Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Palo ya Diholo Tsa Bogosi tse di neetsweng mo ngwageng ono wa tirelo e tlhatlogetse go 11 fa go ne go neelwa diholo tse tharo tse di latelang: Eersterivier (kwa Kapa Bophirima), Rookdale (kwa Bergville), le Bloemfontein North. Eersterivier ke holo e e agilweng ka potlako, e e leng ya bobedi mo karolong eo. Phuthego ya Rookdale e na le baboledi ba le 12 fela, mme ba agile holo e ntle e e ka nnang batho ba le 80. Holo ya bobedi e e agilweng ka potlako e ne ya agiwa kwa Bloemfontein, ba thusiwa ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa mo Gauteng.
Marshall Islands: February e nnile le palogotlhe ya baboledi ba le 203—koketsego ya diperesente di le 4 go feta ngogola ka kgwedi eno!
Norway: Ka February 1999, babulatsela ba ba thusang ba ne ba le kwa godimo ka diperesente di le 72 go feta ka February 1998; babulatsela ba ka metlha, ka diperesente di le 9; maeto a go boela, ka diperesente di le 4; le dithuto tsa Baebele, ka diperesente di le 6. Palo ya dibuka le diboroutšhara tse di tsamaisitsweng le yone e ne ya oketsega.
Romania: Go nnile le koketsego mo tirong ya babulatsela le mo palong ya dithuto tsa Baebele tse di neng tsa tshwarwa mo tshimong ka February, ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 37 502.