LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/97 ts. 1
  • Baya Dilo Tse Di Botlhokwa Thata Kwa Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baya Dilo Tse Di Botlhokwa Thata Kwa Pele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhogo Tsa Malapa—Nnang le Thulaganyo e e Molemo ya Dilo Tsa Semoya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • O Na le Mokgwa Ofe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 9/97 ts. 1

Baya Dilo Tse Di Botlhokwa Thata Kwa Pele

1 Ke dilo dife tse di botlhokwa go re boloka re tsogile sentle semoyeng? Ruri tseno di tla akaretsa go ithuta ka namana, go ya dipokanong, go nnela ruri mo thapelong, go nna le ditsala tse di molemo le bodiredi jwa Bokeresete. Re ka se nne le botsogo jo bo molemo jwa semoya fa re sa boloke dilo tse di botlhokwa di tla pele mo matshelong a rona.

2 Le fa go ntse jalo, rotlhe re lwantshana le dikeletso tsa nama mme re tlhoka go ikgalemela. (Bagal. 5:17) Ga re a tshwanela le ka motlha go ikutlwa gore re tla solegelwa molemo go feta fa re latelela dilo tsa bopelotshetlha. (Jer. 17:9) Ka jalo, gore re tle re dibele dipelo tsa rona le go tila go tsiediwa, go botlhokwa gore re itlhatlhobe ka metlha.—Dia. 4:23; 2 Bakor. 13:5.

3 Tlhatlhoba Pelo ya Gago ka Namana: O ka dira seno ka go ipotsa dipotso tseno tsa go itlhatlhoba: A ke tlhologelelwa go bala Lefoko la Modimo? (1 Pet. 2:2) A ke lemoga botlhokwa jwa go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego? (Baheb. 10:24, 25) A ke nnela ruri mo thapelong? (Bar. 12:12) A ke batla go tsalana le batho ba ba ratang dilo tsa semoya? (Bar. 1:11, 12) A ke ikutlwa ke na le boikarabelo jwa go bolela dikgang tse di molemo? (1 Bakor. 9:16) Fa e le gore o araba dipotso tseno ka ee, seno se tla bontsha gore o eletsa go baya dilo tse di botlhokwa thata kwa pele.

4 Tlhatlhoba Thulaganyo ya Gago ya Letsatsi le Letsatsi: Fa o sena go tlhatlhoba dikeletso tsa pelo ya gago o tlhoka go tsaya kgato ka go rulaganya dilo tse di tlang pele tse o tla dirisang nako ya gago mo go tsone. Seno se akaretsa go beela nako kwa thoko go bala Baebele ka metlha le makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le go baakanyetsa dipokano. Go tshwanetse gape ga beelwa nako kwa thoko ya gore lelapa le ithute mmogo le go rapela mmogo. Lekanyetsa gore go tla senngwa nako e kae go lebeletswe thelebishene kana go dirisiwa khomputara. Ititeye sehuba go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego, o dira gore di tle pele ga sengwe le sengwe se o tshwanetseng go se dira. Rulaganya gore lelapa lotlhe le nne le seabe mo tirelong ya tshimo beke le beke.

5 Kwantle ga pelaelo, go baya dilo tse di botlhokwa thata kwa pele mo matshelong a rona ruri go tla re itumedisa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela