Go Rera go Tlhoka Boitshoko
1 Moaposetoloi Paulo o ne a itumelela tiro e e kgotsofatsang ya go rera ka dingwaga tse di fetang 30. Tiro ya gagwe ya go rera e ne e na le dikgwetlho fela jaaka sengwe le sengwe se se mosola se se tlhokang gore motho a dire maiteko. (2 Bakor. 11:23-29) Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a kgobega marapo. (2 Bakor. 4:1) O ne a itse gore maatla a go itshoka fa a ntse a dira tiro ya go rera a ne a tla tswa kwa go Jehofa. (Bafil. 4:13) Ka ntlha ya sekao sa gagwe sa go itshoka ka boikanyegi, Paulo o ne a ka re: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.”—1 Bakor. 11:1.
2 Go Itshokela Diteko Gompieno: Letsatsi lengwe le lengwe, bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba lebana le go sotliwa, go ganediwa kgotsa go itlhokomolosiwa ke ba malapa, badirimmogo le ba ba tsenang sekolo le bone. (Math. 10:35; Joh. 15:20) Gongwe le wena o diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o lwantshana le bothata jwa go lwala kgotsa o ka tswa o tshwanelwa ke gore letsatsi le letsatsi o lwe le go iteega tsebe le dithaelo tse di lekang tumelo le boitshoko jwa gago. Re ka bona maatla ka go nna re akanya ka dikai tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo le Bakeresete mmogo le rona ba gompieno ba lebanang le dikgwetlho.—1 Pet. 5:9.
3 Re ka nna le maatla a go nna re nitame mo bodireding jwa rona ka go tlhomamisa gore re ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.’ (Baef. 6:10-13, 15) Gape go botlhokwa go rapelela go nna le boitshoko. Modimo o re naya moya wa gagwe o o boitshepo gore re kgone go itshokela diteko. (2 Bakor. 6:4-7) E le gore re kgone go fenya ntwa ya rona ya semoya re tshwanetse go utlwa dikgakololo tsa Modimo tsa gore re ntšhafatse moya wa rona. (Pes. 119:24, 85-88) Fela jaaka gangwe le gape ngwana a ka bala lekwalo le rre yo o lorato a mo kwaletseng lone, go bala Baebele letsatsi le letsatsi go nonotsha kamano e re nang le yone le Jehofa. Re nna le botlhale jwa go kgona go emelana le diteko ka go nna le thuto ya motho a le esi ya ka metlha, fa re dira jalo re tla letla gore tsela ya go akanya ya Modimo e tlhotlheletse ditshwetso tsa rona le go nonotsha bothokgami jwa rona.—Dia. 2:10, 11.
4 Go Itshoka go Tlisa Masego: Fela jaaka go ne go ntse ka Paulo, go itshoka ka boikanyegi fa re ntse re tsweletsa bodiredi jwa rona go tla felela ka gore re dire gore pelo ya ga Jehofa e ipele mme go tla re tlisetsa masego rona le batho ba bangwe. (Dia. 27:11) E kete re ka ititaya sehuba gore re itshoke mo bodireding jwa rona, ka go dira jalo re supa gore tumelo ya rona e nonofile mme e “tlhwatlhwakgolo thata go feta gouta e e nyelelang le fa e lekwa ka molelo.”—1 Pet. 1:6, 7.