Letlotlo Le Le Tswang mo Dithothobolong tsa Matlakala kwa Egepeto
A O NE o ka lebelela go bona mekwalo e e botlhokwatlhokwa ya Bibela mo thothobolong ya matlakala? Ke seo se neng sa direga kwa metlhabeng ya Egepeto kwa bokhutlong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga. Jang?
Go tloga ka 1778 go tswelela go fitlha kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, mekwalo mengwe ya koma e ne ya bonwa fela go sa lebelelwa kwa Egepeto. Lefa go ntse jalo, go ne go ntse go sa dirwe patlisiso thata jalo ka tsela e e rulagantsweng sentle go fitlha mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng. Ka nako eo balemi ba masimo ba lefelo leo ba ne ba ntse ba bona mekwalo ya bogologolo, mme Egypt Exploration Fund e e neng e tshegediwa ke Boritane ka madi e ne ya bona go le botlhokwa go ntsha letsholo la baribolodi pele go nna thari. Ba ne ba tlhopha bakanoki ba babedi ba Oxford ebong Bernard P. Grenfell le Arthur S. Hunt, bao ba neng ba bona tetla ya go phuruphutsha lefelo le le kafa borwa jwa mafelo a temothuo mo kgaolong ya Faiyūm (jaaka e tshwantshitswe fa godimo).
Grenfell o ne a akanya fa lefelo lengwe le le bidiwang Behnesa gonne le ne le utlwala le ka nna le sengwe gonne le ne le bidiwa ka leina la Segerika sa bogologolo eleng Oxyrhynchus. Oxyrhynchus e ne e le lefelo le le botlhokwa thata mo lekgolong la bone le la botlhano la dingwaga C.E. gonne e ne e le lefelo la Bakeresete ba Baegepeto. Go ile ga bonwa dimonaseteri tse dintsi tsa bogologolo gaufi le lone, mme marope a toropo eno e e sa tlhabololwang a ne a le mantsi thata. Grenfell o ne a solofetse gore o tla bona dikarolwana tsa dikgatiso tsa Bokeresete koo, mme go ne ga se ka ga bonwa sepe fa go batliwa mo mabitleng le mo matlong a e neng e le marope fela ao. Go ne go setse fela lefelo le go latlhelwang matlakala kwa go lone mo toropong eo, mangwe a one a le dimetara di le robong go ya kwa godimo. Go leka go epa koo go batliwa koma go ne go sa solofetse tota; lefa go ntse jalo batlhotlhomisi ba ne ba swetsa ka gore ba leke.
Letlotlo Le Le Bonweng
Go ne ga epiwa moselenyana o go neng go lekelediwa ka one fela ka January 1897, mme mo lobakeng lwa diura di sekae fela go ne go setse go bonwe mekwalo ya bogologolo ya koma. E ne e akaretsa makwalo, ditumalano, le makwalo mangwe a semolao. E ne e khupeditswe ke motlhaba o o neng o fokilwe ke phefo, mme e ne e kgonne go nna dingwaga di le 2 000 ka go bo go ne go sa ne dipula tse dintsi.
Mo lobakeng lo lo ka fetang lwa dikgwedi di le tharo fela, go ne go setse go bonwe ditone di le pedi tsa mekwalo ya koma kwa Oxyrhynchus. Go ne ga tladiwa dikgetsi tse ditona tse tlhano mme di ne tsa romelwa ka bonako fela kwa Engelane. Mme bakanoki ba babedi ba ba pelokgale bao ba ile ba nna ba boela kwa Egepeto mariga mangwe le mangwe ka dingwaga tse di lesome tse di neng tsa latela morago ga foo go ya go oketsa seo ba neng ba setse ba se bone.
Mo lekgetlong lengwe, fa go ne go epololwa kwa lefelong lengwe la mabitla kwa Tebtunis, ba ne ba epolola fela ditoto tse di omisitsweng tsa dikwena. Modiri mongwe o ne a thubaganya e nngwe gonne a ne a tlhakatlhakane maikutlo. Se se neng sa mo gakgamatsa ke gore o ne a fitlhela e phuthetswe ka ditsebe tsa koma. Dikwena tse dingwe tse ba neng ba di bona le tsone di ne di dirilwe ka tsela e e tshwanang, ebile tse dingwe go ne go tsentswe mekwalo ya koma mo memetsong ya tsone. Go ne ga bonwa gape le dikarolwana tsa mekwalo mengwe ya bogologolo, mmogo le melawana ya segosi le mekwalo ya ditumalano e tlhakane le makwalo a tshupatefo a kgwebo le makwalo mangwe a a kwaletsweng mongwe.
Mekwalo eno yotlhe e ne e na le molemo ofe? E ne ya itshupa e kgatlha tota, ka go bo bontsi jwa yone bo ne bo kwadilwe ke batho fela ba e seng ba maemo ba e kwala ka Se-Koine eleng Segerika se se neng se buiwa ka nako eo. Ereka bontsi jwa mafoko a e neng e a dirisitse e le one a a tlhagang mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bibela eleng “Tesetamente e Ntšha,” go ne ga bonala ka bonako fela gore Dikwalo di ne di sa kwalwa ka Segerika sengwe se se kgethegileng sa Bibela, jaaka bakanoki bangwe ba ile ba akantsha, mme e ne e le ka puo e e tlwaelegileng e e neng e buiwa ke mongwe le mongwe. Ka jalo fa go ne go bapisiwa tsela e mafoko a neng a buiwa ka yone mo puong ya letsatsi le letsatsi, go ne ga kgonwa go tlhaloganngwa sentle ka phepafalo gore a kaya eng mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.
Mekwalo ya Bibela
Go ne ga bonwa gape le dikarolwana tsa mekwalo ya Bibela, mme tseno, tseo gantsi di neng di kwalwa mo dikwalelong tse di magwata tse di sa kgabisiwang thata ebile boleng jwa tsone bo le kwa tlase, e ne e le yone Bibela e e balwang ke motho fela yo o tlwaelegileng. A re tlhatlhobeng dingwe tsa tse di bonweng.
Hunt o ne a bona sekaelo sa kgaolo ya ntlha ya lokwalo lwa Efangele ya ga Mathaio, ditemana 1 go ya go 9, 12 le 14 go ya go 20, se se neng sa kwalwa ka lekgolo la boraro la dingwaga C.E. ka ditlhaka tse (dikgolo) tse di sekameng. E ne e tlile go nna P1, e e neng e le ya ntlha mo lenaaneng la mekwalo ya koma e e bonweng go tswa kwa mafelong a a farologaneng e le lenaane leo gompieno le setseng le tshwara mekwalo kana dikarolwana tsa mekwalo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di le lekgolo. A ditemana di sekae tseo Hunt a neng a di bona di ne di le mosola? Ditlhaka tsa mokwalo di ne di itshupa ka phepafalo gore ke tsa lekgolo la boraro la dingwaga C.E., mme fa go sekasekiwa gore di balwa jang go ne ga fitlhelwa gore e ne e dumalana sentle le e mengwe ya bosheng e e neng e kwadilwe ke Westcott le Hort. Jaanong P1 e kwa University Museum kwa Philadelphia, e e kwa Pennsylvania, U.S.A.
Tsebe nngwe ya koma go tswa go codex nngwe, kana buka nngwe, e na le dikarolo tsa Yohane kgaolo 1 kafa molemeng le dikarolwana tsa Yohane kgaolo 20 kafa tsebeng e e kafa mojeng. Fa go phuthiwa dikarolo tse di seyong go akantsha gore kwa tshimologong go ne go na le ditsebe di le 25 tsa lokwalo loo lotlhe lwa Efangele, mme di tshwanetse tsa bo di ne di akaretsa kgaolo 21 go tswa fela kwa tshimologong. E ne ya newa palo ya P5 e letlha la yone le neng la bewa e le la lekgolo la boraro la dingwaga C.E., mme gompieno e kwa British Library e e kwa Lontone, kwa Engelane.
Karolwana nngwe e e nang le Baroma 1:1-7 le yone e kwadilwe ka ditlhaka tse di ntseng jalo tse dikgolo, tse di sa lekalekaneng tseo bakanoki bangwe ba ileng ba akanya gore gongwe e ne e le bukana fela ya mosimanyana wa sekolo. Gompieno e filwe palo ya P10 mme go bolelwa fa letlha la yone e le la go tloga ka lekgolo la bone la dingwaga C.E.
Dingwe tse dintsinyana tse di neng tsa bonwa di na le mo e ka nnang nngwetharong ya lokwalo lwa Bahebera. Lo ne lo kwalololetswe kafa morago ga momeno o kafa pele ga one go neng go na le mekwalo ya bogologolo ya raditiragalo wa Moroma Livy. Ke ka ntlha yang fa go ne go kwadilwe tshedimosetso e e sa tshwaneng kafa pele le kafa morago? Mo malatsing ao dikwalelo tsa koma ya bogologolo di ne di sa bonwe motlhofo ebile lebaka la go bo tlhwatlhwa ya tsone e ne e le kwa godimo le ne le kaya gore dikwalelo tse di dirisitsweng di ne di tshwanetse go somarelwa. Jaanong palo ya yone ke P13, mme letlha la yone go bolelwa e le la lekgolo la boraro kana la bone la dingwaga C.E.
Tsebe nngwe ya koma e e nang le dikarolwana tsa Baroma kgaolo ya 8 le ya 9, e e kwadilweng ka ditlhaka tse ditshesane thata, e ne ya bonwa mo bukeng e e neng e ka nna disentimetara di le 11,5 ka boleele le disentimetara di le 5 ka bophara. Ka gone, go lebega ekete go ne go na le dikgatiso tsa Dikwalo tse di lekanang go tsena mo kgetseng mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E. Eno e ne ya nna P27 mme ka kakaretso fela e dumalana le Codex Vaticanus.
Dikarolo tsa ditsebe tse nne tse di tswang go codex ya Septuagint ya Segerika di na le dikarolwana tsa dikgaolo dingwe tse thataro tsa Genesise. Codex eno e botlhokwa ka ntlha ya letlha la yone le e leng la lekgolo la bobedi kana la boraro la dingwaga C.E. le ka gonne dikgaolo tseno ga di yo go Codex Vaticanus ebile ga di a kwalwa sentle go Codex Sinaiticus. Palo ya yone ke Papyrus 656, mme ditsebe tseno jaanong di kwa Bodleian Library, kwa Oxford, kwa Engelane.
Dikarolwana tseno tsotlhe ga di farologane thata le mekwalo ya bogologolo e e leng teng, ka jalo di tlhomamisa gore ka nako yone eo ya bogologolo batho ba ba neng ba nna kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa Egepeto ba ne ba dirisa ditemana tsa Bibela. Gape di nonotsha tumelo ya rona ya gore Lefoko la Modimo le ka ikanngwa le gore le tlhomame.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Letlhare la koma le le tswang kwa Faiyūm le le nang le dikarolo tsa Yohane, kgaolo 1
[Motswedi wa Setshwantsho]
Ka tetla ya British Library
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.