Dirang Dipoelo ka Boipelo Go ya Go Thusa Batho ba ba Kgatlhegang
1 Mongwe le mongwe yo o nnang le seabe mo tirong ya ka ntlo le ntlo o eletsa go thusa batho ba ba kgatlhegang. Fa re ba thusa ka tsela e e ntseng jalo, re bona boipelo jo bogolo le kgotsofalo. (Bapisa Pesalema 126:5, 6.) Seno se tlhoka gore re bo re ipaakanyeditse.
2 Fa re ipaakanyetsa re tla simolola ka go boloka tshedimosetso e e kwadilweng sentle mo rekotong ya rona ya ka ntlo le ntlo. Kwala setlhogo se lo tlotlileng ka sone mo loetong lwa ntlha le tsela e mong wa ntlo a ileng a ikutlwa ka yone. Ebile tota o ka nna wa kwala kafa o batlang go ya go simolola motlotlo ka teng fa o mmoela.
3 Ka sekai, fa e le gore o ile wa bua le ene ka Thapelo ya Morena kwa tshimologong mme go tswa foo o bo o mo tsamaisetsa boroutšhara ya “Puso,” ka bokhutshwane fela o ka bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ile ra tlotla kafa thato ya Modimo e tlileng go diragadiwa ka teng mo lefatsheng le gore go tla nna le kagiso mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Mo boroutšhareng e ke e go tlogeletseng, tsweetswee ela tlhoko se e se bolelang mo tsebeng ya 29 e e bolelang ka masego a mangwe a Bogosi jwa Modimo bo tlileng go a tlisetsa batho.”
4 Fa e le gore motho yono o ne a lebega a sa dumele mo Modimong, bua sengwe se se tshwanang le seno:
◼ “Fa ke ne ke go etetse mo nakong e e fetileng, re ne ra tlotla ka ntlha e Paulo a neng a e bolela mo go Bahebera 3:4, fa a ne a ntsha mabaka a a utlwalang a gore re swetse ka gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi yo o botlhale yo o dirileng dilo tsotlhe.” Bala lekwalo leno gape o bo o mo isa mo tsebeng ya 4 go ya go 9 ya boroutšhara ya A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, o bo o tsweledisa mo lo neng lo eme teng mo motlotlong wa lona wa ntlha. Botsa potso mme go tswa foo o bo o bala serapa, o letle mong wa ntlo go araba potso eno. Fa go kgonega, mo kope gore a tle le boroutšhara ya gagwe lo bo lo sekaseka kgang eno mmogo.
5 Fa mong wa ntlo a ne a lebega a kgotsofadiwa ke dilo tse di bonalang tse a nang le tsone kana a kgotsofetse ka tsela nngwe, mo loetong lwa ntlha, o ka mmontsha gape pampitshana ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola? o bo o bala se se boletsweng mo tsebeng ya 6. Botsa mong wa ntlo gore a o eletsa go tshela mo lefatsheng la paradaise le lentle. Go go thusa go bona gore a o sa ntse a kgatlhega, o ka nna wa mo kopa gore a akgele ka setshwantsho sengwe se se kgothatsang kana polelwana nngwe mo makasineng o lo o dirisang.
6 Mokgwa ono o o motlhofo o ka dirisiwa le setlhogo sengwe se lo ka tswang lo ile lwa tlotla ka sone mo makasineng wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Mmontshe setlhogo se lo neng lwa bua ka sone mo loetong lwa gago lwa ntlha mme go tswa foo o bo o umaka ntlha e nngwe e e itumedisang mo setlhogong sone seo kana mo go se sengwe mo tokololong nngwe e o nang le yone. Fa go kgonega, balang lokwalo mmogo o bo o kopa mong wa ntlo gore a akgele. Go tswa foo o bo o kgothaletsa mong wa ntlo go dira peeletso ya dimakasine tseno.
7 Re batla go nna le boikutlo jo bo siameng ka ga go tsamaisa peeletso ka May. Ke ka ntlha yang re sa kgothaletse bao re ba isetsang dimakasine ka metlha gore ba dire peeletso ya dimakasine tseno? Fa batho ba ile ba kgatlhegela boammaaruri kana ba kile ba tsaya dibuka mo go rona mo nakong e e fetileng, le bone ba kgothaletse gore ba dire peeletso.
8 Gakologelwa mokgele wa gago wa go simolola thuto ya Bibela. Ka tlwaelo fela go tlhoka gore o boele makgetlho a le mmalwanyana gore o godise kgatlhego ya motho yoo go fitlhelela e nna moithuti. Bontsha gore o amegile ka mong wa ntlo ka go mmoela ka bofefo jo bo ka kgonegang.
9 Dikgang tse di molemo tse re di bolelang di ipedisa thata. (Luke 2:10) Fa batho ba ba kgatlhegang ba utlwa ka ntlha ya maiteko a re a dirileng, seno eleruri se a re ipedisa. (Bafil. 4:1) A re boneng boipelo jo bo ntseng jalo ka go dira dipoelo gore re thuse batho ba ba kgatlhegang ba re ba fitlhelang mo tshimong.