LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/98 ts. 2-5
  • Tsweetswee a e Neelwe Molebedi wa Sekolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsweetswee a e Neelwe Molebedi wa Sekolo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 4/98 ts. 2-5

Tsweetswee a e Neelwe Molebedi wa Sekolo

Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa January 5 go ya go April 20, 1998. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.

[Ela tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse di tlang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse o tshwanetseng go di bona tsa Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. Mo go Ditiro 15:29, polelo e e reng, “Nnang le botsogo jo bontle” e ne e le tsholofetso ya gore, ‘Fa o ikeha mo mading le mo kgokafalong, o tla nna le botsogo jo bo botoka.’ [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 6/15 ts. 9 ser. 7 ntlhanyana e e kwa tlase.]

2. Go amega thata ka boitekanelo jwa semoya jwa Bakeresete ba Korintha go ne ga tlhotlheletsa Paulo go ba kwalela lekwalo la gagwe la ntlha fa a ne a sa ntse a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. [si-TN ts. 210 ser. 3]

3. Fa Jesu a ne a boela kwa legodimong, o ne a newa jone boemo joo a neng a na le jone pele ga a nna motho. [td-TN 16A]

4. Lefoko “simony” le le tshotsweng mo tiragalong e e kwadilweng mo go Ditiro 8:9-24, le bua ka go dira ditiro tsa maselamose. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 6/1 ts. 17 ser. 8.]

5. Mo go Baroma 8:6, 7, ‘nama’ e kaya boemo jwa rona jo bo koafetseng jaaka batho ba ba sa itekanelang ba ba ruileng dinonofo tsa go sekamela mo go direng boleo. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 3/1 ts. 21 ser. 4.]

6. Go dumalana le Baefeso 5:33, fa mosadi a tlotla monna wa gagwe thata ga go reye gore a ka se bolele maikutlo a gagwe, segolobogolo fa sengwe se mo tshwenya. [kl-TN ts. 144 dir. 12-13]

7. E re ka Mathaio 11:11 e bontsha gore “mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ise go tsosiwe yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi,” o tla nna gareng ga ba ba tla duelwang ka botshelo jwa selegodimo. [td-TN 9B]

8. Fela jaaka maikaelelo a Modimo a go tlisa Baditšhaba mo phuthegong a ne a sa tlhaloganngwe sentle go fitlha baaposetoloi ba go bona go diragala ka mmatota go diragatsa boperofeti, Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore dilo dingwe di ile tsa tshwanelwa ke go fetolwa jaaka Modimo a ne a nna a ba sedimosetsa. [jv-TN ts. 629 dir. 4-5]

9. Mo go Ditiro 20:20, polelo e e reng, “go tswa ntlong go ya ntlong e nngwe” e kaya fela maeto a bodisa mo matlong a badumedimmogo ka gonne go ya ka dintlha tse di mo kgaolong eno Paulo o ne a bua le banna ba ba godileng mo phuthegong. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 1/15 ts. 11 ser. 5.]

10. Fa re katisa dipelo tsa rona go anaanela dilo tsa semoya, re rapelela moya wa Modimo go re thusa mo go seno, ka go dira jalo re tla tila “go tlhoma mogopolo mo nameng.” (Baroma 8:6, 7) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 3/1 ts. 21 ser. 5.]

Araba dipotso tse di latelang:

11. Ke tiragalo efe mo bukeng ya Ditiro e e bontshang gore go kgona fela go nna le Lefoko la Modimo le go le bala ka bowena ga go a lekana gore o bone kitso ya boammaaruri eo e dirang gore motho a tsamaye mo tseleng ya botshelo? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 9/1 ts. 19 ser. 16.]

12. Ke eng se se kaiwang ke ntlha ya gore Paulo o ne a kwala a re: “Balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo”? (Bar. 13:1) [kl-TN ts. 131 ser. 7]

13. Mo go Ditiro 11:26, ke ka ntlha yang fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa polelo ‘ba ne ba bidiwa Bakeresete . . . ka kaelo ya bomodimo’ mme dithanolo tse dingwe tsa Baebele tsone di se na kgopolo ya “kaelo ya bomodimo”? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 6/1 ts. 19 ser. 19.]

14. Basupi ba ga Jehofa ba gatisa Baebele le go e anamisa ba le tlhaga ka gonne ba tlhatswegile pelo ka eng? [jv-TN ts. 603 ser. 3]

15. Ke go ithuta ka namana ga mofuta ofe go go kgothalediwang mo go Ditiro 17:11? [si-TN ts. 205 ser. 38]

16. Mo lekwalong la gagwe go Bakeresete ba kwa Roma, ke eng se Paulo a neng a se tlhalosa ka tlhomamo ka Bajuda le ba e seng Bajuda? [si-TN ts. 206 ser. 2]

17. Go ya ka Baroma 12:2, botho jwa Bakeresete bo fetolwa go ya bokgakaleng bofe ke maatla a Lefoko la Modimo? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 4/1 ts. 16 ser. 3.]

18. “Sephiri se se boitshepo” se se umakiwang ke Paulo mo go Baroma 11:25 ke eng? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w84-TN 2/1 ts. 16 ser. 16 (w83 8/15 ts. 16 ser. 16).]

19. Ke ka ntlha yang fa phuthego ya Bokeresete e na le mabaka a a utlwalang a go leleka baleofi ba ba sa ikwatlhayeng? (1 Bakor. 5:11, 13) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona g96-TN 9/8 ts. 27 dir. 2-3.]

20. Go koelela magala a a tukang mo tlhogong ya mmaba go tla thusa jang go fenya bosula? (Bar. 12:20, 21) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona g86 1/22 ts. 6 ser. 5.]

Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:

21. Filipo o ne a tlhalosetsa moopafadiwa wa Moethiopia kafa boperofeti jwa ga ․․․․․․․․ bo neng jwa diragadiwa ka gone, mme fa a sena go sedifalelwa, o ne a ikopela ka boikokobetso gore a ․․․․․․․․. (Dit. 8:28-35) [si-TN ts. 204 ser. 33]

22. Fa go ne go tshwerwe kgang ka ga go ․․․․․․․․, ․․․․․․․․ o ne a tshegetsa tshwetso ya gagwe ka go re: “Mafoko a Baporofeti a dumalana le seno, fela jaaka go kwadilwe ga twe.” (Dit. 15:15-18) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona si-TN ts. 204 ser. 33.]

23. Lebaka le le lengwe fela la Dikwalo la go tlhala ke ․․․․․․․․. (Math. 19:9) [td-TN 24A]

24. Go ya ka setshwantsho sa ga Paulo sa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso mo go Baroma kgaolo 11, fela jaaka ditso tse 12 tsa Iseraele di ne di tswa mo go Aborahame ka Isake, jalo he ditso tse 12 tsa tshwantshetso tsa ․․․․․․․․ di tswa mo go ․․․․․․․․ ka ․․․․․․․․. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w84-TN 2/1 ts. 16 ser. 15 (w83 8/15 ts. 16 ser. 15).]

25. E ne e le ka July 1917, morago ga loso lwa ga Russell, fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa golola buka ya ․․․․․․․․ e e neng e bua ka ․․․․․․․․ le ․․․․․․․․ mmogo le ․․․․․․․․. [13, jv-TN ts. 647 ser. 2]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:

26. Ka konelo ya gagwe mo go Ditiro kgaolo 17, Paulo ka botlhale o tlhalosa (bolaodi; tshiamo; lorato) jwa Modimo o o tshelang. [5, Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona si-TN ts. 204 ser. 37.]

27. (Paulo; Petere; Luke) o ne a akgola batho ba (Berea; Makedonia; Jerusalema) ka lorato, a ba bitsa ba ba “tsalegileng bogolo go gaisa.” (Dit. 17:11) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 5/1 ts. 14 ser. 3.]

28. Maaka kana tsietso, a go buiwang ka one mo go Baroma 1:25, a lebisa go (kobamelo ya disetwa; ditiro tse di maswe tsa tlhakanelodikobo; tlwaelo ya go aka). [ Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 11/15 ts. 6 ser. 6.]

29. Ka 1878, C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba lebane le teko e kgolo ya tumelo ya bone le go ikanyega ga bone ka nitamo mo Lefokong la Modimo. Kgangkgolo e ne e le ka ga (gore “motlhanka yo o botlhale le yo o bonokopela” ke mang; go nna gone ga ga Jesu a sa bonale; boleng jwa setlhabelo sa nama le madi a ga Jesu). [jv-TN ts. 619 ser. 3]

30. Paulo o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go Bakorintha fa a ne a le kwa (Roma; Efeso; Korintha) mo ngwageng wa (52; 55; 56) C.E. [si-TN ts. 210 ser. 3]

Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone: Pes. 73:28; Dia. 24:3; Isa. 65:13; Dit. 10:34, 35; 2 Bakor. 12:7-9

31. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re tshwanetse go leba batho ba ditso tsotlhe fela jaaka ene a ba leba. [Dit. 10:34, 35] [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 5/15 ts. 16 ser. 6.]

32. Baebele e na le melaometheo e e tshwanang le didirisiwa tse di ka re thusang go aga lelapa le le itumetseng. [Dia. 24:3] [kl-TN ts. 140 ser. 3]

33. Ba ba atamalanang le Jehofa ba nna le boitumelo jwa boammaaruri le go ritibala mo mogopolong. [Pes. 73:28] [kl-TN ts. 150 ser. 3]

34. Go ralala hisitori, Jehofa o ne a naya batho ba gagwe dijo tsa semoya ba le setlhopha. [Isa. 65:13] [kl-TN ts. 162 ser. 6]

35. Jehofa a ka letla maemo mangwe a a lekang go tswelela ka nakonyana, mme gone o araba dithapelo e bile o itse nako e e molemo ya gore a dire jalo. [2 Bakor. 12:7-9] [kl-TN ts. 156 ser. 15]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela