LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 10-15
  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgwa wa Baaposetoloi
  • Ga E Kake ya Emisediwa Ka Sepe
  • Bagolwane Ba Tshwanetse go Etelela Pele
  • Mongwe le Mongwe Ke Mosupi
  • Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo re sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 10-15

Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo

“Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go . . . ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.”—DITIHŌ 20:20.

1. Moruti mongwe wa Katoliki o ne a akgela jang ka mosola wa bodihedi jwa ka ntlo le ntlo jwa Basupi ba ga Jehofa?

“BAKATOLIKI Ba Rera Efangele Ka Ntlo le Ntlo.” Setlhogo sa dikgang se ne se balega jalo mo go The Providence Sunday Journal ya October 4, 1987. Pampiri eo ya dikgang e ne ya bega gore maikaelelo a magolo a tiro eno e ne e le go “laletsa bangwe ba batho ba ba sa tlholeng ba tla kerekeng gore ba simolole go nna tlhaga gape mo go tseneng kereke.” Moruti John Allard, mookamedi wa Office for Evangelization wa Diocese of Providence, o ne a tsopolwa a bua jaana: “Eleruri go tlile go tsosa pelaelo tota. Batho ba tlile go re, ‘Ke bao, ba tsamaya fela jaaka Basupi ba ga Jehofa.’ Mme Basupi ba ga Jehofa bone ke ditswerere, a ga go jalo? Ke go ikanela gore fa o ka ya kwa Holong epe fela ya Bogosi mo nageng eno [ya Rhode Island, U.S.A.,] o tla fitlhela diphuthego di tletse ka batho bao e kileng ya bo e le Bakatoliki.”

2. Ke potso efe e e tshwanetseng e e bodiwang?

2 Ee, Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka botswerere jwa bone mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. Mme ke ka ntlha yang fa ba tsamaya ka ntlo le ntlo?

Mokgwa wa Baaposetoloi

3. (a) Jesu Keresete o ne a roma barutwa ba gagwe go dira eng? (b) Balatedi ba ga Keresete ba pele ba ne ba diragatsa thomo eno ya bone ka tsela efe e kgolo?

3 Jesu Keresete o ne a naya balatedi ba gagwe thomo eno e e nang le bokao jo bogolo: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpo: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Tsela ya botlhokwatlhokwa eo tiro eo e neng e tla dirwa ka yone e ne ya bonala ka bonako fela morago ga letsatsi la Pentekosete 33 C.E. “Letsatsi le letsatsi le ka ntlo le ntlo ba ne ba tswelela ba sa kgaotse go ruta le go bolela mafoko a a molemo kaga Keresete, Jesu.” (Ditihō 5:42, NW) Dingwaga tse di ka nnang 20 moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a santse a dira bodihedi jwa ka ntlo le ntlo, ka go bo o ne a gakolola bagolwane ba Bakeresete a le kwa motseng wa Efeso jaana: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.”—Ditihō 20:20.

4. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Ditihō 5:42 le Ditihō 20:20 e kaya gore thero ya balatedi ba ga Jesu e ne e anamisiwa ka ntlo le ntlo?

4 Mo go Ditihō 5:42 mafoko “ka ntlo le ntlo” a ranotswe go tswa go kat’ oiʹkon. Fano ka·taʹ e dirisiwa ka mokgwa wa go “anamisa.” Ka gone go rera ga barutwa go ne go anamisiwa go tloga mo ntlong e nngwe go ya mo go e nngwe. Fa a akgela ka Ditiho 20:20, Randolph O. Yeager o ne a kwala gore Paulo o ne a ruta “mo dikokoanong [de·mo·siʹa] tsa phatlalatsa le ka ntlo le ntlo (leruikgaoganyi [ka·taʹ] le lediri le le supang sedirwa ka tlhamalalo). Paulo o ne a ntse dingwaga di le tharo kwa Efeso. O ne a etetse ntlo nngwe le nngwe, kana bobotlana a reretse batho botlhe (temana ya 26). Seno ke sengwe se se tswang mo dikwalong seo se tlhomamisang boefangele jwa ka ntlo le ntlo mmogo le jo bo dirwang mo dikokoanong tsa phatlalatsa.”

5. Ke ka ntlha yang fa Paulo mo go Ditihō 20:20 a ne a sa bue ka go eta fela ga botsalano ga bagolwane kana ka maeto a bodisa?

5 Mokgwa o o tshwanang wa go dirisa ka·taʹ o bonwa mo go Luke 8:1 eo e bolelang gore Jesu o ne a rera “a ea le metse le metsana eotlhe.” Paulo o ne a le dirisa le le mo bontsing e le katʹ oiʹkous mo go Ditihō 20:20. Fano dithanolo tse dingwe tsa Bibela di balega ka gore “mo matlong a lona.” Mme moaposetoloi o ne a sa bue fela ka go eta ga botsalano ga bagolwane kana maeto a bodisa mo magaeng a badumedi ba bangwe. Mafoko a gagwe a a latelang a bontsha gore o ne a bua ka bodihedi jwa ka ntlo le ntlo jo bo dirwang mo go ba ba sa dumeleng, ka go bo o ne a bolela jaana: “Ka shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlo mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Ditihō 20:21) Badumedi ba bangwe ba ne ba setse ba ikwatlhaile ebile ba dumela mo go Jesu. Ka gone, Ditihō 5:42 mmogo le Ditihō 20:20 di bua ka go rerela ba ba sa dumeleng “ka ntlo le ntlo,” kana go tswa mo mojakong ono go ya mo go o mongwe.

Ga E Kake ya Emisediwa Ka Sepe

6. Ke eng seo se ileng sa bolelwa kaga tsela eo ka yone Paulo a neng a dira tiro ya gagwe ya go rera kwa Efeso?

6 Fa a ne a akgela ka mafoko a ga Paulo a a mo go Ditihō 20:20 ka 1844, Abiel Abbot Livermore o ne a kwala jaana: “O ne a sa kgotsofalele fela go bua mo dikokoanong tsa phatlalatsa, le go tlogela mekgwa e mengwe, mme o ne a dira tiro ya gagwe e kgolo ka botlhaga kwa bothokong, ka ntlo le ntlo, mme ka mmatota a isa kwa malapeng boammaaruri jwa legodimo kwa magaeng le kwa dipelong tsa Baefesia.” Go ne ga lemogiwa jaana bosheng: “Go tloga fela kwa tshimologong ya lekgolo la ntlha la dingwaga Bakeresete ba ne ba itsege ka go tsamaisa efangele ka ntlo le ntlo (cf. Ditihō 2:46; 5:42). . . . [Paulo] o ne a dirile boikarabelo jwa gagwe ka botlalo mo Bajudeng le mo Baditšhabeng kwa Efeso, mme ba ne ba tlogetswe ba sena seipato fa ba ne ba ka swela mo maleong a bone.”—The Wesleyan Bible Commentary, Bolumo 4, ditsebe 642-3.

7. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Modimo o amogela bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa jwa ka ntlo le ntlo?

7 Lemororo go bua phatlalatsa e le karolo ya go rera mafoko a a molemo, ga go emele go kopana le batho kwa mejakong ya bone. Mokanoki Joseph Addison Alexander o ne a bolela jaana: “Kereke ga e ise e tlhame sepe seo se ka emang mo boemong jwa go rera mo kerekeng le kwa matlong kana sa nna le matswela a a tshwanang le gone.” Ke fela jaaka O. A. Hills a ne a bolela jaana kaga seno: “Go ruta phatlalatsa le go ruta ka ntlo le ntlo di tshwanetse go dirwa mmogo.” Basupi ba ga Jehofa ba naya tao ka dipuo kwa Dipokanong tsa bone tsa Phatlalatsa tsa beke le beke. Gape ba na le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore mokgwa wa baaposetoloi wa go gasa boammaaruri jwa Bibela ka ntlo ntlo o na le mosola. Mme eleruri Jehofa o amogela seno, ka go bo o dira gore bodihedi joo bo nne le matswela ka go dira gore diketekete di thologele kwa kobamelong ya gagwe e e goletsegileng.—Isaia 2:1-4; 60:8, 22.

8. (a) Ke eng seo se ileng sa bolelwa mabapi le lebaka la go bo tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e na le matswela? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ka bapisiwa jang le Paulo mabapi le go rera le go neela bosupi ka ditsela dingwe kwa matlong?

8 Buka nngwe e ne ya bolela jaana: “Batho ba bona go le motlhofo go gakologelwa dithuto tse ba di rutiwang mo matlong a bone go na le kwa kerekeng.” Mme gone, Paulo o ne a tlhola a ya kwa matlong a bone ka gale, a tlhoma sekao se se molemo jaaka modihedi. “O ne a sa kgotsofalele fela go ruta le go bua mo sinagogeng le kwa marekelong,” go ne ga kwala jalo mokanoki wa Bibela Edwin W. Rice. “O ne a tlhola ‘a ruta’ ‘ka ntlo le ntlo’ ka botlhaga. O ne a lwa le bosula kwa Efeso, ka ntlo le ntlo, ka namana, a bo lebile mo matlhong, a batla go tlisa batho mo letlhakoreng la ga Keresete. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go tlotla le batho kwa matlong a bone go mosola tota. Mo godimo ga moo, ba etela batho bao gape, mme ba itumelela gape go bua le baganetsi fa batho bano ba ba letla go bua nabo. Abo ba tshwana le Paulo jang ne! F. N. Peloubet o ne a kwala jaana ka ene: “Paulo o ne a sa dire tiro ya gagwe fela kwa dikokoanong. Ga go na pelaelo ya gore o ne a etela batho ba bantsi ka namana gongwe le gongwe kwa a neng a utlwalela mongwe yo a neng a batla kitso, kana a kgatlhega tota kana le eleng lefa a ganetsa mme a batla go bua ka bodumedi.”

Bagolwane Ba Tshwanetse go Etelela Pele

9. Paulo o ne a tlhomela bagolwane ka ene sekao sefe?

9 Paulo o ne a tlhomela bagolwane ka ene sekao sefe? O ne a ba bontsha gore ba tshwanetse go nna bareri ba ba pelokgale le ba ba sa lapeng ba ka ntlo le ntlo ba mafoko a a molemo. J. Glentworth Butler o ne a kwala jaana ka 1879: “[Bagolwane ba kwa Efeso] ba ne ba itse gore fa [Paulo] a ne a rera fela a sa tshwenyege ka gore a ka tlhagelwa ke kotsi kana a senyega leina; o ne a bolela boammaaruri jotlhe jo bo neng bo tlhokega; ga a ka a tlhaola, a tlhokomela dikarolo tse di kgethegileng kana tse di tlhomologileng tsa boammaaruri, mme o ne a kgothaletsa jone fela le jotlhe joo bo neng bo le mosola ‘go ka dirisiwa go sedifatsa,’ kana go agelela: kgakololo yotlhe ya Modimo jaaka e phepafetse ebile e feletse! Mme fa a sale a ntse a ‘bontsha’ ka boikanyegi a ‘ruta’ boammaaruri jwa Bokeresete ka matlhagatlhaga, eseng fela mo sekolong sa ga Turano le mo mafelong a mangwe ao barutwa ba neng ba phuthegela kwa go one, mme le kwa ntlong nngwe le nngwe eo a neng a kgona go tsena mo go yone. O ne a bolela mafoko a a itumedisang ka boiketleetso le tlhoafalo tse di tshwanang le tsa ga Keresete ka ntlo le ntlo, le mo moyeng mongwe le mongwe le letsatsi le letsatsi. Mo bathong ba maemo otlhe le ba ditso, mo Bajudeng ba ba neng ba se botsalano le mo Bagerikeng ba ba neng ba sotla, setlhogo sa gagwe se ne se le sengwe—seo fa se tlhalosiwa ka botlalo, se neng se akaretsa boammaaruri jotlhe jwa botlhokwa jo bo bolokang—joo eleng go sokologela mo Modimong, le go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.”

10, 11. (a) Mabapi le bodihedi jwa Bokeresete, Paulo o ne a lebeletse gore bagolwane ba kwa Efeso ba dire eng? (b) Jaaka Paulo, Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le bagolwane ba rera ka tsela efe?

10 Totatota, Paulo o ne a lebeletse gore bagolwane ba kwa Efeso ba dire eng? Mokanoki E. S. Young o ne a kwala mafoko a ga moaposetoloi ka tsela e nngwe gape jaana: “Ga ke a bua fela phatlalatsa, mme ke ne ke dira ka ntlo le ntlo, mo bathong ba maemo a a farologaneng, mo Bajudeng mmogo le Baditšhaba. Setlhogo sa bodihedi jwa me mo bathong ba maemo otlhe e ne e le ‘go sokologela mo Modimong le go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.’” W. B. Riley o ne a kwala mafoko ao a ga Paulo ka tsela eno e nngwe gape: “Bokao jwa one ka phepafalo fela e ne e le: ‘Ke lebeletse gore lo tsweletse seo ke se simolotseng, go dira mmogo le go ruta ebile ke lebeletse gore lo lwe fela jaaka ke ne ka lwa; go ruta kwa bothokong le phatlalatsa jaaka ke ne ke dira mo mebileng le ka go ya ka ntlo le ntlo, go supa jalo mo Bajudeng le mo Bagerikeng gore ba sokologele mo Modimong ba bo ba dumele mo go Morena Jesu Keresete, gonne dilo tseno ke tsone metheo!’”

11 Ka phepafalo he, mo go Ditihō kgaolo 20, Paulo o ne a bontsha bagolwane ka ene gore ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa ba ka ntlo le ntlo. Bagolwane ba lekgolo lantlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go etelela pele mo go direng seno, ba tlhomela maloko a mangwe a phuthego sekao se se siameng. (Bapisa Bahebera 13:17.) Jaaka Paulo, Basupi ba ga Jehofa ba rera ka ntlo le ntlo, ba bolelela batho ba merafe yotlhe ka Bogosi jwa Modimo, gore ba sokologele mo go Ene, le gore ba dumele mo go Jesu Keresete. (Mareko 13:10; Luke 24:45-48) Mme bagolwane ba ba tlhophilweng mo Basuping ba motlha wa segompieno ba lebeletswe go etelela pele mo tirong e e ntseng jalo.—Ditihō 20:28.

12. Bangwe bao e neng e le bagolwane pele ba ne ba gana go dira eng, mme bagolwane ba etelela pele mo go eng gompieno?

12 Charles Taze Russell o ne a simolola go phasalatsa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, e jaanong e bidiwang The Watchtower Announcing Jehovah’s Kingdom ka 1879. Russell le Baithuti ba bangwe ba Bibela ba ne ba bolela molaetsa wa Bogosi ka mokgwa wa baaposetoloi. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa moragonyana, bagolwane bangwe ba ne ba palelwa go dira maikarabelo a bone a go neela bosupi. Ka sekai, Mosupi mongwe o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe di ne di ntse di tsamaya sentle go fitlha fa go itsisiwe gore botlhe ba nne le seabe mo go neeleng bosupi ka ntlo le ntlo ka dibuka segolobogolo mo tirong ya ka ntlo le ntlo ka Sontaga—seno se ne sa diragala ka 1927. Bagolwane ba rona ba ba neng ba tlhophiwa ka boutu ba ne ba ganetsa seno mme ba leka go kgoba setlhopha sotlhe marapo gore se se ka sa dira karolo epe ya tiro e e ntseng jalo.” Fa nako e ntse e tsamaya, banna bao ba neng ba sa batle go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo ba ne ba sa tlhole ba bona tshiamelo ya go direla jaaka bagolwane. Gompieno le gone, bao ba direlang jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go etelela pele mo go neeleng bosupi ka ntlo le ntlo le mo dikarolong tse dingwe tsa bodihedi jwa Bokeresete.

Mongwe le Mongwe Ke Mosupi

13. (a) Re tshwanetse go dira eng le eleng lefa batho ba sa reetse molaetsa wa Bogosi? (b) Paulo o tshwana ka tsela efe le Esekiele?

13 Bakeresete ba tshwanetse go rera molaetsa wa Bogosi ka ntlo le ntlo ka thuso ya ga Jehofa, le eleng lefa ba sa amogelwe ka boitumelo. Jaaka Molebalebi wa Modimo, Esekiele o ne a tshwanetse a tlhagisa batho go sa kgathalesege gore a ba a reetsa kana ga bareetse. (Esekiele 2:5-7; 3:11, 27; 33:1-6) E. M. Blaiklock o ne a kwala jaana, fa a ne a supa gore Esekiele le Paulo ba a tshwana: “Go tswa [mo puong ya ga Paulo e e mo go Ditihō kgaolo 20] re bona setshwantsho se se phepafetseng tota sa bodihedi jwa gagwe kwa Efeso. Tlhokomela dilo tse di latelang: Sa ntlha, tlhokomela, boikanyegi jwa ga Paulo. O ne a sa ipatlele fela go itsege kana go ratwa ke batho. Fa a tshwantshiwa le Esekiele ka tiro ya gagwe ya bolebalebi, o ne a dira tiro ya gagwe ka tlhagafalo ya mmatota le ka mokgwa o o neng o tshegetsa se a neng a se bua. Sa bobedi, o ne a tlhomogela pelo ka lorato. Ga se motho yo a neng a bua mafoko a katlholo ka dipounama tsa gagwe fela a sa utlwe botlhoko. Sa boraro, e ne e le moefangele yo o sa lapeng. O ne a rera efangele phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, mo metseng le go ralala perofensi yotlhe.”

14. Ke ka ntlha yang fa go neela bosupi e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe yo o ineelang mo go Jehofa Modimo ka thapelo ka Jesu Keresete?

14 Masego a magolo a Modimo o a tshololelang batlhanka ba gagwe gompieno a supa gore o itumelela gore ba bidiwe ka leina, Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Mo godimo ga moo, ke basupi ba ga Keresete gape, ka go bo Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Ka jalo go neela bosupi ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe yo o ineelang mo go Jehofa Modimo ka thapelo ka Jesu Keresete.

15. Go ile ga nna ga bolelwa eng ka tiro ya go neela bosupi ya Bakeresete ba pele?

15 Go ile ga buiwa jaana ka go neela bosupi: “Bo ne bo ama kereke yotlhe. Tiro ya borongwa ya kereke ya pele e ne e se boikarabelo jwa Mokgatlho wa Basadi wa Borongwa kana wa Boto ya Dinaga Di Sele ya Borongwa. Kana gone gore tiro ya go neela bosupi e ne e tlogeletswe ditswerere tse di tshwanang le bagolwane, badiakone, kana bone baaposetoloi. . . . Mo malatsing ao a pele kereke e ne e le tiro e e abetsweng. Thulaganyo ya borongwa ya kereke ya pele e ne e thailwe mo dilong tse pedi tseno tseo di neng di dumelwa: (1) Tiro e kgolo ya kereke ke go gasa efangele mo lefatsheng lotlhe. (2) Bakeresete botlhe ba na le boikarabelo jwa go dira tiro eno.”—J. Herbert Kane.

16. Ke eng seo bakwadi ba Labodumedi ba se kwadileng go supa gore ba dumela gore Bakeresete ba tshwanetse go neela bosupi?

16 Lemororo bakwadi ba motlha wa segompieno ba Labodumedi ba sa dumalane le molaetsa wa Bogosi, bangwe ba a dumela gore Bakeresete ba tshwanetse go neela bosupi. Ka sekai, mo bukeng Everyone a Minister, Oscar E. Feucht o tlhokomela jaana: “Ga go na moruti ope yo o ka dirang bodihedi joo Modimo o bo neetseng modumedi mongwe le mongwe ka botlalo. Ka botlhokalesego go akanya ka tsela e e phoso ga kereke ka makgolo a dingwaga go ile ga dira gore tiro e e neng e tshwanetse go dirwa ke batsenakereke ba le 500 e dirwe ke moruti a le mongwe. Go ne go sa nna jalo mo kerekeng ya pele. Bao ba neng ba dumela ba ne ba ya gongwe le gongwe ba rera Lefoko.”

17. Go ka bolelwa eng kaga tsela eo Bakeresete ba pele ba neng ba tsaya tiro ya go neela bosupi ka yone mo matshelong a bone?

17 Go neela bosupi e ne e le selo sa botlhokwa thata mo matshelong a Bakeresete ba pele, fela jaaka go ntse jalo mo bathong ba ga Jehofa gompieno. “Fa re bua ka kakaretso fela,” go ne ga kwala jalo Edward Caldwell Moore wa Unibesithi ya Harvard, “tumelo e ne e tsamaisiwa ka tsela e e tlhaga tota mo makgolong a ntlha a mararo a dingwaga a mokgatlho wa Bokeresete. Bakeresete ba ne ba tlhagafaletse boefangele, go bolela molaetsa wa poloko. . . . Lefa go ntse jalo, go gasiwa ga dithuto tsa ga Jesu mo nakong eo ya pele e ne e le boikarabelo jwa banna bao re tshwanetseng go ba bitsa barongwa. Ke seo banna ba ba neng ba na le kitso ya ditiro tse di farologaneng le ba maemo otlhe mo morafeng ba neng ba tshwanetse go se dira. [Ba] ne ba tseela sephiri seo sa botshelo jwa semoya, boikutlo joo jo bosha ka lefatshe, joo go ya ka bone e neng e le jwa poloko, ba bo isa kgakala tota mo mmusomogolong [wa Roma]. . . . [Bakeresete ba pele] ba ne ba tlhatswegile pelo gore bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya lefatshe bo ne bo atametse. Ba ne ba dumela gore tsamaiso ya lefatshe je lesha e ne e tla tla ka bonako le ka kgakgamatso.”

18. Ke tsholofelo efe e e molemolemo eo e fetang kgakala ditoro tsa baeteledipele ba bopolotiki?

18 Basupi ba ga Jehofa ka boitumelo ba itsise bao ba reetsang ka lefatshe le lesha leo Modimo o le solofeditseng ka bosupi jwa bone jwa ka ntlo le ntlo le ka mekgwa e mengwe ya bodihedi jwa bone. Masego a a boleletsweng pele a feta kgakala ditoro tse di monate tsa batho ba gompieno ba ba reng ba tla aga tsamaiso e ntšha ya lefatshe. (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4) Lemororo go ka lebega ekete botlhe ba tla rata go tshela mo lefatsheng le le molemo le lesha la Modimo, ga go a nna jalo. Lefa go ntse jalo, a morago ga seno re sekasekeng ditsela dingwe tse di mosola tseo batlhanka ba ga Jehofa ba ka rutang bao ba batlang botshelo jo bo sa khutleng ka tsone.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Ditihō 5:42 le Ditihō 20:20 di kaya gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go rera ka ntlo le ntlo?

◻ Re itse jang gore Modimo o amogela bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa jwa ka ntlo le ntlo?

◻ Mabapi le bodihedi, bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba lebeletswe go dira eng?

◻ Mokeresete o tshwanetse go tshwarega ka selekanyo se se kana kang mo botshelong jwa gagwe mo tirong ya go neela bosupi?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ka 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba neela bosupi ka ntlo le ntlo ba sa kgaotse

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Paulo o ne a ruta “ka ntlo le ntlo.” Basupi ba ga Jehofa ba dira bodihedi jwa mofuta ono gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela