Go Dirisa Ga Ga Jehofa “Boeleele” go Boloka Ba Ba Dumelang
“Ereka, mo botlhaleng jwa Modimo, lefatshe le sekileng la itse Modimo ka botlhale jwa lone, Modimo o bone molemo ka boeleele jwa se se rerwang gore a boloke ba ba dumelang.”—1 BAKORINTHA 1:21, NW.
1. Jehofa o ne a ka dirisa “boeleele” ka kgopolo efe, mme re itse jang gore lefatshe ka botlhale jwa lone ga le a ka la itse Modimo?
GA TWENG? A Jehofa o ne a ka dirisa boeleele? Ga go jalo tota! Mme lefa go ntse jalo a ka kgona go dirisa se se bonalang ekete ke boeleele mo lefatsheng ebile o a se dirisa. O dira jalo e le gore a boloke batho ba ba mo itseng ebile ba mo rata. Lefatshe ka botlhale jwa lone ga le kake la itse Modimo. Jesu Keresete o ne a dira gore seno se utlwale sentle fa a ne a bolela jaana mo thapelong: “Rara eo o tshiamō, lehatshe ga lea ka ya gu itse.”—Yohane 17:25.
2. Go tla jang gore go nne jaaka ekete ditsela tsa ga Jehofa le ditsela tsa lefatshe di a tsamaisana, mme tota mabaka ke afe?
2 Mafoko a ga Jesu a bontsha gore ditsela tsa ga Jehofa ga di tshwane le tsa lefatshe. Fa di lebiwa fela kafa ntle go ka nna ga bonala ekete boikaelelo jwa Modimo le jwa lefatshe leno bo a tshwana. Go ka nna ga bonala ekete Modimo o segofatsa maikaelelo a lefatshe leno. Ka sekai, Bibela e bolela gore Modimo o tla emisa puso ya tshiamo eo e tla tlisetsang batho ba ba mo lefatsheng botshelo jo bo nang le kagiso, boitumelo, le katlego. (Isaia 9:6, 7; Mathaio 6:10) Ka mo go tshwanang, lefatshe le itsise ka boikaelelo jwa lone jwa go neela batho kagiso, katlego, le puso e e molemo ka seo go tweng ke tsamaiso e ntšha ya lefatshe. Mme maikaelelo a Modimo le a lefatshe ga a tshwane. Boikaelelo jwa ga Jehofa ke go itshupa gore ke Molaodi yo Mogolo go gaisa wa lobopo. Seno o tla se dira ka puso ya gagwe ya selegodimo eo e tla fedisang dipuso tsotlhe tsa selefatshe. (Daniele 2:44; Tshenolō 4:11; 12:10) Ka jalo, ga go na sepe se Modimo o se dirang se se tshwanang le sa lefatshe leno. (Yohane 18:36; 1 Yohane 2:15-17) Ke ka ntlha ya moo Bibela e buang ka mefuta e mebedi ya botlhale—‘botlhale jwa Modimo’ le ‘botlhale jwa lefatshe.’—1 Bakorintha 1:20, 21.
Phoso E Kgolo mo Botlhaleng jwa Lefatshe
3. Le mororo botlhale jwa lefatshe bo ka nna jwa bonala bo kgatlha, ke ka ntlha yang fa tsholofetso e motho a e solofeditseng ya go lere tsamaiso e ntšha ya lefatshe e se kitla e nna e e kgotsofatsang?
3 Mo go bao ba sa kaelweng ke botlhale jwa Modimo, botlhale jwa lefatshe bo bonala bo kgatlha. Go na le matlhajana a a utlwalang e le a maemo a a kwa godimo thata a selefatshe ao a gapang mogopolo. Ditheo di le diketekete tsa thutego e e kwa godimo di ruta tshedimosetso eo e tswang mo go seo ba le bantsi ba se bitsang ka gore ke megopolo e megolo go gaisa ya batho. Dilaeborari tse dikgolo di tletse ka kitso e e kokoantsweng ya makgolokgolo a dingwaga ya maitemogelo a motho. Lefa go ntse jalo, le mororo go ntse jalo, tsamaiso e ntšha ya lefatshe eo babusi ba lefatshe ba buang ka yone e tlile go nna fela puso ya batho ba ba sa itekanelang, ba ba kgotletsweng ke boleo, ba ba swang. Ka gone, tsamaiso eo e tla nna e e sa itekanelang, e boeletsa diphoso di le dintsi tsa nako e e fetileng ebile e sa kgotsofatse dilo tsotlhe tse batho ba di tlhokang ka tsela e e tshwanetseng.—Baroma 3:10-12; 5:12.
4. Tsamaiso e ntšha ya lefatshe e go buiwang ka yone e laolwa ke bomang, mme seno se felela ka eng?
4 Tsamaiso e ntšha ya lefatshe eo e bolelwang ke motho ga se fela gore e na le makoa jaaka e le ya batho mme gape e tla bo e na le tlhotlheletso ya dibopiwa tse di boikepo tsa semoya—ee, Satane Diabolo le badimona ba gagwe. Satane o foufaditse megopolo ya batho e le gore ba se ka ba dumela “Mahoko a a Molemo a kgalalèlō ea ga Keresete.” (2 Bakorintha 4:3, 4; Baefesia 6:12) Ka ntlha ya moo, lefatshe le lwala bolwetsi jo bongwe morago ga jo bongwe. Le lwa gore le bo le tshologe madi mo maitekong a lone a go ipusa kwantle ga thuso ya Modimo le kwantle ga go tlhokomela thato ya Modimo. (Yeremia 10:23; Yakobe 3:15, 16) Ka gone, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela, “lefatshe ka botlhale jwa lone ga le a ka la itse Modimo.”—1 Bakorintha 1:21, NW.
5. Phoso e kgolo ya botlhale jwa lefatshe leno ke eng?
5 Ka gone he, phoso e kgolo ya botlhale jwa lefatshe leno ke efe, go akaretsa le dithulaganyo tsa lone tsa go lere tsamaiso e ntšha ya lefatshe? Ke gore lefatshe le itlhokomolosa seo le ka se kang la kgona go atlega go se itlhokomolosa—bolaodi jo bogolo go gaisa jwa ga Jehofa Modimo. Le gana go lemoga ka boikgogomoso gore Modimo ke molaodi. Lefatshe le kgaphela Jehofa kwa thoko ka boomo mo maikaelelong a lone mme le ikaega ka kgono ya lone le ka maano a lone. (Bapisa Daniele 4:31-34; Yohane 18:37.) Bibela e bolela ka tlhamalalo gore “go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (Diane 9:10; Pesalema 111:10) Lefa go ntse jalo, lefatshe ga le ise le bo le ithute selo seno se se batlegang gore le se dire gore le nne botlhale. Ka jalo, le ka kgona jang go atlega le sa engwa nokeng ke Modimo?—Pesalema 127:1.
Go Rera ka Bogosi—A Ke Boeleele Kana go A Thusa?
6, 7. (a) Ba ba kaelwang ke botlhale jwa Modimo ba rera eng, mme lefatshe le ba leba jang? (b) Baruti ba Labokeresete ba rera go ya ka botlhale jwa ga mang, mme seno se felela ka eng?
6 Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba itseng Modimo ba bontsha botlhale jwa Modimo mme ba tlhopha go kaelwa ke jone. Jaaka fa Jesu a ne a bolelela pele, ba rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe.” (Mathaio 24:14; 28:19, 20) A go rera go go ntseng jalo go a thusa gone jaanong, ereka lefatshe la rona le tletse ka dikgogakgogano, kgotlelo, khumanego, le go boga ga batho? Mo bathong ba ba tlhalefileng go ya ka lefatshe leno go rera gono kaga Bogosi jwa Modimo go bonala e le boeleele fela, go sa thuse ka sepe. Ba leba bareri ba Bogosi jwa Modimo ba kgoreletsa Puso ebile ba e dia go gatela pele go lere puso ya sepolotiki e e siameng thata. Ba tshegediwa ke baruti ba Labokeresete mo go direng selo seno, bao ba rerang go ya ka botlhale jwa lefatshe leno mme ba sa bolelele batho seo ba tlhokang go se itse ka lefatshe le lesha la Modimo le puso ya lone ya Bogosi, le mororo seno e ne e le thuto e kgolo ya ga Keresete.—Mathaio 4:17; Mareko 1:14, 15.
7 Raditiragalo H. G. Wells o ne a tlhokomedisa ka go palelwa gono ga baruti ba Labokeresete. O ne a kwala jaana: “Selo se se gakgamatsang ke tsela eo Jesu a neng a tseela kwa godimo thuto ya seo a neng a se bitsa Bogosi jwa Legodimo, le tsela eo bo sa tseweng bo le botlhokwa ka teng mo thulaganyong le mo dithutong tsa dikereke di le dintsi tsa Bokeresete.” Lefa go ntse jalo, batho ba losika lono, ba tshwanetse ba utlwa pele ka Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo gore ba bone botshelo, mme e le gore seno se direge mongwe o tshwanetse a rera mafoko a a molemo kaga jone.—Baroma 10:14, 15.
8. Ke ka ntlha yang fa go rera mafoko a a molemo a Modimo e le selo se se molemo go gaisa se motho a ka se dirang gompieno, mme ke tsela efe ya go dira dilo e e tla bong e sena melemo ya goyagoile?
8 Ka jalo go rera mafoko a a molemo a Modimo ke selo se se molemo go gaisa se se ka dirwang gompieno. Go ntse jalo ka gonne molaetsa wa Bogosi o neela tsholofelo ya mmatota eo e tlatsang dipelo tsa batho ka boitumelo mo malatsing ano a bofelo a a nang le ‘dipaka tse di botlhoko.’ (2 Timotheo 3:1-5; Baroma 12:12; Tito 2:13) Le mororo botshelo mo lefatsheng leno bo sa tlhomamisege ebile bo le bokhutswane, botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo e tla nna jo bo nnetseng ruri, go na le boitumelo, le letlepu, le kagiso gone mono mo lefatsheng. (Pesalema 37:3, 4, 11) Jaaka fa Jesu Keresete a ne a bolela, “motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè? kgotsa se motho o ka se ntshañ a se baea mo boemoñ yoa botshelō yoa gagwè ke eñ?” Fa motho a latlhegelwa ke tshwanelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, lefatshe leno le le fetang le ka mo thusa ka eng? Go itumelela ga motho yono dilo tse di bonalang ga go a mo thusa ka sepe, ke boitumelo jwa lefela, ebile bo a tsietsa.—Mathaio 16:26; Moreri 1:14; Mareko 10:29, 30.
9. (a) Fa mongwe yo o neng a biditswe gore a nne molatedi wa ga Jesu a ne a kopa gore seno se busediwe kwa morago pele, Jesu o ne a mo gakolola gore a direng? (b) Karabo ya ga Jesu e tshwanetse ya re ama jang?
9 Monna mongwe yo Jesu a neng a mo laletsa gore e nne molatedi wa gagwe o ne a bolela jaana: “Ntesa pele, ke eè go hitlha rrè.” Jesu o ne a mo gakolola gore a direng? Ereka a ne a itse gore monna yono o ne a tla busetsa tiro eno e e botlhokwa kwa morago fela gore a lete go fitlha batsadi ba gagwe ba swa, Jesu o ne a araba jaana: “Lesa bashwi ba hitlhè bashwi ba bōnè; me wèna, tsamaea u utlwatsè bogosi yoa Modimo.” (Luke 9:59, 60) Bao ba bontshang botlhale ka go utlwa Keresete ga ba kake ba tlogela go dira tiro e ba e abetsweng ya go rera molaetsa wa Bogosi. Botlhale jwa Modimo bo ba dira gore ba dule ba itse gore lefatshe leno le babusi ba lone ba atlhotswe. (1 Bakorintha 2:6; 1 Yohane 2:17) Batho ba ba tshegetsang bolaodi jwa Modimo ba a itse gore tsholofelo yosi ya boammaaruri ya setho ke gore Modimo a tsenelele mme a buse. (Sekaria 9:10) Ka jalo le mororo bao ba nang le botlhale jwa lefatshe leno ba sa dumele mo Bogosing jwa Modimo ebile ba sa batle puso eo ya selegodimo, batho ba ba gogwang ke botlhale jwa Modimo ba dira seo se leretseng batho jaaka bone melemo ya mmatota, ba ba baakanyetsa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng ke Jehofa.—Yohane 3:16; 2 Petere 3:13.
“Boeleele mo go Bao Ba Nyelelang”
10. (a) Fa Saulo wa Tareso a ne a sokololwa, o ne a simolola go dira tiro efe, mme o ne a e leba jang? (b) Bagerika ba bogologolo ba ne ba itsege ka eng, mme Modimo o ne o leba botlhale jwa bone jang?
10 Saulo wa Tareso, yo o neng a nna Paulo wa moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, o ne a simolola tiro eno ya go boloka matshelo. A go a utlwala go akanya gore fa Jesu Keresete a ne a sokolola Saulo, O ne a mo abela gore a dire tiro ya boeleele? Paulo o ne a sa akanye jalo. (Bafilipi 2:16) Ka nako eo Bagerika ba ne ba tsewa jaaka batho ba ba rutegileng thata mo lefatsheng. Ba ne ba ikgantsha ka batlhalefi ba bone ba bagolo le banna ba ba botlhale. Le mororo Paulo a ne a bua Segerika, o ne a sa latele botlhajana jwa Segerika le thutego ya jone. Ka ntlha yang? Ka gonne botlhale jo bo ntseng jalo jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong.a Paulo o ne a batla botlhale jwa Modimo, jo bo neng bo mo tlhotlheletsa gore a rere mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo. Moreri yo mogolo go ba gaisa botlhe, Jesu Keresete, o ne a tlhomile sekao mme o ne a mo laetse go dira yone tiro eo.—Luke 4:43; Ditihō 20:20, 21; 26:15-20; 1 Bakorintha 9:16.
11. Totatota, Paulo o ne a bolelang kaga tiro ya gagwe ya go rera le botlhale jwa lefatshe?
11 Paulo o bolela seno malebana le tiro e a neng a romilwe go e dira ya go rera: “Keresete o nthomile . . . go ya go bolela mafoko a a molemo, eseng ka botlhale jwa puo, gore kota e Keresete a bogiseditsweng mo go yone e se ka ya lejwa e le lefela. Ka gonne go bua ka kota e a bogiseditsweng mo go yone [setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu] ke boeleele mo go ba ba nyelelang, mme mo go rona ba re bolokwang ke nonofo ya Modimo. Ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Ke tla dira gore botlhale jwa batlhalefi bo latlhege, mme kitso ya barutegi ke tla e latlhela kwa.’ Motlhalefi o kae [yo o tshwanang le ramatlhajana]? Mokwadi o kae? Moganetsi wa tsamaiso eno ya dilo o kae? A Modimo ga wa dira gore botlhale jwa lefatshe leno e nne boeleele? Ka gonne ereka, mo botlhaleng jwa Modimo, lefatshe le se kile la itse Modimo ka botlhale jwa lone, Modimo o bone molemo ka boeleele jwa se se rerwang gore a boloke ba ba dumelang.”—1 Bakorintha 1:17-21, NW.
12. Jehofa o dirang ka “boeleele jwa seo se rerwang,” mme ba ba batlang ‘botlhale jo bo tswang kwa godimo’ ba tla arabela jang?
12 Go ka nna ga bonala e le selo se se ka se kang sa dumelwa gore bone batho ba lefatshe le reng ke dieleele ke bone ba Jehofa a ba dirisang jaaka bareri. Ee, ka boeleele jwa bodihedi jwa bareri bano, Modimo o boloka bao ba dumelang. Jehofa o rulaganya dilo ka tsela e e leng gore bareri ba “boeleele” jono ga ba ikgalaletse, mme le batho ba bangwe ga ba kake ba galaletsa bao ba utlwileng mafoko ano a a molemo ka bone. Seno se direga e le gore “go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.” (1 Bakorintha 1:28-31; 3:6, 7) Ke boammaaruri gore, moreri o na le seabe se se botlhokwa, mme molaetsa o a o neilweng gore a o rere ke one o o dirang gore motho a bolokwe fa a o dumela. Ba ba batlang “botlhale yo bo cwañ kwa godimo” ga ba kitla ba nyatsa molaetsa wa moreri ka gonne a bonala e le seeleele ebile e le wa maemo a a kwa tlase, a bogisiwa, ebile a tsamaya ka ntlo le ntlo. Mo boemong jwa moo, bao ba ikokobetsang ba tlile go tlotla mmoledi wa Bogosi jaaka moreri yo o romilweng ke Jehofa ebile a tla ka leina la Modimo. Ba tlile go leba molaetsa o moreri a o tlisang ka molomo le ka dikgatiso jaaka o o leng botlhokwa thata.—Yakobe 3:17; 1 Bathesalonia 2:13.
13. (a) Bajuda le Bagerika ba ne ba leba jang go rera ka Keresete yo o bapotsweng? (b) Ke ditlhopha dife tsa batho tse go neng go sena batho ba le bantsi ba ba neng ba biditswe mo go tsone gore e nne balatedi ba ga Jesu, mme ka ntlha yang?
13 Fa a tswelela a tlotla ka ditsela tsa Modimo, Paulo o bolela jaana: “Bajuda ba batla ditshupo le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng e le lebaka la kgopiso mme mo baditšhabeng e le boeleele; lefa go ntse jalo, mo go ba ba biditsweng, Bajuda mmogo le Bagerika, Keresete ke nonofo ya Modimo le botlhale jwa Modimo. Ka gonne selo se se boeleele sa Modimo se botlhale go gaisa batho, mme selo se se bokoa sa Modimo se nonofile go gaisa batho. Ka gonne lo bona go bidiwa gono ga lona bakaulengwe, gore ga se ba le bantsi ba ba botlhale go ya ka lefatshe leno ba ba biditsweng, ga se ba bantsi ba ba nonofileng, ga se ba bantsi ba ba tlotlegang; mme Modimo o tlhophile dilo tse di boeleele tsa lefatshe, gore a tlhabise batho ba ba botlhale ditlhong; mme Modimo o tlhophile dilo tse di bokoa tsa lefatshe, gore a tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.”—1 Bakorintha 1:22-27, NW; bapisa Isaia 55:8, 9.
14. (a) Fa ba batliwa makwalo a bone a go itshupa, Basupi ba ga Jehofa ba supang? (b) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a gana go itumedisa Bagerika ka go supa fa a na le botlhale jwa selefatshe ka tsela epe fela?
14 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuda ba ne ba kopa sesupo se se tswang kwa legodimong. (Mathaio 12:38, 39; 16:1) Mme Jesu o ne a gana go ntsha sesupo sepe fela. Ka mo go tshwanang, Basupi ba ga Jehofa gompieno ga ba ntshe makwalo ape a go itshupa. Go na le moo, ba bontsha tiro ya bone ya go rera mafoko a a molemo jaaka fa e begilwe mo ditemaneng tsa Bibela tse di tshwanang le Isaia 61:1, 2; Mareko 13:10; le Tshenolō 22:17. Bagerika ba bogologolo ba ne ba batla botlhale, thutego e e kwa godimo mo dilong tsa lefatshe leno. Le mororo Paulo a ne a rutegile mo botlhaleng jwa lefatshe leno, o ne a gana go itumedisa Bagerika ka go supa ka tsela epe fela gore o na le bone. (Ditihō 22:3) O ne a bua le go kwala Segerika fela se se buiwang ke batho ba ba tlwaelegileng, mo boemong jwa go dirisa Segerika sa barutegi ba bagolo thata. Paulo o ne a bolelela Bakorintha jaana: “Me nna ba ga echo, e rile ke ea koñ go lona, ka bo ke sa ee ka bontlè yoa puō leha e le yoa botlhale, ke lo bolèlèla bosaitsiweñ yoa Modimo. . . . Me puō ea me, le go rèra ga me, ga se ka ga èma ka mahoko a a mahachwa a botlhale, ha e se ka chupeco ea Mōea, le ea nonohō: Gore tumèlō ea lona e se ka ea èma mo botlhaleñ yoa batho, ha e se mo nonohoñ ea Modimo hèla.”—1 Bakorintha 2:1-5.
15. Petere o gakolola jang ba ba buang dilo tse di sotlang mafoko a a molemo, mme boemo jwa gone jaanong bo tshwana jang le jwa motlha wa ga Noa?
15 Mo malatsing ano a bofelo, ba ba buang dilo tse di sotlang ka mafoko a a molemo a lefatshe le lesha la Modimo le le tlileng go tla, le bokhutlo jo bo gaufi jwa lefatshe leno ba gakololwa ke moaposetoloi Petere gore lefatshe la motlha wa ga Noa ‘le ne la senngwa ka go penologelwa ke metsi.’ (2 Petere 3:3-7) Fa Noa a ne a lebane le bokhutlo jono jo bo maswe, o ne a dirang? Batho ba le bantsi ba akanya ka ene jaaka moagi wa araka fela. Mme Petere o bolela gore fa Modimo o ne o tlisa Morwalela mo lefatsheng la bogologolo, O ne wa “boloka Noa, a le moreri oa tshiamō, a na le ba bañwe ba shupa.” (2 Petere 2:5) Mo botlhaleng jwa bone jwa selefatshe, batho bao ba ba neng ba tshela pele ga morwalela ba ba boikepo ga go belaesege gore ba ne ba sotla ka seo Noa a neng a se rera ebile ba mmitsa gore ke seeleele, ga a lebe dilo jaaka fa di ntse, ebile ga a thuse sepe. Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba lebane le boemo jo bo tshwanang, ereka Jesu a ne a bolela gore losika lwa rona lo tshwana le lwa motlha wa ga Noa. Lefa go ntse jalo, le mororo go na le basotli, go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi go feta go bua fela. Jaaka go rera go go neng go dirwa ke Noa, go bolela poloko go moreri le go bao ba mo reetsang!—Mathaio 24:37-39; 1 Timotheo 4:16.
‘Go Nna Dieleele Gore Ba Nne Botlhale’
16. Go tlile go direga eng ka botlhale jwa lefatshe leno ka Hara–Magedona, mme ke bomang ba ba tla falolelang mo lefatsheng le lesha la Modimo?
16 Go ise go e kae, ka Hara–Magedona, Jehofa Modimo o tlile go dira gore ‘botlhale jotlhe jwa batlhalefi’ bo nyelele. O tlile go kgaphela kwa thoko ‘kitso yotlhe ya barutegi’ bao ba ntseng ba bolelela pele ka moo tsamaiso ya bone e ntšha ya lefatshe e tlileng go tlisetsa batho maemo a a botoka ka gone. ‘Ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e tlile go gaila dipuonyana tsa bone tse di senang tlhaloganyo, botlhajana jwa bone, le botlhale jwa lefatshe leno. (1 Bakorintha 1:19; Tshenolō 16:14-16) Batho fela ba ba tlileng go falola ntwa eo mme ba bone botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo ke bao ba utlwang seo lefatshe leno le se bitsang boeleele—ee, mafoko a a molemo a Bogosi jo bo galalelang jwa ga Jehofa.
17. Basupi ba ga Jehofa ba fetogile ‘dieleele’ ka tsela efe, mme bareri ba Modimo ba mafoko a a molemo ba ikemiseditse go dirang?
17 Basupi ba ga Jehofa, ba kaelwa ke moya wa gagwe, ga ba tlhabiwe ke ditlhong go rera seo lefatshe le reng ke boeleele. Mo boemong jwa go leka go nna botlhale ka tsela ya lefatshe, ba nnile ‘dieleele.’ Jang? Ka go dira tiro ya go rera ka Bogosi e le gore ba nne botlhale, jaaka fa Paulo a ne a kwala jaana: “Ha motho moñwe a ikgopola ha a le botlhale mo go lona mo hatshiñ yeno, a a cwè seeleele, gore a tlhalehè.” (1 Bakorintha 3:18-20) Bareri ba ga Jehofa ba mafoko a a molemo ba itse kafa molaetsa wa bone o bolokang matshelo ka gone ebile ba tla tswelela ba ntse ba o rera ba sa kgaotse go fitlha lefatshe leno le botlhale jwa lone di khutla kwa ntweng ya Hara–Magedona. Go ise go e kae Jehofa Modimo o tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe jwa lobopo mme o tla naya botlhe ba jaanong ba dumelang ba bo ba dira tumalanong le “boeleele jwa seo se rerwang,” eleng botshelo jo bo sa khutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go sa kgathalesege dikganetsano tsotlhe tsa batlhalefi ba Bagerika ba bogologolo le dipatlisiso tsa bone, mekwalo ya bone e bontsha gore ba ne ba sena sepe se se ba nayang tsholofelo. Porofesa J. R. S. Sterrett le Samuel Angus ba bolela jaana: “Ga go na dibuka dipe tse di ka tlhalosang botoka ka tsela e e tshikhinyang maikutlo ka mahutsana a botshelo, go fela ka bonako ga lorato, go tsietsa ga tsholofelo, le bosetlhogo jwa loso.”—Funk and Wagnalls New “Standard” Bible Dictionary, 1936, tsebe 313.
O Araba Jang?
◻ Go na le mefuta efe e mebedi ya botlhale?
◻ Phoso e kgolo ya botlhale jwa lefatshe ke eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa go rera mafoko a a molemo e le selo se se molemo go gaisa se motho a ka se dirang?
◻ Ke eng se se tla tlogang se diragalela botlhale jotlhe jwa lefatshe?
◻ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tlhabiwe ke ditlhong go rera seo lefatshe le se bitsang boeleele?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bagerika ba ne ba batla botlhale jwa selefatshe ebile gantsi ba ne ba leba go rera ga ga Paulo e le boeleele