Dithuto Tsa Baebele Tse di Tlhagisang Barutwa
1 “Ke eng se se nkitsang go kolobediwa?” go ne ga botsa jalo moopahadiwa wa Moethiopia fa Filipo a sena go “mmolelela dikgang tse di molemo kaga Jesu.” (Dit. 8:27-39) Mo kgannyeng ya moopahadiwa yono, o ne a setse a rata dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Modimo, mme fa a sena go bona thuso ya semoya mo go Filipo, o ne a setse a siametse go nna morutwa. Mme ga se batho botlhe ba ba dumelang gore ba tlhoka go itlhatlhobela Dikwalo ka bobone.
2 Ka boitumelo, phuthego ya ga Jehofa e gatisitse buka ya Kitso go kgothaletsa batho go tlhatlhoba molaetsa wa Baebele o o kwaletsweng motlha wa rona. Tshedimosetso e e mo bukeng eno e tshwanetse go kgatlha batho ba ba pelodiphepa bao gongwe ba rutegileng mme ba sa itse go le kalo ka Baebele. Sedirisiwa seno se se molemo se diretswe go tlhotlheletsa batho go batla go tlhatlhoba Baebele.
3 Fa go simololwa thuto ya Baebele, go tla nna molemo go boeletsa dintlha tse di molemolemo tse di gatisitsweng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996 malebana le kafa go ka tshwarwang thuto e e gatelang pele ka gone ka buka ya Kitso. Fa thuto e ntse e tsweletse, ela tlhoko kgatelopele e e dirwang ke moithuti gore o kgone go bona gore ke dikarolo dife tse di tlhokang go tlhokomelwa. Kgothaletsa moithuti go baakanyetsa thuto ya gagwe go sa le gale, a bale ditemana tse di bontshitsweng. Dikakgelo tse a di dirang ka mafoko a gagwe di tla bontsha gore tota o ikutlwa jang ka boammaaruri. Gantsi batho ba ba balang dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho le go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha ba gatela pele ka bonako. Mo kgothaletse go bua le ba bangwe ka se a se ithutang. Mmontshe ka lorato gore o tshwanetse go dirang gore a tle a gatele pele semoyeng. Ga re a tshwanela go tshwara dithuto go ya goile le batho ba ba sa kgoneng go dira tshwetso. Baithuti ba tshwanetse go tsaya matsapa go ithuta, ba emele boammaaruri ba nitame le go tswelela pele go fitlha ba ineela le go kolobediwa.
4 Mo malapeng a mangwe go tshwarwa dithuto tse di farologaneng, e re ka maloko a a farologaneng a lelapa a tshwarelwa thuto ka dinako tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, mo mabakeng a mantsi go ka nna molemo fa lelapa lotlhe le ithuta mmogo, e re ka seno se tla kitlanya lelapa mmogo mo semoyeng.
5 Jesu o re laetse gore re dire barutwa. (Math. 28:19) Go dira jalo, re tshwanetse go tshwara dithuto tsa Baebele tse di thusang baithuti go gatela pele go fitlhela ba ka botsa ba re, “Ke eng se se nkitsang go kolobediwa?”