Letsatsi le le Kgethegileng la go Buelela Dithuto Tsa Baebele
1 Go simologa ka January, phuthego nngwe le nngwe e tla beela mafelobeke a le mangwe kwa thoko kgwedi nngwe le nngwe, gongwe mafelobeke a ntlha, go tlhoma mogopolo mo go bueleleng dithuto tsa Baebele. Gongwe seno se ka dirwa ka Matlhatso kgotsa ka Sontaga, go ikaegile ka gore ke eng se se siametseng phuthego ya lona. Ka letsatsi leo, fa beng ba matlo ba sa amogele thuto ya Baebele, baboledi ba sa ntse ba ka nna ba tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa ba tsamaisa dimakasine tsa bosheng. Bagolwane botlhe le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go rulaganya go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno le go thusa baboledi go simolola dithuto tsa Baebele.
2 Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tla bona gore ke mafelobeke afe a a tla beelwang kwa thoko go abela batho dithuto tsa Baebele. Gangwe le gape baboledi ba tshwanetse go gakololwa gore ba ipaakanyetse le go dira maiteko a go buelela dithuto tsa Baebele fa ba ntse ba dira tiro ya ka ntlo le ntlo le fa ba etela batho ba ba kileng ba bontsha kgatlhego.
3 Kafa o ka Baakanyetsang ka Teng: Re ka bona dikakantsho tsa kafa re ka simololang dithuto tsa Baebele ka teng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2006 le mo tsebeng ya 12 ya buka ya Go Fetolana. Bangwe ba ka nna ba tlhopha go dirisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Mme gape Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2007 mo tsebeng ya 3 e re neela dikakantsho tsa kafa re ka simololang dithuto tsa Baebele fa re etela batho ba ba ileng ba amogela dimakasine. Go tla rulaganngwa gore bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tshware pokano e khutshwane ya metsotso e le 10-15 ya tirelo ya tshimo, e mo go yone go tla bong go tlotliwa ka kakantsho e le nngwe kgotsa di le pedi tsa go simolola dithuto tsa Baebele kgotsa go dirwe pontsho ya yone.
4 Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o tla amogelang thuto ya Baebele kgotsa go tswelela ka thuto ya gagwe ka nako e telele. Seno ga se a tshwanela go re thibela go buelela dithuto, ka gonne ke Jehofa yo o gogang batho ba sekadinku go tla mo phuthegong ya gagwe. (Joh. 6:44) Boikarabelo jwa rona ga se fela go jala dipeo tsa boammaaruri mme gape ke go tlhagolela le go nosetsa dipeo tse di simolotseng go mela mme seo se akaretsa go ithuta Baebele le batho ba ba dipelo di phepa. Ka go dira jalo, re dirisa tshiamelo ya rona ya go nna badirimmogo le Modimo.—1 Bakor. 3:9.