Go Nna le Seabe ka Katlego mo Bodiheding jwa Rona Jo Bo Bolokang Botshelo
1 Moaposetoloi Paulo o ne a fetofetola puisano ya gagwe ya dikgang tse di molemo gore a tle a “bolokè bañwe ka mokgwa moñwe.” (1 Bakor. 9:19-23) Ka tsela e e tshwanang, re tla atlega mo bodiheding jwa rona fa re ntshitse matlho dinameng gore re lemoge se mong wa ntlo a se kgatlhegelang le go ipaakanyetsa go fetola motlotlo wa rona go o dumelanya le dilo tse a di tlhokang. Seno ga se a tshwanela go nna thata fa re tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! kana nngwe ya diboroutšhara tsa rona.
2 Fa o sena go ikitsise, o ka nna wa simolola go bua sengwe se se tshwanang le seno ka mafoko a gago:
◼ “Batho ba le bantsi ba tlhobogile dipuso tsa lefatshe tse go bonalang di sa kgone go lere ditharabololo tse di mosola tsa mathata a metlha ya rona. Ba bangwe ba setse ba pega dipuso tseno molato ka ntlha ya mathata a bone. A o akanya gore go ka nna le puso e e ka kgonang go tlamela dilo tsotlhe tse re di tlhokang sentle? [Mo neye sebaka sa go araba.] A o ne o itse gore re na le tsholofetso e e ikanyegang ya puso e e tla fedisang gotlhelele mathata otlhe a re lebaneng le one?” Reetsa karabo ya mong wa ntlo ka kelotlhoko. Go ikaegile ka se a tla se buang, ipaakanyetse go retologela mo nngweng ya dipuisano tse di farologaneng tse di mmalwa.
3 Fa e le gore go na le sesupo sengwe mo dikakgelong tsa mong wa ntlo sa go ipolela fa e le Mokeresete, he re ka mmotsa gore a o a tle a rapele thapelo ya “Rra echo,” kana Thapelo ya Morena. Fa a araba ka ee, re ka boeletsa thapelo eno ya sekao go fitlha fa e reng, “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ.” (Math. 6:9, 10) Seno se bontsha gore ka letsatsi lengwe go rata ga ga Jehofa go tla diragadiwa gone mo lefatsheng mo. Go tswa foo o ka mmontsha setlhogo se se tshwanetseng mo makasineng wa Tora ya Tebelo kana wa Tsogang! kana mo boroutšhareng nngwe e e tlhalosang kgang eno, jaaka e e mo tsebeng ya 3 ya Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise.
4 Fa mong wa ntlo a sa bontshe tumelo mo Modimong, o ka mmalela Bahebera 3:4 mme go tswa foo o bo o mmulela tsebe ya 4 ya boroutšhara ya A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona? Bala serapa sa 1 le sa 2 o bo o botsa potso e e kwa tlase ga tsebe eno. Kana o ka nna wa e golaganya le kgang e e tshwanetseng e e tswang mo makasineng wa bosheng.
5 Fa mong wa ntlo a lebega a kgotsofetse mo botshelong, o ka botsa potso e e reng:
◼ “Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanya ka masisi ka se Bibela e se bolelang ka bokamoso jwa puso?” Go tswa foo re ka dirisa tshedimosetso e e mo bukeng ya Go Fetolana mo tsebeng ya 175 le ya 176, re bo re umaka ka bokhutshwane lengwe la mabaka a a robangbobedi kana go feta ao re a neetsweng mo bukeng eno. Fa mong wa ntlo a kgatlhega, dirisa pampitshana e e reng A Lefatshe Leno Le Tla Falola?, o bo o simolola ka serapa sa ntlha mo tsebeng ya 2, go tsweledisa motlotlo wa lona.
6 Loeto lwa gago lwa ntlha lo tla bo lo sa atlega gotlhelele fa o sa dira gore mong wa ntlo a eletse gore o mo etele gape. Ka gone, tlhomamisa gore o mmotsa potso e e kgatlhang mme o bo o mo solofetsa gore o tla tla go e araba fa o mmoela.
7 Tlhopha se se leng bonolo mo go wena go se bolela mo kgannyeng e e fa godimo. Fetola dikakantsho tseno gore di tshwanele tshimo ya lona. Itlwaelanye le ditlhogo tsa diboroutšhara, tsa dipampitshana, le tsa dimakasine tse o tlileng go di dirisa e le gore o tle o kgone go fetola motlotlo wa gago ka bofefo gore o tshwanele mong wa ntlo. Ekete rotlhe re ka baakanyetsa dipuisano tsa rona sentle “ka ntlha ea Mahoko a a Molemō” mme ka gone re tla nna le seabe ka katlego mo bodiheding jono jo bo bolokang botshelo.—1 Bakor. 9:23.