LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/96 ts. 1
  • A o Kile wa Leka Bosupi Jwa Maitseboa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kile wa Leka Bosupi Jwa Maitseboa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Nako ya Diura tsa Maitseboa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • A o Ka Kgona go Fetofetola Thulaganyo ya Gago?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • A o Ka Kgona go Rera Maitseboa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Go Batla Batho ba ba Tshwanetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 7/96 ts. 1

A o Kile wa Leka Bosupi Jwa Maitseboa?

1 Rotlhe re a itumela fa re nna le matswela mo tirong ya rona. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re sa bone matswela a a molemo, tiro e ka nna e e lapisang le e e sa kgotsofatseng. Tiro e e molemo e a duela, mme e bile ke tshegofatso. (Bapisa Moreri 3:10-13.) Re ka kgona go dirisa molaomotheo ono mo tirong ya rona ya go rera. Re a itse gore fa re ya ka ntlo le ntlo mme re kgona go buisana le batho ka Baebele, re boela gae re lapologile semoyeng. Re a utlwa gore tota re dirile sengwe.

2 Mo mafelong mangwe go nnile thata go fitlhela batho mo gae ka diura dingwe tsa motshegare. Dipego di bontsha gore mo mafelong a mantsi, batho ba ba fetang 50 lekgolong ga ba yo mo gae fa re tla motshegare thata. Diphuthego tse dintsi di ne tsa rarabolola bothata jono ka go dira dithulaganyo tsa bosupi jwa maitseboa, mme di ile tsa atlega fela thata. Baboledi ba bega gore fa ba tla ka dinako tsa tshokologo, ba fitlhela batho ba bantsi ba le teng mo gae, mme ka kakaretso, batho ba a bo ba iketlile mme e bile ba rata go reetsa molaetsa wa Bogosi. A o kile wa leka bosupi jwa maitseboa mo tshimong ya lona?—Bapisa Mareko 1:32-34.

3 Bagolwane ba Rulaganya Bosupi Jwa Maitseboa: Kwa mafelong mangwe dipokano tsa tirelo ya tshimo tsa fa letsatsi le ela go dikela le tsa maitseboa di ile tsa tshegetswa sentle fela thata. Go ka akanyediwa baboledi ba basha ba ba tswang kwa sekolong thapama le bagolo ba ba tswang tirong ka tshokologo. Baboledi ba bangwe ba ba sa kgoneng go ya tirelong ya tshimo ka mafelobeke ba fitlhela gore bosupi jwa maitseboa mo gare ga beke ke mokgwa o ba ka kgonang go nna le seabe ka one ka metlha mo tirong ya go rera.

4 Go na le mekgwa e mentsintsi eo o ka e dirisang mo bosuping jwa maitseboa. O ka supa ka ntlo le ntlo ka dimakasine kana o dirisa dibuka tse e leng mpho ya kgwedi. Maitseboa ke nako e e siameng ya go etela batho ba ba neng ba seyo mo gae motshegare kana ka mafelobeke fa baboledi ba ne ba ba etetse. Gape e ka nna tshimo e e nang le matswela fa o neela bosupi mo mmileng, e go thusa go kopana le batho ba ba tswang tirong ba tla gae. Bontsi bo fitlhela gore maitseboa ke nako e e siameng ya go dira maeto a go boela mo go ba ba bontshitseng kgatlhego.

5 Nna Kelotlhoko O bo O Nne Botlhale: Go tsamaya ka lotlatlana kana morago ga gore go nne lefifi go ka nna kotsi mo mafelong a mangwe. Go ka nna botlhale go tsamaya lo le babedi kana ka ditlhopha mo mebileng e e bonesitsweng sentle le go etela matlo kana dikago tsa difolete tse lo tlhomamisegang gore lo tla babalesega kwa go tsone. Fa o kokota fa mojako, ema fa o tla bonalang sentle gone mme o itlhalose sentle. Nna podimatseba. Fa o lemoga gore o etile ka nako e e sa tshwanelang, jaaka nako ya fa lelapa le ja, ba kope gore o tle ka nako e nngwe. Ka metlha go molemo go dira bosupi jwa gago ka diura tsa lotlatlana, go na le go eta go setse go le thari, fa beng ba matlo gongwe ba setse ba ipaakanyetsa go ya go ikhutsa.

6 Maitseboa a selemo a a sa fifaleng ka bonako a siametse thata bosupi jwa maitseboa. Jaaka fa re ‘direla Modimo bosigo le motshegare,’ ruri Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona.—Tshen. 7:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela