Go Batlega Dithuto Tsa Baebele Tse di Oketsegileng
1 Jehofa Modimo o segofatsa phuthego ya gagwe ka go dira gore e nne e ntse e gola. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, go ile ga kolobediwa batho ba le 375 923 lefatshe ka bophara—palogare ya barutwa ba basha ba le 1000 ka letsatsi lengwe le lengwe kana ba le 43 ka ura nngwe le nngwe! Le fa bakaulengwe ba rona ba ile ba lebana le mathata ka masomesome a dingwaga mo dikarolong tse di rileng tsa lefatshe, tiro ya Bogosi e ntse e tswelela pele mme go nna le koketsego e kgolo. A bo go itumedisa jang go utlwa ka kgatelopele e e dirwang mo go anamiseng dikgang tse di molemo!
2 Ngogola mo Afrika Borwa, le rona re nnile le koketsego mo palogareng ya baboledi botlhe le babulatsela ba ba thusang, mo diureng tse di ileng tsa dirisiwa go rera le mo palong ya dibukana, diboroutšhara le dimakasine tse di ileng tsa tsamaisiwa. Go ne ga nna le koketsego mo palong ya ba ba kolobeditsweng le tlhora e ntšha ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong. Go tweng ka tiro ya maeto a go boela le dithuto tsa Baebele? Re nnile le koketsego e nnye. Mme le fa go ntse jalo, dikarolo tseno tsa bodiredi di botlhokwa thata mo tirong ya go dira barutwa. Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang go oketsa seabe sa rona mo go direng maeto a go boela le dithuto tsa Baebele?
3 Nonotsha Keletso ya go Tshwara Dithuto: Rona ka borona re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go nneng re nonofile semoyeng e bile re tlhagafetse. Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba “tlhagafaletse tiro e e molemo.” (Tito 2:14) Fa re sekaseka bodiredi jwa rona, a re ka re re tlhoafaletse go boela gotlhe moo re ileng re tsamaisa dibuka gone mo tshimong? A re tlhagafaletse go buelela dithuto tsa legae tsa Baebele mo go botlhe ba ba bontshang kgatlhego? (Bar. 12:11) Kana a re tlhoka go tlhagolela keletso e kgolwane ya go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele?
4 Go bala Baebele ka namana, go nna gone mo dipokanong ka metlha le go ithuta dikgatiso go tla re boloka re tshedile semoyeng le go nonotshiwa ke moya wa Modimo. (Baef. 3:16-19) Seno se tla nonotsha tumelo ya rona le tsela e re tshepang Jehofa ka yone le kafa re ratang bathokarona ka gone. Re tla tlhotlheletsega gore re rute mongwe boammaaruri, ka go dira jalo re dira gore bodiredi jwa rona bo nna monate, bo atlege le go re tlhotlheletsa. Ee, re tshwanetse go batla dithuto tsa Baebele tse di oketsegileng!
5 Ithute le Lelapa Pele: Batsadi ba Bakeresete ba ba nang le bana ba ba nnang le bone mo gae ba tshwanetse go amega ka thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya Baebele ya lelapa. (Dute. 31:12; Pes. 148:12, 13; Dia. 22:6) Go tla nna molemo thata fa batsadi ba ithuta boroutšhara jwa Re Direng mme morago ga moo ba ithute buka ya Kitso le bana ba bone go ba baakanyetsa gore ba tshwanelegele go nna baboledi ba ba sa kolobediwang ba bo ba ineele le go kolobediwa. Gone mme, go ka nna ga balwa dibuka tse dingwe, go ikaegile ka gore ngwana o tlhoka eng le gore o na le dingwaga tse kae. Motsadi yo o ithutang le ngwana yo o sa kolobediwang a ka nna a bega thuto, nako le loeto lwa go boela, jaaka go kwadilwe go Lebokoso la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1987.
6 Tokafatsa Thulaganyo ya Gago ka Namana: Fa re akanya ka dimakasine, diboroutšhara le dibuka tse dintsi tse di tsamaisiwang, ga go belaetse gore go jadilwe peo e ntsi. Dipeo tseno tsa boammaaruri di ka ntsha maungo a mantsi a a ka tlhagisang barutwa ba basha. A mme gone molemi kana mong wa tshimo a ka kgotsofalela go nna a ntse a lema fela, mme morago ga maiteko otlhe a gagwe, a se ke a iphe nako ya gore a robe? Le eseng. Ka tsela e e tshwanang, bodiredi jwa go dira maeto a go boela bo botlhokwa.
7 A ka metlha o ipha nako ya go dira maeto a go boela? Boela ka bonako kwa go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego. Dira maeto a go boela ka maikaelelo a go simolola thuto ya Baebele. A o na le rekoto e e siameng, e e mo nakong e bile e rulagantswe sentle ya maeto otlhe a gago a go boela? Mo godimo ga leina le aterese ya mong wa ntlo, tlhomamisa gore o kwale letlha le o mo etetseng la ntlha ka lone, se o ileng wa se tsamaisa, tlhaloso e khutshwane ya se lo ileng lwa tlotla ka sone le ntlha e go ka tlotliwang ka yone mo loetong lo lo latelang. Dira gore mo rekotong ya gago go nne le phatlha e o ka kwalelang tshedimosetso e nngwe mo go yone nako le nako fa o sena go dira loeto lwa go boela.
8 Sekaseka Kafa o ka Dirang Loeto Lwa go Boela ka Gone: Ke dintlha dife tse o tshwanetseng go akanya ka tsone fa o dira loeto lwa go boela mo mothong yo o kgatlhegang? (1) Nna lorato, o nne botsalano, o nne matlhagatlhaga e bile o se ka wa gagamala thata. (2) Tlotla ka dikgang kana dipotso tse di kgatlhang motho yoo. (3) Boloka motlotlo o le motlhofo, o kgatlha e bile e le o o tswang mo Dikwalong. (4) Mo loetong longwe le longwe, leka go ruta mong wa ntlo sengwe se a ka bonang gore se tla mo tswela mosola. (5) Dira gore mong wa ntlo a lebelele pele mo loetong lo lo latelang. (6) O se ka wa nna nako e telele thata. (7) O se ka wa botsa dipotso tse di tla tlhabisang mong wa ntlo ditlhong kana tse di tla mo tsenyang mo sepitleng. (8) Dirisa botlhale gore o se ka wa nyatsa dipono tsa mong wa ntlo tse di phoso kana mekgwa ya gagwe e e sa siamang pele a ka anaanela dilo tsa semoya.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1997 go bona thuso e e oketsegileng ya kafa o ka atlegang ka gone go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele.
9 Leka Ditshono Tsotlhe: Mo phuthegong nngwe, ba ne ba kgona go bona maina le diaterese tsa difolete tsa mongwe le mongwe yo a neng a nna mo moagong o o neng o na le tshireletso e e gagametseng. Mong mongwe le mongwe wa ntlo o ne a kwalelwa lekwalo mme ga tsenngwa dipampitshana tse pedi mo go lone. Kwa bokhutlong jwa lekwalo, go ne ga buelelwa thuto ya legae ya Baebele le nomoro ya founo ya phuthego eo gore motho yo o amogelang lekwalo a tle a arabe. Mo malatsing a sekaenyana fela, lekawana lengwe le ne la kopa thuto. Go ne ga dirwa loeto lwa go boela mo go ene mo letsatsing le le latelang, mme ga simololwa thuto mo bukeng ya Kitso. O ne a nna gone kwa Thutong ya Buka ya Phuthego mo go jone bosigo joo, mme a tswelela go nna gone kwa dipokanong tsotlhe. Mo e ka nnang go tswa fela kwa tshimologong, o ne a simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi mme a gatela pele ka bonako gore a kolobediwe.
10 Setlhopha sengwe sa baboledi ba ba tsamayang ka koloi ba ne ba rulaganya go dira maeto mangwe a go boela ba le setlhopha. Fa kgaitsadi mongwe a ne a dira loeto longwe lwa gagwe, motho yo a neng a mmatla o ne a seyo mo gae, mme lekgarebe lengwe le ne la bula kgoro, la re: “Ke ntse ke go letetse.” Mong wa ntlo o ne a amogetse buka ya Kitso pelenyana mo tsaleng nngwe ya gagwe. Ka nako e bokgaitsadi bano ba neng ba mo etetse ka yone, o ne a setse a badile buka gabedi mme o ne a kgatlhilwe thata ke tshedimosetso e e mo go yone. O ne a re o ne a sa gakgamala go bo Basupi ba ne ba mo etetse ka letsatsi leo ka gonne o ne a ntse a rapela gore ba tle go ithuta Baebele le ene. Go ne ga simololwa thuto, a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, mme a gatela pele ka bonako.
11 Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di ka nna 25 a kolobeditswe o ne a naya mmaagwe buka ya Kitso bosheng jaana. Mmaagwe, yo e leng leloko la kereke, o ne a simolola go bala buka eno. Fa a sena go fetsa dikgaolo di le pedi, o ne a bitsa morwadie, mme se se gakgamatsang, o ne a raya morwadie a re: “Ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!” Mmaagwe o ne a simolola go ithuta mme gone jaanong o kolobeditswe.
12 Leka Dikakantsho Tseno: A o kile wa leka mokgwa wa go buelela dithuto ka tlhamalalo? O ka nna wa bua fela wa re: “Fa o ka rata go nna le thuto ya legae ya Baebele ya mahala, nka go bontsha ka metsotso e sekaenyana fela gore go dirwa jang. Fa o e rata, o ka tswelela.” Fa o e buelela jalo, batho ba le bantsi ga ba okaoke go dumela e bile ba itlhaganela go batla go bona kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone.
13 Go tswa fela kwa tshimologong ya thuto, bontsha moithuti kafa a ka baakanyetsang ka gone go sa le nako ka go bala ditemana tse di umakilweng le go thalela mafoko a konokono go araba dipotso tse di kwadilweng. Tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa setlhogo fela. Le fa re ka nna ra fetofetoga le maemo mo tshimologong, go botlhokwa gore thuto ya Baebele e tshwarwe ka metlha. Nna o akantse kafa o ka mmolelelang ka gone gore thapelo ke karolo e e botlhokwa ya thuto le kafa o tla baakanyetsang moithuti kganetso e a tla nnang le yone ka teng o dirisa Dikwalo. Dira bojotlhe gore thuto e nne monate!
14 Gone mme, ga se baithuti botlhe ba Baebele ba ba gatelang pele ka tsela e e tshwanang. Ba bangwe ga ba rate dilo tsa semoya go le kalo jaaka ba bangwe e bile ga ba kgone go tlhaloganya dilo tse di rutiwang ka bonako jaaka ba bangwe. Ba bangwe ba tshwaregile thata ka ditiro tsa bone tsa botshelo mme ba ka se kgone go dirisa nako e e tlhokegang go ithuta kgaolo yotlhe beke nngwe le nngwe. Ka jalo, mo mabakeng a mangwe go ka tlhokega gore dikgaolo dingwe lo di ithute makgetlho a a fetang le le lengwe gore lo di fetse mme go tsaya dikgwedi tse dintsinyana go fetsa buka yotlhe. Mo mabakeng mangwe re ka ithuta pele boroutšhara jwa Re Direng mme re fetele mo bukeng ya Kitso. Seno, le go nna gone mo dipokanong tsa phuthego, go tla thusa moithuti mongwe le mongwe go nna le motheo o o tlhomameng mo boammaaruring.
15 Se se botlhokwa thata, rapelela gore o nne le thuto ya Baebele! (1 Joh. 3:22) Maitemogelo a magolo thata a Mokeresete a ka nnang le one ke go dirisiwa ke Jehofa go thusa mongwe go nna morutwa wa ga Jesu Keresete. (Dit. 20:35; 1 Bakor. 3:6-9; 1 Bathes. 2:8) Eno ke nako ya go bontsha tlhagafalo e kgolo mo tirong ya go ithuta Baebele, re tshepa ka botlalo gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona a go simolola dithuto tse di oketsegileng!
[Blurb on page 3]
A o rapelela go simolola thuto ya Baebele e ntšha?