Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka December 8
Pina 19
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Boeletsa ka bokhutshwane dikakantsho tsa go tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo ya December 1 le Tsogang! ya December tse di mo tsebeng ya 8. Kopa bareetsi ba ba ileng ba atlega go tsamaisa dimakasine tseno gore ba tlhalose kafa ba ileng ba di tsamaisa ka teng. Ba ile ba dirisa setlhogo, potso le temana efe?
15 mets: Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2009. Puo e e neelwang ke molebedi wa sekolo. Tlotla ka dintlha tse di tlhokang go gatelelwa mo phuthegong ya lona go tswa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2008. Tlhalosa tiro ya mogakolodi yo o thusang. Kgothaletsa botlhe go tlhoafalela go dira dikabelo tsa bone, go nna le seabe ka nako ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le go dirisa dikakantsho tse re di newang beke le beke go tswa mo bukeng ya Sologelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
20 mets: “A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?”a Fa lo sekaseka serapa sa 4, dira gore mmulatsela kgotsa mmoledi yo o tshwanelegang a bontshe ka bokhutshwane kafa buka ya Go Fetolana e ka dirisiwang ka teng mo bodireding jwa ntlo le ntlo go araba potso e e reng ‘Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke Keresemose?’
Pina 6
Beke e e Simololang ka December 15
Pina 178
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
10 mets: Go Boaboeletsa Dintlha mo Bodireding Jwa Tshimo. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 207. Dira gore go dirwe pontsho e le nngwe kgotsa tse pedi tse di khutshwane tse di bontshang kafa go ka dirisiwang dikakantsho tse di tswang mo bukeng eno ka teng.
25 mets: “‘Neela Bosupi ka Botlalo’—Mo Meagong e e Sireleditsweng le mo Difoleteng.”b E tshwaneste go neelwa ke molebedi wa tirelo kgotsa ke mogolwane yo mongwe. Bontsha kafa dikakantsho tseno di ka dirisiwang ka teng mo tshimong ya lona.
Pina 157
Beke e e Simololang ka December 22
Pina 75
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Umaka kgatiso e e tla tsamaisiwang ka January mme o dire gore mogolwane a bontshe kafa e ka buelelwang ka teng.
15 mets: Ipaakanyetse go Aba Tora ya Tebelo ya January 1 le Tsogang! ya January. Motlotlo le bareetsi. Fa o sena go sobokanya ditlhogo tsa dimakasine tseno ka bokhutshwane, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba tla di kgatlhegelang mme ka ntlha yang. O dirisa dingwe tsa ditlhogo tseno, kopa bareetsi gore ba tlhalose gore ke potso efe e ba ka e dirisang go simolola motlotlo, le gore ke temana efe go tswa mo setlhogong seo e ba tla e balang pele ga ba tsamaisa dimakasine. Konela ka go dira gore go dirwe dipontsho tsa kafa nngwe le nngwe ya dimakasine tseno di ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dikakantsho tse dingwe tse di ka tshwanelang batho ba tshimo ya lona.
20 mets: “Letsatsi le le Kgethegileng la go Buelela Dithuto Tsa Baebele.”c Itsise bareetsi gore ke mafelobeke afe mo go January a phuthego e tla tlhomang mogopolo mo go one go simolola dithuto tsa Baebele. Boeletsa dikakantsho tse di mo serapeng 3 mme o dire gore go dirwe pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi tsa kafa seno se ka dirwang ka gone.
Pina 133
Beke e e Simololang ka December 29
Pina 60
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Tshenolo 15-22
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Pokano ya Tirelo:
Pina 153
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
10 mets: Etsa Boikutlo Jwa ga Jesu ka Bodiredi. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo bukeng ya ‘Nna Molatedi wa Me,’ tsebe 84-86, dirapa 16-21.
20 mets: “Go Rera go Tlhoka Boitshoko.”d Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di umakilweng.
Pina 155
Beke e e Simololang ka January 5
Pina 35
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Genesise 1-5
No. 1: Genesise 3:1-15
No. 2: Lebaka La go Bo Jesu E ne E le Morutisi yo Mogolo (lr-TN kgao. 1)
No. 3: Ke Eng se e Seng sa Lefela? (1 Bakor. 15:58)
Pokano ya Tirelo:
Pina 98
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
30 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 114
[Dintlha tse di kwa tlase
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.