LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/15 ts. 8-13
  • Jehofa o ka go Naya Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o ka go Naya Maatla
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maatla a a Bontshitsweng ka Morwawe
  • O ne a Neelwa Maatla Kwa Kolosa
  • Ba Neelwa Maatla le Gompieno
  • Ba Neelwa Maatla ka Boikaelelo Bofe?
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Jehofa . . . O na Le Maatla a Magolo”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/15 ts. 8-13

Jehofa o ka go Naya Maatla

“O naya baidibadi thata; le ene yo o se nang thata o mo totisetse nonofo.”—ISAIA 40:29.

1, 2. Ke dilo dife tse dingwe tse di bontshang maatla a magolo a ga Jehofa?

JEHOFA ke Modimo o o “senatla mo nonofong.” Re ka bona bosupi jwa gore Modimo o na le ‘nonofo e e sa khutleng le jwa bomodimo jwa one’ mo dilong tse a di bopileng tse dintle tse re di bonang. Batho ba ba ganang go dumela bosupi jo bo ntseng jalo jwa gore ke Mmopi ga ba na seipato.—Pesalema 147:5; Baroma 1:19, 20.

2 Maatla a ga Jehofa a tswelela pele a bonala sentlentle jaaka borasaense ba ntse ba batlisisa lobopo, mmogo le masagaripa a lone a a senang palo a lesedi la one le tsamayang dingwaga di le dimilione di le makgolokgolo ka ngwaga. Fa go le bosigo jo bo lefifi mme loapi lo apogile, lebelela kwa legodimong mme o bone fa o se kitla o ikutlwa fela jaaka mopesalema: “E a re fa ke akanya magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago, kgwedi le dinaledi tse o di baakantseng; kana motho e be e le eng, fa e bo ne ne o mo gopola, le morwa motho, fa e bo ne ne o mo lekola?” (Pesalema 8:3, 4) Mme a bo Jehofa a ile a tlhokomela motho jang ne, le rona tota! O ne a neela monna le mosadi wa ntlha legae le lentle mo lefatsheng. Tota le mmu wa lone o ne o na le maatla—a go godisa dimela, go ungwisa dijo tse di nang le dikotla, le tse di sa kgotlelwang. Motho le diphologolo di nonotshiwa ke maatla ano a Modimo o a bontshitseng.—Genesise 1:12; 4:12; 1 Samuele 28:22.

3. Kwantle ga dilo tse re di bonang mo lobopong, ke eng gape se se bontshang maatla a Modimo?

3 Mo godimo ga gore magodimo a a kgatlha le gore botshelo jwa dimela le jwa diphologolo bo a itumedisa, di re bontsha maatla a Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng.” (Baroma 1:20) Mme go na le sengwe gape se se supang maatla a gagwe se re tlhokang gore re se ele tlhoko le go se anaanela. O ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke eng se se bontshang maatla a Modimo go gaisa lobopo?’ Karabo ke Jesu Keresete. E bile tota, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go bolela gore Keresete yo o neng a bapolwa ke ene “nonofo ya Modimo, le botlhale jwa Modimo.” (1 Bakorinthe 1:24) ‘Ke ka ntlha yang fa go le jalo?’ o ka nna wa botsa jalo, ‘Mme go ka ama botshelo jwa me jang gone jaanong?’

Maatla a a Bontshitsweng ka Morwawe

4. Maatla a Modimo a ne a bontshiwa jang malebana le Morwawe?

4 Maatla a Modimo a ne a bonala la ntlha fa a ne a bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo a neng a mo dira mo setshwanong sa gagwe. Morwa yono wa moya o ne a direla Jehofa jaaka “tlhogo ya tiro” ka gore a dirise maatla a magolo a Modimo go bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Diane 8:22, 30) Paulo o ne a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba kwa Kolosa jaana: “Dilo tsotlhe di bopilwe mo go ene, tse di kwa magodimong, le tse di mo lefatsheng, dilo tse di bonalang, le dilo tse di sa bonaleng . . . Dilo tsotlhe di bopilwe ka ene, di bile di bopetswe ene.”—Bakolosa 1:15, 16.

5-7. (a) Mo nakong e e fetileng, batho ba ne ba nna le seabe sefe mo go bontsheng maatla a Modimo? (b) Go na le lebaka lefe le le ka dirang gore re dumele gore maatla a Modimo a ka dira le mo Bakereseteng gompieno?

5 Re karolo ya ‘dilo tse di bopilweng mo lefatsheng.’ Ka jalo a le rona batho re ka neelwa maatla a Modimo? Gone mme, fa e sale Modimo o dirisana le batho ba ba sa itekanelang, ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a neela batlhanka ba gagwe maatla a a oketsegileng e le gore ba kgone go dira maikaelelo a gagwe. Moshe o ne a itse gore ka kakaretso fela, batho ba ba sa itekanelang ba tshela dingwaga di le 70 kana di le 80. (Pesalema 90:10) Re ka reng ka Moshe ka boene? O ne a tshela dingwaga di le 120, lefa go ntse jalo “leitlho la gagwe le ne le se lotobo, le thata ya gagwe ya tlholego e sa ngotlega.” (Duteronome 34:7) Lefa gone seo se sa bolele gore Modimo o ka dira gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba tshele ka lobaka lo lotelele jalo kana gore ba nne le nonofo jalo, go supa fela gore Jehofa o ka kgona go naya batho maatla.

6 Sengwe gape se se bontshang gore Modimo o kgona go naya banna le basadi maatla ke se a neng a se dira ka mosadi wa ga Aberahame. “Sara, e rile a setse a tsofetse a bona nonofo ya go ima, ka a kaile one o o mo solofeditseng fa o le boikanngo.” Kana o akanye kafa Modimo o neng wa neela baatlhodi le bangwe kwa Iseraele maatla ka teng: “Giteone, le Barake, le Samesone, le Jefethe; le ka ga Dafite, le Samuele, le baperofeti . . . e rile ba le bokoa ba thatafadiwa.”—Bahebere 11:11, 32-34.

7 Maatla a a ntseng jalo a ka dira le mo go rona tota. Mme gone, gompieno ga re ka ke ra lebelela gore re bone bana ka tsela ya kgakgamatso, kana gore re nne le maatla a magolo jaaka Samesone. Mme re ka nna le maatla, fela jaaka Paulo a ne a bolelela batho ba kwa Kolosa. Ee, Paulo o ne a kwalela banna, basadi, le bana, ba ba jaaka ba re nang le bone mo diphuthegong gompieno, mme o ne a bolela gore ba ne ba ‘nonotshiwa ka nonotsho yotlhe.’—Bakolosa 1:11.

8, 9. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, maatla a ga Jehofa a ne a supiwa jang mo bathong ba ba tshwanang le rona?

8 Mo nakong ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, Jehofa o ne a supa ka phepafalo gore Morwawe o ne a dira ka maatla a gagwe. Ka sekai, ka nako ya fa matshutitshuti a batho a ne a ologela kwa go Jesu kwa Kaperenama, “thata ya Morena ya nna nae go ba fodisa.”—Luke 5:17.

9 Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla ‘bona nonofo fa moya o o boitshepo o sena go tla mo go bone.’ (Ditiro 1:8) A bo seo se le boammaaruri jang ne! Rahisitori mongwe o bega jaana ka dilo tse di neng tsa diragala mo malatsing a sekaenyana morago ga Pentekosete ya 33 C.E.: “Baaposetole ba supa ka ga go tsoga ga Morena Jesu, ka nonofo e kgolo.” (Ditiro 4:33) Paulo ka boene o ne a neelwa maatla ka ntlha ya tiro e Modimo a neng a mo roma gore a e dire. Fa a sena go sokologa le go foufololwa, o ne “a tota bogolo mo nonofong, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko, a tlhomamisa fa yo e le Keresete.”—Ditiro 9:22.

10. Maatla a Modimo a ne a thusa jang mo kgannyeng ya ga Paulo?

10 Eleruri Paulo o ne a tlhoka maatla a a oketsegileng, fa re akanya ka maatla a semoya le a mogopolo a a neng a a tlhoka gore a tsweledise maeto a mararo a borongwa a a neng a akaretsa sekgala sa dikilomitara di le diketekete. Gape o ne a itshokela mefuta yotlhe ya mathata, a itshokela go tsenngwa mo kgolegelong a bo a lebana le go bolaelwa tumelo. Jang? O ne a araba jaana: “Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna.”—2 Timotheo 4:6-8, 17; 2 Bakorinthe 11:23-27.

11. Ke tsholofelo efe e Paulo a neng a bolelela go batlhankakaene ka yone kwa Kolosa malebana le maatla a Modimo?

11 Ga go gakgamatse he, go bo Paulo fa a ne a kwalela “bakaulengwe ba ba ikanyegang mo go Keresete” ba kwa Kolosa, a bo a ba tlhomamisetsa gore ba ne ba ka ‘nonotshiwa ka nonotsho yotlhe, ka fa nonotshong ya kgalalelo ya [ga Jehofa] gore ba nne pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo.’ (Bakolosa 1:2, 11) Le mororo mafoko ao a ne a lebisitswe thata mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, batho botlhe ba ba latelang dikgato tsa ga Keresete ba ka solegelwa molemo thata ke se Paulo a neng a se kwala.

O ne a Neelwa Maatla Kwa Kolosa

12, 13. Ke eng se se dirileng gore Bakolosa ba kwalelwe, mme ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jang ka lone?

12 Phuthego ya Kolosa, e e neng e le mo kgaolong ya Roma ya Asia, gongwe e ne ya tlhomiwa fa Mokeresete yo o ikanyegang e bong Epaferase a ne a rera koo. Go bonala gore fa Epaferase a utlwa gore Paulo o tsentswe mo kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 58 C.E., o ne a iketleetsa gore a etele moaposetoloi le go mo kgothatsa ka pego e e molemo ya gore bakaulengwe ba gagwe ba kwa Kolosa ba lorato e bile ba nitame. Gape go bonala fa Epaferase a ne a bolela pego e e boammaaruri ka ga mathata a a neng a le mo phuthegong ya Kolosa a a neng a tlhoka gore a rarabololwe. Morago ga moo, Paulo o ne a ikutlwa a tlhotlheletsega gore a kwalele phuthego eo lekwalo le le neng le tla ba kgothatsa le go ba tlhagisa. Le wena o ka nna wa kgothadiwa thata ke kgaolo 1 ya lone lekwalo leo, ka gonne le neela bosupi jwa kafa Jehofa a ka dirang gore batlhanka ba gagwe ba nne maatla ka teng.

13 O ka akanya fela gore kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Kolosa ba tshwanetseng ba bo ba ne ba ikutlwa ka tsela efe fa Paulo a ne a bolela gore ke “bakaulengwe ba ba ikanyegang mo go Keresete.” Ba ne ba tshwanelwa ke go akgolelwa go bo ba ne ba ‘rata baitshepi botlhe’ le go ‘ungwa maungo a mafoko a a molemo’ go tloga ka nako ya fa ba ne ba nna Bakeresete! A mafoko ano a a tshwanang a ka buiwa ka phuthego ya rona, le ka rona motho ka namana?—Bakolosa 1:2-8.

14. Ke eng se Paulo a neng a se eleletsa Bakolosa?

14 Paulo o ne a tlhotlhelediwa thata ke pego e a neng a e amogela mo a neng a bolelela Bakolosa gore o ne a sa kgaotsa go ba rapelela le go kopa gore ‘ba tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga [Modimo], mo botlhaleng jotlhe jwa semowa le mo tlhaloganyong, gore ba tsamaye mo go tshwanetseng Morena.’ O ne a rapela gore ba ‘ungwe mo ditirong tsotlhe tse di molemo, ba totafale mo kitsong ya Modimo, ba nonotshiwe ka nonotsho yotlhe ka fa nonotshong ya kgalalelo ya one, gore ba nne pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo.’—Bakolosa 1:9-11.

Ba Neelwa Maatla le Gompieno

15. Re ka bontsha boikutlo jo bo tshwanang le se Paulo a neng a se kwalela Bakolosa jang?

15 A bo Paulo a ile a re tlhomela sekao se se molemo jang ne! Bakaulengwe ba rona go dikologa lefatshe ba tlhoka gore re ba rapelele e le gore ba itshoke le go nna ba itumetse lefa ba boga. Fela jaaka Paulo, re tshwanetse gore fa re rapela re bue fela ka tlhamalalo fa re utlwa dikgang tse di bolelang gore bakaulengwe ba mo mathateng mo phuthegong e nngwe, kana kwa nageng e nngwe. E ka tswa e le gore phuthego e lo leng gaufi le yone e amilwe ke kotsi ya masetlapelo a tlholego kana mathata mangwe a semoya. Kana e ka tswa e le gore Bakeresete ba ntse ba itshokile mo nageng e e nang le ntwa ya selegae kana dipolaano tsa bomorafe. Fa re rapela re tshwanetse ra kopa Modimo gore o thuse bakaulengwe ba rona ba “tsamaye mo go tshwanetseng Morena,” gore ba tswelele pele ba ungwa maungo a Bogosi fa ba ntse ba itshokile, le go oketsa kitso ya bone. Batlhanka ba Modimo ba amogela maatla a moya wa gagwe ka tsela eno, ba “nonotshiwe ka nonotsho yotlhe.” Lo ka tlhomamisa gore Rraalona o tla lo utlwa a bo a araba.—1 Johane 5:14, 15.

16, 17. (a) Jaaka Paulo a ne a kwala, ke eng se re tshwanetseng go se lebogela? (b) Batho ba Modimo ba ile ba gololwa le go itshwarelwa ka tsela efe?

16 Paulo o ne a kwala gore Bakolosa ba tshwanetse go ‘ntshetsa Rara malebogo ene yo o ba dirileng gore ba tshwanele go nna baabedwi ba boswa jwa baitshepi mo leseding.’ A le rona re lebogeng Rraarona wa selegodimo ka ntlha ya boemo jwa rona mo thulaganyong ya gagwe, e ka tswa e le mo sebakeng sa selegodimo kana sa selefatshe sa Bogosi jwa gagwe. Modimo o ne wa dira jang gore batho ba ba sa itekanelang ba tshwanele fa pele ga gagwe? Paulo o ne a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba ba tloditsweng jaana: “Yo O re golotseng, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one; yo re nang le thekololo ya rona mo go ene, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona.”—Bakolosa 1:12-14.

17 E ka tswa e le gore re solofetse go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng, re leboga Modimo ka malatsi otlhe ka a re golotse mo tsamaisong eno e e bosula ya lefifi, e le selo se a se fitlheletseng ka gore re dumele mo setlhabelong sa thekololo se e leng selo se se tlhwatlhwakgolo se Jehofa a se re diretseng ka Morwawe yo a mo ratang thata. (Mathaio 20:28) Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ile ba solegelwa molemo ka tsela e e kgethegileng e ba e diretsweng ka ntlha ya thekololo e le gore ba ka ‘tlolaganyediwa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa Modimo.’ (Luke 22:20, 29, 30) Mme “dinku di sele” le tsone di solegelwa molemo ke thekololo le gone jaanong. (Johane 10:16) Modimo o ka ba itshwarela e le gore ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga gagwe jaaka ditsala tsa gagwe. Ba na le seabe se segolo sa go bolela “Mafoko a a Molemo a, a bogosi” mo motlheng ono wa bofelo. (Mathaio 24:14) Mo godimo ga seo, ba na le tsholofelo e e molemolemo ya go nna batho ba ba siameng ka tsela e e feletseng e bile ba itekanetse mo mmeleng, kwa bokhutlong jwa Puso ya Mileniamo ya ga Keresete. Fa o ntse o bala tlhaloso e e mo go Tshenolo 7:13-17, o ka nna wa dumalana le gore seno se ne se tla nna sesupo sa gore re golotswe le go segofadiwa.

18. Go letlanya mo go neng ga bolelwa mo go Bakolosa mo Modimo o santseng o go dira ke gofe?

18 Lekwalo la ga Paulo le re thusa go lemoga gore re kolota monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela go le gontsi thata. Ke eng se Modimo o neng wa kgona go se dira ka Keresete? “[E ne e] le gore a itetlanyetse dilo tsotlhe ka ene, ka a dirile kagiso ka madi a mokgoro wa gagwe; ka re, ka ene, le fa e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng, kgotsa dilo tse di kwa magodimong.” Boikaelelo jwa Modimo ke gore o busetse dibopiwa tsotlhe gore di utlwane le ene ka botlalo, fela jaaka go ne go ntse pele go nna le botsoulodi kwa Edena. Ene yo o neng a bopa dilo tsotlhe e ntse ke Ene yo jaanong a kgonneng go dira gore ba letlane le ene.—Bakolosa 1:20.

Ba Neelwa Maatla ka Boikaelelo Bofe?

19, 20. Go nna boitshepo ga rona le go tlhoka selabe go ikaegile ka eng?

19 Ba ba letlaneng le Modimo ba newa maikarabelo. Re kile ra ne re leofile mme re le kgakala le Modimo. Mme jaanong, fa re sena go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu e bile megopolo ya rona e sa tlhole e akanya ditiro tse di bosula, tota re ‘boitshepo e bile ga re na selabe,’ ‘ga re ka ke ra nyadiwa fa pele ga [Modimo].’ (Bakolosa 1:21, 22) A o ko o akanye, fela jaaka Modimo o ne o sa tlhabelwe ditlhong ke basupi ba le ba bogologolo ba ba ikanyegang, fela jalo le rona ga o tlhabiwe ke ditlhong, gore o bidiwe Modimo wa rona. (Bahebere 11:16) Gompieno, ga go na ope yo o ka re bonang molato wa gore ga re a tshwanela go bidiwa ka leina la gagwe le le galalelang, kana wa go bo re tshaba go bolela leina leo go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe!

20 Lefa go ntse jalo ela tlhoko tlhagiso e Paulo a neng a oketsa ka yone mo go Bakolosa 1:23: “Ke raya fa lo nnela ruri mo tumelong, lo nitame lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Mafoko a a Molemo a lo a utlwileng, a a reretsweng lobopo lotlhe tlase ga legodimo.” Ka jalo go ikaegile thata ka gore re tla nna re ikanyega mo go Jehofa, re latela dikgato tsa Morwawe yo a mo ratang thata. Jehofa le Jesu ba re diretse go le gontsi thata! E kete re ka ba bontsha lorato lwa rona ka go latela kgakololo ya ga Paulo.

21. Ke ka ntlha yang re na le lebaka le le utlwalang thata la go bo re itumetse gompieno?

21 Bakeresete ba kwa Kolosa ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumela fa ba utlwa gore ‘mafoko a a molemo a ba neng ba a utlwa’ a ne a setse a ‘reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ Tota le gompieno go itumedisa thata go utlwa selekanyo se mafoko a a molemo a Bogosi a a setseng a rerilwe ka sone ke Basupi ba ba ka fetang dimilione tse nne le halofo mo dinageng tse di fetang 230. Ebu, mo e ka nnang batho ba le 300 000 ngwaga le ngwaga ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba itetlanya le Modimo!—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

22. Ke eng se Modimo o ka se re direlang lefa gone re boga?

22 Le mororo go ne go lebega Paulo a ne a le mo kgolegelong ka nako ya fa a ne a kwalela Bakolosa lekwalo leno, o ne a se ka a hutsafalela se se neng se mo diragalela ka tsela epe. Go na le moo, o ne a bolela jaana: “Jaana ke a itumela mo matlhokong a ke a utlwisiwang ka ntlha ya lona.” Paulo o ne a itse gore go ntse jang go nna “pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo.” (Bakolosa 1:11, 24) Mme o ne a itse gore o ne a sa dira seno ka nonofo ya gagwe. Jehofa o ne a mo neela maatla! Gompieno le gone go ntse jalo. Diketekete tsa Basupi ba ba ileng ba tsenngwa mo kgolegelong le go bogisiwa ba ne ba nna ba ntse ba itumetse fa ba ntse ba direla Jehofa. Go na le moo, ba ile ba anaanela boammaaruri jwa mafoko a Modimo a a fitlhelwang mo go Isaia 40:29-31: “O naya baidibadi thata . . . Ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone.”

23, 24. Bosaitseweng jo bo bolelwang mo go Bakolosa 1:26 ke eng?

23 Go direla ka go bolela mafoko a a molemo a a buang thata ka Keresete go ne go le botlhokwa mo go Paulo. O ne a batla gore ba bangwe ba lemoge kafa seabe sa ga Keresete se leng botlhokwa ka gone mo boikaelelong jwa Modimo, ka jalo o ne a bo tlhalosa jaaka “bosaitsiweng jo bo sa leng bo lobelwa metlha yotlhe le ditshika tsotlhe.” Lefa go le jalo, bo ne bo sa tshwanela go nnela sephiri ruri. Paulo o ne a oketsa jaana: “Gompieno bo senoletswe baitshepi ba one.” (Bakolosa 1:26) Fa botsoulodi bo ne bo simologa kwa Edena, Jehofa o ne a solofetsa gore go ne go tla tla dilo tse di botoka, fa a ne a bolelela pele gore ‘losika lwa mosadi lo ne lo tla tapeta tlhogo ya noga.’ (Genesise 3:15) Seno se ne se kaya eng? Go fetile dikokomana di le dintsi, le makgolokgolo a dingwaga e ntse e le masaitseweng. Morago ga moo Jesu o ne a tla, mme o ne “a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo.”—2 Timotheo 1:10.

24 Ee, “bosaitsiweng” bo kaga Keresete le Bogosi jwa ga Mesia. Paulo o ne a umaka “dilo tse di kwa magodimong,” fa a ne a bolela ka batho ba ba neng ba tla nna le seabe mo pusong ya Bogosi jwa ga Keresete. Bano ke bone ba ba tla dirisiwang go leretse “dilo tse di mo lefatsheng,” ba ba tla ipelelang paradaise e e tla nnelang ruri, masego a a senang palo. Ka gone he, o ka bona gore gone go tshwanela tota go bo Paulo a ne a bua ka “letlotlo la kgalalelo ya bosaitseweng.”—Bakolosa 1:20, 27.

25. Re tshwanetse go ikutlwa jang gone jaanong, jaaka go bontshitswe mo go Bakolosa 1:29?

25 Paulo o ne a tlhologeletswe go nna mo mannong a gagwe mo Bogosing. Lefa go ntse jalo o ne a lemoga gore e ne e se sengwe se a neng a ka lebelela go se bona a sa se direla. “Ke leka ka thata ka fa go direng ga gagwe yo o dirang ka nonofo mo go nna.” (Bakolosa 1:29) Ela tlhoko gore Jehofa o ne a neela Paulo maatla ka Keresete e le gore a kgone go fitlhelela bodiredi jo bo nayang botshelo. Jehofa o ka dira se se tshwanang le mo go rona gompieno. Mme re tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke na le moya wa go bolela efangele o ke neng ke na le one fa ke ne ke simolola go ithuta boammaaruri?’ O araba jang? Ke eng se se ka thusang mongwe le mongwe wa rona gore re tswelele pele re ‘dira ka natla le go leka ka thata go dumalana le kafa maatla a ga Jehofa a dirang ka teng’? Setlhogo se se latelang se bolela ka kgang eno.

A o ne wa Ela Tlhoko?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore Jehofa o ka dirisa maatla a gagwe mo boemong jwa batho?

◻ Ke eng fa Paulo a ne a kwala mafoko a a mo go Bakolosa kgaolo 1?

◻ Modimo o dira tetlanyo e e umakilweng mo go Bakolosa 1:20 jang?

◻ Ke eng se Jehofa a ka se fitlhelelang ka rona a dirisa maatla a gagwe?

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 8]

(For fully formatted text, see publication)

KOLOSA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela