya me jaana: “Seno sotlhe se bolelang? Ruri se tshwanetse sa bo se bolela sengwe; lefa go ntse jalo, mo lefatsheng mono dilo ga di na bokao ka gope. Go tla jang gore batho ba tlhaole batho ba bangwe thata jaana? Ke ka ntlhayang fa go sa dirwe dilo ka tshiamo jaana?”
Go tsalelwa mo Afrika Borwa go bolela go lemoga tlhaolele o santse o le mmotlana. Mathata a lotso go bonala go sena gope koo a seong teng. Go tloga bongwaneng, batho ba a kgaoganngwa ba bo ba bewa go ya ka lotso lwa bone. Go ya ka melao ya Afrika Borwa lelapa la rona le wela mo go “ba-mmala.” Jaaka bana, re ne ra rutiwa gore makgoa ke bagateledi mme rona re bangwe ba batho bao ba gatelelwang. Mme ereka, fa re ntse re gola, go ne go batla go sa kgonagale gotlhelele gore ditso tse di farologaneng di kopane kwa sekolong kana mo go intsheng bodutu mmogo, go a utlwala go bo batho ba lotso lo longwe ba ne ba lejwa ka go sa tshepiwe. Mo go rona go ne go bonala ekete makgoa a re gaisa ka dilo tsotlhe—go kopanyeletsa le matlo, dilo tse ba di dirisang, le dikolo. “Apartheid,” eleng go kgaoganngwa ga ditso goo go letleletsweng semolao, e ne ya nna lefoko le le ilwang go a feta otlhe mo tlotlofokong ya rona.
Pele ga ke fetsa sekolo se sepotlana, lelapa la rona le ne la patelesega gore le tlogele legae la rona le le mo tikologong eo batho ba ditso tsotlhe ba neng ba tlhakana mo go yone koo nna le kgaitsadiake re neng re tsaletswe gone. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya Molao wa go Baya Batho go ya ka Ditso tsa Bone, oo o neng o dumelela gore lefelo le le rileng e nne la batho ba lotso lo le longwe fela. Re ne ra fudugela kwa lefelong le lengwe, koo re neng ra nna gone ka dingwaga di le dintsi go fitlhela le lone le bolelwa jaaka “lefelo la makgoa.” Mme he, re ne ra fuduga gape.
Ka ntlha ya boikepo joo jo bo bonwang ke mang le mang, batsadi ba me mmogo le barutabana ba rona ba ne ba re rotloetsa gore re ithute ka natla kwa sekolong. Molaetsa wa gone e ne e le gore, “Lo tshwanetse go bontsha lekgoa gore lo a le gaisa.” Seno se ne sa ama tsela eo ke neng ke leba sekolo ka yone. Lemororo ke ne ke le ditlhong ka tsela e e utlwisang botlhoko, ke ne ke rata go ithuta. Ke ne ke senya nako ya me e ntsi ke buisa sengwe le sengwe le dilo tsotlhe. Ka ntlha ya seno, ke ne ka fetsa sekolo ke le mongwe wa baithuti ba maemo a a kwa godimo mo nageng eno. Ka jalo go ne go tshwanetse gore ke ye yunibesiting. Ka ntlha ya gore ke ne ke rata saense le mathematics, go ne go le bonolo fela gore ke dire tshwetso ya go ithutela dikirii ya saense, ka physics le mathematics e le tsone dithuto tsa me tsa konokono.
Ereka Molao wa Tlhaolele ya Diyunibesiti o ne wa tsena tirisong ka 1960, (eleng one ngwaga oo ke simolotseng yunibesiti ka one), ke ne ka patelesega go ya kwa yunibesiting ya batho ba lotso lwa me. Metswedi ya dikgang e ne e bua thata ka diithuti tse di kwa diyunibesiting tseno tse di kgaogantsweng ka ntlha ya lotso. Ngwaga mongwe le mongwe ke ne ke falola ka dinaledi mme labofelo ke ne ka bona dikirii ya Master of Science go nuclear physics, mme seno se ne sa baka tlhokomelo e e seng kana ka sepe, segolobogolo ereka e ne ya re ka nako eo ka tlhophiwa go nna mo lefapheng la thuto mo Yunibesiting ya Kapa Bophirima—ke le moithuti wa ntlha wa mmala go tlhophiwa jalo.
Lefa go ntse jalo, mo nakong eno ke ne ka ikutlwa ke kgobegile marapo tota. Ke ne ke sa bona karabo ya potso eno ya botlhokwa mo botshelong: Maikaelelo a seno sotlhe ke eng? Seo ke neng ka se bolelela tsala ya me, se se umakilweng pelenyana, ke ne ka se bolela mo e ka nnang ka nako eno.
Dipotso tsa Me Di A Arabiwa
Go tla go fitlha mo ntlheng eno, bodumedi bo ne bo sa bolela sepe se se kalo mo botshelong jwa me. Fa ke ne ke sale ngwana, ke ne ke ile ka tsena Kereke ya Anglican mme ke ne ka tlhomamisiwa fa ke ne ke na le dingwaga di le 16. Mme dipotso tsa me di ne di sa bona dikarabo ka gope. Ka jalo fa ke ntse ke gola, ke ne ka nna ka ya kerekeng ka monokela mme kgabagare ka tlogela.
Mme ka tsatsi lengwe ke ne ka jela nala kwa legaeng la modiri ka nna kwa yunibesiting. Mogatse, ebong Julia, o ne a dirisa Bibela go bontsha gore go na le tharabololo ya mathata a dipolotiki le a lotso e seng a mo Afrika Borwa fela mme gape le a lefatshe lotlhe. Ke ne ka gakgamala mme ebile ke belaela. Mme ke ne ka amogela bukana ya Basis for Belief in a New World, ka ya gae, mme ka simolola go e buisa ka ntlha ya go rata go itse dilo.
Ka oura ya bobedi mo godimo ga tlhogo mo mosong o o latelang, ke ne ke santse ke buisa! E ne e na le ditlhaloso tseo di nang le tlhaloganyo tsa gore ke ka ntlhayang fa Bibela e le boammaaruri, ke ka ntlhayang fa dipolelelopele tsa yone di ka ikanngwa, ke ka ntlhayang fa setho se le mo tlalelong e e kana kana, ke ka ntlhayang fa 1914 e le letlha je le botlhokwa jaana, le gore ke ka ntlhayang fa re ka solofela tsamaiso e ntšha ya tshiamo mono mo lefatsheng. Ruri seno e tshwanetse ya bo e le boammaaruri!
Ka letsatsi le le latelang ke ne ka boela kwa legaeng la tsala ya me. Ke ne ka botsa mogatse jaana: “A o na le dibuka tse di oketsegileng tsa mothale ono?” Ke ne ka tsamaya ke tshotse mokoa wa dibuka tse di malebana le dithuto tsa motheo tsa Bibela, ditlhaloso tsa dipolelelopele tsa Daniele le Tshenolō, gore malatsi a marataro a popo e ne e le a mofuta mang, le tse dingwe tse dintsintsi. Sa botlhokwa thata, di ne di bontsha gore ga go na gope mo Bibeleng moo go tlhaola batho ka ntlha ya lotso go tshegediwang gone, gonne “Modimo e se motlhaodi oa batho.” (Ditihō 10:34) Ke ne ka buisa dibuka tseno tsotlhe ka phisego. Di ne di na le dikarabo tsa dipotso tseo di neng di aga di ntshwenya ka metlha yotlhe. Morago ga lobaka loo e ka nnang ngwaga ke ithuta Bibela ka tlhoafalo, ke ne ka kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Seno e ne e le ka November 21, 1967.
Jaaka phuthego, Basupi ba ga Jehofa tota ga ba na tlhaolele ebile ga ba tsenele mo dipolotiking. Ba ngaparela puso e le nngwe fela, ebong Bogosi jwa Modimo. Mo go bone go nna motho wa maemo a a kwa godimo ga go botlhokwa le eseng. Mme mo Afrika Borwa, ka dinako tsotlhe go na le mathata a a mabapi le dikgang tsa go tlhaolwa ka lotso. Ka ntlha ya Molao wa go Baya Batho go ya ka Ditso tsa Bone, diphuthego di bopilwe ka batho ba lotso lwa mafelo ao ba leng mo go one. Ka jalo kwa Phuthegong ya Claremont koo ke neng ke kopanela gone, bontsi jwa batho e ne e le ba-mmala. Basweu ba sekae bao ba neng ba le gone e ne e le barongwa kana banna bao ba leng mo maemong a bolebedi.
Morago ga dingwaga tseno tsotlhe, ke santse ke gakologelwa ditiragalo tse pedi tse di bontshang kafa go leng bokete ka gone go latllha mekgwa ya bomorafe. Kwa dikopanong, makgoa a a leng gone a ne a atisa go fetela kwa pele mo moleng wa go ya go phaka dijo, ba phaka dijo tsa bone, mme ba bo ba tsamaya go ya go jela kwa thoko ba le bosi, mme rona ba bangwe re eme re letile. Seno se ne sa ntshwenya. Basupi ba makgoa gape ba ne ba na le mokgwa wa go itsise ba bangwe basadi ba bone jaana: “Moratiwa, dumedisa Merlyn. O ithuta Bibela.” “Merlyn, yono ke mosadi wa me, Kgaitsadi Mokete.” Ba ne ba mpitsa ka leina, mme nna ke ne ke tshwanela go re “Kgaitsadi” kana “Mokaulengwe.” Seo se ne sa nkgopisa thata!
Mme morago ke ne ka simolola go ja tlhogo ka seo. Bothata ke gore ka metlha o akanya gore ke motho yo mongwe yo o nang le bomorafe. Mme lefa go ntse jalo Mokgatlho wa batho o o kgaogantsweng go ya ka ditso tse di sa utlwaneng jaaka wa mo Afrika Borwa o tshwanetse wa ama mongwe le mongwe yo o nnang mono. Ke boammaaruri, Basupi bangwe ba makgoa ba ile ba tshwanelwa ke gore ba tlhagolele botsalano le batho ba mmala o sele. Mme he, le nna ke ne ke tshwanetse. Bibela e neela kgakololo eno e e molemo malebana le ntlha eno: “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” (Moreri 7:9) Ee, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke lwele gore ke seka ka kgopisega kgopisega fela le gore ke seka ka bona dilwana tse dinnye tse di amanang le bomorafe tse di ka lemogiwang.
Ke tshwanela go bolela gape gore maemo ka kakaretso a mo nageng eno a fetogile go sekae fa esale ka nako eo. Mo dingwageng tse di fetileng, go ne go dumelelwa basweu ba sekae fela gore ba nne gone kwa dipokanong tsa bodumedi tsa ditso tse dingwe, mme ba ne ba tshwanetse go jela kwa thoko ba le bosi. Ga go tlhole go ntse jalo.
Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa thata ke gore eno e ne e le phuthego ya batho bao ba kopanang fela ba sa tshabe, bao ba amogelanang mo magaeng a bone, le bao ba bitsanang mokaulengwe le kgaitsadi mme ruri ba bua seo ka boikanyegi! Dilo tseno tse di tlhatswang pelo di tshegediwa ka nitamo mme di theilwe mo melao-metheong ya Bibela. Ka jalo fa go tsoga ditiragalo dingwe tsa bomorafe—mme mo Afrika Borwa di batla di sa tilege—go akanya ka dintlha tseno go ritibatsa maikutlo a me ka metlha yotlhe. Jaaka dingwaga di ntse di feta, ke ithuta go dirisa melao-metheo ya Bibela botoka mme ka jalo ke nne le kagiso e kgolwane mabapi le dikgang tsa bomorafe. Mme motho o tshwanetse a go tlhagolela!
Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
Ka bonakonyana fela morago ga ke sena go kolobetswa, ke ne ka ikutlwa gore ke tshwanetse go oketsa bodihedi jwa me. Ke ne ke sa nyala mme ke ne ke sena maikarabelo a mantsi, ka jalo ka October 1, 1968, ke ne ka simolola bobulatsela jwa ka metlha. Seno se ne sa tsosa khuduego e e seng kana ka sepe, ereka go ne go raya gore ke tlogele yunibesiti mme ke latlhe seo ba bantsi ba neng ba se tsaya jaaka tiro ya maemo a a kwa godimo. Setlhogo sengwe se se neng se bua ka go rola tiro ga me sa lekwalo-dikgang lengwe se ne se re: “Rasaense wa Maemo a a kwa Godimo O A Tlogela go Ya go Dira Tiro ya go Pateletsa Batho Dibibela.” Ka bonako fela ke ne ke tsamaisa dithuto tsa Bibela tse di lesome kana go feta moo le batho ba ba farologaneng kana le malapa. Kwa kopanong nngwe ba le babedi ba batho bano ba ne ba kolobediwa, kwa go e e latelang, ba le bane; ga latela ba le supa, jalo le jalo.
Ka September 17, 1969, ke ne ka nyala Julia, ebong Mosupi yo o neng a nkitsise boammaaruri. O ne a ile a tlhala ka mabaka a semolao le a Dikwalo nakonyana e telele pele ga re nyalana. Ereka a ne a na le basimane ba le babedi, ebong John le Leon, seno se ne sa bolela gore ke ne ka nna le lelapa ka ponyo ya leitlho. Re ne ra dira tshwetso ya go tswelela ka tirelo ya bobulatsela ka lobaka lo loleele ka mo go ka kgonegang ka gone, mme seo se ne sa itshupa e le motheo o o molemo mo basimaneng bano mme se ne sa nthusa gore ke atlege ka lelapa la rona la bana ba ke nyetseng mmaabo ka bone.
Metlha ya bo 1970 fa e simologa e ne e le nako e e neng e itumedisa tota go bo ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, jaaka maitemogelo ano a bontsha. Fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo, re ne ra kopana le lekgarebe lengwe le le bidiwang Annabel. O ne a amogela buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le Bibela ka yone fela nako eo. (Moragonyana re ne ra utlwalela gore o ne a duelela dibuka tseo ka madi a bofelo ao a neng a na le one—motho yo o rekisang maši o ne a tshwanelwa ke gore a tle go lata madi a gagwe mo bekeng e e latelang!) Go tloga fela kwa tshimologong, o ne a baakanyetsa thuto ya gagwe ya Bibela ya beke le beke sentle go sa kgathalesege ngwana yo o neng a tshwenya. Gape o ne a simolola go bolelela ba lelapa la gagwe ka seo a neng a ithuta ka sone. Ka bonako monna wa gagwe, ebong Billy, o ne a tsamaya le ene go ya kwa dipokanong. Batsadi ba ga Annabel ba ne ba shele bana ba bone maina go ya kafa ditlhaka tsa dialofabete di latelanang ka gone. Morwadiarraagwe ebong Beattie o ne a simolola go ithuta. Charlie le mosadi wa gagwe ba ne ba ka seka ba tlogelwa, Daphne le ene o ne a bontsha kgatlhego, mme Edna le monna wa gagwe le bone ba ne ba kopanela mo go yone. Gompieno lelapa leo lotlhe le na le dingwaga di le dintsi le direla ka boikanyegi. Banna mo go lone ke bagolwane kana batlhanka ba bodihedi, mme ba bantsi mo basading ba lone ba ile ba direla jaaka babulatsela.
Mme jaanong go bo go nna le Stanley. Re ne ra kopana le ene mo tirong ya ntlo le ntlo, mo ntlong ya bofelo mo tshokologong nngwe ya Mantaga o go neng go le tsididi ka one. Mme abo re ne ra amogelwa sentle jang ne! Mosadi wa gagwe o ne a re laletsa gore re tsene mo ntlong, mme go ne ga bonala fela di tloga gore re buisana le monna yo o nang le tshisimogo. Tota, o ne a fetsa go rapela a kopa gore a thusiwe go tlhaloganya Bibela. Motlotlo wa rona wa ntlha o ne o le kaga thuto ya Tharo-Nngwe. Morago ga oura re ntse re tlotla, o ne a lebega a tlhatswegile pelo. Mo bekeng e e latelang, o ne a re dumedisa ka mafoko ano: “Lo ne lo bua boammaaruri. Ke buisitse ‘Tesetamente E Ntšha’ yotlhe, mme ga go na Tharo-Nngwe mo go yone. Ke ne ka ya go bona moruti go mmotsa gore ke ka ntlhayang fa a ne a ntse a ntimetsa jaana. O ne a gana go buisana le nna, ka jalo ke ne ka busa dienfolopo tsa koleke tseo ke neng ke di dirisa go koleka madi mo malokong a mangwe a kereke.” Mme o ne a dira seno sotlhe go sena lefa e le nngwe ya dibuka e a neng a e bone go tswa mo go rona! O ne a batla go ya dipokanong mme re ne ra solofetsa gore re tla tla go mo tsaya. Mme ka Sontaga eo re ne ra nna thari ka metsotso e le metlhano go ya jaaka re ne re solofeditse. Re ne ra rakana le ene a palame baesekele ya gagwe a ya kwa dipokanong! O ne a bolela jaana, “Ke ne ke ithaya ke re lo ne lo ntebetse.” Re ne re ithuta gararo ka beke, mme o ne a kolobediwa mo dikgweding di le tharo morago ga re sena go kopana le ene la ntlha. Stanley o diretse ka dingwaga di le dintsi ka matlhagatlhaga a a tshwanang le ao a neng a na le one pele.
Nna le Julia re ile ra bala gore mo dingwageng tseno tsotlhe re ile ra nna le tshiamelo ya go thusa batho ba ba ka nnang 50 gore e nne Basupi ba ga Jehofa.
Go Boela kwa Tirong ya Boitshediso
Morago ga dingwaga di le nne re le mo tirelong ya bobulatsela, madi a rona a ne a setse a le gaufi le go fela. Ditlhotlhwa tsa dilo di ne di tlhatlogile, mme le basimane ba ne ba ntse ba gola. Ka jalo, re ne ra dira tshwetso ya gore re tlogele bodihedi jwa nako e e tletseng ka kutlobotlhoko ebile re sa batle. E ne e le ka September 1972. Go ne ga latela eng? Ka January 1, 1974, ngwaga fela morago ga moo, ke ne ka boela go ya go ruta kwa yunibesiting fa phatlha-tiro ya physics e ne e nna gone. Seno se ne sa bolela gore ke dire diphetogo mo dilong di se kana ka sepe le go itisa gore ke se ka ka latlhegelwa ke tsholofelo. Mme ka Julia a ne a ntshegetsa a sa reketle ke ne ka kgona go dira diphetogo tseno. Go nna ke tshwaregile thata mo bodiheding le kwa phuthegong go ne ga nthusa thata—ke tswelela go ‘batla bogosi pele’ ka mmatota.—Mathaio 6:33.
Ereka go lebeletswe gore batlhatlheledi botlhe ba kwa yunibesiting ba dire patlisiso, go ne ga tsoga kgang ya gore ke boele go nuclear physics. Ke ne ka go fitlhela go le boima tota go akanya go dira mofuta ono wa patlisiso e e felelang fela mo setlhopheng sa batho ba le mmalwa fa nako ya me kwa ntle ga yunibesiti yone ke ne ke e senya ke leka go ruta batho boammaaruri jwa Bibela. Go ne ga bonala go sa thuse sepe go nna le seabe mo go direng patlisiso ka ntlha ya molemo wa yone fela. Mme, kwantle ga pelaelo, patlisiso ya nuclear-physics go ka nna ga diragala gore e dirisiwe mo sesoleng, mme seno se ka tlisa mathata mabapi le boitlhaodi jwa Bokeresete.—Isaia 2:2-4.
Mo Afrika Borwa yunibesiti e e tshwanang le ya Kapa Bophirima e na le baithuti ba le bantsi bao go tweng ke ba “ba tlhokileng lesego.” Ba tla yunibesiting ba sa ipaakanyetsa dithuto sentle ka ntlha ya thuto ya maemo a a kwa tlase le mabaka a mangwe a loago le tsa itsholelo. Gantsi e a bo e se gore ga ba na bokgoni—ke fela gore ga ba a ka ba nna le tshono eo. Jaaka karolo ya tiro ya me ya kwa yunibesiting mo dingwageng di le 13 tse di fetileng, ke ntse ke dira dipatlisiso ka mathata a go ithuta a baithuti ba go nna jalo mmogo le go rulaganya mekgwa e mengwe ya go ba ruta. Patlisiso eno e ile ya dira gore ke bone dikirii mo thutong ya physics le gore ke tlhatlosiwe go nna porofesara. Dithulaganyo tsa go dira patlisiso go dirisanwa mmogo le diyunibesiti tse dingwe jaanong di dirwa le diyunibesiti tse di kwa United States le kwa Iseraele. Go a kgatlhisa go bapisa dipholo tsa patlisiso eno le mekgwa ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa.
Thuto nngwe e e dirilweng ke Moporofesara Reuven Feuerstein le badirimmogo le ene ba kwa Iseraele e bidiwa Boitemogelo jwa go Ithuta ka go Nna le Motsereganyi. Mooko wa thuto eno ke gore bana ba nna le kgono ya go akanya eseng fela ka dilo tse di kwa ntle tseo di ba tlhotlheletsang tseo di tsenang ka dirwe tsa bone tsa kutlo gape le ka motsereganyi yoo e leng motho yo o ba tlhalosetsang selo seo se se ba tlhotlheletsang. Fa seno se sa diriwe, bana ga ba nne le kgono ya go akanya jaaka ba ne ba ka kgona.
Basupi ba ga Jehofa ba gatelela karolo ya motsadi jaaka morutisi wa konokono wa ngwana thata. Batsadi bao eleng Basupi ba senya dioura di le dintsi ba tlhatlhoba dibuka tse di thusang go ithuta Bibela tseo di nang le ditshwantsho le bana ba bone, ba ba botsa ka seo ba se bonang mme ba ba thusa gore ba tlhaloganye kafa dikgang tse di mo Bibeleng di leng botlhokwa ka gone. Ba gatelela e seng fela botlhokwa jwa thuto ya Bibela ya beke le beke mme gape le go rutwa ka metlha, segolobogolo melao-metheo ya Bibela. (Duteronome 6:6-8) Patlisiso e e fa godimo go bonala e bontsha gore ka go dira jalo, batsadi tota ba dira gore bana ba bone ba nne botlhale.
Constructivism ke thuto e nngwe e e bontshang gore go ruta ga se fela go fetisetsa tshedimosetso go tswa mo mogopolong wa motlhatlheledi go ya mo mogopolong wa moithuti. Go na le moo, motho mongwe le mongwe o itirela tshwetso ya gagwe ka namana ka seo a se boneng kana seo a se utlwileng kana seo se mo diragaletseng. Ke ka lebaka leo batho ba babedi ba ka utlwang tshedimosetso e le nngwe fela mme ba bo ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng. Gore batho ba ithute ka tsela e e nang le katlego, ba tshwanetse go tsenya seatla mo tshedimosetsong eo ka bobone.
Seno ke sone seo dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di se kgothaletsang. Mongwe le mongwe go lebeletswe gore a baakanyetse pele ga nako tshedimosetso eo go tla tlotliwang ka yone go tswa mo bukeng eo e dirisiwang. Ka nako ya pokano eo ka boyone, go kopiwa dikakgelo go tswa mo bareetsing tse di malebana le dintlha tse ba di baakanyeditseng. Ka mokgwa ono batho ba kgothalediwa eseng fela gore ba tlhalose seo ba se ithutileng mme gape le go solegelwa molemo ke seo ba bangwe ba se baakanyeditseng.
Fa thuto e e thailweng mo dikhomputareng e ne e goroga e ile ya bakiwa go twe ke mokgwa wa go ruta batho ka bongwe. Lefa go ntse jalo, tiro ya go ithuta Bibela eo Basupi ba nang le dingwaga di le dintsi ba e dira mo magaeng a batho e a e phala! Morutisi a le mongwe o thusa motho a le mongwe, ba le babedi, kana ba le bararo (ba ba fetang moo ka sewelo) gore ba ithute tshedimosetso e e gatisitsweng e e buang ka setlhogo sengwe sa Bibela seo seithuti se ileng sa se tlhatlhoba fa se ne se baakanyetsa. Seithuti se kgothalediwa gore se tlhalose seo se se tlhaloganyang, dirapa ka go latelana ga tsone, mme seno go tlotliwa ka sone—ruri seno ke thuto ya Bibela ya botho. Ereka Basupi ba ga Jehofa ba neelwa kafa melao-metheo e e ntseng jalo ya go ruta e e utlwalang e ka dirisiwang ka gone, ga go gakgamatse go bo ba tswelela pele jaaka ba tswelela jaana. Ee ruri, ga ba a tshwanela go ithuta melao-metheo eno kwa yunibesiting. Ba e bona go tswa motsweding o mogolwane—ebong Bibela.—Mathaio 28:19, 20; Yohane 6:45.
Kutlwano ya Ditso E Tseela go Tlhoka Kutlwano ga Ditso Sebaka
Go setse go fetile dingwaga di le 20 fa e sale ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Barwa ba me ba babedi bao ke nyetseng mmaabone ka bone, ebong John le Leon, bao jaanong ba setseng ba godile, ka bobedi jwa bone ba kolobeditswe mme ba direla ka boikanyegi. Ka 1976 morwa wa rona ebong Graeme o ne a belegwa. Ke tshiamelo gore le ene gape re mo godise ka tsela ya boammaaruri. Lelapa la rona le segofaditswe gonne Julia o boetse gape o kgona go bula tsela, mme nna ke tsaya bobulatsela jo bo thusang bobotlana gararo ka ngwaga. Go ile ga nna le koketsego e e kwa godimodimo ya go tlhoka kutlwano ga ditso go re dikologa mono Afrika Borwa. Motho o e bona e kwalwakwadilwe mo dipoteng tsa dikago mme o e utlwa mo moyeng. Lefa go ntse jalo, mo gare ga ditso tseno tse di sa utlwaneng, go na le kgakgamatso nngwe ya segompieno e e diragalang. Ereka Puso e repisitse melao e e malebana le go kopana, Basupi ba ga Jehofa jaanong ba kgona go kopana mmogo ka kgololesego, segolobogolo kwa dikopanong tse dikgolo. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go rulaganyeng dingwe tsa dikopano tseno tsa batho ba ditso tsotlhe. Koo re bona go sa tlhaole batho ka lotso go dirisiwa, batho ba ba rutilweng ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa Bibela bao ruri ba sa boneng mmala wa motho! Bano ke batho ba ba bonang seo ba bangwe ba leng sone mo teng ga bone, e seng mmala wa bone wa letlalo fela.
Basupi ba ga Jehofa gompieno ba bopa bokaulengwe jwa batho jwa lefatshe lotlhe joo e leng jone fela jwa boammaaruri. Mo nakong e e sa fediseng pelo, mo tsamaisong ya gagwe e ntšha ya dilo, Jehofa o tla “phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” Nna mmogo le bakaulengwe ba me le bokgaitsadi ba ba dimilione mo lefatsheng ka bophara, ke lebeletse go tla ga lefatshe leo je le itumedisang, je le tshiamo, le lesha le go sa tlhaolweng batho ka lotso mo go lone.—Tshenolō 21:3-5.