LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/15 ts. 3-4
  • A Kilo e Tla Tsamaya e Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Kilo e Tla Tsamaya e Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Jala Dipeo tsa Kilo
  • Matswela a Kilo
  • Goreng Batho ba Tlhoane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ke Eng fa go Tletse Letlhoo Jaana?
    Tsogang!—1997
  • Letlhoo le Tla Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/15 ts. 3-4

A Kilo e Tla Tsamaya e Fela?

FA E le gore o kile wa lebelela dikgang tsa thelebishene lefa e le ka makgetlho a sekae fela, o itse gore kilo ke eng. Kilo e fitlhelwa mo gare ga dilo tse di bakang dikgatlampolo tsotlhe tse go lebegang di tsholola madi mo e batlileng e le letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leno. Go tswa fela kwa Belfast go ya kwa Bosnia, le go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Johannesburg, batho ba ba seng letlhogonolo ba ganyaolwa ba ikemetse fela.

Gantsi babolaiwa ba a bo ba sa itsiwe ke batlhasedi ba bone. “Molato” wa bone o le osi fela ke gore gongwe ke ba “letlhakore le lengwe.” Dintsho tseo e ka nna ya bo e le go ipusolosetsa ditiro dingwe tse di bosula tse di dirilweng mo nakong e e fetileng kana mofuta mongwe wa “go ganyaolwa ga morafe,” e le kananyo e e maswe thata. Nako le nako fa go nna le thubakanyo e oketsa kilano e e fa gare ga ditlhopha tse di itaanang ka noga e utlwa.

Mofuta ono wa go ilana mo go sa feleng o lebega o oketsega. Go tsoga dikgogakgogano tse di sa feleng fa gare ga batho ba ba amanang tota ka losika ba merafe e e sa tshwaneng, ditso, le ditlhopha tsa ngwao kana bodumedi tse di farologaneng. A kilo e ka tsamaya e tlosiwa gotlhelele? Go araba potso eo, re tshwanetse go tlhaloganya gore kilo e bakwa ke eng ka gonne ga re a tsholwa re rata go ilana.

Go Jala Dipeo tsa Kilo

Mosetsanyana mongwe wa Mo-Bosnia kwa Sarajevo e bong Zlata Filipovic, ga a ise a ithute go ila. O kwadile ka phepafalo jaana mo tayaring ya gagwe kaga thubakanyo fa gare ga ditlhopha tsa setso: “Ke nnela go botsa ke re Ka ntlha yang? Ka goreng? Molato ke wa ga mang? Ke a botsa mme ga go na karabo. . . . Mo ditsaleng tsa me tsa basetsana, mo ditsaleng tsa rona, mo go ba ga rona, go na le Ba-Serbia le Ba-Croatia le Bamoselema. . . . Re tsalana le batho ba ba siameng, e seng ba ba bosula. Mme mo bathong ba ba siameng go na le Ba-Serbia le Ba-Croatia le Bamoselema, fela jaaka ba le teng le mo bathong ba ba bosula.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, bagolo ba le bantsi bone ba akanya ka tsela e nngwe. Ba dumela gore ba na le lebaka le le utlwalang la gore ba ilane. Ka ntlha yang?

Tshiamololo. Gongwe lebaka la konokono le le tlhotlheletsang kilo ke tshiamololo le go gatelelwa. Jaaka Baebele e bolela, “kgatelelo fela e ka dira gore motho yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7, NW) Fa batho ba sotliwa kana ba tshwarwa setlhogo, go motlhofo gore ba simolole go ila batho bao ba ba gatelelang. Mme lefa go ka tswa go sa utlwale, kana e le ‘botsenwa,’ gantsi go ilwa setlhopha sotlhe.

Tshiamololo, lefa e le teng tota, kana e akanyediwa fela, e ka tswa e le yone e bakang kilo segolobogolo, mme ga se yone fela. Se sengwe ke letlhoo.

Letlhoo. Gantsi letlhoo le bakwa ke go tlhoka kitso kaga setlhopha sengwe sa lotso kana sa setšhaba. Bangwe ba ka simolola go itse lotso lotlhe kana setšhaba sotlhe ka dinonofo tse di maswe e le ka ntlha ya magatwe, letlhoo le le tswang kgakala la morafe, kana go sa dirisane sentle le motho a le mongwe fela kana ba le babedi ba setlhopha seo. Fa letlhoo le setse le itsetsepetse, le ka dira gore batho ba se ka ba bona boammaaruri. “Re ila batho bangwe ka gonne re sa ba itse; mme ga re kitla re ba itse ka gonne re a ba ila,” go ne ga rialo mokwadi mongwe wa Moesemane, Charles Caleb Colton.

Kafa letlhakoreng le lengwe, boradipolotiki le borahisitori ba ka nna ba tlhotlheletsa letlhoo ka bomo fela gore ba fitlhelele sengwe sa bopolotiki kana sa bosetšhaba. Hitler e ne e le sekai se se tshwanelang thata. Georg, yo e neng e le leloko la lekgotla la Basha ba ga Hitler, a re: “Tshedimosetso ya Bo-Nazi e ne ya simolola ka go re ruta gore re ile Bajuta, go tswa foo Ba-Russia, go tswa foo ‘baba botlhe ba Reich.’ Fa ke ne ke santse ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke dumela sengwe le sengwe se ke neng ke se bolelelwa. Moragonyana, ke ne ka utlwa gore ke ne ke tsieditswe.” Fela jaaka kwa Jeremane wa Bo-Nazi le kwa mafelong a mangwe, letlhoo la batho ba mebala e mengwe kana merafe le ile la dirwa gore le lebege le tshwanela ke bosetšhaba, selo se sengwe se se bakang kilo.

Bosetšhaba, bomorafe, le go tlhaola batho ka mmala. Mo bukeng ya gagwe ya The Cultivation of Hatred, Peter Gay o tlhalosa se se neng sa diragala fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e simologa: “Fa go ne go lwelwa gore motho a ikanyege mo go eng, bosetšhaba e ne ya nna jone bo fenyang dikarolo tse dingwe tsa go ikanyega. Go rata naga ya motho ka namana le go ila baba ba yone go ne ga itshupa e le seipato se se dirang tota sa bosetlhogo jo bo neng bo bakilwe ke ditiragalo tsa lekgolo la bolesomerobongwe la dingwaga.” Go rata bosetšhaba ga Bajeremane go ne ga dira gore pina eno ya ntwa e ratege thata e e bidiwang “Sefela sa Kilo.” Gay o tlhalosa gore batho ba ba neng ba tlhotlheletsa kilo kwa Boritane le kwa Fora, ba ne ba itlhamela magatwe a gore masole a Bajeremane a ne a betelela basadi le go bolaya masea. Siegfried Sasson, lesole la Moesemane, o tlhalosa molaetsa wa konokono wa dikgothatso tsa Boritane tsa ntwa: “Go ne go lebega e kete motho o bopetswe go lobela Bajeremane dintsi.”

Fela jaaka bosetšhaba, go tlotlomatsa setlhopha sengwe sa morafe kana sa mmala o o rileng mo go feteletseng go ka tlhotlheletsa go ila ditlhopha tse dingwe tsa morafe kana tsa mmala. Bomorafe bo santse bo tlhotlheletsa dipolaano kwa dinageng tse dintsi tsa Afrika, mme go tlhaola batho ka mmala go santse go aname kwa Yuropa Bophirima le kwa Amerika Bokone. Selo se sengwe se se kgaoganyang se se ka tsamaisanang le bosetšhaba ke bodumedi.

Bodumedi. Dikgotlhang di le dintsi mo lefatsheng tse di sa kgoneng go fedisiwa di tlhotlheleditswe thata ke bodumedi. Kwa Ireland Bokone, kwa Botlhaba Gare, le kwa mafelong a mangwe, batho ba ilwa ka ntlha ya bodumedi jo ba leng mo go jone. Dingwaga di feta makgolo a mabedi tse di fetileng, mokwadi wa Moesemane Jonathan Swift o ne a bolela jaana: “Bodumedi jwa rona bo lekane fela go dira gore re ilane mme ga bo a lekana go dira gore re ratane.”

Ka 1933, Hitler o ne a bolelela bishopo wa kwa Osnabrück jaana: ‘Fa e le ka Bajuta, ke santse ke tswelela pele ka tsela e Kereke ya Katoliki e ntseng e e dirisa ka dingwaga di le 1 500.’ Bontsi jwa baeteledipele ba kereke ya Jeremane ga ba ise ba ko ba mo kgale fa a ntse a ganyaola batho ba ba senang molato ka kilo. Mo bukeng ya gagwe ya A History of Christianity, Paul Johnson o akgela ka go re “Kereke e ne e kgaola Bakatoliki ba ba neng ba kwala mo diwiling tsa bone gore ba batla gore ditopo tsa bone di fisiwe, . . . mme e ne e sa ba kganele gore ba se ka ba bereka mo dikampeng tsa pogisetso kana mo go tse batho ba neng ba bolaelwa mo go tsone.”

Baeteledipele bangwe ba bodumedi ga ba a ka ba letlelela kilo fela—e bile ba e tsaya gore e boitshepo. Ka 1936, fa Ntwa ya kwa Spain ya Selegae e ne e simologa, Mopapa Pius XI o ne a kgala Barepaboliki ka ntlha ya ‘go ila Modimo ga bone mo e leng ga bosatane tota’—lefa go ne go na le baruti ba Bakatoliki mo letlhakoreng la Repaboliki. Ka tsela e e tshwanang, Mokadinale Gomá, yo o neng a laola kwa Spain ka nako ya ntwa ya selegae, o ne a bolela gore ‘go ne go ka se ka ga nna le kagiso fa go sa tsewe dibetsa ga lowa.’

Kilo ya bodumedi ga e bontshe go fokotsega ka tsela epe fela. Ka 1992 makasine wa Human Rights Without Frontiers o ne wa kgala tsela e badiredi ba Kereke ya Greek Orthodox ba neng ba tlhotlheletsa batho gore ba ile Basupi ba ga Jehofa ka teng. Sengwe sa dilo tse e neng ya di tsopola e ne e le kgang ya moruti mongwe wa Greek Orthodox yo o neng a ya go sekisa Basupi ba babedi ba dingwaga tse 14. O ne a ba latofatsa ka eng? O ne a ba latofatsa ka go re ba ‘leka go dira gore a fetole bodumedi jwa gagwe.’

Matswela a Kilo

Mo lefatsheng lotlhe, peo ya kilo e ntse e jalwa le go nosediwa ka tshiamololo, letlhoo, bosetšhaba, le bodumedi. Maungo a yone ao a ka se kang a tilwa ke bogale, go dirisa dikgoka, ntwa, le tshenyo. Mafoko a Baebele a a mo go 1 Johane 3:15 a re thusa go bona kafa seno se leng masisi ka gone: “Yo o ilang mogagabo ke mmolai.” Eleruri, fa go tletse kilo, kagiso e ka se nnele ruri—fa e le gore gone e teng.

Elie Wiesel, mongwe yo o gapileng Sekgele sa Nobel e bile a falotse Polao ya Kgailo, o kwala jaana: “Tiro ya motho yo o falotseng ke go ntsha bosupi ka se se diragetseng . . . O tshwanetse go tlhagisa batho gore dilo tseno di ka diragala, gore bosula bo ka anama. Go ilana ka mmala, thubakanyo, kobamelo ya medimo ya disetwa—di santse di atile thata.” Hisitori ya lekgolo la bo20 la dingwaga e neela bosupi jwa gore kilo ga se molelo o o tla felang.

A kilo e tla tsamaya e tlosiwa mo dipelong tsa batho? A kilo e a bo e ntse e senya ka dinako tsotlhe, kana go na le sengwe se se siameng ka yone? A re boneng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela