Dipokano Tsa Tirelo Tsa September
Beke e e Simololang ka September 1
Pina 26
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola baboledi botlhe go bega tirelo ya bone ya tshimo ya August ka bonako. E re ka August e le kgwedi ya bofelo ya ngwaga wa tirelo, mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhokomela gore dipego tsa tirelo ya tshimo ya dikgwedi tse di fetileng di tlisiwe. Re batla go nna le tlhora e ntšha ya baboledi ka August.
15 mets: “Baya Dilo Tse di Botlhokwa Thata Kwa Pele.” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, akgela ka setlhogo sa “Go Tlhoma Dilo Tse di Tlang Pele” mo makasineng wa Tsogang! ya February 22, 1987, ditsebe 8-9, (ka Seesemane).
20 mets: “Go Naya ba Bangwe Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.” Puo e e buang ka serapa 1 le 6-8. Dira pontsho ka dirapa 2-5. Gatelela gore re tshwanetse go nna re akantse ka go dira barutwa le go fitlhelela mokgele wa go simolola dithuto.
Pina 107 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 8
Pina 27
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
10 mets: Ditlhokafalo tsa phuthego ya lona.
10 mets: “Dithuto Tsa Baebele Tse di Tlhagisang Barutwa.” Puo.
15 mets: Mogolwane o tlotla ka setlhogwana “Tlhotlheletsa Baithuti go Dira Boineelo le go Kolobediwa” (tsenyeletso ya km-TN 6/96, dir. 20-2) le baboledi ba ba nang le maitemogelo ba ba tshwarang dithuto.
Pina 109 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 15
Pina 30
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka Lebokoso la Dipotso.
15 mets: Dirisang Dibidio ka Tsela e e Molemo. Tlotla ka dikakantsho tsa kafa dibidio tsa Mokgatlho di ka dirisiwang ka gone mme o bolele maitemogelo mangwe a lefelo la lona a a bontshang kafa dibidio di ka dirisiwang ka tsela e kgolwane ka teng, mo malapeng a rona mmogo le mo bodireding jwa rona.
20 mets: A o Dirisa Boroutšhara Jwa Sekolo le Basupi ba ga Jehofa? Mogolwane o tlotla ka makasine wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1985, ditsebe 30-1 (ka Seesemane), le batsadi bangwe le bana. Ba bolela maitemogelo a bone ka namana a fa ba ne ba dirisa boroutšhara jwa Sekolo.
Pina 112 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 22
Pina 32
8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.
17 mets: Tsela ya go Simolola Motlotlo. Gore re atlege mo bodireding gantsi go ikaegile ka gore re kgone go dira gore batho ba bangwe ba nne le seabe mo motlotlong wa rona. Fa re kgona go bua sengwe se se ka dirang gore ba bangwe ba reetse, re fentse nngwe ya dikgoreletsi tse dikgolo mo bodireding jwa rona. Tlotla le bareetsi ka dintlha tsa konokono mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo, thuto 16, dirapa 11-14. Dira gore baboledi ba ba ditswerere le ba ba kgonang go simolola motlotlo ba bolele gore ba dirisa mafoko afe go simolola motlotlo fa ba bua le batho ba ba jaaka (1) motho yo o tsamayang ka maoto mo mmileng, (2) motho yo o palameng mo beseng, (3) tlelereke e e rekisang, (4) motho yo o emeng fa go phakiwang dikoloi teng, (5) motho yo o dutseng mo bankeng mo parakeng le (6) motho yo o neelwang bosupi ka founo.
20 mets: Sekaseka Pego ya Phuthego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1997. Molebedi wa tirelo o akgola phuthego ka maiteko a yone a mantle, segolobogolo ka March, April le May. O ntsha dikakantsho tse di tswang mo bagolwaneng le mo pegong ya loeto lwa bofelo lwa molebedi wa potologo gore go okediwe tirelo ya tshimo le dithuto tsa Baebele. Bolela mekgele mengwe e e molemo e e beetsweng ngwaga o mosha wa tirelo, go akaretsa go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele le go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka dikgwedi tse di nang le mafelobeke a le matlhano—November, May, August.
Pina 113 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 29
Pina 37
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe gore ba tlise dipego tsa bone tsa tshimo. Umaka gore re tla simolola go ithuta buka ya Boitumelo mo Lelapeng mo bekeng e e latelang kwa thutong ya buka. Go ipaakanyetsa tiro ya dimakasine ka October, tlotla kafa dintlha tseno di leng botlhokwa ka teng “Tlhatlhoba Tshimo ya Gago,” “Itlwaelanye le Dimakasine,” “Baakanyetsa Mafoko a o Simololang ka One,” “E Dire Gore e Tshwanele Mongantlo,” le “Thusa ba Bangwe” go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996, tsebe 12.
15 mets: Puo e e kgothatsang ka setlhogo se se reng “Latlhela Morwalo wa Gago mo go Jehofa ka Metlha” e e tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1996, ditsebe 27-9.
15 mets: Galaletsa Bodiredi Jwa Gago. Motlotlo le bareetsi ka buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 81-3. Botsa dipotso tseno go gatelela dintlha tsa konokono: (1) Re solegelwa molemo jang ke go latela sekao sa ga Jesu? (2) Boikarabelo jwa rona jwa go rera bo botlhokwa go le kana kang? (3) Ke maitlhomo afe a a ileng a re tlhotlheletsa go neela matshelo a rona mo go Jehofa? (4) Motho o tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo ntseng jang fa a batla go direla Modimo? (5) Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a rera ka yone?
Pina 121 le thapelo e e konelang.