Kgaolo 29
‘Ba Ilwa ke Merafe Yotlhe’
JESU o ne a gakolola baaposetoloi ba gagwe jaana fa a ne a na le bone mo maitsiboeng a bofelo pele a swa: “Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba tshegeditse lehoko ya me, le ya lona ba tla le tshegetsa. Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me, ka go bo ba sa itse eo o nthomileñ.”—Yoh. 15:20, 21.
Jesu o ne a sa bue ka go ilwa ka makgetlonyana fela a sekae. O ne a ile a bolela jaana malatsi a le mararo pele ga foo: “Lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.”—Math. 24:9.
Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe gore ba se ka ba dirisa dibetsa tse di bolayang fa ba bogisiwa. (Math. 26:48-52) Ba ne ba sa tshwanela go gobolola babogisi ba bone kana ba leka go ipusolosetsa. (Bar. 12:14; 1 Pet. 2:21-23) A go ne go ka se ka ga diragala gore letsatsi lengwe babogisi bao ba fetoge badumedi? (Dit. 2:36-42; 7:58–8:1; 9:1-22) Modimo ke ene a neng a tla ipusolosetsa.—Bar. 12:17-19.
Go itsiwe sentle gore puso ya Roma e ne ya bogisa Bakeresete ba pele ka tsela e e botlhoko. Mme lefa go ntse jalo go bonala sentle gore batho ba ba neng ba bogisa Jesu Keresete thata e ne e le baeteledipele ba bodumedi le gore Ponto Pilatwe, mmusi wa Roma, o ne a laela gore Jesu a bolawe gonne ba ne ba batla jalo. (Luke 23:13-25) Fa Jesu a sena go swa, baeteledipele ba bodumedi ke bone gape ba ba neng ba bogisa balatedi ba ga Jesu. (Dit. 4:1-22; 5:17-32; 9:1, 2) A seo ga se a ka sa nna jalo le mo metlheng ya morago jaana?
Baruti Ba Kopa Gore go Tshwarwe Kganetsano Phatlalatsa
Jaaka fa dikgatiso tsa ga C. T. Russell di ne di ntse di anama thata di nna dimilione di le masomesome ka dipuo tse dintsi, baruti ba Katoliki le ba Porotesetanta ba ne ba sa kgone go itlhokomolosa se a neng a se bolela bonolo fela. Ereka ba ne ba galefisitswe ke go senolwa ga dithuto tsa bone gore ga se tsa Dikwalo, ebile ba bolaisiwa pelo ke go bo ba ne ba latlhegelwa ke maloko, bontsi jwa baruti ba ne ba dirisa dialetare tsa bone go kgala dikgatiso tsa ga Russell. Ba ne ba laela matsomane a bone gore a se ka a amogela dibuka tse di neng di anamisiwa ke Baithuti ba Bibela. Ba bantsi ba bone ba ne ba senka go tlhotlheletsa badiredi ba puso gore ba thibele tiro eno. Kwa mafelong mangwe kwa United States—a mangwe a one e neng e le Tampa, Florida; Rock Island, Illinois; Winston-Salem, North Carolina; le Scranton, kwa Pennsylvania—e ne e le bone ba laolang fa go fisiwa phatlalatsa dibuka tse di neng di kwadilwe ke Russell.
Baruti bangwe ba ne ba ikutlwa ba batla go nyeletsa tsela e Russell a tlhotlheletsang batho ka yone ka go mo senola ba ganetsana nae phatlalatsa. Setlhopha sengwe sa baruti se ne sa tlhopha Dr. E. L. Eaton, yo e neng e le moruti wa Kereke ya North Avenue Methodist Episcopal ya kwa Allegheny, kwa Pennsylvania, jaaka yo e neng e le mmueledi wa bone gaufi le ntlokgolo ya gagwe. Ka 1903 o ne a ntsha mogopolo wa gore ba ganetsane phatlalatsa, mme Mokaulengwe Russell o ne a amogela taletso eo.
Go ne ga tlhagisiwa dintlha tseno tse thataro tse go neng go tlilwe go tlotliwa ka tsone: Mokaulengwe Russell o ne a dumela, mme Dr. Eaton ene a ganetsa, gore meya ya batho ba ba suleng ga e ikutlwe; gore Keresete o tla “tla la bobedi” pele ga Mileniamo le gore boikaelelo jwa go “tla la bobedi” le ga Mileniamo ke gore a tle go segofatsa malapa otlhe a a mo lefatsheng; le gore tsogo ya ntlha ke ya baitshepi fela ba “motlha wa go rerwa ga Efangele” mme bontsintsi jwa ba bangwe bo tla bolokiwa morago ga foo mo tsogong ya moragonyana. Dr. Eaton o ne a dumela, mme Mokaulengwe Russell o ne a ganetsa, gore ga go na ope yo o tlileng go lekwa morago ga loso; gore ga se batho botlhe ba ba bolokilweng ba ba tlileng go tsena kwa legodimong; le gore batho ba ba boikepo ba ba ganang go fetoga ga ba ne ba bogisiwa ka bosakhutleng. Go ne ga tshwarwa metseletsele e merataro ya dipuisano tseno fa pele ga bareetsi ba ba neng ba tletse mo Carnegie Hall kwa Allegheny ka 1903.
Maikaelelo a kgwetlho eo ya gore go nne le kganetsano e ne e le eng? Albert Vandenberg o ne a kwala jaana moragonyana fa a ne a ntsha maikutlo a gagwe kaga kgang eno go ya ka se se diragetseng mo hisitoring: “Dikganetsano tseno di ne di tshwarwa mme motlotlo mongwe le mongwe o ne o okametswe ke moruti wa kereke e nngwe ya Porotesetanta. Mo godimo ga moo, baruti ba ba tswang mo dikerekeng di le mmalwa tse di mo tikologong ba ne ba nna mo seraleng le Moruti Eaton, gore ba mo thuse ka tshedimosetso mmogo le go mo ema nokeng. . . . Lebaka la go bo baruti ba Porotesetanta ba ne ba bopa lekgotla le le seng kafa molaong le ne le bontsha gore ba ne ba boifa gore Russell o ne a ka kgona go sokolola maloko a dikereke tsa bone.”—“Charles Taze Russell: Pittsburgh Prophet, 1879-1909,” e e neng e gatisitswe mo go The Western Pennsylvania Historical Magazine, January 1986, ts. 14.
Dikganetsano tse di ntseng jalo di ne di se dintsi. Di ne tsa se ka tsa ntsha matswela a setlhopha seo sa baruti se neng se eleditse go a bona. Maloko mangwe a phuthego ya ga Dr. Eaton, a ne a tlogela kereke mme a kopanela le Baithuti ba Bibela gonne a ne a kgatlhilwe ke se a neng a se utlwa mo dikganetsanong tseo ka 1903. Le eleng moruti mongwe yo o neng a le teng o ne a dumelana gore Russell o ne a ‘lebisa lethompo mo diheleng a bo a tima molelo wa tsone.’ Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Russell o ne a ikutlwa gore tsela ya boammaaruri e ka anamisiwa botoka ka go dirisa nako le maiteko mo ditirong tse dingwe go na le mo dikganetsanong.
Baruti ba ne ba se ka ba tlogela go ba tlhasela. Fa Mokaulengwe Russell a ne a neela dipuo kwa Dublin, kwa Ireland, le kwa Otley, Yorkshire, kwa Engelane, ba ne ba baya batho bangwe mo bareetsing gore ba buele kwa godimo ba ganetsa Russell mmogo le go mo latofatsa ka maaka. Mokaulengwe Russell o ne a dira ka botlhale mo maemong ao, a dirisa Bibela ka metlha fa a araba.
Baruti ba Baporotesetanta ba ne ba bopile lekgotla le le neng le bidiwa Evangelical Alliance, le mororo ba ne ba tswa mo ditlhopheng tse di farologaneng. Baemedi ba bone ba dinaga tse dintsi ba ne ba tlhasela Russell le ba ba neng ba anamisa dibuka tsa gagwe. Ka sekai, kwa Texas (U.S.A.), Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga gore baruti botlhe ba kwa ditoropong tse dipotlana le ba kwa dikgaolong tsa metseselegae, ba ne ba latofatsa Russell le go sokamisa dilo tse a neng a di ruta ka tsela e e tshwanang fela botlhe.
Lefa go ntse jalo, go tlhaselwa ga ga Russell ke baruti ka dinako tse dingwe go ne go nna le matswela a baruti ba neng ba sa a lebelela. E ne ya re fa moruti mongwe kwa New Brunswick, kwa Canada, a ne a rera thero e e senyang Russell, go ne go na le monna mongwe mo bareetsing yo o neng a badile dibuka tse di kwadilweng ke Mokaulengwe Russell. O ne a tenega thata fa moruti yoo a ne a simolola go bua maaka fela ka boomo. E ne ya re fa a le mo bogareng jwa thero ya gagwe, monna yoo a ema ka dinao, a tshwara mosadi wa gagwe ka letsogo, a bo a bitsa bomorwadie ba le supa ba ba neng ba opela mo khwaereng a re: “Tlang basetsana ba me, a re yeng gae.” Ba ne ba tswa ka borobong jwa bone, mme moruti o ne a bona jaaka fa monna yono yo a neng a agile kereke eo ebile e ne e le ene a tshegetsang phuthego ka madi a tswa a tsamaya. E ne ya re go ise go ye kae ke fa phuthego eo e phatlalala, mme moruti yoo a tsamaya.
Go Dirisa Kgalo le Tshebo
Fa ba ntse ba leka go senya tsela e C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba kgona go tlhotlheletsa batho ka yone, baruti ba ne ba kgala go bolela ga gagwe gore ke modihedi wa Mokeresete. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya moaposetoloi Petere le Johane jaaka ‘ba ba sa rutegang, e le batho fela,’ ka mabaka a a tshwanang.—Dit. 4:13.
Mokaulengwe Russell o ne a sa tsena sengwe sa dikolo tsa boruti tsa Labokeresete. Mme lefa go ntse jalo o ne a bolela jaana ka bopelokgale: “Re gwetlha [baruti] gore ba ntshe bosupi jwa gore ba tlhophilwe ke Modimo kana jwa go bo ba akanya jalo. Se ba akanyang ka sone fela ke gore ba tlhophilwe ke makoko, kana ke one a ba fileng thata eo, mongwe le mongwe a tlhophiwa ke lekoko la gagwe kana lesomo la gagwe. . . . Modimo o tlhopha motho kana o mo naya thata ya go rera ka go mo naya Moya O O Boitshepo. Motho ope fela yo o nang le Moya O O Boitshepo o amogetse nonofo le thata ya go ruta le go rera ka leina la Modimo. Motho ope fela yo a senang Moya O O Boitshepo ga a newa thata kana ga a letliwa ke Modimo gore a rere.”—Isa. 61:1, 2.
Bangwe ba baruti ba ne ba rera maaka ka ene ba bo ba a gatisa fela gore ba mo senye leina. Ao ba neng ba dirisa thata—mme ebile ba santse ba a dirisa—a ama maemo a lenyalo la ga Mokaulengwe Russell. Ba ne ba leka go dira gore batho ba akanye gore Russell o ne a sena boitshwaro jo bo siameng. Mabaka a reng?
Charles Taze Russell o ne a nyala Maria Frances Ackley, ka 1879. Ba ne ba nna mmogo ka dingwaga di le 13. Go tlotlomadiwa ga ga Maria ke batho le dilo tse ba neng ba di bua tse di neng di mo dira gore a ikgogomose di ne tsa dira gore kamano ya bone e koafale; mme o ne a boa a itemoga se a leng sone fa a ne a lemoga maikaelelo a batho ba ba neng ba mo tlotlomatsa. Morago ga fa motho mongwe yo e neng e kile ya bo e le tsala ya bone a sena go anamisa maaka ka Mokaulengwe Russell, o ile a bo a kopa monna wa gagwe gore a mo letle go etela diphuthego di sekae go ya go araba ditatofatso tseo, ereka go ne go ile ga bolelwa gore (Russell) o ne a sa mo tshware sentle. Lefa go ntse jalo, tsela e e molemo e a ileng a amogelwa ka yone mo loetong loo ka 1894 go lebega e ile ya dira gore tsela e a neng a iteba ka yone e nne e fetoge ka iketlo. O ne a leka go nna le maatla a magolwane mo go boleleng gore go ka kwalwa eng mo go Tora ya Tebelo.a E ne ya re fa a lemoga gore go ne go sena sepe se a neng a se kwala se se neng se gatisiwa kwantle ga fa monna wa gagwe, yo e neng e le mokwadi wa makasine ono, a ne a dumelana le diteng tsa sone (go ikaegile ka gore a se tsamaisana le Dikwalo), o ne a utlwa botlhoko thata. O ne a leka thata go mo thusa, mme lefa go ntse jalo o ne a mo tlogela ka November 1897. Lefa go ntse jalo, o ne a mo tlamela ka lefelo le a neng a ka nna mo go lone le go mo tlhokomela. Dingwaga morago ga moo, morago ga dikgetsi tsa kgotlatshekelo tse di neng di tlhatlhetswe ke ene (Maria) ka 1903, o ne a fiwa tetla, ka 1908, eseng ya gore a tlhale gotlhelele, mme go na le moo ya gore a se ka a nna le ene, lefa go ntse jalo a santse a tla mo tlamela.
Ereka a ne a reteletswe ke go pateletsa monna wa gagwe gore a dire jaaka a ne a batla, fa a sena go mo tlogela o ne a leka thata go mo senya leina. Ka 1903 o ne a gatisa pampitshana nngwe e e neng e tletse, eseng ka boammaaruri jwa Dikwalo, mme go na le moo ka maaka kaga Mokaulengwe Russell. O ne a kopa baruti ba dikereke tse di farologaneng gore ba mo thuse go di anamisa koo Baithuti ba Bibela ba neng ba tshwarela dipokano tse di kgethegileng teng. Se se itumedisang ke gore ka nako eo e ne e le ba sekae fela ba ba neng ba itetla go dirisiwa ka tsela eo. Lefa go ntse jalo, baruti ba bangwe ba ile ba bontsha moya o o farologaneng fa esale go tloga ka nako eo.
Pelenyana ga foo, Maria Russell o ne a ile a kgala, ka molomo le ka go kwala, ba ba neng ba latofatsa Mokaulengwe Russell ka boitshwaro jo bo sa siamang joo jaanong bo neng bo bolelwa ke ene. Batho bangwe ba bodumedi ba ba neng ba le kgatlhanong le Mokaulengwe Russell ba ile ba dirisa dipolelo dingwe tse di neng di sena bosupi tse di neng di ile tsa bolelwa ka nako ya fa go ne go sekwa kwa kgotlatshekelo ka 1906 (mme ebile e le dipolelo tse kgotlatshekelo e ileng ya laela gore di phimolwe mo rekotong), ba di dirisa go gatisa ditatofatso tse maikaelelo a tsone e neng e le go dira gore go lebege jaaka ekete e ne e le motho yo o neng a sena boitshwaro jo bo siameng mme ka gone a sa tshwanela go nna modihedi wa Modimo. Lefa go ntse jalo, rekoto ya kgotlatshekelo e supa gore ditatofatso tseo ke maaka. Mmueledi wa ga Mohumagadi Russell o ne a mmotsa gore a o ne a dumela gore monna wa gagwe o na le molato wa boaka. O ne a araba jaana: “Nnyaa.” Gape se se kgatlhang ke gore fa komiti ya bagolwane ba Bakeresete e ne e reeditse ditatofatso tsa ga Mohumagadi Russell kgatlhanong le monna wa gagwe ka 1897, o ne a se ka a umaka dilo tse a ileng a di bolela morago kwa kgotlatshekelo ka maikaelelo a gore a tlhotlheletse lekgotla gore le mo letle go tlhala, le mororo a ne a bolela gore ditiragalo tseno di ne di diragetse pele ga pokano eo.
Dingwaga di le robong fa Mohumagadi Russell a sena go tlhatlhela kgetsi kwa kgotlatshekelo, Moatlhodi James Macfarlane o ne a kwala lekwalo a araba monna mongwe yo o neng a kopa kopi ya rekoto ya kgotlatshekelo gore tsala nngwe ya gagwe e tle e senole Russell. Moatlhodi o ne a mmolelela a tlhamaletse gore se a neng a se batla se tlile go mo senyetsa nako le madi fela. Lekwalo la gagwe le ne la bolela jaana: “Mabaka a kopo ya gagwe [Mohumagadi Russell] le a katlholo ya lekgotla e ne e le ‘go tlontlololwa’ mme e seng a boaka mme ebile go ya kafa ke tlhaloganyang bosupi ka teng, ga bo bontshe gore Russell o ne a tshela ‘botshelo jwa boaka le mongwe.’ Tota ebile go ne go sena ope yo a neng a dira boaka le ene.”
Maria Russell o ne dumelana le seno go setse go le thari ka nako ya phitlho ya ga Mokaulengwe Russell kwa Carnegie Hall kwa Pittsburgh ka 1916. O ne a feta fa gare ga ditulo, a apere lesire, a ya kwa lekaseng a feta a baya dithunya mo godimo ga lone. Di ne di tsentswe pampitshana e e neng e na le mafoko a a reng, “Go Monna wa Me Yo O Rategang.”
Go phepafetse gore baruti ba ile ba dirisa mekgwa ya go tlhasela e e tshwanang le e e neng ya dirisiwa ke ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka nako eo, ba ne ba leka go senya Jesu leina ka go mo latofatsa ka gore o ne a ja le baleofi le gore e ne e le moleofi le motlhapatsi. (Math. 9:11; Yoh. 9:16-24; 10:33-37) Ditatofatso tse di ntseng jalo ga di a ka tsa fetola kafa Jesu a neng a itsiwe ka teng, mme go na le moo di ne di senola ba ba neng ba mo senya—ebile di senola ba ba dirisang mekgwa e e ntseng jalo ya go tlhasela gompieno—gore rraabone wa semoya ke Diabolo, leina le le kayang “Mosebi.”—Yoh. 8:44.
Go Dirisa Moya O O Neng O Rena ka Nako ya Ntwa go Fitlhelela Maikaelelo a Bone
Ereka lefatshe le ile la tlhaselwa ke moya wa bomorafe ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ne ga bonwa sebetsa se sesha se se neng se ka dirisiwa kgatlhanong le Baithuti ba Bibela. Baeteledipele ba bodumedi jwa Porotosetanta le jwa Roma Katoliki ba ne ba ka bontsha bobaba jwa bone ba dirisa boratanaga. Ba ne ba dirisetsa moya oo o neng o rena ka nako ya ntwa go bitsa Baithuti ba Bibela gore ke baepapuso—tatofatso e e ileng ya dirwa ke baeteledipele ba bodumedi ba kwa Jerusalema mo lekgolong la ntlha la dingwaga kgatlhanong le Jesu Keresete le moaposetoloi Paulo. (Luke 23:2, 4; Dit. 24:1, 5) Gone ke boammaaruri, baruti ka bobone ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo ntweng ba le tlhaga gore ba kgone go ba latofatsa jalo, mme lefa go ntse jalo seo go lebega bontsi jwa bone bo ne bo sa tshwenyege ka sone, le eleng lefa se ne se bolela go romela makawana gore a ye go bolaya maloko a bodumedi jwa bone a naga e nngwe.
Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa golola buka ya The Finished Mystery, eo e neng e akgela kaga Tshenolō le Esekiele mmogo le Sehela sa Dihela, ka July 1917, morago ga loso lwa ga Russell. Buka eo e ne ya senola boitimokanyi jwa baruti ba Labokeresete e tlhamaletse fela! E ne ya anamisiwa thata mo lobakeng lo lokhutshwane fela. Kwa bofelong jwa December 1917 le fa 1918 e ne e simologa, Baithuti ba Bibela ba kwa United States le kwa Canada ba ne ba anamisa dikopi di le 10 000 000 tsa molaetsa o o bogale wa pampitshana e e neng e bidiwa The Bible Students Monthly. Pampitshana eno e e neng e na le ditsebe di le nne e ne e na le setlhogo se se reng “Go Wa ga Babelona,” mme e ne e na le setlhogwana se se reng “Lebaka la Go Bo Labokeresete Jaanong E Tshwanela go Boga—Matswela a Bofelo.” E ne ya bolela fa mekgatlho ya bodumedi jwa Katoliki le jwa Porotosetanta e le Babelona wa metlha ya segompieno, e e tlileng go wa mo lobakeng lo lokhutshwane. E ne ya tshegetsa se se neng se bolelwa, ka go kwala gape kakgelo ya The Finished Mystery kaga boperofeti jo bo neng bo bolela katlholo ya Modimo kgatlhanong le “Babelona wa Bodimona.” Tsebe e e kafa ntle e ne e na le setshwantsho sa lebota le wa. Mafika a magolo a lebota leo a ne a na le maina a a tshwanang le “Thuto ya Tharonngwe (‘3 X 1 = 1’),” “Moya ga o Swe,” “Thuto ya go Tlhokofalediwa Ruri,” “Boporotosetanta—ditumelo tsa jone tsa motheo, baruti ba jone, jalo le jalo,” “Boroma—bomopapa, bakadinale, jalo le jalo”—mme otlhe a ne a wa.
Baruti ba ne ba galefa thata fa ba ne ba senolwa ka tsela e e ntseng jalo, fela jaaka go ne ga nna ka baruti ba Bajuda ka nako ya fa Jesu a ne a senola boitimokanyi jwa bone. (Math. 23:1-39; 26:3, 4) Baruti ba kwa Canada ba ne ba tsaya kgato ka bonako. Ka January 1918, baruti ba Canada ba feta 600 ba ne ba saena lekwalo le ba neng ba ikuela ka lone mo pusong gore e thibele dikgatiso tsa International Bible Students Association. Jaaka fa go ile ga begwa mo go Winnipeg Evening Tribune, fa Charles G. Paterson, yo e neng e le moruti wa Kereke ya St. Stephen kwa Winnipeg, a sena go kgala pampitshana ya The Bible Students Monthly e e neng e na le setlhogo se se reng “Go Wa ga Babelona” a le mo aletareng, Mmueledimogolo Johnson o ne a ikgolaganya le ene mme a mo kopa kopi ya yone. Ka bonako fela morago ga moo, ka February 12, 1918, puso ya Canada e ne ya ntsha molao wa gore motho ope fela yo a ka fitlhelwang a na le buka ya The Finished Mystery kana pampitshana e e supilweng fa godimo o tla duedisiwa kana o tla latlhelwa mo kgolegelong.
Mo go yone kgwedi eo, ka February 24, Mokaulengwe Rutherford, yo o neng a sa tswa go tlhophiwa jaaka mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a neela puo kwa United States kwa Temple Auditorium kwa Los Angeles, kwa California. O ne a bua ka setlhogo seno se se gakgamatsang: “Lefatshe le Tsene mo Bokhutlong—Dimilione Tse Di Tshelang Jaanong Di Ka Nna Tsa Se ka Tsa Tlhola Di Swa.” Fa a ne a ntsha bosupi jwa gore lefatshe go ya ka tsela e le neng le itsiwe ka yone go fitlha ka nako eo tota le ne le ile la fela ka 1914, o ne a umaka ntwa e e neng e setse e ntse e tsweletse pele ka nako eo, mmogo le leuba le le neng le e patile, mme a tlhalosa gore ke karolo ya sesupo se Jesu a neng a se boleletse pele. (Math. 24:3-8) Mme morago ga foo o ne a bua ka baruti a re:
“Go ya ka dikwalo, setlhopha sotlhe sa baruti, ke batho ba ba nang le molato o mogolo go gaisa mo lefatsheng ka ntlha ya ntwa e kgolo e jaanong e wetseng batho. Ba na le dingwaga di le 1 500 ba ntse ba ruta batho thuto ya bosatane ya gore dikgosi di neilwe thata ya go busa ke Modimo. Ba tswakantse dipolotiki le bodumedi, kereke le puso; ba itshupile fa ba sa ikanyege mo tshiamelong e ba e filweng ke Modimo ya gore ba bolele molaetsa wa bogosi jwa ga Mesia, mme ba ineetse mo go kgothaletseng babusi gore ba dumele gore kgosi e busa ka ntlha ya go bo e filwe thata eo ke Modimo, mme sengwe le sengwe se e se dirang se siame.” O ne a bolela jaana a supa se seno se felelang ka sone: “Dikgosi tse di ratang go itsege tsa Yuropa di ne tsa ipaakanyetsa ntwa, ka gonne di ne di batla go gapa mafelo a batho ba bangwe; mme baruti ba ne ba ba fa letsogo ba re: ‘Dirang kafa lo batlang ka teng, ga lo dire phoso; sengwe le sengwe fela se lo se dirang se siame.’” Mme lefa go ntse jalo, seo se ne se sa dirwe ke ba kwa Yuropa fela, baruti ba Amerika le bone ba ne ba itse gore le bone ba ne ba ema ntwa nokeng.
Pego e e tletseng ya seno e ne e gatisitswe mo pampiring ya dikgang ya Los Angeles ya Morning Tribune. Baruti ba ne ba galefile thata ke seno mo e leng gore mokgatlho wa baruti o ne wa tshwara pokano mo go lone letsatsi leo mme ba romela mookamedi wa bone kwa batsamaising ba pampiri eo ya dikgang gore a itsise kafa ba sa itumelang ka teng. Morago ga seno, go ne ga nna le lobaka loo maloko a lephata la mapodisi a botlhodi la puso le neng la nnela go ya kwa diofising tsa Mokgatlho wa Watch Tower.
Mo lobakeng lono lo moya wa bomorafe o neng o iphile maatla ka lone, go ne ga tshwarwa kopano ya baruti kwa Philadelphia, kwa United States, e go neng ga dirwa maitlamo kwa go yone ba ikuela gore go fetolwe Molao wa Botlhodi gore batho ba ba latofadiwang ka go o tlola ba ke ba sekisiwe ke kgotlatshekelo ya sesole le go atlholelwa loso. John Lord O’Brian o ne a tlhophiwa gore a fetisetse kgang eo go Senate. Poresidente wa United States o ne a se ka a dumela gore molaomametlelelo oo o fetoge molao. Mme lefa go ntse jalo Majoromogolo James Franklin Bell, wa Masole a U.S., o ne a shakgala mme a bolelela J. F. Rutherford le W. E. Van Amburgh ka se se neng se sa diragala kwa kopanong eo le maikaelelo a yone a go dirisa molaomametlelelo oo kgatlhanong le badiredi ba Mokgatlho wa Watch Tower.
Difaele tsa semmuso tsa U.S. di bontsha gore ka mokgwa mongwe go tloga ka February 21, 1918, go ya kwa pele, John Lord O’Brian, o ne a tshwere ka natla a leka go kokoanya ditatofatso kgatlhanong le Baithuti ba Bibela. Pego ya Kongerese ya April 24 le May 4 e na le makwalo a a neng a tswa kwa go John Lord O’Brian a mo go one a neng a bolela a nonofile gore fa molao o ne o letla gore motho a ka bua “se se leng boammaaruri, ka maitlhomo a a siameng, le ka maikaelelo a a tshwanetseng,” jaaka fa seno se boletswe mo go se go tweng ke Tshetlha ya Go Fetolwa ga Molao wa Botlhodi wa Fora le jaaka Senate ya U.S. e o amogetse, o ne a ka se ka a atlega go sekisa Baithuti ba Bibela.
Kwa Worcester, kwa Massachusetts, “Moruti” B. F. Wyland o ne a dirisa moya o o neng o rena ka nako ya ntwa a bolela gore Baithuti ba Bibela ba ne ba bua dipuo tse di neng di supa gore mmaba wa bone ga a na molato. O ne a gatisa setlhogo sengwe mo go Daily Telegram se a neng a bolela jaana mo go sone: “Nngwe ya ditiro tsa lona tsa go supa fa lo rata naga jaaka baagi ke gore lo thibele International Bible Students Association, e ntlokgolo ya yone e leng kwa Brooklyn. Ba ile ba dirisa bodumedi, ba bua puso ya Jeremane bontle kwa Worcester ka go rekisa buka ya bone ya ‘The Finished Mystery’ ba ipata ka bodumedi.” O ne a bolelela balaodi ba puso a tlhamaletse fela gore ke tiro ya bone gore ba tshware Baithuti ba Bibela le go ba thibela gore ba se ka ba tlhola ba tshwara dipokano.
Baithuti ba Bibela ba ne ba bogisiwa mo mafelong a mantsi ka dikgakologo le ka setlha sa selemo ka 1918, kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa. Ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong le go tlhaselwa ke digopa tse di neng di tlhotlhelediwa ke baruti ba dikereke tsa Baptist, Methodist, Episcopal, Lutere, Roma Katoliki, le tse dingwe. Dibuka tsa Bibela di ne tsa tsewa ka dikgoka ke badiredi ba puso ba sa newa tetla ya go dira jalo ke kgotlatshekelo, mme Baithuti ba bantsi ba Bibela ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong. Ba bangwe ba ne ba lelekiwa ke digopa tsa batho, ba itewa, ba kgwathisiwa, ba tshelwa sekontere le go tlhomelwa diphuka, kana ba robiwa dikgopo kana ba kgaolwa ditlhogo. Ba bangwe ba ne ba golafalediwa ruri. Banna le basadi ba Bakeresete ba ne ba tlhaselwa ke digopa, ba latlhelwa mo kgolegelong, mme ba nnisiwa jalo mo kgolegelong ba sa atlholwa ebile ba sa sekisiwa. Go ne ga begiwa ditiragalo tse di ntseng jalo tsa go tshwarwa makgwakgwa jalo ka tsela e e feteletseng di feta lekgolo mo go The Golden Age ya September 29, 1920.
Ba Latofadiwa ka Magatwe a Gore Ke Ditlhodi
Seno se ne sa fitlha kwa setlhoeng ka May 7, 1918, fa kgotlatshekelo ya kwa United States e ne e ntsha tetla ya gore go tshwarwe J. F. Rutherford, mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society, le ditsala tsa gagwe tse a neng a dira natso.
Mo letsatsing le le fetileng, go ne go ile ga pegwa melato e mebedi kgatlhanong le Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe, kwa Brooklyn, kwa New York. Fa kgetsi e nngwe e ne e se kile ya felela kafa ba neng ba batla ka teng, ba ne ba tlile go sala e nngwe morago. Tatofatso ya ntlha, e e neng e latofatsa batho ba bantsi, e ne e na le dilo di le nnè tse ba neng ba latofadiwa ka tsone: Di le pedi mo go tsone di ne di ba latofatsa ka gore ba loga maano a go tlola Molao wa Botlhodi wa June 15, 1917; mme ba ne ba latofadiwa gabedi mo tatofatsong eno gore ba ne ba leka go diragatsa dithulaganyo tsa bone tse di seng kafa molaong kana ba ne ba setse ba dira jalo. Go ne go bolelwa gore ba loga maano a go dira gore masole a se ka a ikobela balaodi ba one le gore masole a United States a gape go dira tiro ya one le gore ba ne ba loga maano a go kgoreletsa tiro ya go senka banna le go ba tsenya mo tirong e e ntseng jalo ka nako ya fa morafe oo o ne o le mo ntweng, le gore ba ile ba leka go dira dilo tseno kana ba ne ba di dirile. Tatofatso eno e ne ya umaka ka tsela e e kgethegileng go gatisiwa le go anamisiwa ga buka ya The Finished Mystery. Tatofatso ya bobedi e ne ya tsaya go romelwa ga tšheke kwa Yuropa (e e neng e tlile go dirisiwa mo tirong ya go ruta Bibela kwa Jeremane) jaaka selo sa bobaba kgatlhanong le dilo tse di amanang le United States. Fa balatofadiwa bano ba ne ba isiwa kwa kgotlatshekelo, gone ga latelelwa tatofatso ya ntlha, e e neng e na le melato e mene.
Lefa go ntse jalo tatofatso e nngwe kgatlhanong le C. J. Woodworth le J. F. Rutherford kafa tlase ga Molao wa Botlhodi e ne e santse e letile go sekwa kwa Scranton, kwa Pennsylvania. Mme lefa go ntse jalo, go ya ka lekwalo lengwe le le neng le tswa kwa go John Lord O’Brian la May 20, 1918, maloko a Lephata la Boatlhodi a ne a boifa gore Moatlhodi wa Kgaolo wa U.S. ebong Witmer, yo kgetsi eno e neng e tshwanetse ya sekelwa fa pele ga gagwe, o ne a se kitla a dumelana le gore ba dirise Molao wa Botlhodi gore ba thibele tiro ya banna bao, bao ka ntlha ya dilo tse ba neng ba tlhatswegile pelo ka tsone tsa tumelo ya bone, ba ileng ba bolela dilo tse bangwe ba neng ba ka di tsaya jaaka puo e e kgatlhanong le ntwa. Ka gone Lephata la Boatlhodi le ne la nama le emisitse kgetsi ya kwa Scranton, go santse go letilwe gore ya kwa Brooklyn e ne e tla felela jang. Gape puso e ne ya kgona go tsamaisa boemo jono ka tsela eo e leng gore Moatlhodi Harland B. Howe, go tswa kwa Vermont, yoo John Lord O’Brian a neng a itse gore o dumelana le mogopolo wa gagwe mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, ke ene a neng a tla nna moatlhodi mo kgetsing e e neng e le kwa Kgotlatshekelong ya Kgaolo ya U.S. ya Kgaolo ya Botlhaba ya New York. Kgetsi eno e ne ya sekwa ka June 5, mme Isaac R. Oeland le Charles J. Buchner, wa Roma Katoliki, e le bone basekisi. Mokaulengwe Rutherford o ne a lemoga gore ka nako ya fa tsheko e ne e ntse e tsweletse pele, baruti ba Katoliki ba ne ba nna ba gakololana le Buchner le Oeland kgapetsakgapetsa.
Fa kgetsi eno e ntse e tsweletse, go ne ga bontshiwa gore badiredi ba Mokgatlho le bagatisi ba buka eno ba ne ba sena maikaelelo ape a go itshunya nko mo seabeng seo naga e neng e na le sone mo ntweng. Bosupi joo bo ileng jwa ntshiwa ka nako ya tsheko bo ne jwa bontsha gore dithulaganyo tsa go kwala buka eo—ee ruri, go kwalwa ga bontsi jwa dikarolo tsa yone—go ne go ile ga dirwa pele United States e itsise fa e ya ntweng (ka April 6, 1917) le gore konteraka ya ntlha ya go gatisiwa ga yone e ne e ile ya saenwa pele United States e tlhoma molao (ka June 15) oo go neng go bolelwa gore ba ne ba o tlotse.
Basekisi ba ne ba gatelela dikarolo tse di neng di tsentswe mo bukeng eno ka April le ka June 1917, ka nako e go neng go tshwaraganwe le go dira kopi ya yone le go e bala go tlhomamisa gore ga e na diphoso dipe. Dikarolo tseno di ne di akaretsa nopolo ya se se neng se boletswe ke John Haynes Holmes, moruti yo o neng a ile a bolela ka maatla gore ntwa ke selo se se leng kgatlhanong le Bokeresete. Jaaka fa mmueledi mongwe wa balatofadiwa a ne a bontsha, dikakgelo tsa moruti yoo, tse di neng di gatisitswe kafa tlase ga setlhogo se se reng A Statement to My People on the Eve of War, di ne di santse di rekisiwa kwa United States ka nako ya tsheko eo. Moruti yoo kana motho yo o neng a gatisitse dikakgelo tseo o ne a se mo tshekong ka ntlha ya seo. Mme go na le moo Baithuti ba Bibela ba ba ileng ba nopola thero ya gagwe ke bone ba ba neng ba bonwa molato ka ntlha ya maikutlo a gagwe.
Buka eno e ne e sa laele batho ba lefatshe gore ba se ka ba ya ntweng. Mme go na le moo, fa e ne e tlhalosa boperofeti, e ne ya nopola dintlha go tswa go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya 1915 go bontsha kafa baruti ba sa tlhomamang ka teng ka go ipolela gore ke badihedi ba ga Keresete mme kafa ba ntse ba dirisiwa go phuthela merafe e e neng e tlhabana batho.
E ne ya re fa go lemogiwa gore puso e ne e le kgatlhanong le buka eno, Mokaulengwe Rutherford o ne a romela thelekerama kwa go ba ba neng ba e gatisa ka bonako a ba laela gore ba kgaotse go e gatisa, mme mo godimo ga moo, go ne go ile ga romelwa moemedi wa Mokgatlho kwa lephateng la tshedimosetso ya botlhodi ya Bosole jwa U.S. go ya go botsa gore ke eng se ba neng ba le kgatlhanong le sone. E ne ya re fa Mokgatlho o sena go utlwa gore ntwa e e neng e lowa ka nako eo, e ne e dira gore ditsebe 247-53 tsa buka eno di ne di lebiwa jaaka tse di kgopisang, Mokgatlho o ne wa laela gore ditsebe tseo di gagolwe mo dikoping tsotlhe tsa buka eno pele di tsamaisediwa batho botlhe. Mme e ne ya re fa puso e itsise babueledi ba kgaolo gore fa buka eno e ne e ka anamisiwa go ya pele seo e ne e tla bo e le go tlola Molao wa Botlhodi (le mororo puso e ne e ganne go bolelela Mokgatlho maikutlo a yone malebana le buka eo fa e sena go fetolwa), Mokgatlho o ne wa laela gore go name go kgaoditswe ka go anamisa buka eno mo bathong botlhe.
Ke Ka Ntlha Yang Fa Ba Ne Ba Tshwanela go Atlholwa ka Katlholo E E Botlhoko Jalo?
Lefa dilo di ne di ntse ka tsela eno, ka June 20, 1918, lekgotla le ne la bona mongwe le mongwe wa balatofadiwa molato mo go sengwe le sengwe se ba neng ba latofadiwa ka sone. Mo letsatsing le le latelang, ba le supab ba bone ba ne ba atlholelwa dingwaga di le 20 gane, tse ba neng ba tshwanela go di goga ka nako e le nngwe. Ka July 10, wa borobedic o ne a atlholelwa dingwaga di le 10 gane tse a neng a tla di goga ka nako e le nngwe. Dikatlholo tseo di ne di le botlhoko go le kana kang? Mo lekwalong lengwe le poresidente wa U.S. ebong Woodrow Wilson a ileng a le kwalela mmueledimogolo ka March 12, 1919, o ne a dumela mo go lone gore “lobaka lo ba lo atlholetsweng lo loleele thata.” Tota ebile, le monna yo o neng a ile a hula kwa Sarajevo mme a bolaya mojaboswa yoo e neng e le ene a tlileng go nna mo setulong sa bogosi jwa Mmusomogolo wa Austria le Hungary—tiragalo e e ileng ya baka ditiragalo tse di neng tsa thabuetsa merafe mo Ntweng ya Lefatshe I—o ne a sa atlholwa ka tsela e e botlhoko jalo. O ne a atlholetswe dingwaga di le 20 mo kgolegelong—eseng dingwaga di le 20 gane, jaaka fa go ne go ntse ka Baithuti ba Bibela!
Ke eng se se neng se tlhotlheletsa gore Baithuti ba Bibela ba atlholelwe go nna mo kgolegelong ka lobaka lo loleele jalo? Moatlhodi Harland B. Howe o ne a bolela jaana: “Go ya ka Kgotlatshekelo, puo ya bodumedi ya go bua mmaba bontle e balatofadiwa bano ba ileng ba e buelela le go e anamisa thata mo morafeng otlhe mmogo le mo ditsaleng tsa rona, e kotsi go gaisa mophato wa Bosole jwa Jeremane. . . . Motho yo o rerang ka bodumedi gantsi o tlhotlheletsa thata, mme fa a dira jalo ka bopeloephepa, o atlega tota. Seno se dira phoso ya bone go nna maswe go feta, go na le go e tlhofofatsa. Ka gone, Kgotlatshekelo e ne ya swetsa gore selo fela se se botlhale se se ka dirwang ka batho ba ba ntseng jalo, ke go ba otlhaya ka tsela e e botlhoko.” Lefa go ntse jalo, gape go bonala sentle gore pele Moatlhodi Howe a bolela katlholo, o ne a bolela gore dilo tse di builweng ke babueledi ba balatofadiwa di ne di dirile gore batho ba belaele badiredi ba molao ba puso mmogo le “baruti botlhe ba naga eno” ebile di ne di ba sentse.
Go ne ga ikuelwa ka bonako fela kgatlhanong le tshwetso eo kwa kgotlatshekelo ya kgaolo eo ya boikuelo ya U.S. Mme lefa go ntse jalo Moatlhodi Howe,d o ne a gana kopo ya gore ba gololwe ka madi gore ba emele tsheko eo ya boikuelo ba le kwa ntle, mme ka July 4, pele go ka utlwiwa boikuelo jwa boraro ebile e le jwa bofelo jwa gore ba gololwe ka madi, bakaulengwe ba ntlha ba le supa ba ne ba fudusediwa ka bonako kwa kgolegelong ya feterale ya kwa Atlanta, kwa Georgia. Morago ga foo go ne ga bontshiwa gore go ne go na le diphoso di le 130 tse di dirilweng fa go ne go sekiwa kgetsi eno e e neng e sekiwa ka maikutlo a a sa siamang. Go ne ga tsaya dikgwedi tse dintsi go baakanngwa dipampiri gore tsheko ya boikuelo e tsene. Fa go ntse go dirwa seo, ntwa e ne ya fela. Ka February 19, 1919, bakaulengwe ba ba robedi ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba romelela Woodrow Wilson, poresidente wa United States, lekwalo la gore a ba utlwele botlhoko a tlhofofatse katlholo ya bone. Makwalo a mangwe a a neng a kopa gore bakaulengwe ba gololwe a ne a romelwa ke baagi ba bantsi ba a romelela mmueledimogolo yo o neng a sa tswa go tlhophiwa. Morago ga foo, ka March 1, 1919, Moatlhodi Howe o ne a araba potso ya mmueledimogolo, ka go akantsha gore dikatlholo tseo di “fokodiwe ka bonako.” Le mororo seno se ne se ka bo se ile sa fokotsa lobaka lo ba lo atlholetsweng, seno se ka bo se ile sa gatelela fela gore balatofadiwa ba ne ba le molato. Pele seno se dirwa, babueledi ba bakaulengwe ba ne ba romelela mmueledi wa U.S. tetla ya kgotlatshekelo ya gore kgetsi eo e sekiwe ke kgotlatshekelo ya boikuelo.
Dikgwedi di le robong morago ga fa Rutherford le ditsala tsa gagwe ba sena go atlholwa—le fa ntwa e sena go fela—ka March 21, 1919, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya laela gore balatofadiwa bano botlhe ka borobedi jwa bone ba gololwe ka madi, mme ba ne ba gololwa kwa Brooklyn ka madi a a kana ka $10 000 mongwe le mongwe wa bone ka March 26. Ka May 14, 1919, kgotlatshekelo ya kgaolo ya boikuelo ya U.S. ya kwa New York e ne ya dira tshwetso eno: “Batho ba ba latofadiwang mo kgetsing eno ga ba a ka ba sekisiwa ka tsela e e tshwanetseng le ka go sa tlhaolwe jaaka ba ne ba tshwanetse go sekisiwa, mme ka gone katlholo ya bone e a fetolwa.” Kgetsi eo e ne ya busediwa kwa morago gore e tle e sekiwe sesha. Lefa go ntse jalo, ka May 5, 1920, fa balatofadiwa bano ba sena go tlhagelela kwa kgotlatshekelo, ka nako e ba neng ba biditswe ka yone, mmueledi wa puso mo kgotlatshekelong e e neng e bulegetse botlhe kwa Brooklyn, o ne a itsise gore bone jaaka basekisi ba ikgogela kwa morago a bolela jalo ka makgetlo a matlhano, fa a ntse a bidiwa.e Ka ntlha yang? Jaaka go ile ga bontshiwa mo lekwalong lengwe le le neng le le mo U.S. National Archives, Lephata la Boatlhodi le ne le boifa gore fa dikgetsi tseo di ne di ka isiwa fa pele ga lekgotla le le sa tlhaoleng, ereka jaanong moya o o neng o rena ka nako ya ntwa o ne o sa tlhole o le teng, ba ne ba tlile go fenngwa mo kgetsing eo. Mmueledi wa U.S. ebong L. W. Ross o ne a bolela jaana mo lekwalong le a neng a le kwalela mmueledimogolo: “Ke akanya gore go ne go tla nna botoka, ka ntlha ya dikamano tse re nang le tsone le batho botlhe, fa rona ka borona fela” re ka bolela gore kgetsi eno e ka se tlhole e tsweledisiwa pele.
Mo go lone letsatsi leo, ka May 5, 1920, tatofatso e nngwe kgatlhanong le J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe ya May 1918 le yone e ne ya tshololwa.
Ke Mang Tota Yo O Neng A Tlhotlheleditse Seno?
A seno sotlhe tota se ne se tlhotlheleditswe ke baruti? John Lord O’Brian o ne a ganela seo. Mme lefa go ntse jalo ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba itse boammaaruri jwa kgang eno sentle. Ka March 22, 1919, Appeal to Reason, pampiri ya dikgang e e neng ya gatisiwa kwa Girard, kwa Kansas, e ne ya ganela jaana: “Balatedi ba ga Moruti Russell, Ba Setswe Morago Ke Letlhoo la Baruti ‘Ba Ba Tlwaelegileng,’ Ba Ile ba Sekisiwa Ba bo ba Tsenngwa mo Kgolegelong Kwantle ga go Letlwa go Ikgolola ka Madi, Le mororo Ba Ile Ba Leka Thata Kafa Ba Neng Ba Ka Kgona ka Teng go Dira go Ya ka Ditaelo tsa Molao wa Botlhodi. . . . Re itsise gore, lefa Molao wa Botlhodi o dumalana le molaotheo kana o siame fela go ya ka tlwaelo, balatedi bano ba ga Moruti Russell ba atlhotswe ka one ka tsela e e sa tshwanelang. Fa bosupi jwa seno bo ne bo ka tlhatlhobiwa ka mogopolo o o siameng seo se tla tlhatswa ope fela pelo gore banna bano ga se fela gore ba ne ba sa ikaelela go tlola molao, mme ga ba a o tlola ka gope.”
Dingwaga tse dintsi morago ga foo, mo bukeng ya Preachers Present Arms, Dr. Ray Abrams o ne a akgela jaana: “Selo se se botlhokwa ke gore baruti ba bantsi ba ile ba lwa go leka go nyeletsa Ba-Russell [jaaka fa Baithuti ba Bibela ba ne ba bidiwa ka tsela ya tshotlo]. Dikgotlhang le kilo e e neng e sa bolo go nna teng ka ntlha ya bodumedi, tse di neng di ka se ka tsa sekwa kwa dikgotlatshekelong fa go le kagiso, jaanong di ne tsa kgona go tsena mo kgotlatshekelong ka ntlha ya moya o o neng o rena ka nako ya ntwa.” O ne a bolela gape jaana: “Kgetsi eno fa e sekasekiwa yotlhe e dira gore motho a swetse ka gore dikereke le baruti ke bone ba ba neng ba tlhotlheletsa kgato ya go nyeletsa Ba-Russell go tloga fela kwa tshimologong.”—Dits. 183-5.
Lefa go ntse jalo, go bogisiwa ga Baithuti ba Bibela ga go a ka ga khutla fa ntwa e fela. Go ne ga simolola fela motlha o mosha wa gone.
Baruti Ba Gatelela Mapodisi
Ereka ntwa e ne e fedile, baruti ba ne ba simolola dikgang tse dingwe gore fa go kgonega ba thibele, tiro ya Baithuti ba Bibela. Kwa Bavaria e e tletseng Bokatoliki le kwa dikarolong tse dingwe tsa Jeremane, go ne ga dirwa gore bontsi bo tshwarwe ka bo1920 go latelwa melao ya go rekisa. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa dikgetsi tseo di ya kwa dikgotlatshekelong tsa boikuelo, gantsi baatlhodi ba ne ba dumelana le Baithuti ba Bibela. Kwa bofelong, morago ga fa dikgotlatshekelo di sena go seka dikgetsi tse dintsi tse di ntseng jalo, Lephata la Selegae le ne la kwalela mapodisi otlhe ka 1930 le a bolelela gore a tlogele go pega dikgetsi kgatlhanong le Baithuti ba Bibela ba dirisa melao ya kgwebo. Ka gone, kgatelelo e e neng e bakiwa ke seno e ne ya kokobela ka nakwana, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswelela pele ba dira tiro ya bone thata mo tshimong ya Jeremane.
Gape baruti ba ne ba tlhotlheletsa thata kwa Romania mo dingwageng tseo. Ba ne ba nna ba atlega mo go direng gore go bolelwe melao e e thibelang dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa mmogo le tiro ya bone. Mme lefa go ntse jalo baruti ba ne ba boifa gore batho ba ne ba santse ba ka bala dibuka tse ba neng ba setse ba na le tsone mme ka ntlha ya seo ba itse kaga dithuto tse di seng kafa Dikwalong tsa kereke mmogo le dilo tsa boferefere tse kereke e neng e di bolela. Go thibela seno, baruti ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo le mapodisi ba batla dibuka dipe fela tse di neng di setse di anamisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba botsa le eleng bana ba bannye ba ba neng ba sa itse sepe gore a batsadi ba bone ba ne ba sa tsaya dibuka tse di ntseng jalo. Fa ba ne ba bona dipe tsa tsone, batho bao ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla itewa le go tsenngwa mo kgolegelong fa ba ne ba ka boa ba tsaya tse dingwe gape. Mo metsaneng mengwe, moruti e ne e le ene ratoropo le mmakaseterata, mme motho ope fela yo o neng a sa dire se moruti a neng a se bolela o ne a sa direlwe ka tshiamo.
Rekoto ya badiredi bangwe ba puso ba Amerika ba metlha eo ya go dira thato ya baruti ga e botoka ka gope. Ka sekai, fa Bishopo wa Katoliki ebong O’Hara a sena go etela kwa La Grange, kwa Georgia, ratoropo wa teng mmogo le mmueledi wa toropo ba ne ba tshwara Basupi ba ga Jehofa ba bantsi thata ka 1936. Ka nako ya fa ba ne ba tsentswe mo kgolegelong, go ne ga dirwa gore ba robale fa thoko ga mokoa wa motshotelo mo materaseng a a neng a rotetswe ke dikgomo, ba ne ba fepiwa ka dijo tse di neng di na le diboko, mme ba ne ba patelediwa go dira ditsela.
Kwa Poland le gone, baruti ba Katoliki ba ne ba dirisa mekgwa yotlhe e ba neng ba ka e kgona go kgoreletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba tsose dintwa, ba fise dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa, ba ba latofatse ka gore ke Makomanise, ba ba ise kwa kgotlatshekelong ba ba latofatsa ka gore dibuka tsa bone “ga di sisimoge dilo tse di boitshepo.” Lefa go ntse jalo ga se badiredi botlhe ba puso ba ba neng ba iketleeditse go dira se baruti ba se batlang. Ka sekai, mmueledi wa toropo wa kgotlatshekelo ya boikuelo ya Posen (Poznan), o ne a gana go sekisa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yoo baruti ba neng ba mo latofatsa ba re o rile baruti ba Katoliki ke “phuthego ya ga Satane.” Mmueledi wa naga ka boene o ne a tlhalosa gore moya wa boitshwaro jo bo sa siamang o o ileng wa anama le Labokeresete yotlhe go tswa kwa kgotlatshekelong ya bomopapa ya ga Alexander VI (1492-1503 C.E.), eleruri e ne e le moya wa phuthego ya bosatane. Mme e ne ya re fa baruti ba ne ba latofatsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka gore o tlhapatsa Modimo ka go anamisa dibuka tsa Watch Tower, mmueledi wa toropo wa kgotlatshekelo ya boikuelo ya Thorn (Toruń) o ne a laela gore kgetsi eo e tshololwe a bolela jaana: ‘Boemo jwa Basupi ba ga Jehofa bo tshwana le jwa Bakeresete ba pele. Le mororo ba sa buiwe sentle ebile ba bogisiwa, ba nna ba tshegetsa melao e e kwa godimo mo tsamaisong e e leswe le e e wang ya lefatshe leno.’
Difaele tse di bolokilweng tsa puso ya Canada di bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thibelwa kwa Canada ka 1940 ka ntlha ya lekwalo lengwe le le neng le tswa kwa ntlong ya Mokadinale wa Katoliki ebong Villeneuve, wa Quebec, a le kwaletse tona ya boatlhodi, Ernest Lapointe. Badiredi bangwe ba puso ba ne ba laela gore ba tlhalosediwe ka botlalo mabaka a go tserweng kgato eo ka one, mme tsela e Lapointe a neng a araba ka yone e ne ya se ka ya kgotsofatsa maloko a mantsi a Palamente ya Canada.
Kafa ntlheng e nngwe ya lefatshe, baruti ba ne ba loga maano a a tshwanang. Difaele tse di bolokilweng tsa puso ya Australia di na le lekwalo le bishopomogolo wa Roma Katoliki wa kwa Sydney a neng a le kwaletse Mmueledimogolo, W. M. Hughes a mo kopa gore a bolele gore Basupi ba ga Jehofa ga ba a dumelelwa ke molao. Lekwalo leo le ne le kwadilwe ka August 20, 1940, dikgwedi di le tlhano fela pele ba thibelwa. Fa Mr. Justice Williams wa Kgotlatshekelokgolo ya Australia, a sena go tlhatlhoba se go neng go twe ke lone lebaka la go thibelwa gono, moragonyana ga moo o ne a bolela gore “go dira gore go buelela melaometheo le dithuto tsa bodumedi jwa Bokeresete e nne selo seo se seng kafa molaong le gore tirelo nngwe le nngwe ya kereke e e tshwarwang ke ba ba dumelang mo botsalong jwa ga Keresete e nne kokoano e e seng kafa molaong.” Ka June 14, 1943, Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso ya gore thibelo eo e ne e sa dumelane le molao wa Australia.
Pampiri nngwe ya dikgang ya Katoliki kwa Switzerland e ne ya laela gore balaodi ba puso ba tseye dibuka tsa Basupi tse kereke e neng e di leba jaaka tse di kgopisang. Ba ne ba tshosetsa ka go re fa go sa dirwe jalo, ba ne ba tla dira seo ka bobone. Mme seo ke se ba neng ba se dira mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe!
Baeteledipele ba Bodumedi Ba Simolola go Lwa
Baruti ba Katoliki ba kwa Fora ba ne ba santse ba laola batho, ebile ba ne ba ititeile sehuba gore ga go ope yo a neng a tla ba tshwenya mo go seno. Ka 1924-25, Baithuti ba Bibela ba ne ba anamisa pampitshana ya Ecclesiastics Indicted mo dinageng tse dintsi. Go ne go rulagantswe gore J. F. Rutherford a neele puo ya setlhogo se se reng “Tsietso ya Baruti E Senotswe” kwa Paris, ka 1925. Motho mongwe yo o neng a bona se se neng sa diragala kwa pokanong eo o ne a bega jaana: “Holo e ne e tletse. Mokaulengwe Rutherford o ne a tsena mo seraleng, mme go ne ga opiwa diatla ka boitumelo. O ne a simolola go bua, mme ke fa ka ponyo ya leitlho baruti ba le 50 le maloko a Catholic Action, ba tsena mo holong ba tshotse dithobane ba opela La Marseillaise [pina ya setšhaba ya Fora]. Ba ne ba latlhela dipampitshana ba le kwa godimo ga ditepise. Moruti mongwe o ne a pagama serala. Makawana mangwe a mabedi a ne a mo kgorometsa a mo ntsha mo go sone. Mokaulengwe Rutherford o ne a tswa mo seraleng ka makgetlo a mararo, mme morago ga foo a bo a boela mo go sone. La bofelo, o ne a tsamaela ruri. . . . Ditafole tse go neng go na le dibuka tsa rona mo go tsone di bontshiwa batho di ne tsa menolwa mme dibuka tsa rona di ne tsa gasagasiwa. Go ne go tlhakatlhakane tota!” Lefa go ntse jalo tiragalo eo e ne e se yone fela.
Jack Corr, o ne a lemoga gore baruti ba Katoliki ba ne ba mo shakgalela nako le nako fa a ne a neela bosupi kwa Ireland. Ka lekgetlo le lengwe segopa sengwe, se se neng se tlhotlhelediwa ke moruti mongwe wa kereke, se ne sa mo ntsha mo bolaong jwa gagwe mo gare ga bosigo se bo se ya go fisetsa dibuka tsotlhe tsa gagwe kwa patlelong ya motse. Kwa Roscrea kwa Kgaolong ya Tipperary, e ne ya re Victor Gurd le Jim Corby ba fitlha kwa magaeng a bone ba fitlhela baganetsi ba utswitse dibuka tsa bone, ba di inne mo peterolong, ba bo ba di fisa ka molelo. Mapodisi a lefelo leo, baruti ba teng, le bana ba lefelo leo ba ne ba dikologile molelo oo, ba opela pina e e reng “Tumelo ya Borraarona.”
Pele Basupi ba ga Jehofa ba ya go kopana kwa Madison Square Garden kwa New York ka 1939, ba ne ba tshosediwa ke balatedi ba moruti wa Katoliki ebong Charles Coughlin ka gore kopano eo e ne e tla phatlaladiwa. Mapodisi a ne a itsisiwe ka seno. Ka June 25, Mokaulengwe Rutherford o ne a bua le batho ba le 18 000 kana go feta mo go yone holo eo, mmogo le bareetsi ba bantsi ba merafe yotlhe ka radio, ka setlhogo se se reng “Puso le Kagiso.” E ne ya re fela fa puo e sena go simologa, Baroma Katoliki le Ba-Nazi ba le 200, ba eteletswe pele ke baruti ba Katoliki ba le mmalwa, ba phuthegela mo mathuding a holo eo. Fa ba sena go bolelelwa gore ba simolole, ba ne ba goa ka modumo o mogolo ba re “Heil Hitler!” le “Viva Franco!” Ba ne ba dirisa puo ya mefuta yotlhe ya matlhapa le go tshosetsa ba bo ba itaya batlhokomedi ba bantsi ba ba neng ba tsaya kgato go didimatsa modumo oo. Segopa seo se ne sa se ka sa kgona go phatlalatsa pokano eo. Mokaulengwe Rutherford o ne a tswelela pele a bua ka maatla le ka bopelokgale. O ne a bolela jaana ka nako ya fa mokubukubu oo o ne o fitlha kwa setlhoeng sa one: “Bonang gompieno Ba-Nazi le Makatoliki ba ba ratang go phatlalatsa pokano eno, mme lefa go ntse jalo ka kutlwelobotlhoko ya Modimo ga ba kgone go dira jalo.” Bareetsi ba ne ba mo ema nokeng ka go nna ba thela loshalaba gangwe le gape. Go kgoreletsa ga bone go ne ga utlwala mo puong eo yotlhe fa e ntse e gatisiwa mme go ile ga utlwiwa ke batho mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.
Lefa go ntse jalo, koo go neng go kgonega teng, jaaka fa go ne go ntse ka metlha ya Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi, baruti ba Roma Katoliki ba ne ba dirisa Puso go thibela bape fela ba ba neng ba ka leka go tsosa kgang ka dithuto le dilo tse di neng di dirwa ke kereke.
Go Tshwarwa Makgwakgwa kwa Dikampeng tsa Pogisetso
Adolf Hitler e ne e le tsala ya baruti e e neng e iketleeditse go ba thusa. Ka 1933, ka one ngwaga o Vatican le Jeremane ya Bo-Nazi di neng tsa saena tumalano ka one, Hitler o ne a simolola letsholo la go fedisa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane. Ka 1935 ba ne ba thibelwa mo morafeng otlhe. Mme ke mang yo o neng a tlhotlheleditse seno?
Moruti mongwe wa Katoliki, yo o neng a kwala seno mo go Der Deutsche Weg (pampiri ya dikgang ya puo ya Sejeremane e e neng e gatisiwa kwa Lodz, kwa Poland), o ne a bolela jaana mo tokololong ya yone ya May 29, 1938: “Jaanong go na le naga e le nngwe mo lefatsheng e batho ba go tweng ke . . . Baithuti ba Bibela [Basupi ba ga Jehofa] ba thibetsweng kwa go yone. Mme naga eo ke Jeremane! . . . Fa Adolf Hitler a ne a simolola go busa, mme German Catholic Episcopate e boa e kopa gape, Hitler o ne a bolela jaana: ‘Batho bano ba go tweng ke Baithuti Ba Ba Tlhoafetseng ba Bibela [Basupi ba ga Jehofa] ba tshwenya tota; . . . Ke ba tsaya jaaka batsietsi; Ga ke letle gore Makatoliki a Jeremane a senngwe leina ka tsela e e ntseng jalo ke Moatlhodi Rutherford yono wa Amerika; Ke fedisa [Basupi ba ga Jehofa] mo Jeremane.’”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
A e ne e le German Catholic Episcopate fela e e neng e batla gore go tsewe kgato e e ntseng jalo? Jaaka fa go ile ga begiwa mo go Oschatzer Gemeinnützige, ya April 21, 1933, mo puong e e neng ya gasiwa mo radiong ka April 20, moruti wa Lutere ebong Otto o ne a bolela kafa Kereke ya Jeremane ya Lutere ya Naga ya Saxony e “dirisanang mmogo thata” ka teng le baeteledipele ba sepolotiki ba morafe, mme morago ga moo ke fa a bolela jaana: “Matswela a ntlha a tirisanommogo eno a setse a ka bonwa mo go thibelweng ga International Association of Earnest Bible Students [Basupi ba ga Jehofa] le makokonyana a one a a kwa Saxony gompieno.”
Morago ga moo, Puso ya Bo-Nazi e ne ya simolola go bogisa Bakeresete ka tsela ya bobatana go gaisa ditsela tsotlhe tsa go bogisa tse di begilweng mo hisitoring. Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa—go tswa kwa Jeremane, Austria, Poland, Czechoslovakia, Netherlands, Fora, le kwa dinageng tse dingwe—ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso. Mo dikampeng tseno ba ne ba tshwarwa setlhogo ka tsela ya bobatana go gaisa kafa motho a ka akanyang ka teng. Ba ne ba tlhola ba tlhapadiwa, ba ragiwa, ba bo ba patelediwa gore ba obe mebele ya bone go tswa mo mangoleng, ba tlolatlole, le go gagaba ka diura tse dintsi ba sa kgaotse, go fitlha ba idibala kana ba phutlhama ka ntlha ya go lapa, mme badisa ba bone ba tshega go le monate. Ba bangwe ba ne ba patelediwa go ema ba sa apara sepe kana ba apere diaparo tse di lotsatsa fela mo mathuding mo gare ga mariga. Ba bangwe ba ne ba kgwathisiwa go fitlha ba idibala mme mekwatla ya bone e le madi fela. Ba bangwe go ne go dirwa ditekeletso tsa kalafi ka bone. Ba bangwe, matsogo a bone a ne a bofelelwa kafa morago, ba bo ba kalediwa ba bofilwe ka malokololo a diatla. Lefa ba ne ba le bokoa ka ntlha ya tlala ebile ba sa apara diaparo tse di lekaneng mo serameng, ba ne ba dirisiwa tiro e e bokete, ba dira diura tse ditelele, gantsi ba dirisa diatla tsa bone mo tirong e e neng e tlhoka go dirwa ka digarawe le didirisiwa tse dingwe. Banna le basadi ba ne ba sotliwa ka tsela e e ntseng jalo. E ne e le ba dingwaga tsa go tloga ka tsa bolesome go fitlha ka tse di masome a supa. Babogisi ba bone ba ne ba goela kwa godimo ba gwetlha Jehofa.
Moeteledipele wa kampa ya kwa Sachsenhausen o ne a laela gore August Dickmann, Mosupi mongwe yo mmotlana, a bolawe magolegwa otlhe a le teng, Basupi ba ga Jehofa ba eme kwa pele gore ba bone sentle, a dira jalo go ba utlwisa botlhoko. Morago ga foo magolegwa otlhe a ne a laelwa gore a tsamaye, mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa bone ba ne ba tshwanelwa ke gore ba sale. Moeteledipele yoo wa masole o ne a ba botsa jaana a gatelela, ‘Ke mang jaanong yo o ikemiseditseng go saenela mafoko ano?’—mafoko a motho a itatolang tumelo ya gagwe ka one ebile a bolela gore o iketleeditse go nna lesole. Go ne ga se ka ga nna le ope mo Basuping bao ba le 400 kana go feta yo o ileng a dira jalo. Mme e ne ya re morago ga moo ba babedi mo go bone ba bo ba fetela kwa pele! Nnyaa, ba ne ba sa e go saena, mme go na le moo ba ne ba kopa gore maina a bone a ba neng ba ile ba a saena mo lobakeng lo e ka nnang lwa ngwaga lo lo fetileng a phimolwe.
Ba ne ba gatelelwa ka tsela e e tshwanang kwa kampeng ya Buchenwald. Modiredi wa bosole wa Mo-Nazi ebong Rödl o ne a itsise Basupi jaana: “Fa ope fela mo go lona a ka gana go lwa kgatlhanong le Fora kana le Engelane, lo tlile go swa lotlhe fela!” Ditlhopha tse pedi tsa Ma-SS tse di neng di tshotse dibetsa di ne di eme kwa mojakong o o tswelang kwa ntle. Go ne ga se ka ga nna le Mosupi ope yo o neng a ineela. Morago ga foo ba ne ba tshwarwa makgwakgwa tota, mme matshosetsi a modiredi yoo wa bosole a ne a se ka a diragadiwa. Ba ne ba lemoga sentle gore, le mororo Basupi ba ba neng ba le kwa dikampeng tsa pogisetso ba ne ba dira tiro nngwe le nngwe fela e ba e newang, gape, le eleng lefa ba ne ba ka otlhaiwa ka go tingwa dijo le go bolaisiwa tiro, ba ne ba gana go dira sepe se se tshegetsang ntwa kana se se dirwang kgatlhanong le legolegwa le lengwe.
Go bokete tota go ka tlhalosa dilo tse di ba diragaletseng. Makgolokgolo a bone a ne a swa. Fa bao ba neng ba santse ba tshela ba sena go gololwa kwa dikampeng tseo tsa pogisetso fa ntwa e sena go fela, Mosupi mongwe wa kwa Flanders o ne a kwala jaana: “Go eletsa thata go tshela, go solofela mo go Ene le go ikanya, Jehofa, yo o maatla tota, mmogo le go rata Puso ya Modimo, ke gone go dirileng gore re kgone go itshokela dilo tseno tsotlhe re bo re fenye.—Baroma 8:37.”
Batsadi ba ne ba kgaoganngwa le bana ba bone. Banyalani ba ne ba kgaoganngwa, mme ba bangwe ba ne ba se ka ba tlhola ba bonana gape. Martin Poetzinger o ne a tshwarwa fela fa a sena go nyala mme a isiwa kwa kampeng e e neng e le maswe thata ya Dachau, morago ga foo o ne a isiwa kwa Mauthausen. Mosadi wa gagwe, Gertrud, o ne a latlhelwa mo kgolegelong kwa Ravensbrück. Ba ne ba se ka ba bonana ka dingwaga di le robong. O ne a kwala jaana moragonyana fa a ne a gakologelwa dilo tse di neng tsa mo diragalela kwa Mauthausen: “Ma-Gestapo a ne a leka mokgwa mongwe le mongwe go dira gore re se ka ra tlhola re dumela mo go Jehofa. Go bolaisiwa tlala, go itira ditsala tse di tsietsang, go tshwarwa makgwakgwa, ba emisiwa ka malatsi a a tlhomaganang mo foreiming, ba kalediwa mo paleng ya bogodimo jwa [dimetara di le tharo] ka malokololo a diatla a lebisitswe kafa morago, ba kgwathisiwa—ba ne ba dirwa dilo tseno tsotlhe le tse dingwe tse di maswe thata gore di ka bolelwa.” Mme lefa go ntse jalo o ne a nna a ntse a ikanyega mo go Jehofa. Mme ebile e ne e le mongwe wa ba ba neng ba tswa koo ba ntse ba tshela, mme e ne ya re morago ga moo a direla jaaka leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Ba Ne Ba Tsenngwa mo Kgolegelong ka Ntlha ya Tumelo ya Bone
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go bo e ne e le dinokwane. Fa badiredi ba sesole ba ne ba batla mongwe yo a ka ba beolang ditedu, ba ne ba ikanya Mosupi fa go tla mo legareng, gonne ba ne ba itse gore ga go na Mosupi ope yo o neng a ka le dirisa jaaka sebetsa go gobatsa motho yo mongwe. Fa badiredi ba Ma-SS kwa kampeng ya pogisetso ya Auschwitz ba ne ba tlhoka mongwe yo o neng a ka ba phepafaletsa magae a bone kana go ba tlhokomelela bana, ba ne ba tlhopha Basupi, ka gonne ba ne ba itse gore bano ba ne ba ka se ka ba leka go ba bolaya ka botlhole kana ba thoba. Fa ba ne ba tswa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen fa ntwa e ne e fela, badisa ba magolegwa ba ne ba baya koloi e e neng e na le dilo tse ba neng ba di thopile mo gare ga setlhopha sa Basupi. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba itse gore Basupi ba ne ba ka se ka ba di utswa.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Ba ne ba solofediwa ka makgetlo a mantsi gore ba ne ba tla gololwa mo dikampeng tse tsa pogisetso fela fa ba ne ba ka saenela mafoko a go itatola tumelo. Ma-SS a ne a dira sengwe le sengwe se a neng a ka se kgona go raela Basupi kana go ba pateletsa gore ba saenele mafoko ao. Mo godimo ga moo, seno ke sone se ba neng ba se batla.
Mo Basuping botlhe e ne e le ba sekae fela ba ba neng ba se ka ba ema ba thokgame. Mme lefa go ntse jalo bone ba ile ba se ka ba boga fela ka ntlha ya go ikanyega ga bone mo go Jehofa le go ineela ga bone mo leineng la ga Keresete. Ba ile ba se ka ba itshokela fela go bogisiwa ka pogiso e e tshwanang le ya kgotlatshekelo e e kgatlhanong le boikeodi. Ba ile ba tswelela ba golagane tota ba utlwana semoyeng.
Moya o ba neng ba na le one e ne e se wa gore fela motho a falole. Ba ne ba bontshana lorato lwa go intsha setlhabelo. E ne e re fa mongwe wa bone a ne a nna bokoa, ba bangwe ba ne ba kgaogana le ene lemmenyana la dijo tse ba neng ba di fiwa. E ne e re fa ba idiwa go bona kalafi, ba ne ba tlhokomelana ka lorato.
Le mororo babogisi ba ne ba leka ka ditsela tsotlhe go thibela gore Basupi ba se ka ba bona dikgatiso tsa go ithuta Bibela, ba ne ba di bona—di fitlhilwe mo diphuthelwaneng tsa dimpho di tswa kwa ntle, ba di bolelelwa ke magolegwa a masha a a gorogang, di fitlhilwe mo leotong la kota la legolegwa le lengwe kana ba ne ba di bona ka ditsela tse dingwe ka nako ya fa ba ne ba abetswe go ya go dira ka kwa ntle ga dikampa. Ba ne ba refosana dikopi jalo; ka dinako tse dingwe ba ne ba dira dikopi tsa tsone ka go ikutswa ba dirisa metšhine e e neng e le teng mo diofising tsa badiredi ba dikampa tsa pogisetso. Ba ne ba tshwara dipokano tsa Bokeresete gone mo dikampeng le mororo ba ne ba ka tlhagelwa ke kotsi.
Basupi ba ne ba tswelela ba rera gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang—mme ba ne ba dira seno gone mo dikampeng tsa pogisetso! Magolegwa a le diketekete a ne a utlwa mafoko a a molemo kwa Buchenwald gonne ba ne ba dira tiro eo ka thulaganyo. Kwa kampeng ya Neuengamme, gaufi le Hamburg, go ne ga rulaganyediwa letsholo le legolo la go neela bosupi ka kelotlhoko fa 1943 e ne e simologa. Dikarata tsa go neela bosupi di ne di gatisiwa ka dipuo tse di farologaneng tse di neng di buiwa mo kampeng eo. Ba ne ba leka thata gore ba fitlhelele mongwe le mongwe yo a neng a le mo teng. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go ithutiwe Bibela ka metlha le ba ba kgatlhegang. Basupi ba ne ba tlhoafetse mo tirong ya bone mo e leng gore magolegwa mangwe a sepolotiki a ne a ngongorega jaana: “Gongwe le gongwe kwa o yang teng, o utlwa fela go buiwa ka Jehofa!” E ne ya re fa go tla ditaelo tse di tswang kwa Berlin gore Basupi ba tlhakatlhakanngwe le magolegwa a mangwe gore ba tle ba koafadiwe, seno tota se ne sa dira gore go kgonege gore ba neele batho ba ba oketsegileng bosupi.
Fa a sena go gololwa, ntsalaa Mojenerale wa Fora ebong Charles de Gaulle o ne a kwala jaana kaga Basupi ba basadi ba ba ikanyegang ba ba 500 kana go feta ba ba neng ba le kwa Ravensbrück: “Ba nkgatlha eletota. E ne e le batho ba merafe e e farologaneng: Bajeremane, Ba-Poland, Ba-Russia le Ba-Czechoslovakia, mme ba ile ba boga thata ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang. . . . Botlhe ba ne ba supa bopelokgale mme boikutlo jono jwa bone e ne ya re kgabagare jwa dira gore ba tlotlwe le ke Ma-S.S. Ba ka bo ba ile ba gololwa ka bonako fela fa ba ka bo ba ile ba itatola tumelo ya bone. Mme, go na le moo, ba ile ba nna ba nonofile, ebile ba kgona go tsenya dibuka le dipampitshana mo kampeng ya pogisetso.”
Fela jaaka Jesu Keresete, ba ile ba fenya lefatshe leno le le neng le leka go ba dira gore ba tshwane le lone ka bosatane jwa lone. (Yoh. 16:33) Christine King, o bolela jaana kaga bone mo bukeng ya New Religious Movements: A Perspective for Understanding Society: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gwetlha kgopolo ya puso e e gatelelang ya go bopa morafe o mosha, mme kgwetlho eno, mmogo le go tswelela pele ga yone e ntse e le teng, go ne go bonala sentle gore e tshwenya batlhami ba thulaganyo eno e ntšha thata. . . . Mekgwa ya go bogisa, go tlhokofadiwa, go tsenngwa mo kgolegelong le go kgalwa e e neng e tlhola e atlega e ne e sa dire gore Mosupi ope a fetoge Mo-Nazi mme ebile e ne e dira se se farologaneng le se se neng se ikaeletswe ke ba ba neng ba e tlhotlheletsa. . . . Ditlhopha tse pedi tseno tse di neng di ipolela gore di a ikanyega di ne di lwa ntwa e e matlho mahibidu, le go feta, ka gore Ma-Nazi a a neng a nonofile a ne a sa tlhomamise, bone ba ne ba itsetsepela mo dilong tse ba neng ba re ba tlhwatswegile pelo ka tsone, ba sa tlhomamise gore Puso ya bone ya dingwaga tse 1 000 e ne e tla nna e ntse e le teng. Basupi ba ne ba tlhomame ba sa belaele ka go bo tumelo ya bone e ne e sale e ntse e bonala go tloga ka motlha wa ga Abele. Le mororo Ma-Nazi a ne a kganela ope fela yo o ba ganetsang ebile ba batla go tlhatswa batshegetsi ba bone pelo, gantsi ebile ba adima puo le maano a makoko a Bokereste, Basupi bone ba ne ba tlhomamisa gore maloko a bone a ne a tla ikanyega a nonofile, lefa a ne a ka swa.”—E e gatisitsweng ka 1982.
Fa ntwa e ne e fela, Basupi ba feta sekete ba ba neng ba santse ba tshela ba ne ba tswa mo dikampeng tsa pogisetso, tumelo ya bone e ntse e nonofile mme lorato lwa bone mo bathong ba bangwe lo nonofile le go feta. Jaaka fa masole a Russia a ne a ntse a atamela, badisa ba magolegwa ba ne ba akofa ba ntsha batho botlhe kwa Sachsenhausen. Ba ne ba baya magolegwa ka ditlhopha go ya ka merafe ya bone. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa bone ba ne ba nna mmogo jaaka setlhopha se le sengwe fela—go ne go na le ba le 230 ba bone go tswa mo kampeng eno ya pogisetso. Ereka Ba-Russia ba ne ba le gaufi le go ba tshwara, badisa ba magolegwa ba ne ba simolola go tshwenyega. Go ne go sena dijo, le magolegwa a ne a le bokoa; lefa go ntse jalo, mongwe fela yo o neng a ka salela kwa morago kana a wa ka ntlha ya go lapa bobe o ne a thuntshiwa. Diketekete tsa ba ba ba ntseng jalo di ne di namaletse kwa morago. Mme lefa go ntse jalo Basupi bone ba ne ba thusana gore go se ka ga nna le ope yo o bokoa yo a neng a namaletse mo tseleng! Lefa go ntse jalo ba bangwe dingwaga tsa bone di ne di tloga go di le 65 go ya go di le 72. Magolegwa a mangwe a ne a leka go utswa dijo mo tseleng fa ba ntse ba tsamaya, mme ba bantsi ba ne ba thuntshiwa ba santse ba dira jalo. Go farologana le bone, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisetsa sebaka seo go bolelela batho mo tseleng e ba neng ba tsamaya ka yone go tswa kwa dikampeng kaga maikaelelo a a lorato a ga Jehofa, mme bangwe ba bano, ka ntlha ya go lebogela molaetsa ono o o gomotsang, ba ne ba ba fa dijo mmogo le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete.
Baruti Ba Tswelela Pele ka Ntwa
Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, baruti ba kwa karolong e e kwa botlhaba ya Czechoslovakia ba ne ba tswelela pele ba tlhotlheletsa gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe. Ka nako ya puso ya Ba-Nazi, ba ne ba ile ba latofatsa Basupi ka gore ke Makomanise; jaanong ba ne ba bolela gore Basupi ba kgatlhanong le puso ya Bokomanise. Ka dinako tse dingwe e ne e re fa Basupi ba ga Jehofa ba etela kwa magaeng a batho, baruti ba ne ba laela barutabana gore ba ntshe makgolokgolo a bana mo sekolong gore ba konope Basupi ka maje.
Ka tsela e e tshwanang, baruti ba Katoliki kwa Santa Ana, kwa El Salvador, ba ne ba tlhotlheletsa batho kgatlhanong le Basupi ka 1947. Ka nako ya fa bakaulengwe ba ne ba tshwere Thuto ya bone ya Tora ya Tebelo, basimane bangwe ba ne ba konopela ka maje mo teng ka mojako o o neng o butswe. Morago go ne ga latela mokoloko mongwe o eteletswe pele ke baruti. Bangwe ba ne ba tshotse ditotšhe; ba bangwe ba tshotse ditshwantsho. Ba ne ba ntse ba tlhaeletsa ba re, “Tshelela ruri Lekgarejana! A Jehofa a swe!” Ba ne ba konopa ntlo eo ka maje ka lobaka lwa diura tse pedi.
Mo bogareng jwa bo1940, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Quebec, kwa Canada, le bone ba ne ba sotliwa botlhoko thata, ke digopa tsa Makatoliki le badiredi ba puso. Baemedi ba ba neng ba tswa kwa ntlong ya bobishopo ba ne ba ya ka metlha kwa lephateng la mapodisi go laela gore mapodisi a fedise Basupi. Pele go ka tshwarwa mongwe, go ne go tlhola go bonwa mapodisi a tswa ka mojako o o kafa morago wa kereke. Ka 1949, barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lelekwa kwa Joliette, kwa Quebec, ke digopa tsa Makatoliki.
Mme lefa go ntse jalo batho ba Quebec ba ne ba sa dumelane le se se neng se diragala botlhe. Gompieno, go na le Holo e ntle ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa mo mmileng mongwe o mogolo kwa Joliette. Sekolo sengwe se go neng go ithutelwa boruti kwa go sone pele koo se tswetswe, se rekilwe ke puso, mme se fetotswe kholetšhe. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwara dikopano tse dikgolo tsa merafe yotlhe kwa Montreal, mme go ne go tlile batho ba ba fetang 80 008 ka 1978.
Lefa go ntse jalo, Kereke ya Katoliki e ile ya dirisa ditsela tsotlhe tse e ka di kgonang go laola batho. Ba ne ba tlhomamisa gore barongwa ba Basupi ba lelekiwe kwa Italy ka 1949 le gore, fa go kgonega, tetla e e neng e bonwe ke Basupi koo ya go tshwara dikopano ka bo1950 e phimolwe, ka go tlhotlheletsa badiredi ba puso. Lefa go ntse jalo, dipalo tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa tswelela pele di oketsega, mme ka 1992 go ne go na le bareri ba efangele ba Basupi ba feta 190 000 kwa Italy.
Fela jaaka fa go ne go ntse ka nako ya Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi, baruti ba kwa Spain ba ne ba ba kgala ba bo ba tlogelela Puso gore e dire tiro e e leswe ya go ba bogisa. Ka sekai, kwa Barcelona, koo bishopomogolo wa teng a neng a simolola letsholo le le kgatlhanong le Basupi ka 1954, baruti ba ne ba dirisetsa dialetare tsa bone le dikolo le radio go bolelela batho gore fa Basupi ba ba etela, ba ba tsenye mo matlong—ba bo ba bitsa mapodisi ka bonako.
Baruti ba ne ba boifa gore batho ba Spain ba ka nna ba ithuta se se leng mo Bibeleng mme gongwe ba bo ba bontsha ba bangwe se ba se boneng. Ka nako ya fa Manuel Mula Giménez a ne a tsentswe mo kgolegelong ka 1960 kwa Granada ka ntlha ya “tlolomolao” ya go ruta ba bangwe Bibela, moruti wa kwa kgolegelong (moruti wa Katoliki) o ne a dira gore Bibela e e neng e le yone fela e e neng e le kwa laeboraring ya kgolegelo e tlosiwe. Mme fa legolegwa le lengwe le ne le adima Manuel kopi ya Dikwalo tsa Efangele, ba ne ba e phamola mo go ene. Mme lefa go ntse jalo jaanong batho fela ba na le Bibela kwa Spain, ba ile ba bona tshono ya go iponela ka bobone gore e bolelang, mme ka 1992, go ne go na le ba ba fetang 90 000 ba ba neng ba obamela Jehofa jaaka Basupi ba gagwe.
Kwa Repaboliking ya Dominican, baruti ba ne ba dirisana mmogo le Mmusaesi Trujillo, ba mo dirisa gore ba fitlhelele maikaelelo a bone fela jaaka fa le ene a ne a ba dirisa go fitlhelela maikaelelo a gagwe. Fa ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang tse di neng di kwadilwe ke baruti di sena go kgala Basupi ba ga Jehofa ka 1950, molebedi wa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower o ne a bidiwa ke Mokwaledi wa Selegae le Mapodisi. Fa molebedi wa lekala a ne a santse a letile kafa ntle ga ofisi, o ne a bona baruti ba babedi ba Bajesuite ba tsena ba bo ba tswa. Ka bonako fela morago ga foo o ne a bilediwa mo ofising ya Mokwaledi, mme Mokwaledi yoo o ne a bala taelo nngwe e e neng e thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa a tetesela. Fa thibelo eo e sena go tlosiwa ka nakwana ka 1956, baruti ba ne ba dirisa radio le dipampiri tsa dikgang go senya Basupi leina. Diphuthego tsotlhe di ne tsa tshwarwa mme tsa laelwa gore di saene polelo nngwe ya go itatola tumelo ya bone le go solofetsa go boela kwa Kerekeng ya Roma Katoliki. Basupi ba ne ba itewa, ba ragiwa, ba kgwathisiwa, ba bo ba bediwa mo difatlhegong ka mekgothi ya ditlhobolo, fa ba ne ba gana. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba nna ba tlhomame, mme dipalo tsa bone di ne tsa oketsega.
Go ne ga nna le thubakanyo e e fetang eo kwa Sucre, kwa Bolivia. Ka nako ya fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwere kopano ka 1955, segopa sengwe sa basimane go tswa kwa Sacred Heart Catholic School se ne sa dikaganyetsa lefelo le kopano e neng e tshwaretswe kwa go lone, ba goa, le go konopa ka maje. Go tswa mo kagong nngwe ya kereke e e neng e le ka kwa ntlheng e nngwe ya mmila, go ne go na le sebuelagodimo se se neng se kgothaletsa Makatoliki otlhe gore a femele kereke ya bone le “Lekgarejana” mo “baikeoding ba Maporotesetanta.” Bishopo le baruti ba ne ba leka ka namana go phatlalatsa pokano eo mme lefa go ntse jalo mapodisi a ne a ba laela gore ba tswe mo holong eo.
Ngwaga pele ga foo, thulaganyo ya Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba tshwere kopano kwa Riobamba, Ecuador, e ne e na le puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Lorato, A Lo Ka Kgona go Bontshiwa mo Lefatsheng Leno Le Le Pelotshetlha?” Mme lefa go ntse jalo moruti mongwe wa Mojesuite o ne a ile a tsenya batho ba Katoliki moya wa bobaba, a ba tlhotlheletsa gore ba kgoreletse pokano eo. Ka gone, e ne ya re fa puo e sena go simologa, ba ne ba kgona go utlwa segopa sengwe se ntse se tlhaeletsa se re: “A Kereke ya Katoliki E Nne ka Bosakhutleng!” le, “A Maporotesetanta a swe!” Se se itumedisang ke gore mapodisi a ne a ba thibela, a ntshitse ditšhaka. Mme lefa go ntse jalo segopa seo se ne sa konopa lefelo le pokano e neng e tshwaretswe mo go lone ka maje, mme morago ga foo, se ne sa konopa kago e barongwa ba neng ba nna mo go yone ka maje.
Baruti ba Roma Katoliki ke bone ba neng ba tlhotlheletsa pogiso eno, mme lefa go ntse jalo ba ne ba se nosi. Baruti ba Greek Orthodox le bone ba ile ba nna bogale fela jalo, mme le bone ba ile ba dirisa mekgwa e e tshwanang ya go tlhasela, mo lefelong le lennye le ba neng ba kgona go tlhotlheletsa mo go lone. Mo godimo ga moo, koo baruti ba Porotesetanta ba neng ba ikutlwa gore ba ne ba ka dira seno teng, bontsi jwa bone ba ile ba bontsha moya o o tshwanang. Ka sekai, kwa Indonesia ba ile ba etelela pele digopa tse di ileng tsa phatlalatsa dithuto tsa Bibela tse di neng di tshwarelwa mo magaeng a batho le go betsa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba le teng kwa go tsone botlhoko. Kwa dinageng dingwe tsa Afrika, ba ile ba leka go tlhotlheletsa badiredi ba puso gore ba leleke Basupi ba ga Jehofa mo nageng kana gore ba ba thibele go buisana le ba bangwe ka Lefoko la Modimo. Le mororo ba ka tswa ba sa dumelane ka dilo dingwe, fa go tla mo go nneng kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa, baruti ba Katoliki le ba Porotesetanta ba a utlwana. Mo makgetlong mangwe ba ile ba bo ba kopana gore ba tlhotlheletse badiredi ba puso gore ba emise tiro ya Basupi. Kwa ditumelo tse eseng tsa Bokeresete e leng tsone di tlhotlheletsang thata, gantsi di ile tsa dirisa puso go thibela gore batho ba tsone ba se ka ba bo ba utlwa dithuto tse di ka nnang tsa baka gore ba belaele bodumedi joo ba tsaletsweng mo go jone.
Ka dinako tse dingwe ditlhopha tseno tse eseng tsa Bokeresete di ile tsa nna seoposengwe le tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete mo go logeng maano a gore dilo di nne fela jaaka di ne di ntse. Kwa Dekin, kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin), moruti mongwe wa leselamose le moruti wa Katoliki ba ne ba loga maano a go dira gore badiredi ba puso ba thibele tiro ya Basupi ba ga Jehofa fa bo1950 ba simologa. Fa ba ntse ba dira seo ba ne ba dira ba latofatsa ka dilo tse ba neng ba bona gore di ne di tla tsosa maikutlo a bobaba. Ba ne ba latofatsa Basupi ka gore ba tlhotlheletsa batho gore ba tsogologele puso, ba ne ba sa duele makgetho, ba ne ba dira gore badimo ba se ka ba nesa pula, le gore ba ne ba baka gore dithapelo tsa moruti di se ka tsa thusa sepe. Baeteledipele bao botlhe ba bodumedi ba ne ba boifa gore batho ba bone ba ne ba ka nna ba ithuta dilo tse di neng di tla ba golola mo tumelabotlhoding le gore ba se ka ba tlhola ba dumela sengwe le sengwe fela.
Lefa go ntse jalo, tlhotlheletso ya baruti e ntse e fokotsega ka iketlo mo mafelong a mantsi. Baruti jaanong ba fitlhela gore ga se ka metlha mapodisi a ba emang nokeng fa ba tshwenya Basupi. Fa moruti mongwe wa Greek Orthodox a ne a re o leka go phatlalatsa kopano nngwe ya Basupi ba ga Jehofa a dirisa segopa sengwe kwa Larissa, kwa Greece, ka 1986, mmueledi wa kgaolo mmogo le setlhopha se segolo sa mapodisi se ne sa buelela Basupi. Mme ebile ka dinako tse dingwe dipampiri tsa dikgang di ile tsa bua di tlhamaletse fela di kgala ditiro tsa go ila ditumelo tse dingwe.
Lefa go ntse jalo, mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, dikgang tse dingwe di ile tsa felela ka gore go tsoge pogiso e e seng kana ka sepe. Nngwe ya dikgang tseno e ile ya ama boikutlo jwa Basupi ba ga Jehofa kaga ditshwantsho tsa bosetšhaba.
Ka Gonne Ba Obamela Jehofa Fela
Mo metlheng ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lebana le dikgang tse di amanang le meletlo ya bosetšhaba la ntlha kwa Jeremane ya Bo-Nazi. Hitler o ne a leka go dira gore morafe wa Jeremane o nne seoposengwe ka go pateletsa mongwe le mongwe tumediso ya Bo-Nazi ya “Heil Hitler!” Jaaka fa go ile ga bega mmegadikgang wa Mo-Sweden ebile e le mogasi wa BBC ebong Björn Hallström, ka nako ya fa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Jeremane ba ne ba tshwarwa ka nako ya Ma-Nazi, gantsi ba ne ba latofadiwa ka gore ba “gana go dumedisa folaga le go dumedisa ka tsela ya Bo-Nazi.” Ka bonako fela ke fa merafe e mengwe e simolola go laela gore mongwe le mongwe a dumedise folaga ya yone. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana—eseng ka ntlha ya go sa ikanyege mme go na le moo ka ntlha ya digakolodi tsa bone tsa Bokeresete. Ba tlotla folaga mme lefa go ntse jalo ba tsaya go dumedisa folaga jaaka kobamelo.f
Fa Basupi ba ba ka tshwarang 1 200 ba sena go tsenngwa mo kgolegelong kwa Jeremane fa Bo-Nazi bo simologa ka ntlha ya go gana go dumedisa ka tsela ya Bo-Nazi le go nna ba itlhaotse jaaka Bakeresete, diketekete tsa bone di ne tsa tshwarwa makgwakgwa kwa United States ka ntlha ya go bo ba ne ba gana go dumedisa folaga ya Amerika. Mo bekeng ya November 4, 1935, bana ba bantsi ba ba tsenang sekolo ba kwa Canonsburg, kwa Pennsylvania, ba ne ba isiwa kwa kamoreng e go thuthafalediwang metsi kwa go yone mme ba kgwathisiwa ka go bo ba ne ba gana go dumedisa folaga. Grace Estep, yo e neng e le morutabana, o ne a lelekiwa mo tirong kwa sekolong seo ka lone lebaka leo. Ka November 6, William le Lillian Gobitas ba ne ba gana go dumedisa folaga mme ba ne ba lelekiwa mo sekolong kwa Minersville, kwa Pennsylvania. Rraabone o ne a tlhatlhela kgetsi a batla gore bana ba gagwe ba boe ba amogelwe mo sekolong seo. Kgotlatshekelo ya kgaolo ya feterale mmogo le kgotlatshekelo ya kgaolo eo ya boikuelo di ne tsa atlhola kgetsi eo ba dumelana le Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ka 1940, fa morafe o ne o le gaufi le go tsena mo ntweng, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S., e ne ya dira tshwetso eo baatlhodi ba le robedi kwantle ga a le mongwe fela ba neng ba dumelana mo go yone mo kgetsing ya ga Minersville School District v. Gobitis, mme ba tshegetsa ntlha ya gore go dumedisiwa ga folaga go patelediwe mo dikolong tsa botlhe. Seno se ne sa felela ka gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhaselwe gongwe le gongwe.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa botlhoko thata mo e leng gore Mrs. Eleanor Roosevelt (mosadi wa Poresidente F. D. Roosevelt) o ne a ikuela mo baaging gore ba tlogele go dira jalo. Ka June 16, 1940, modiredi yo mogolo wa molao wa U.S., Francis Biddle, o ne a bua le naga yotlhe ka radio, o ne a bua ka go bogisiwa ga Basupi mme a bolela gore ga go kitla go letlelelwa. Mme lefa go ntse jalo seno se ne sa se ka sa emisa go bogisiwa goo.
Mo maemong mangwe le mangwe a o ka a akanyang—mo mebileng, kwa ditirong, fa Basupi ba ne ba tsena mo magaeng ba le mo bodiheding jwa bone—go ne go latlhelwa difolaga fa pele ga bone, mme ba laelwa gore ba di dumedise—e seng jalo ba ne ba tla diragalelwa ke sengwe se se maswe! Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya bega jaana fa 1940 e fela: “Setlhopha sa baruti ba bodumedi mmogo le Masole a Amerika, ba dirile tshenyo e go leng thata go e tlhalosa ba dirisa digopa tse di ntseng jalo tse di itseetseng molao mo diatleng tsa tsone. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa, ba itewa, ba tsewa ka dikgoka, ba lelekiwa mo ditoropong, mo dikgaolong, le mo dinagagaeng, ba tshasiwa sekontere le go tlhomelwa diphofa, ba patelelwa gore ba nwe kaseteroli, ba bofaganngwa le go lelekiwa mo mebileng jaaka dibatana tse di sa itseng go bua, ba fagolwa le go golafadiwa, ba kgobiwa le go tlhapadiwa ke bontsintsi jwa batho ba ba tsenweng ke badimona, ba tsenngwa mo kgolegelong ba le makgolokgolo go sena se ba latofadiwang ka sone mme ba tshwarwa ba sa letlelelwe go buisana le ope ebile ba idiwa tshiamelo ya go buisana le ba losika lwa bone, ditsala kana babueledi ba bone. Ba bangwe ba le makgolokgolo ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong le go bewa mo go se go neng go twe ke ‘go tsenngwa mo kgolegelong gore o sirelediwe’; ba bangwe ba ile ba thuntshiwa bosigo; ba bangwe ba tshosediwa ka gore ba tla kalediwa ba bangwe ba itewa go fitlha ba idibala. Go ile ga nna le thubakanyo e ntsi ya mefuta e e farologaneng. Diaparo tsa ba bangwe di ile tsa gagolwa ba ntse ba di apere, Dibibela tsa bone le dibuka tse dingwe di ne tsa tsewa ka dikgoka mme tsa fisiwa go bona mongwe le mongwe; dikoloi tsa bone, dikharabane tsa bone, magae a bone mmogo le mafelo a ba tshwarelang dikopano mo go one a ile a thubiwa le go fisiwa . . . Mo makgetlong a mantsi a go ileng ga tshwarwa ditsheko mo go one mo dikarolong tse di utlwang fela ka digopa tseno, babueledi mmogo le ba ba iponetseng ka matlho ba ile ba tlhaselwa le go itewa kwa kgotlatshekelo. Mo e batlang e le mo lekgetlong lengwe le lengwe le go nnileng le thubakanyo e e bakiwang ke digopa tseno, badiredi ba morafe ba ile ba leba fela ba sa dire sepe mme ba gana go ba sireletsa, mme mo makgetlong a mantsintsi mapodisi a ile a kopana le digopa tseno mme ebile ka dinako tse dingwe ba ne ba etelela digopa tseno pele.” Go tloga ka 1940 go fitlha ka 1944, digopa tse di fetang 2 500 tsa batho ba ba lwang di ile tsa tlhasela Basupi ba ga Jehofa kwa United States.
Ka ntlha ya go lelekwa ga bana ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa mo dikolong, ka lobaka lo lo rileng fa bo1930 ba ya kwa bokhutlong lefa bo1940 ba ne ba simolola ba ne ba tshwanela go nna le dikolo tsa bone kwa United States le kwa Canada gore ba kgone go ruta bana ba bone. Dikolo tseno di ne di bidiwa Dikolo tsa Bogosi.
Dinaga tse dingwe le tsone di ile tsa bogisa Basupi thata ka ntlha ya go gana ga bone go dumedisa kana go atla ditshwantsho tsa bosetšhaba. Ka 1959, bana ba Basupi ba ga Jehofa kwa Costa Rica ba ba neng ba gana go kopanela mo go se molao o neng o se bitsa ‘go obamelwa ga Ditshwantsho tsa Bosetšhaba’ ba ne ba kobiwa mo sekolong. Bana ba Basupi kwa Paraguay le bone ba ne ba tshwarwa ka tsela e e tshwanang ka 1984. Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya kwa Philippines e ne ya ntsha taolo, ka 1959, gore, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba patelediwe go dumedisa folaga lefa ba ne ba gana ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Lefa go ntse jalo, batsamaisi ba sekolo ba koo, mo makgetlong a mantsi, ba ne ba dirisana sentle le Basupi mo e leng gore bana ba bone ba ne ba kgona go tsena sekolo mme ba sa dire sepe se se kgatlhanong le digakolodi tsa bone. Ka 1963, badiredi ba puso ba kwa Liberia, kwa Afrika Bophirima, ba ne ba latofatsa Basupi ka gore ga ba ikanyege mo Pusong; ba ne ba kgoreletsa kopano ya Basupi ka dikgoka kwa Gbarnga mme ba laela gore mongwe le mongwe yo o neng a le teng—batho ba Liberia mmogo le ba dinaga di sele—ba supe fa ba ikanya folaga ya morafe oo. Ka 1976 pego ya setlhogo se se reng “Basupi ba ga Jehofa kwa Cuba” e ne ya bolela gore mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, batsadi ba le sekete, banna mmogo le basadi, ba ne ba isitswe kgolegelong ka ntlha ya fa bana ba bone ba ne ba gana go dumedisa folaga.
Ga se mongwe le mongwe yo o ileng a dumelana le dikgato tse di ntseng jalo tsa go gatelela batho bao, ka ntlha ya segakolodi, ba neng ba gana go nna le seabe mo meketeng ya boratanaga ba dira jalo ka maitseo a mantle. Pampiri ya dikgang ya The Open Forum, e e gatisiwang ke Lekala la California Borwa la American Civil Liberties Union, e ne ya bolela jaana ka 1941: “Re tshwanetse ra tlogela ka bonako tsela eno ya rona e e phoso mme re dire dilo ka botlhale. Basupi ba ga Jehofa ke Baamerika ba ba ikanyegang. . . . Ka kakaretso ga se batho ba ba ratang go tlola molao, mme go na le moo ba tshela matshelo a a siameng, a a nang le thulaganyo, ba tsenya seatla go dira gore botlhe ba solegelwe molemo.” Ka 1976 mokwadi mongwe wa dikgang kwa Argentina, o ne a bua a tlhamaletse mo go Herald ya Buenos Aires, gore dilo tse Basupi “ba di dumelang di kgopisa fela batho ba ba akanyang gore boratanaga ke go fokisa folaga mo moweng le go opela pina ya bosetšhaba, mme dipelo tsa bone di sa amege.” O ne a oketsa jaana: “Hitler le Stalin ba ne ba sa rate [Basupi], mme ba ne ba ba tshwara ka tsela e e maswe tota. Bagateledi ba bangwe le bone ba ne ba itshwantsha le bone ba leka go ba thibela. Mme ba palelwa.”
Go itsege sentle gore ditlhopha dingwe tsa bodumedi di ile tsa ema nokeng thubakanyo e go neng go dirisiwa dibetsa mo go yone kgatlhanong le dipuso tse ba neng ba sa di rate. Mme lefa go ntse jalo ga go na gope mo lefatsheng koo Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba leka go menola puso teng. Ga ba gane go dumedisa ditshwantsho tsa bosetšhaba ka ntlha ya go sa ikanyege—ka ntlha ya go tshegetsa puso nngwe ya motho. Ba dira ka tsela e e tshwanang mo nageng nngwe le nngwe e ba fitlhelwang kwa go yone. Ga ba dire jalo ka lonyatso. Ga ba letse melodi kana go tsosa mekgosi go kgoreletsa mekete ya boratanaga; ga ba kgwele folaga mathe, ba e gata ka dinao, kana ba e fisa ka molelo. Ga ba kgatlhanong le puso. Ba dira dilo ba ikaegile ka se Jesu Keresete a ileng a se bolela, jaaka fa se kwadilwe jaana mo go Mathaio 4:10: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.”
Basupi ba ga Jehofa ba dira fela jaaka Bakeresete ba pele ba ne ba dira mo metlheng ya Mmusomogolo wa Roma. Buka ya Essentials of Bible History e bolela jaana ka Bakeresete bao ba pele: “Mokgwa wa go obamela mmusimogolo o ne o akaretsa go latlhela ditlhakanyana tsa maswalo kana marothodi a beine mo sebesong se se neng se emisitswe fa pele ga setshwantsho sa mmusimogolo. Gongwe ka gore seno se diragetse bogologolo ga re bone se farologana le . . . go tsholetsa seatla o dumedisa folaga kana mmusi mongwe wa naga wa maemo a a kwa godimo, go supa maitseo, tlotlo, le boratanaga. Gongwe batho ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikutlwa ka tsela eo kaga seno mme lefa go ntse jalo go ne go sa nna jalo ka Bakeresete. Ba ne ba leba kgang eno yotlhe jaaka kobamelo ya bodumedi, e le go tsaya mmusimogolo jaaka modimo mme ka go dira jalo ba sa supe fa ba ikanyega mo Modimong le mo go Keresete, mme ba ne ba gana go dira jalo.”—Elmer W. K. Mould, 1951, ts. 563.
Ba Ilwa ka Go Bo E “Se ba Lehatshe”
Fela jaaka Jesu a ile a bolela gore barutwa ba gagwe e ne e se kitla e nna “ba lehatshe,” Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki. (Yoh. 17:16; 6:15) Fano le gone, ba tshwana le Bakeresete ba pele, ba borahisitori ba bolelang jaana ka bone:
“Bokeresete jwa pele bo ne bo sa tlhaloganngwe thata go le kalo mme ebile ba ba neng ba busa lefatshe leo la boheitane ba ne ba bo ila. . . . Bakeresete ba ne ba gana go dira ditiro dingwe tsa baagi ba Roma. . . . Ba ne ba gana go nna le maemo mo dipolotiking.” (On the Road to Civilization—A World History, A. K. Heckel le J. G. Sigman, 1937, dits. 237-8) “Ba ne ba gana go nna le seabe mo ditsamaisong tsa setšhaba kana mo bosoleng jwa mmusomogolo. . . . Go ne go sa kgonege gore Bakeresete ba nne masole, bommakaseterata, kana dikgosana, ba sa tlogela tiro ya bone e e boitshepo.”—History of Christianity, Edward Gibbon, 1891, dits. 162-3.
Lefatshe ga le rate seno, segolobogolo kwa dinageng tse babusi ba tsone ba batlang gore mongwe le mongwe a dire ditiro tse di rileng go supa gore o tshegetsa tsamaiso ya sepolotiki. Go felela jaaka Jesu a ile a bolela jaana: “Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”—Yoh. 15:19.
Kwa dinageng dingwe, mongwe le mongwe o tshwanetse go bouta fa go na le ditlhopho tsa sepolotiki. Fa o sa boute o ka duedisiwa madi, wa tsenngwa mo kgolegelong, kana wa dirwa sengwe se se bosula. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba ema Bogosi jwa Bomesia jwa Modimo nokeng, joo, jaaka fa Jesu a ile a bolela, ‘eseng jwa lefatshe leno.’ Ka gone, ga ba nne le seabe mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa lefatshe leno. (Yoh. 18:36) Motho ke ene a itirelang tshwetso; ga ba pateletse batho gore ba lebe dilo jaaka bone. Koo batho ba sa kgoneng go obamela ka kgololesego teng badiredi ba puso ba ile ba bogisetsa Basupi go bo ba gana go nna le seabe mo dilong tse di rileng. Ka sekai, ka nako ya Bo-Nazi, seno se ne se dirwa kwa dinageng tse ba neng ba di laola. Gape se ile sa dirwa kwa Cuba. Lefa go ntse jalo, badiredi ba puso ba dinaga tse dintsi ba ile ba ba naya kgololesego e kgolwane.
Lefa go ntse jalo, kwa mafelong mangwe ba ba busang ba ile ba laela gore mongwe le mongwe a supe fa a ba tshegetsa ka go buela meano mengwe kwa godimo. Ereka digakolodi tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di sa ba letle go dira jalo, diketekete tsa bone kwa dikarolong tse di kwa botlhaba jwa Afrika di ile tsa itewa, tsa tingwa dilo tse ba itshedisang ka tsone, tsa bo tsa lelekwa mo magaeng a bone ka dingwaga tsa bo1970 le bo1980. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tsotlhe, le mororo e le dinatla mo tirong ebile ba ikobela molao, ke Bakeresete ba ba itlhaotseng mo dipolotiking.
Kwa Malawi, go na le lekoko le le lengwe fela la sepolotiki, mme fa o na le karata ya lekoko leo o bontsha gore o leloko la lone. Le mororo Basupi ba tlhoma sekao mo go dueleng makgetho a bone, go ya ka dilo tse ba di dumelang mo bodumeding jwa bone, ba gana go reka dikarata tsa lekoko la sepolotiki. Fa ba ne ba ka dira jalo seo se ne se tla supa gore ga ba dumele mo Bogosing jwa Modimo. Ka ntlha ya seno, fa 1967 e ne e ela go fela, digopa tsa basha go ralala Malawi di ne tsa simolola go tlhasela Basupi ba ga Jehofa ka tsela ya sephologolo le ya bobatana e e iseng e ko e bonwe, ba kgothalediwa go dira jalo ke badiredi ba puso. Basadi ba ba fetang sekete ba ba ineetseng ba Bakeresete ba ne ba betelelwa. Ba bangwe ba ne ba apolwa diaparo fa pele ga digopa tse dikgolo tsa batho, ba itewa ka dithobane le ka mabole, morago ga foo ba betelelwa ke batho ka go latelana. Banna ba ne ba kokotelwa ka dipekere mo dinaong le go kokotelwa dipeke tsa dibaesekele mo maotong, morago ga foo ba bo ba laelwa gore ba taboge. Magae a bone, difenitšhara, diaparo, le dijo di ne tsa senngwa gongwe le gongwe mo nageng eo.
E ne ya re fa Malawi Congress Party e sena go tshwara kopano ya yone ya ngwaga le ngwaga ka 1972, ba boela ba tshwarwa makgwakgwa gape. Go ne ga dirwa maitlamo semmuso kwa kopanong eo gore Basupi ba ga Jehofa ba tla tingwa tiro ya boitshediso le go lelekwa mo magaeng a bone. Le eleng dikopo tse di neng di tswa mo bathaping tsa gore badiri bano ba ba ikanyegang ba se ka ba ntshiwa mo tirong di ne tsa se ka tsa reediwa. Magae a bone, dijalo, le diruiwa di ne tsa tsewa ka dikgoka mo go bone kana tsa senngwa. Basupi ba ne ba idiwa go ga metsi mo sedibeng sa motse. Bontsi jwa bone bo ne bo itewa, bo betelelwa, bo golafadiwa, kana bo bolawa. Ba ne ba ntse ba kgalwa le go kgobiwa ka ntlha ya tumelo ya bone. Kgabagare ba ba fetang 34 000 ba ne ba tshaba kwa nageng eo go tila gore ba se ka ba bolawa.
Mme lefa go ntse jalo go ne go ise go fele. Ba ne ba tshedisiwa molelwane gape gore ba boele kwa babogising, ba ba neng ba fitlha ba ba bogisa setlhogo le go feta. Lefa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba ineela, ebile ga ba a ka ba tlogela go dumela mo go Jehofa Modimo. Ba ne ba itshupa ba tshwana fela le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba Bibela e bolelang jaana ka bone: “Ba bañwe ba ne ba lekwa ka dichotlō le ka go seolakwa, E, le ka dikgōlè gapè, le ka go tseñwa mo matluñ a kgolegèlō: Ba kgobotlediwa ka mayè, ba hatogañwa ka shage, ba raèlwa, ba bolawa ka chaka: ba tsamaea hèla ba apere matlalō a dinku le a dipodi; ba ne ba [iphotlhere] ba sena sepè, ba pitlagañwa, ba dihèlwa boshula.—E le batho ba lehatshe le sa chwanèlwañ ke bōnè.”—Baheb. 11:36-38.
Ba Bogisiwa mo Merafeng Yotlhe
A ke merafe e sekae fela ya lefatshe e e ileng ya supa fa kgololesego ya yone ya bodumedi e le puo fela ya molomo ka go ba bogisetsa bodumedi ka tsela eo? Nnyaa! Jesu Keresete o ile a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.”—Math. 24:9.
Mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, fa esale go tloga ka 1914, letlhoo leo le ile la gakala le go feta. Canada le United States ke tsone di ileng tsa simolola go tlhasela ka go thibela dibuka tsa Bibela ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe mme e ne ya re ka bonako fela ke fa India le Nyasaland (e jaanong e bidiwang Malawi) le tsone di dira jalo. Ka bo1920, Baithuti ba Bibela ba ne ba thibelwa go iwa fela ka maikutlo a batho kwa Greece, Hungary, Italy, Romania, le kwa Spain. Kwa mafelong a mangwe mo go ano, ba ne ba thibelwa go anamisa dibuka tsa Bibela; ka dinako tse dingwe, ba ne ba ilediwa go tshwara dipokano. Dinaga tse di oketsegileng le tsone di ne tsa ba tlhasela ka bo1930, ka nako e go neng go thibelwa (dingwe di thibela Basupi ba ga Jehofa, tse dingwe, di thibela dibuka tsa bone) kwa Albania, Austria, Bulgaria, Estonia, Latvia, Lithuania, Poland, dikgaolo tse dingwe tsa Switzerland, koo ka nako eo e neng e le Yugoslavia, Gold Coast (e jaanong e leng Ghana), kwa dinageng tse di neng di busiwa ke Fora mo Afrika, Trinidad, le kwa Fiji.
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa, bodihedi jwa bone jwa phatlalatsa, le dibuka tsa bone tsa Bibela di ne di thibetswe mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Seno se ne se sa nna jalo fela kwa Jeremane, Italy, le kwa Japane—tse di neng di le kafa tlase ga puso ya bobusaesi—le dinaga tse dintsi tse ka tsela nngwe di neng di busiwa ke tsone pele ga ntwa kana fa e ne e santse e lowa. Dingwe tsa tsone e ne e le Albania, Austria, Belgium, Czechoslovakia, Korea, Netherlands, Netherlands East Indies (e jaanong e leng Indonesia), le Norway. Mo dingwageng tseo tsa ntwa, Argentina, Brazil, Finland, Fora, le Hungary tsotlhe di ne tsa ntsha melao e e neng e le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa kana tiro ya bone.
Borithane ga e a ka ya thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka tlhamalalo ka nako ya ntwa, mme e ne ya leleka mookamedi wa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower yo a neng a tsaletswe kwa Amerika mme ya leka go kgoreletsa tiro ya Basupi ka go thibela go romelwa ga dibuka tsa bone tsa Bibela ka nako ya ntwa. Mo mmusomogolong otlhe wa Borithane le mo Merafeng ya Dinaga tsa Kgolagano ya Borithane, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa ka tlhamalalo kana go ne ga thibelwa dibuka tsa bone. Afrika Borwa, Australia, Bahamas, Basutoland (e jaanong e leng Lesotho), Bechuanaland (e jaanong e leng Botswana), British Guiana (e jaanong e leng Guyana), Burma (e jaanong e leng Myanmar), Canada, Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka), Cyprus, Dominica, Fiji, Gold Coast (e jaanong e leng Ghana), India, Jamaica, Leeward Islands (B.W.I.), New Zealand, Nigeria, Nyasaland (e jaanong e leng Malawi), Rhodesia Bokone (e jaanong e leng Zambia), Rhodesia Borwa (e jaanong e leng Zimbabwe), Singapore, le Swaziland tsotlhe di ne tsa tsaya kgato ya go supa bobaba mo batlhankeng ba ga Jehofa.
Fa ntwa e sena go fela, ditlhopha dingwe tsa batho di ne tsa kgaotsa go tlhola di ba bogisa mme lefa go ntse jalo tse dingwe di ne tsa e oketsa. Mo dingwageng tse 45 tse di neng tsa latela, mo godimo ga gore dinaga tse dintsi di ne di gana go dumelela Basupi ba ga Jehofa semolao, ba ne ba thibelwa ka tlhamalalo kana go ne ga thibelwa ditiro tsa bone mo dinageng tse 23 mo Afrika, di le robong kwa Asia, di le robedi kwa Yuropa, di le tharo kwa Latin America, le di le nne kwa merafeng mengwe ya kwa ditlhaketlhakeng. Ka 1992, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba santse ba thibetswe mo dinageng di le 24.
Seno ga se reye gore badiredi botlhe ba puso ba kgatlhanong le tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Badiredi ba bantsi ba puso ba dumelela kgololesego ya bodumedi ebile ba lemoga gore Basupi ba thusa thata mo morafeng. Banna ba ba ntseng jalo ga ba dumelane le bao ba tlhotlheletsang gore go tsewe kgato ya semmuso kgatlhanong le Basupi. Ka sekai, pele Ivory Coast (e jaanong e leng Côte d’Ivoire) e ikemela ka nosi, moruti mongwe wa Katoliki le moruti wa Methodist ba ne ba leka go tlhotlheletsa modiredi mongwe gore a leleke Basupi ba ga Jehofa mo nageng eo, mme ba ne ba iphitlhela ba buisana le badiredi ba puso ba ba neng ba sa batle go gogiwa ka nko ke baruti. Fa modiredi mongwe wa puso a ne a leka go fetola molao kwa Namibia, ka 1990, gore o tlhaole batshabi ba go neng go itsege gore ke Basupi ba ga Jehofa, Kokoano ya Theomolao e ne ya se ka ya dumela. Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dumeletswe semolao kwa dinageng tse dintsi tse di kileng tsa bo di ba thibetse.
Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa ka ditsela tse di farologaneng mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. (2 Tim. 3:12) Mo mafelong a mangwe, pogiso eo e ka tla segolobogolo e tswa mo go beng ba matlo ba ba senang botho, balosika bao ba ganetsang, kana badirimmogo kana ba motho a tsenang le bone mo tlelaseng ba ba itshupang ba sa boife Modimo ka gope. Lefa go ntse jalo, lefa babogisi bano e ka tswa e le bomang kana ba leka go buelela se ba se dirang ka tsela efe, Basupi ba ga Jehofa ba a itse se se tlhotlheletsang gore Bakeresete ba boammaaruri ba bogisiwe.
Kgangkgolo
Dikgatiso tsa Watch Tower ga di bolo go nna di tlhalosa gore buka ya ntlha ya Bibela e ile ya bolelela pele ka tsela ya tshwantshetso kaga bobaba, kana letlhoo, la ga Satane Diabolo le la bao a ba laolang ba ilang phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo le baemedi ba yone ba ba mo lefatsheng ka lone. (Gen. 3:15; Yoh. 8:38, 44; Tshen. 12:9, 17) Tora ya Tebelo e ile ya nna ya bontsha segolo thata go tloga ka 1925 ka Dikwalo gore go na le diphuthego tse pedi fela tse dikgolo—ya ga Jehofa mmogo le ya ga Satane. Mme, jaaka fa 1 Yohane 5:19 e bolela, “lehatshe yeotlhe”—ke gore, batho botlhe ba ba seng mo phuthegong ya ga Jehofa—“le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Leo ke lone lebaka la go bo Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba bogisiwa.—Yoh. 15:20.
Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa Modimo o letla seno? A go na le sengwe se se molemo se se fitlhelelwang ka seno? Jesu Keresete o ile a tlhalosa gore pele a bolaya Satane le phuthego ya gagwe e e boikepo jaaka Kgosi ya selegodimo, merafe yotlhe e ne e tlile go kgaoganngwa, fela jaaka fa modisa wa kwa Botlhabagare a tlhaola dinku mo dipoding. Batho ba ne ba tla fiwa sebaka sa gore ba utlwe kaga Bogosi jwa Modimo le go ema kafa letlhakoreng la jone. Fa bao ba bolelang ka Bogosi joo ba bogisiwa, potso eno e tlhomologa le go feta: A ba ba utlwang seo ba tla direla “bonnake” ba ga Keresete le ba ba kopanelang le bone molemo mme ka gone ba direla Keresete molemo? Kana a ba tla thusa le ba ba sotlang baemedi ba Bogosi jwa Modimo—kana gongwe ba didimala fela fa ba bangwe ba dira jalo? (Math. 25:31-46; 10:40; 24:14) Ba bangwe kwa Malawi ba ne ba bona ka phepafalo gore ke bomang ba ba direlang Modimo wa boammaaruri mme ka gone ba ne ba fetoga karolo ya Basupi ba ba neng ba bogisiwa. Magolegwa a mantsi mmogo le badisa bangwe ba kgolegelo kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane le bone ba ne ba dira fela jalo.
Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba latofadiwa ka maaka le go sotliwa, le eleng go kgobiwa ka ntlha ya go bo ba dumela mo Modimong, ga ba ikutlwe ba latlhilwe ke Modimo. Ba a itse gore Jesu Keresete le ene o ne a diragalelwa ke dilo tse di tshwanang. (Math. 27:43) Gape ebile ba a itse gore Jesu o ne a bontsha fa Diabolo e le moaki le go thusa mo go itshepisiweng ga leina la ga Rraagwe ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe mo go Jehofa. Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o eletsa go dira ka tsela e e tshwanang.—Math. 6:9.
Kgangkgolo ga se gore a ba ka kgona go tshela fa ba ntse ba bogisiwa jalo mme ka gone ba falola loso. Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore bangwe ba balatedi ba gagwe ba ne ba tla bolawa. (Math. 24:9) Le ene ka boene o ne a bolawa. Mme lefa go ntse jalo o ne a se ka a ineela mo Mmabeng yo mogolo wa Modimo, ebong Satane Diabolo, “kgōsana ea lehatshe” leno. Jesu o ne a fenya lefatshe. (Yoh. 14:30; 16:33) Ka gone, kgangkgolo ke gore a baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba tla nna ba ntse ba ikanyega mo go ene lefa ba ka tlelwa ke mathata ape fela. Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ile ba neela bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa gore ba maikutlo mangwe fela le moaposetoloi Paulo, yo o ileng a kwala jaana: “Leha re tshela, re tshelèla Morèna; me leha re shwa, re shwèla Morèna; me ke gōna, leha re tshela, kgotsa re shwa, re nntse re le ba Morèna hèla.”—Bar. 14:8.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka nako eo Baithuti ba Bibela ba ne ba ise ba tlhaloganye ka phepafalo se jaanong Basupi ba se itseng go tswa mo Bibeleng malebana le gore banna ke bone ba tshwanetseng go ruta mo phuthegong. (1 Bakor. 14:33, 34; 1 Tim. 2:11, 12) Ka gone, Maria Russell e ne e ntse e le morulaganyi yo mongwe wa Tora ya Tebelo ebile a tlhola a kwala dikarolo dingwe.
b Joseph F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower; William E. Van Amburgh, mokwaledi le ramatlotlo wa Mokgatlho; Robert J. Martin, motsamaisi wa ofisi; Frederick H. Robison, leloko la komiti e e neng e kwala Tora ya Tebelo; A. Hugh Macmillan, mokaedi wa Mokgatlho; George H. Fisher le Clayton J. Woodworth, ba ba neng ba rulaganya The Finished Mystery.
c Giovanni DeCecca, yo o neng a dira mo Lephateng la Italy la ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower.
d Moatlhodi wa kgaolo eo ebong Martin T. Manton, yo e neng e le Moroma Katoliki yo o tlhoafetseng tota, o ne a gana gore ba gololwe ka madi ka July 1, 1918. E ne ya re fa kgotlatshekelo ya feterale ya boikuelo e ne e fetola tsela e balatofadiwa ba neng ba atlhotswe ka yone, Manton e ne ya nna ene fela yo a neng a bouta kgatlhanong le seo. Ka December 4, 1939, kgotlatshekelo ya boikuelo e e neng e tlhomilwe ka tsela e e kgethegileng e ne ya bolela gore Manton o ne a na le molato wa go dirisa maatla a gagwe a go atlhola ka tsela e e phoso, o ne a sa ikanyege, ebile e le motsietsi.
e Lebaka le le bontshang gore banna bano ba ne ba tsentswe mo kgolegelong ba sa tshwanela, le gore e ne e se magolegwa, le bontshiwa ke ntlha ya gore J. F. Rutherford o ne a sala e ntse e le leloko la babueledi ba Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States go tloga ka nako e a neng a amogelwa ka yone ka May 1909 go fitlha a swa ka 1942. J. F. Rutherford e ne e le mongwe wa babueledi mo dikgetsing tse 14 tse go ileng ga dirwa boikuelo mo go tsone kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang go tloga ka 1939 go fitlha ka 1942. Mo dikgetsing dingwe tse di itsegeng jaaka Schneider v. State of New Jersey (ka 1939) le Minersville School District v. Gobitis (ka 1940), o ne a ntsha mabaka ka boene a bua kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang. Gape, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, fa A. H. Macmillan, mongwe wa banna ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka 1918-19 a sa tshwanela, o ne a dumelelwa ke mokaedi wa feterale wa Bureau of Prisons gore a nne a etele dikgolegelo tsa feterale tsa kwa United States ka metlha go thusa semoyeng makawana mangwe a a neng a le koo ka ntlha ya go emela boitlhaodi jwa Bokeresete.
f The Encyclopedia Americana, Bolumo 11, 1942, tsebe 316, e bolela jaana: “Folaga, fela jaaka fa go ntse ka sefapaano, e boitshepo. . . . Ditaelo mmogo le melao e e amang tsela e motho a lebang ditshwantsho tsa bosetšhaba ka yone di dirisa mafoko a a maatla, le a a gatelelang, jaaka, ‘Go Direla Folaga,’ . . . ‘Go Sisimoga Folaga,’ ‘Go Ineela mo Folageng.’” Kwa Brazil, Diário da Justiça, ya February 16, 1956, tsebe 1904, e ne ya bega gore modiredi wa mongwe wa bosole o ne a bolela jaana kwa moketeng mongwe wa botlhe: “Difolaga di fetogile modimo wa bodumedi jwa boratanaga . . . Folaga e a sisimogiwa ebile e a obamelwa.”
[Mafoko a a mo go tsebe 642]
Batho ba ba neng ba bogisa Jesu Keresete thata e ne e le baeteledipele ba bodumedi
[Mafoko a a mo go tsebe 645]
“Modimo o tlhopha motho kana o mo naya thata ya go rera ka go mo naya Moya O O Boitshepo”
[Mafoko a a mo go tsebe 647]
“The Finished Mystery” e ne ya senola boitimokanyi jwa baruti ba Labokeresete e tlhamaletse fela!
[Mafoko a a mo go tsebe 650]
Banna le basadi ba Bakereste ba ne ba tlhaselwa ke digopa, ba latlhelwa mo kgolegelong, mme ba bewa moo ba sa bolelelwa molato wa bone kana ba sa sekisiwa
[Mafoko a a mo go tsebe 652]
“Lobaka lo ba lo atlholetsweng lo loleele thata”—Poresidente wa U.S. ebong Woodrow Wilson
[Mafoko a a mo go tsebe 656]
Motho ope fela yo o neng a sa dire se moruti a neng a se bolela o ne a sa direlwe tshiamo
[Mafoko a a mo go tsebe 666]
Baruti ba ne ba laela barutabana gore ba ntshe bana mo sekolong gore ba konope Basupi ka maje
[Mafoko a a mo go tsebe 668]
Baruti ba ne ba kopana go ganetsa Basupi
[Mafoko a a mo go tsebe 671]
Digopa tsa batho di ne tsa tlhasela Basupi ba ga Jehofa kwa United States
[Mafoko a a mo go tsebe 676]
Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe
[Lebokoso mo go tsebe 655]
Baruti Ba Supa Maikutlo a Bone
Tseno ke ditsela tse di re tlhokomedisang kafa dipampiri tsa dikgang tsa bodumedi di ileng tsa akgela ka gone fa J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba atlholwa ka 1918:
◆ “The Christian Register”: “Se Puso e batlang go se nyeletsa fano ke gore dilo tse di dumelwang mo bodumeding, lefa di ka tswa di sena tlhaloganyo kana di le boikepo go le kana kang, di ka nna tsa anamisiwa di sa otlhaelwe. Ke selo se se sa bolong go dumelwa mme se phoso, ka gone re ile ra se ka ra se ela tlhoko. . . . Seno se lebega jaaka bokhutlo jwa boRussell.”
◆ “The Western Recorder,” kgatiso ya Baptist, e ne ya bolela jaana: “Ga go gakgamatse go bo moeteledipele wa lekoko leno le le tshwenyang thata a bo a tsentswe mo kgolegelong mo lefelong lengwe le go tlhatlhelwang diganana mo go lone. . . . Bothata ke gore ga re itse tota gore balatofadiwa bano ba ne ba tshwanetse go romelwa kwa lefelong la ditsenwa kana kwa kgolegelong.”
◆ “The Fortnightly Review” e ne ya bolela ka kakgelo nngwe e e neng e le mo go “Evening Post” ya New York e e neng e bolela jaana: “Re solofela gore ba ba rutang bodumedi gongwe le gongwe ba tla ela kgopolo ya moatlhodi yono tlhoko gore go ruta bodumedi bope fela kwantle ga jo bo dumelanang ka botlalo le melao e e tlhomilweng ke go tlola molao ka tsela e e masisi tota ebile go nna maswe thata fa motho yoo e le moruti wa efangele, ebile e maswe thata fa o le motho yo o tlhoafetseng.”
◆ “The Continent” e ne ya bitsa balatofadiwa ka go ba nyatsa e re ke “balatedi ba ga moswi ‘Moruti’ Russell” e bo e sokamisa dilo tse ba di dumelang ka go bolela gore ba re “mo bathong botlhe baleofi ke bone fela ba ba tshwanetseng go ya go lwa le kgosi ya Jeremane.” E ne ya bolela gore go ya ka mmueledimogolo wa kwa Washington, “mo nakong e e fetileng puso ya Italy e ne e ile ya ngongoregela United States gore Rutherford le ditsala tsa gagwe . . . ba ne ba ile ba anamisa palo e e rileng ya dikgatiso tse di leng kgatlhanong le ntwa mo masoleng a Italy.”
◆ Beke morago ga foo “The Christian Century” e ne ya gatisa bontsi jwa se se fa godimo fela jaaka se ntse, ba supa gore ba ne ba dumelana le sone ka botlalo.
◆ Makasine wa Katoliki ebong “Truth” o ne wa tlhalosa ka bokhutshwane ka katlholo eo mme morago o ne wa ntsha maikutlo a bakwadi ba one, o bolela jaana: “Dibuka tsa mokgatlho ono di tletse ka mafoko a a tlhaselang Kereke ya Katoliki le baruti ba yone ka tsela ya bobaba.” E ne ya oketsa jaana e leka go latofatsa ope fela yo o neng a sa dumelane le Kereke ya Katoliki ka gore ke “motsuolodi”: “Go ntse go bonala ka phepafalo go ya kwa pele gore moya wa go ila ditumelo tse dingwe o tshwana fela le wa botsuolodi.”
◆ Dr. Ray Abrams, o ne a akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya “Preachers Present Arms”: “E ne ya re fa dikgang tsa gore ba atlholetswe dingwaga di le masome a mabedi di fitlha kwa bakwading ba dipampiri tsa dikgang tsa bodumedi, mo e ka nnang nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno, tse dikgolo mmogo le tse dipotlana, di ne tsa itumelela tiragalo eo. Ga a ka a bona mafoko ape a a bontshang kutlwelobotlhoko mo go epe ya dipampiri tsa dikgang tsa ditumelo tse di tlwaelegileng.”
[Lebokoso mo go tsebe 660]
“Ba Ne Ba Bogisiwa ka Ntlha ya Mabaka a Bodumedi”
“Go ne go na le setlhopha sengwe sa batho kwa Kampeng ya Pogisetso ya Mauthausen ba ba neng ba bogisiwa ka ntlha ya mabaka a bodumedi fela: maloko a lekoko la ‘Baithuti Ba Ba Tlhoafetseng ba Bibela,’ kana ‘Basupi ba ga Jehofa’ . . . Ba ne ba bogisiwa ka ntlha ya gore ba ne ba gana go dira maikano a gore ba tla ikanyega mo go Hitler ebile ba ne ba gana go dira tiro epe fela ya bosole—ba ne ba bogisediwa kafa dilo tse ba di dumelang di neng di ama dipolotiki ka teng.”—“Die Geschichte des Konzentrationslagers Mauthausen” (Hisitori ya Kampa ya Pogisetso ya Mauthausen), e e kwadilweng ke Hans Maršálek, kwa Vienna, kwa Austria, ka 1974.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 661]
Thanolo ya Polelo E Ma-SS A Neng A Leka go Pateletsa Basupi Gore Ba E Saenele
Kampa ya pogisetso .......................................
Lefapha II
POLELO
Nna, ke le ...................................................
yo ke tsetsweng ka .......................................
kwa .......................................................
ke rata go bolela mafoko a a latelang:
1. Ke lemogile gore International Bible Students Association e ruta dithuto tsa maaka mme e dira dilo tsa bobaba kgatlhanong le Puso ka seipato sa gore ke bodumedi.
2. Ka gone ke tlogetse mokgatlho ono gotlhelele mme ke kgaogane gotlhelele le dithuto tsa lekoko leno.
3. Ke rata go tlhomamisa fano gore nka se tlhole ke nna le seabe ka gope mo tirong ya International Bible Students Association. Batho bape ba ba ka tlang kwa go nna ka thuto ya Baithuti ba Bibela, kana ba ka mokgwa ope fela ba ka mpontshang gore ba kopanela le bone, ke tla ba kgala kwantle ga go senya nako. Dikgatiso tsotlhe tse di tswang mo Baithuting ba Bibela tse go ka diragalang gore di romelwe mo atereseng ya me ke tla di isa kwa seteishaneng se se gaufi sa mapodisi ka bonako.
4. Mo isagweng ke tlile go tseela melao ya Puso kwa godimo, segolobogolo ka nako ya ntwa, ke tla femela lefatshe la borraetsho ke tshwere sebetsa ka seatla sa me, le go dira sengwe le sengwe se se dirwang ke botlhe.
5. Ke itsisitswe gore ke tla tshwarwa gape fa nka dira kgatlhanong le polelo eno e ke e buileng gompieno.
.................................., Letlha ................ ...........................................................
Mosaeno
[Lebokoso mo go tsebe 662]
Makwalo A A Neng A Tswa kwa go Bangwe Ba Ba Neng Ba Atlholetswe Loso
Le le neng le tswa kwa go Franz Reiter (yo o neng a tlile go bolawa ka motšhine o o kgaolang motho tlhogo) a le kwalela mmaagwe, ka January 6, 1940, go tswa kwa kgolegelong e a neng a le kwa go yone ya Berlin-Plötzensee:
“Ke tlhatswegile pelo ka botlalo mo dilong tse ke di dumelang gore se ke se dirang se siame. Ereka ke le fano jaana, ke santse nka nna ka fetola mogopolo wa me, mme lefa go ntse jalo seo e ne e tla bo e le go sa ikanyege mo Modimong. Rotlhe ba re leng fano re eletsa go ikanyega mo Modimong, gore a tlotliwe. . . . Go ya kafa ke itseng ka teng, fa nkabo ke dirile maikano [a sesole], nkabo ke dirile boleo jo motho a tshwanelwang ke loso fa a bo dirile. Seo e ne e tla bo e le boikepo mo go nna. Ke ne ke se kitla ke tsosiwa mo baswing. Mme ke ngaparela seno se Keresete a neng a se bolela: ‘Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tla mo latlhegela; me yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tla bo boloka.’ Mme jaanong, Mmè yo o rategang mmogo le bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi ba me, ke boleletswe katlholo ya me gompieno, mme lo se ka lwa boifa, ke ya loso, ke tlile go bolawa ka moso mo mosong. Modimo ke one o nnayang maatla, fela jaaka go ile ga nna ka Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo. Baaposetoloi ba ile ba kwala jaana, ‘Eo o tsecweñ ke Modimo ga a dihe boleo bopè.’ Go ntse jalo le ka nna. Ke ile ka lo bontsha seno, mme lo ile lwa kgona go se lemoga. Mmè yo ke mo ratang thata, o se ka wa utlwa botlhoko. E tla nna selo se se molemo gore lotlhe lo itse Dikwalo Tse Di Boitshepo botoka go feta. Fa lo ka nna lo tlhomame go fitlha lo swa, re tla boa re kopana gape ka nako ya tsogo ya baswi. . . .
“Ngwana wa gago Franz
“Go fitlha re kopana gape.”
Le le neng le tswa kwa go Berthold Szabo, yo o neng a bolawa ke setlhopha se se bolayang ka go thuntsha, kwa Körmend, kwa Hungary, ka March 2, 1945:
“Kgaitsadiake yo o rategang, Marika!
“Ke tla leka go go kwalela mo lobakeng lono lwa ura le sephatlo lo lo ntshaletseng, gore o tle o kgone go itsise batsadi ba rona ka boemo jo ke leng mo go jone, gore ke tlile go swa mo lobakeng lo lokhutshwane.
“Ke ba eleletsa gore ba nne le kagiso ya mogopolo e e tshwanang le e ke nang le yone mo metsotsong eno ya bofelo mo lefatsheng leno le le tletseng ka masetlapelo. Jaanong nako ke ura ya bolesome, mme ke tlile go bolawa ka halofo morago ga ura ya lesome le bongwe; mme lefa go ntse jalo ga ke a tshwenyega. Ke tlogela botshelo jwa me jwa isagwe mo diatleng tsa ga Jehofa le Morwawe Yo O Rategang Thata, Jesu Keresete, Kgosi, yo a se kitlang a lebala ba ba mo ratang ka pelo yotlhe le ka motlha. Ke a itse gape gore mo lobakeng lo lo fa gaufi go tlile go nna le tsogo ya baswi, kana re kare, ya ba ba ileng ba robala mo go Keresete. Ke rata gape go bolela segolobogolo gore ke lo eleletsa lotlhe masego a magolo a a tswang kwa go Jehofa ka ntlha ya lorato loo lo le mpontshitseng. Tsweetswee nkatlele Rre le Mme, mmogo le Annus. Ba se ka ba tshwenyega ka nna; re tlile go boa re bonana gape mo lobakeng lo lokhutshwane. Ke wetse makgwafo jaanong, mme ke tla ya go ikhutsa go fitlha Jehofa a mpitsa gape. Le eleng gone jaanong ke tla boloka maikano ao ke a dirileng mo go ene.
“Jaanong nako ya me e setse e fedile. Ekete Modimo o ka nna le wena le nna.
“Ka lorato lo logolo, . . .
“Berthi”
[Lebokoso mo go tsebe 663]
Go Ne Ga Lemogiwa Gore Ba Pelokgale Ebile Ba Tlhatswegile Pelo
◆ “Basupi ba ba neng ba le mo dikampeng ba ne ba kopana le go rapela mmogo, ba ne ba tlhagisa dibuka le go sokolola batho, le mororo ba ne ba ka tsena mo mathateng. Ba ne ba tshegediwa ke bokaulengwe jwa bone, ebile, go farologana le magolegwa a mangwe a mantsi, ba ne ba itse sentle mabaka a go bo go ne go na le mafelo a a ntseng jalo le gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshwanetse go boga ka tsela e e ntseng jalo, ka jalo Basupi ba ne ba itshupa e le mophato o monnye wa magolegwa mme lefa go ntse jalo e le o o ka se kang wa o lebala, ba bonwa ka betšhe e e khutlotharo e e perese mme ebile ba itsege ka bopelokgale le gore ba tlhatswegile pelo.” Dr. Christine King o ne a kwala jalo mo go “The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity.”
◆ “Values and Violence in Auschwitz,” e e kwadilweng ke Anna Pawełczyńska, e bolela jaana: “Setlhopha seno sa magolegwa e ne e le setlhopha se se utlwanang tota se se neng se emela dikgopolo tsa sone, mme ba ne ba fenya mo ntweng ya bone kgatlhanong le Ma-Nazi. Setlhopha sa Jeremane sa lekoko leno e ne e le bathonyana ba sekae ba ba neng ba tlhomologileng ka go gana ga bone mo morafeng oo o o neng o boifa, mme ba ne ba dira kwa kampeng ya Auschwitz ka one moya oo wa bopelokgale. Ba ile ba tlotliwa ke magolegwa a mangwe . . . ba tlotliwa ke badiredi ba kgolegelo, le eleng ke badiredi ba Ma-SS. Mongwe le mongwe o ne a itse gore go ne go sena ‘Bibelforscher’ [Mosupi wa ga Jehofa] yo o neng a ka dira sepe fela se se kgatlhanong le se a se dumelang mo bodumeding jwa gagwe.”
◆ Rudolf Hoess, mo kgannyeng ya botshelo jwa gagwe, e e gatisitsweng mo bukeng e e bidiwang “Commandant of Auschwitz,” o ne a bolela ka go bolawa ga bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya go gana go roba boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. O ne a bolela jaana: “Ke akanya gore baswelatumelo ba ntlha ba Bakeresete ba tshwanetse ba bo ba ne ba lebega jalo ka nako ya fa ba ne ba letile mo diserekiseng tsa dibatana ba emetse gore di tle go ba gagolaka. Ba ne ba swa difatlhego tsa bone di fetogile gotlhelele, matlho a bone a lebile kwa legodimong, mme ba tshwaragane ka diatla ebile ba di tsholeleditse kwa godimo ba rapela. Botlhe ba ba ileng ba ba bona ba swa dipelo tsa bone di ne tsa angwa thata ke seo, mme tota le eleng setlhopha se se neng se ba bolaya se ne se angwa ke seo.” (Buka eno e ne ya gatisiwa kwa Poland ka setlhogo se se reng “Autobiografia Rudolfa Hössa-komendanta obozu oświęcimskiego.”)
[Lebokoso mo go tsebe 673]
“Ga Ba Kgatlhanong le Naga”
“Ga ba kgatlhanong le naga; ba emela Jehofa fela.” “Ga ba fise dikarata tsa go kwadisetsa bosole, ga ba tsuologe . . . kana go nna le seabe mo go sepe fela se se kgatlhanong le puso.” “Boikanyegi mmogo le bothokgami jwa Basupi ga bo fetoge. Lefa motho a ka akanya eng ka Basupi—mme ebile batho ba bantsi ba akanya dilo tse dintsi tse di sa siamang ka bone—ba tshela matshelo a a tlhomang sekao.”—“Telegram,” ya Toronto, kwa Canada, ka July 1970.
[Lebokoso mo go tsebe 674]
Ke Mang Yo O Tshwereng Marapo?
Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore boikarabelo jwa bone jwa go rera ga bo a ikaega ka gore ke tsela e Mokgatlho wa Watch Tower kana lekgotla lepe fela la semolao le dirang ka yone. “Lefa Mokgatlho wa Watch Tower o ka thibelwa mme diofisi tsa one tsa Makala mo dinageng tse di farologaneng tsa tswalwa ke puso! Seo ga se senye kana gone go tlosa tiro e Modimo o e fileng banna le basadi ba ba ineetseng go dira thato ya Modimo ba a ba fileng moya wa gagwe. ‘Rerang!’ ke mafoko a a kwadilweng ka phepafalo mo Lefokong la gagwe. Ba ikobela taolo eno go feta sepe fela se batho ba ka ba laelang go se dira.” (“Tora ya Tebelo” [ka Seesemane], December 15, 1949) Ereka ba lemoga gore ditaolo tsa bone di tswa kwa go Jehofa Modimo le Jesu Keresete, ba tswelela pele ba bolela molaetsa wa Bogosi lefa ba ganediwa.
[Lebokoso mo go tsebe 677]
Jaaka Bakeresete ba Pele
◆ “Basupi ba ga Jehofa ba tsaya bodumedi jwa bone masisi thata go feta kafa batho ba bantsi ba tsayang bodumedi jwa bone ka teng. Melaometheo ya bone e re gopotsa Bakeresete ba pele ba ba neng ba ilwa thata ebile ba bogisiwa setlhogo ke Baroma.”—“Akron Beacon Journal,” ya kwa Akron, kwa Ohio, ya September 4, 1951.
◆ “[Bakeresete ba pele] ba ne ba tshela ka tidimalo, ba itshwara sentle, ba tshela matshelo a a tlhomang sekao eleruri. . . . E ne e le baagi ba ba tlhomang sekao mo go sengwe le sengwe fa e se mo kgannyeng e le nngwe fela ya go fisa maswalo.” “Le mororo go ntshetsa Ramatlhale wa mmusi setlhabelo e ne e santse e le tsela ya go leka go bona gore batho ba rata naga go le kana kang, a balaodi ba puso ba ne ba tla kgona go itlhokomolosa Bakeresete ba ba neng ba sena moya wa go rata naga mme ebile ba sa tshikinyege mo go seno? Bothata joo Bakeresete ba neng ba iphitlhela ba le mo go jone bo ne bo tshwana ka botlalo le joo, lekoko le le matlhagatlhaga le le neng le itsege jaaka Basupi ba ga Jehofa le neng la iphitlhela le le mo go jone ka dingwaga tsa ntwa kwa United States mo kgannyeng ya go dumedisa folaga ya bosetšhaba.”—“20 Centuries of Christianity,” e e kwadilweng ke Paul Hutchinson le Winfred Garrison, 1959, ts. 31.
◆ “Gongwe selo se se kgatlhang go di gaisa tsotlhe ka Basupi ke go ganelela ga bone mo ntlheng ya gore boineelo jwa bone mo Modimong bo tla pele ga puso epe fela e e mo lefatsheng.”—“These Also Believe,” e e kwadilweng ke Dr. C. S. Braden, ka 1949, ts. 380.
[Ditshwantsho mo go tsebe 644]
“The Pittsburgh Gazette” e ne ya bua thata ka kganetsano e Dr. Eaton a neng a gwetlhile gore e nne teng fa gare ga gagwe le C. T. Russell
[Setshwantsho mo go tsebe 646]
Baganetsi ba ne ba anamisa maaka kaga seemo sa lenyalo la ga Charles le Maria Russell
[Ditshwantsho mo go tsebe 648]
Baruti ba ne ba shakgala thata fa dipampitshana di le 10 000 000 di ne di anamisiwa go senola dithuto le ditiro go dirisiwa Lefoko la Modimo
[Ditshwantsho mo go tsebe 649]
Dipampiri tsa dikgang di ne tsa kuketsa dikgabo tsa molelo wa go bogisiwa ga Baithuti ba Bibela ka 1918
[Ditshwantsho mo go tsebe 651]
Ka nako ya tsheko eno ya maloko a badiredi ba Mokgatlho ba kwa ntlokgolo, go ne go lebilwe thata buka ya “The Finished Mystery”
Kgotlatshekelo ya feterale le ofisi ya poso, kwa Brooklyn, N.Y.
[Setshwantsho mo go tsebe 653]
Ba ne ba atlholwa ka kotlhao e e neng e le botlhoko go feta ya mmolai yo go thuntsha ga gagwe go neng ga baka Ntwa ya Lefatshe I. Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: W. E. Van Amburgh, J. F. Rutherford, A. H. Macmillan, R. J. Martin, F. H. Robison, C. J. Woodworth, G. H. Fisher, G. DeCecca
[Ditshwantsho mo go tsebe 657]
Ka nako ya fa kopano eno ya Basupi e ne e tshwerwe kwa New York ka 1939, segopa sa batho ba ka nna 200 ba eteletswe pele ke baruti ba Katoliki se ne sa leka go e phatlalatsa
[Ditshwantsho mo go tsebe 659]
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa latlhelwa mo dikampeng tseno tsa pogisetso
Setshwantsho sa logata sa badisa ba magolegwa ba Ma-SS (kafa molemeng)
[Setshwantsho mo go tsebe 664]
Karolo ya buka ya go ithuta Bibela e e neng e dirilwe potlana go dirisiwa setsayaditshwantsho, e ne ya tsenngwa mo bokoseng ya molelo, mme ya romelelwa Basupi ka sephiri kwa kampeng ya pogisetso
[Ditshwantsho mo go tsebe 665]
Bangwe ba Basupi ba tumelo ya bone e neng ya nna e nonofile fa ba ne ba bogisiwa botlhoko kwa dikampeng tsa Ma-Nazi tsa pogisetso
Mauthausen
Wewelsburg
[Setshwantsho mo go tsebe 667]
Thubakanyo ya digopa gaufi le Montreal, kwa Quebec, ka 1945. Thubakanyo e e ntseng jalo e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti kgatlhanong le Basupi e ne e diragala kgapetsakgapetsa ka dingwaga tsa bo1940 le bo1950
[Setshwantsho mo go tsebe 669]
Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa (go akaretsa le John Booth, yo o supilweng fano) di ne tsa tshwarwa ka nako ya fa ba ne ba anamisa dibuka tsa Bibela
[Ditshwantsho mo go tsebe 670]
Morago ga tshwetso e e neng ya dirwa kgatlhanong le Basupi ka 1940 ke Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang, thubakanyo ya digopa e ne ya aparela United States yotlhe, dipokano di ne tsa kgorelediwa, Basupi ba ne ba itewa, mme dithoto tsa bone di ne tsa senngwa
[Ditshwantsho mo go tsebe 672]
Kwa mafelong a mantsi go ne ga tlhokega gore go tlhongwe Dikolo tsa Bogosi ka ntlha ya gore bana ba Basupi ba ne ba lelekilwe kwa dikolong tsa botlhe