LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/15 ts. 21-25
  • Ditlhaketlhake tsa Lewatle la India Di Utlwa Mafoko A A Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhaketlhake tsa Lewatle la India Di Utlwa Mafoko A A Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Kwa Re Emeng Teng la Ntlha—Rodrigues
  • Seychelles E E Kwa Kgakala
  • Go Boela kwa Réunion
  • Mayotte—Setlhaketlhake sa Senkgamonate
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/15 ts. 21-25

Ditlhaketlhake tsa Lewatle la India Di Utlwa Mafoko A A Molemo

DITLHAKETLHAKE tsa Rodrigues, Mauritius, Réunion, Seychelles, Mayotte, le Comoros di dira segopo gaufi le Madagascar ebile di gasame mo disekwere kilometareng di feta dimilione di le 3,9 kafa bophirima jwa Lewatle la India. Lemororo ditlhaketlhake tseno di gasame mo lefelong le legolo thata, di na le naga fela e e ka nnang disekwere kilometara di le 7 300. Ereka di na le baagi ba ka nna dimilione di le 2,3 ke dingwe tsa ditlhaketlhake tse baagi ba tsone ba pitlaganeng thata mo lefatsheng.

Baagi bano ba akaretsa Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 2 900, bao ba dirang ka natla go rerela batho ba ditlhaketlhake tseno mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ereka ba le kwa thoko jalo, Basupi bano ba itumelela thata go etelwa ke balebedi ba ba etang le go nna le dikopano tsa ngwaga le ngwaga tseo di rulaganngwang ke ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Vacoas, kwa Mauritius. Tseno ke dinako tseo mo go tsone ba kgonang go itumelela seo se kaiwang ke mafoko ano a a mo go Isaia 42:10: “Ōpèlèlañ Yehofa sehela se sesha, le pakō ea gagwè go cwa bokhutloñ yoa lehatshe; lona ba lo hologèlañ mo lewatleñ, le cotlhe tse di mo go yeōna; le ditlhake le banni ba cōna.”

Bosheng jaana, baemedi go tswa kwa ofising ya lekala ba ne ba etela ditlhaketlhake tseno ba etela diphuthego le go ya go tshwara metseletsele ya dikopano tsa letsatsi le le kgethegileng, tseo setlhogo sa tsone se neng se re “Lo Nnè Boitshèpō mo go Tsheleñ Goñwe le Goñwe Gotlhe ga Lona,” se se neng se thailwe mo go 1 Petere 1:15. Go akaretsa lefelo lotlhe leo la lewatle, go ne go tsamaiwa thata ka difofane—dinako dingwe go ne go dirisiwa difofane tsa segompieno tsa dijete tsa jumbo mme gantsi go ne go dirisiwa difofanenyana tse dinnye tse di kgweediwang ka lefetlho. Go ne go dirisiwa mekoro e e nang le disaile tse di sekwere kwa pele le kwa morago le mekorwana mengwe e mennye. Tsamaya le rona, mme o bone kafa ditlhaketlhake tse di mo Lewatleng la India di utlwang mafoko a a molemo ka teng!

Kwa Re Emeng Teng la Ntlha—Rodrigues

Fa re sena go tsamaya ka sefofane ka lobaka lwa ura le sephatlo go tswa kwa Mauritius, re ne ra bona thotana ya letlapa la metsing. E dira lobotana lwa letshanatswai le legolo le le dikologileng karolwana e nnye ya naga mo Lewatleng la India. Ke gone fa re emang teng la ntlha eleng kwa setlhaketlhakeng sa Rodrigues.

Boemafofane bo agilwe mo thotaneng ya letlapa la metsing, mme bo bidiwa Point Coraille. Mo lefelong leno dithotana tseno tsa letlapa la metsing di dikima tota mo di ka segiwang diboloko mme tsa dirisediwa go aga. Besenyana e nnye e re tsamaisa ka tsela e tshesane, e e itsoketsang go tswa kwa boemafofaneng go ya kwa toropong e kgolo ya Port Mathurin. Fa re le fa lefelong lengwe re kgona go bona ka kwa ga setlhaketlhake re bonela kgakala dithotana tsa letlapa la metsing, letshanatswai le letala, le lotshitshi lo lo tletseng maje. Ereka setlha sa pula se fetsa go feta, mefapha ya makgabana e apesitswe ke tlhaga e e tlhabang e e itshophileng kafa tlase e e namileng ebile dikgomo, dinku, le dipodi di fula fale le fale.

Kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tlile go tshwarelwa mo Holong nngwe e nnye e e phepa ya Bogosi mo Port Mathurin. Tiro e ne ya simolola la ntlha mo Rodrigues ka 1964. Jaanong, go na le baboledi ba mafoko a a molemo ba le 36 mo gare ga baagi ba le 37 000. Abo go ne go itumedisa jang ne go bona batho ba ba 53 bao ba neng ba le teng le go bona lekawana lengwe la dingwaga tse 18 le kolobediwa. Mmaagwe o ne a amogela boammaaruri ka 1969 le mororo a ne a sa itse go bala kana go kwala, mme o ile a tswelela a direla Jehofa lefa a ne a ganediwa mo lapeng. Jaanong ba babedi ba bana ba gagwe ba ineetse mo go Jehofa.

Morago ga kopano, re ne ra fetsa beke re rera mo setlhaketlhakeng. Re bua Se-Creole sa rona sa kwa Mauritius gonne ke puo e e buiwang le gone mono mo Rodrigues. Re pagama bese re bo re tsamaya ka dinao go ya kwa tshimong ya rona—mokgatšha o motala o o simololang fa tseleng e e pagamelang o fologela kwa lewatleng. A tikologo e ntle ruri—letshanametsi le le botala jwa loapi, thabana ya letlapa le lesweu la metsing, le lewatle le le botala jo bo tseneletseng jwa loapi kafa morago! Ereka re lapolositswe ke moya o o nkgang monate, o o phepa, jaanong re siametse go tsamaya.

Re latela ditselana tse ditshesane tse di ralalang masimo mme re tsamaya re ntse re tshelela molatswana kafa le kafa re lebile kwa matlonyaneng a mantsi a mannye kwa mokgatšheng. Re amogelwa sentle mo lelapeng lengwe le lengwe ebile re kgona go bua le beng ba matlo kaga masego a a tla tlogang a tla a Bogosi. Go ise go ye kae re setse re le kwa tlase ga mokgatšha mme ebile ke nako ya go ya gae. Seno se raya gore re tlile go pagamela gape le go tsamaya ka lobaka lwa diura, mme batho ba ba botsalano ba lefelo leno ba a re falotsa—re pegiwa kafa morago ga llorinyana nngwe.

Morago ga go tsamaya thata jalo, re itumelela go boela gape mo Legaeng le lentle la Bethele mo Vacoas. Go na le dikopano tse pedi tsa letsatsi le le kgethegileng tse di tlileng go tshwarelwa kwa Holong ya Mmasepala. Mo letsatsing la ntlha go tla batho ba le 760. Ba tswa mo halofong ya diphuthego tse 12 tse di mo setlhaketlhakeng. Letsatsi le le latelang batho bangwe ba le 786 go tswa mo diphuthegong tse dingwe tse thataro ba tla go itumelela thulaganyo e e tshwanang. Mo mafelobekeng ao, go kolobediwa batho bangwe ba basha ba le bane. Go na le babulatsela ba le 30 ba ba kgethegileng le babulatsela ba ka metlha ba le 50 ba ba nang le seabe mo go rereleng batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seno mafoko a a molemo.

Seychelles E E Kwa Kgakala

Ka bonako fela e setse e le nako ya gore re tshware sefofane gape, re leba kwa bokone dikilometara di le 1 600 re tsamaya kwa godimo ga lewatle re lebile kwa setlhaketlhakeng sa Mahè sa dingwe tsa Seychelles, se se bidiwang Zil Elwannyen Sesel ka Se-Creole, se se kayang “Ditlhaketlhake Tse Di kwa Kgakala tsa Seychelles.” Ofisi ya lekala e kgona go rulaganya gore di etelwe gabedi fela ka ngwaga ka ntlha ya bokgakala. Letsatsi la kopano e e kgethegileng le kopano ya potologo di tshwarwa mo malatsing a mararo a a latelanang ka dikgakologo. Kopano ya kgaolo e tshwarwa moragonyana mo ngwageng. Ereka jaanong re le mo bogareng jwa October re tletse kopano ya kgaolo, morago re tlile go etela phuthego ka lobaka lwa beke. Fano le gone re kgona go bua Se-Creole sa rona sa kwa Mauritius.

Bakaulengwe ba ba tswang kwa ditlhaketlhakeng tse di fa gaufi tsa Praslin le La Digue ba setse ba gorogile. Abo go kgatlha jang ne go bona batho ba merafe e e ka nnang 12 fano! Kopano e tlile go tshwarelwa mo Holong ya Bogosi ya lefelo leo, eo e leng lefelo le legolo le le kwa morago ga ntlo ya Mosupi mongwe leo e neng e le karaje pele. Ereka e le bakaulengwe ba le barataro fela go akarediwa le ba baeng ba ba tshwanelegelang go nna le seabe mo thulaganyong, bangwe ba nna le tshiamelo ya go naya dipuo di le mmalwa mo malatsing a mane ao. Baboledi ba ba 81 bao ba itumelela go bona go na le ba le 216 ka letsatsi la bofelo la kopano.

Morago ga kopano, re pagama sekepe se se nang le disaile kwa pele le kwa morago go ya kwa Praslin, e e dikilometara di le 40 kafa bokonebotlhaba jwa Mahé. Sekepe seno se se dimetara tse 18 se dirilwe ka logong lwa setlhare sa tacamahac. Sekepe se se leleselang seno se kgona go pega bapagami ba le 50 le ditone tse 36 tsa dithoto. Fa re tloga fa boemakepeng jwa Mahé mme nko ya sekepe e leba kwa losing lwa Praslin kwa khutloponong e e kwa kgakala, re kgona go utlwa maatla a enjene ya disele e thusiwa ke disaile tse ditshweu tse di neng di phaphailega go tswa mo dipaleng tsa sone tse pedi.

Diura tse pedi le sephatlo morago ga foo, re dikologa leje fa naga e tseneletseng teng mo lewatleng go tsena mo metsing a a ritibitseng a Bay St. Anne e ntle. Fa re fologa fa boemakepe, re bona bakaulengwe ba rona ba re emetse. Go na le baboledi ba le 13 mo setlhaketlhakeng se sennye seno, mme go na le baeng ba le 8 ba ba tswang kwa dikarolong tse dingwe. Ka jalo re itumela tota go bona holo e nnye e tletse ka batho ba le 39 ba ba tlileng go reetsa puo e e kgethegileng. Abo seno se supa fa ba ka nna ba oketsega jang ne!

Fa re santse re le fano mo Praslin, re tshwanetse go etela kwa Vallée de Mai. Fano ke fa go tlhogang teng dipalema tsa Coco-de-mer, e e ungwang maungo a magolo go feta otlhe a a mo lefatsheng, lengwe le lengwe la one le bokete jwa dikilogerama di le 20. Re kgona go bona dipalema tseno jaaka di ntse di gola kafa tlase ga meriti e e tsiditsana e metala ya sekgwa. Makwalonyana a semmuso a a beilweng foo a tlhalosa gore e telele go di gaisa tsotlhe e ne e le boleele jwa dimetara di le 31 fa e ne e lekanngwa la bofelo ka 1968. Go fopholediwa gore dingwe tsa ditlhare tse dileele tseno di ka tswa di na le dingwaga di le 800 di ntse di le teng. Setlhare se tsaya dingwaga di le 25 pele se ka ungwa mme loungo loo lo tsaya dingwaga di le 7 go gola. Ga go gakgamatse go bo boroutšhara jwa teng bo tlhagisa jaana: “Tsaya ditshwantsho fela, o tlogele metlhala ya dinao fela”!

Ka ura ya bosupa mo mosong o o latelang, re pagama mokoro re ya kwa setlhaketlhakeng se sennye sa La Digue. Go tletse mekoro e mentsi e mennye go dikologa boemakepe. Ke tsone di golaganyang baagi ba ba 2 000 bano le lefatshe. Re kgatlhantshiwa ke banyalani bangwe ba ba godileng ba ba tswang kwa Switzerland bao ba saleng ba tla mo ditlhaketlhakeng tseno ka 1975. Go na le gore re tsamaye ka “thekisi” ya koloi e e gogwang ke dipholo, re tsamaya mo lotshitshing lo lo nang le matlapa a mantle a keraniti a a pinki a a rethefaditsweng ke lewatle le pula. Fa re sena go ja sefitlholo, re ralala lefelo le lennye le le sireleditsweng, leo nonyane nngwe e ntsho e e sa bonweng thata e e jang ditshenekegi e tsalelang mo go lone, re lebile kwa legaeng la batho bangwe ba ba kgatlhegang. Go kokoana batho ba ka nna lesome le boraro go tla go reetsa puo e e newang ka Se-Creole. Re kopana le banyalani bangwe ba ba neng ba dirile dithulaganyo tsotlhe tsa gore ba nyalane semolao gore ba kgone go gatela pele semoyeng. Eleruri, Jehofa o tlisa dilo tse di eletsegang tsa merafe le eleng mo ditlhaketlhakeng tse di kwa kgakala tseno.

Go Boela kwa Réunion

Réunion ke setlhaketlhake se se tlhabolotsweng thata go gaisa tsotlhe tseo re di etelang mo loetong lono. Fa re atamela naga eno, re bona tselakgolo e e nang le ditselana di le nne, e tletse ka dikoloi tse di tswang kwa moshateng kwa Saint-Denis. Dikago tsa matlhatlaganyane di tladitse naga e e fa gare ga lewatle le dithaba. Go nna batho ba le 580 000 mo setlhaketlhakeng seno mme se ile sa itshupa e le tshimo e e ungwang tota fa go neelwa bosupi ka Bogosi mo go yone. (Mathaio 9:37, 38) Jaanong go na le baboledi ba ba tlhaga ba mafoko a a molemo ba ka nna 2 000 mo diphuthegong tse 21.

Kopano ya letsatsi le le kgethegileng e tshwarelwa mo setadiamong se se nang le mathudi. Re itumelela go bona go tlile batho ba le 3 332, mme abo go kgatlha jang ne go bona go na le ba le 67 ba basha ba ba tlileng go kolobediwa! Fa re sena go nna le barongwa mo setlhaketlhakeng seno, re fetela kwa pele.

Mayotte—Setlhaketlhake sa Senkgamonate

Fa re sena go tsamaya ka sefofane ka diura tse pedi, jete ya rona e e pegang batho ba le 40 e simolola go kgokologela mo boemafofaneng jwa Pamanzi, joo bo leng mo setlhaketlhakenyaneng seo se tshwaragantsweng ka tsela e e tsamayang kwa godimo ga metsi e e boleele jwa dikilometara di le 1,9 e e yang kwa Dzaoudzi eleng moshate wa Mayotte. Loapi lo lotala, maru a masweu, mefapha ya dithaba e e tletseng ka dimela, le lewatle le le botala jo bo tseneletseng jwa loapi fa di kopana di dira setshwantsho se sentle sa paradaise e e ritibetseng ya boboatsatsi. Mayotte e retiwa sentle ka leina la yone la metlae Setlhaketlhake sa Senkgamonate gonne e na le lonko lo lo monate lwa setlhare sa ilang-ilang. Matute a dithunya tsa sone a romelwa kwa Fora gore a dirisiwe jaaka sere se segolo mo dinkgisamonateng tse di ratiwang thata mo lefatsheng.

Go ya kwa setlhaketlhakeng se segolo ke sekgala se se ka tsamaiwang ka metsotso e le 15 ka mokoro. Fa re sena go ja sengwenyana kwa legaeng la barongwa, re lalediwa go ya kwa thutong ya buka dikilometara di le 19 go tswa foo kafa letlhakoreng le lengwe la setlhaketlhake. Loeto lwa rona lo lo monate lo felela jalo! Re pagama llorinyana e e senang tente mme re tsamaya mo tseleng e tshesane e e tshosang. Go lebega re fosa go gata batho, dikgomo, le dikoloi go le gonnye fela. Mme lefa go ntse jalo mokgweetsi wa rona wa Mofora o itse tsela sentle. Ka bonako fela re goroga kwa Chiconi, koo re kopanang le lelapa le thuto e tshwarelwang mo ntlong ya lone.

Rre, yo e kileng ya bo e le Momoselema, o re itsise bana ba gagwe ba ba robedi. Morwawe wa gofejane, yo o nang le dingwaga di le nne, o re dumedisa ka tsela e moragonyana re tlang go itse gore ke ya ngwao. O tsenya bokafantle jwa seatla se sengwe mo legofing la se sengwe mme o ema ka one a phuthilwe jalo fa pele ga rona. La ntlha re leka go mo dumedisa ka go tshwara seatla sa gagwe, morago mosadi wa me o leka go ipaya diatla tsa mosimane mo tlhogong. Mosimanyana yo o nang le matlho a magolo yono o leta ka bopelotelele, kwantle ga pelaelo a gakgametse gore re dira eng. Kgabagare re a nepa—re baya diatla tsa gagwe mo tlhogong ya gagwe. Thuto e a simolola mme go na le batho ba le 14. Fa re le mo bogareng, motho yo o kgatlhegang o a tsena a bo a dumedisa mongwe le mongwe ka seatla. Seo le sone go lebega e le nngwe ya dingwao tsa bone.

Fa re boela kwa morago, jaaka go ntse go nna lefifi re bona bomamanthwane ba bagolo ba ba jang maungo ba ya kwa ditlhareng go ya go iphepa bosigo. Re utlwa gape le lonko lwa jackfruit e e nkgang thata eo e wetseng mo tseleng eo e e itsoketsang le lonko lo lo monate lwa di-mango, di-papaya, le di-guava. Fano go nna di-lemur, diphologotswana dingwe tse dinnye tsa sekaditshwene tsa difatlhego tsa sekabophokojwe tse di nang le megatla e meleele, e e nang le methalo e e tshekeletsa, e e kgonang go kgogetsa dilo. Fa re ntse re itsoketsa ka setlhoa sa lekgabana leno, re bona sengwe se se kgatlhang tota. Ngwedi e e tletseng wa mmala wa namune o tlhakane le e e bohibidu e tswa e le fela fa godimo ga kgogometso, e tshela phatsimo ya yone mo metsing a a phatsimang a a emeng ao. Le ene mokgweetsi wa rona o kgweetsa ka iketlo gore a kgone go o leba. Fa re ntse re tsamaya jalo re ntse re e leba nako le nako fa tsela e fapoga.

Mo mosong o o latelang re tsamaya le barongwa go ya go rera. Sa ntlha, re etela lekawana lengwe le e leng morutabana mme le bua Sefora sentle. O nna fa fatshe mme rona re nna mo bolaong jwa gagwe. Thuto e e latelang le yone ke ya lekawana lengwe, le lone le re kopa gore re nne mo bolaong jwa lone jo bo fa fatshe mo kamoreng ya gagwe e nnye. Morago ga lobakanyana re simolola go nna re ithokgonya, lemororo re leka go itlhokomolosa go gagamala ga mesifa ya rona ya maoto le mofufutso o o elelang mo mekwatleng ya rona. Ga go motlhofo go tlhoma mogopolo mo thutong eno, eo mo go yone go ithutiwang ka Sefora le Se-Mahorian, gonne radio ya baagelani e a tlhodia e lela dipina tsa bosheng tsa mmino wa pop.

La bofelo re etela lekawana lengwe le le tswang kwa Comoros e e fa gaufi. O kopa maitshwarelo ka go bo a sa kgone go bua Sefora sentle, o ntsha boroutšhara jwa gagwe, mme o siametse gore go ka simololwa. Fa morongwa a santse a ntlhalosetsa sengwe, o mo tsena ganong a re o tlile go bala serapa. Ka go rialo o re kopa ka bonolo gore re didimale. Batho bano botlhe ke Mamoselema, mme ba itumelela thata seo ba se ithutang mo Bibeleng.

Re ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le makawana a mantsi jaana a a ithutang, lefa go ntse jalo basadi le makgarebe bone ba sekaenyana fela. Re bolelelwa gore ke ka ntlha ya dingwao tsa mo tikologong le tsa lelapa. Tikologo ya bone le bodumedi jwa bone di ba dumelela gore ba nyale basadi ba bantsi mme mosadi mongwe le mongwe o nna le ntlo ya gagwe, rre ga a laole thata jalo, mme mmè ke ene a laolang sengwe le sengwe. Re utlwa gape gore go ya ka ngwao basetsanyana ba nna mo magaeng a bommaabo go fitlha ba nyalwa. Kafa letlhakoreng le lengwe basimane bone ba tswa mo gae fa ba simolola go tsena mo bogolong mme mongwe le mongwe o ikagela banga, kana mokgoro wa gagwe, kana o ya go nna le basimane ba bangwe mo teng ga banga. Ereka maemo a bone a le ano makawana a gololesegile go ka ithuta fa ba eletsa jalo, mme ke basetsana ba sekae fela ba ba gololesegileng ka tsela e e ntseng jalo.

Sontaga e tlile go nna letsatsi la kopano e e kgethegileng. Bosa bo simolola bo sele sentle, ka sethoboloko maru a simolola go thiba, mme ka bonako fela go na pula ya matsorotsoro. Go lebega e sa tshwenye ope ka gonne e tlile go tsidifatsa. Fano le gone re bona mahumo a mantsi a semoya jaaka fa baboledi ba ba 36 mmogo le babulatsela ba itumelela go bona go tlile batho ba le 83 le ba bangwe ba le 3 ba basha ba kolobediwa.

Go gololwa ga boroutšhara e e reng Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! ka puo ya bone ke tiragalo e kgolo tota. Ga se fela gore ke yone kgatiso fela ya Watch Tower e e leng teng ka Se-Mahorian mme ke yone kgatiso fela e e leng teng ka puo eo. E kwadilwe ka mokwalo wa Searabia fa tlase ga wa Seroma. Batho ba ithuta mokwalo wa Searabia kwa sekolong mme ga ba ithute puo ya Searabia. Ba kgona go bua dithapelo ka Searabia le go bala Koran ka Searabia; lefa go le jalo ga ba tlhaloganye se ba se buang. Fa ba bala mokwalo wa Searabia mo boroutšhareng eno ba gakgamadiwa ke go bona gore ba kgona go o tlhaloganya. Seo ba se balang ke puo ya bone ya Se-Mahorian e kwadile ka tsela ya sefonetiki ka mokwalo wa Searabia. Go itumedisa tota go bona difatlhego tsa bone di phatsima fa ba utlwa se ba se balang.

Go motlhofo go naya batho bano diboroutšhara. Mo go mengwe ya metse e e kwa thoko, monna mongwe o tla fa go rona fa re rerela mosadi mongwe. O simolola go bua le mokaulengwe wa rona ka Se-Mahorian a gatelela. Re bona ekete o kgatlhanong le rona. Monna yono o tswelela a bua ka lobakanyana mme a ntse a supa ka diatla. Moragonyana mokaulengwe o re tlhalosetsa gore monna yono o ngongorega jaana a re: “Tota lo ka lebelela jang gore re gakologelwe dilo tse lo di re bolelelang fa lo re etela fela gangwe ka ngwaga? Tota lo direlang seno? Lo tshwanetse go tla kgapetsakgapetsa go tla go tlotla le rona ka dilo tseno.”

Mafoko ao a bofelo a tlhalosa kafa le rona re ikutlwang ka teng. Jehofa ruri o ntse a phutha dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe ka mafoko a a molemo a Bogosi. Le mororo ba kgaogantswe ke lewatle, batho ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng tseno mantswe a bone le one a oketsa loshalaba lo logolo lwa pako e e newang Modiri le Rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo.—Hagai 2:7.

[Mmapa mo go tsebe 21]

(For fully formatted text, see publication.)

SEYCHELLES

LEWATLE LA INDIA

COMOROS

MAYOTTE

MADAGASCAR

MAURITIUS

RÉUNION

RODRIGUES

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Naga e e tletseng maje e e tsenelelang mo lewatleng kwa Praslin, eo e leng Bay St. Anne

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Thekisi” ya koloi e e gogwang ke dipholo kwa La Digue, kwa Seychelles

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Boroutšhara e ntsha e dirisiwa mo go rereng kwa Mayotte

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela