Ikanye Jehofa Gore a Godise
1 “E ne e le lekgetlho la ntlha ke nna le boitumelo jo bo sa tshwaneng le bope jwa go thusa go simolola phuthego e ntšha. Ke ne ka tshwanelwa gore ke dire ka tlhoafalo ka dingwaga tse pedi, ke rapela ka metlha le go ikanya Jehofa ‘yo o godisang dilo.’” Go ne ga kwala jalo mmulatsela mongwe yo o tlhagafetseng yo o neng a ithuta botlhokwa jwa go ikanya Jehofa go godisa. (1 Bakor. 3:5-9) Fa re ntse re senka batho ba ba ratang dilo tsa semoya, le rona re tlhoka go tshegediwa ke Modimo gore re nne le matswela mo bodireding jwa rona.—Dia. 3:5, 6.
2 Kgolo e Batla Gore e Tlhagolelwe: Peo ya boammaaruri e tlhoka go tlhagolelwa gore e gole. Go boela gape morago ga letsatsi le le lengwe kana a mabedi morago ga ketelo ya ntlha gantsi go tlisa matswela a mantle. Bontsha lorato e bile o le botsalano. Dira gore motho yono a ritibale. E se ka ya nna wena fela yo o buang. Mo letle gore a go itse, mme o mmontshe gore o a mo kgatlhegela jaaka motho.
3 Ka July go fitlhela kwa go August re tla tlhoma mogopolo mo go tsamaisetseng batho ba re kopanang le bone diboroutšhara tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, re tlhoka gape go boela kwa go ilweng ga bontshiwa kgatlhego gone le koo re ileng ra tsamaisa dibuka teng. Re dira seno ka go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele. (Math. 28:19, 20) Go fitlhelela seno, go ka nna ga dirisiwa boroutšhara jwa Re Direng go simolola dithuto. O ka nna wa fitlhela dikakantsho tse di latelang di le mosola.
4 Fa o ne o bua le motho yo o neng a amegile ka tsela e lefatshe le senyegang ka yone, o ka nna wa simolola motlotlo gape ka go re:
◼ “Ke dumela gore o tshwenyegile fela jaaka nna ka go senyega ga boitsholo mo gare ga batho. Re utlwa dipego tse di ngomolang pelo tsa thubakanyo mo malapeng, thubakanyo e e felelang ka go sotlwa ga bana, batsadi le balekane ba lenyalo. Mme go bonala fa batho ba le bantsi ba sa re sepe ka ga go bua maaka kana go utswa gore ba kgotsofatse dikeletso tsa bone. A o akanya gore Modimo o a kgathala gore batho ba tshela matshelo a bone jang? [Mo letle gore a arabe.] Modimo o ne a tlhomile ditekanyetso tse di rileng tse batho ba tshwanetseng go tshela ka yone, mme ruri ga di re imele.” Bala 1 Johane 5:3. Morago ga moo ntsha boroutšhara jwa Re Direng o bo o bula mo go thuto 10. Bala serapa sa ntlha. Mmontshe dikarolo tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng kwa tshimologong ya dirapa 2-6, o bo o botsa mong wa ntlo gore ke ditiro dife tse a akanyang gore di utlwisa batho botlhoko thata. Bala serapa se lo buang ka sone mme o bale temana e le nngwe kana di le pedi fa nako e letla. Konela ka go bala serapa 7, mme o bo o rulaganya go boa gape go tla go tsweletsa motlotlo.
5 O ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno le ba ba amegileng ka malapa a bone:
◼ “A o akanya gore go a utlwala go lebelela gore Mmopi o ka re naya didirisiwa tse re di tlhokang go nna le botshelo jo bo atlegileng jwa lelapa?” Mo letle gore a arabe. Mmontshe boroutšhara jwa Re Direng, bula mo go thuto 8 mme o mo tlhalosetse gore e na le melaometheo e e tswang mo Baebeleng e e kwaletsweng leloko lengwe le lengwe la lelapa. Mmolelele gore o ka rata go mmontsha gore a ka dirisa jang boroutšhara jono mmogo le Baebele gore a solegelwe molemo thata ke jone. Latela ditaelo tse di fitlhelwang mo go tsebe 2 ya boroutšhara jono. Rulaganya go boa gape go tla go tsweledisa pele thuto eo, kana fa o e fetsa, go ithuta thuto e nngwe e mong wa ntlo a tla e tlhophang mo boroutšhareng.
6 O ka nna wa simolola ka tsela eno go simolola thuto ya Baebele ka tlhamalalo. Bontsha boroutšhara jwa “Re Direng” o bo o re:
◼ “Boroutšhara jono bo na le thuto e e tseneletseng, e e akaretsang dithuto tsa konokono tsa Baebele. Mo tsebeng nngwe le nngwe, o tla fitlhela dikarabo tsa dipotso tse di tshwentseng batho ka makgolo a dingwaga. Ka sekai, Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?” Bula mo go thuto 5, mme o bale dipotso tse di simololang thuto. Botsa mong wa ntlo gore ke efe e e mo kgatlhang thata, morago ga moo o bo o bala (di)serapa se se tsamaelanang le yone, o bo o bala ditemana tse di tshwanelang. Mo tlhalosetse gore a ka bona dikarabo tse dingwe tse di kgotsofatsang motlhofo fela jaaka eno. Akantsha gore o boe gape go tlotla ka potso le karabo e nngwe.
7 Kana o ka nna wa tlhopha go dirisa tsela e e tlhofofaditsweng go simolola thuto ya Baebele ka go re:
◼ “A o ne o itse gore ka go dirisa metsotso e se kae fela, o ka bona karabo ya potso e e botlhokwa ya Baebele? Ka sekai, . . .” Bala potso e e tlhagang kwa tshimologong ya thuto nngwe mo boroutšhareng, potso e o akanyang gore e tla kgatlha motho yoo. Go bona dikai tsa dipotso tse o ka di dirisang, bona dirapa 15 le 16 mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1997, e e nang le setlhogo se se reng: “Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela.”
8 Go amogela kgwetlho ya go dira maeto a go boela ka boitumelo le go tshwara dithuto tsa Baebele ke karolo ya go nna “badirimmogo” le Modimo. (1 Bakor. 3:9) Fa re ntse re dira ka natla go tlhagolela kgatlhego e re e boneng mme re ikanya Jehofa go godisa, re tla nna le kgotsofalo ya mmatota e e sa kgoneng go tlisiwa ke tiro epe e nngwe.