A o Dirisa Buka ya Go Fetolana?
1. Moaposetoloi Paulo le Jesu ba ne ba ruta batho jang?
1 Moaposetoloi Paulo o ne a leka go “bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong.” (Dit. 17:2, 3; 18:19) Mme ka go dira jalo, o ne a etsa Jesu yo gangwe le gape a neng a nopola Dikwalo mme a dirisa ditshwantsho go thusa bareetsi ba gagwe go tlhaloganya thato ya Modimo. (Math. 12:1-12) Buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e diretswe go re thusa gore le rona re dire ka tsela e e tshwanang.
2. Re ka dirisa jang buka ya Go Fetolana fa re baakanyetsa matseno a a nang le matswela?
2 Go Baakanyetsa Matseno a a Nang le Matswela: Buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e na le matseno a a tsosang kgatlhego mo ditsebeng 9-15. Go ithuta le go dirisa matseno a a farologaneng, bogolo jang fa o bereka tshimo e e berekiwang kgapetsakgapetsa go tla dira gore o bue ka dilo tse di farologaneng mo tshimong ya lona mme seno se tla go thusa gore o nne le bokgoni jwa go simolola dipuisano. Fa o rera ka founo kgotsa ka intercom mo mafelong a a sireleditsweng thata, o ka bala matseno fela jaaka a ntse mo bukeng eno.
3. Ke eng se se fitlhelwang mo ditsebeng 16-24 tsa buka ya Go Fetolana se se ka re thusang mo bodireding?
3 Go Araba Batho ba ba Kgoreletsang Puisano: Ke ka ntlha yang fa o sa akanye ka batho ba ba ka kgoreletsang puisano ba o ka kopanang le bone mo tshimong ya lona mme o bo o dirisa metsotso e le mmalwa pele o ya go rera o boeletsa dintlha tse di mo tsebeng ya 16-21 gore o ka ba araba jang? A go ka direga gore bangwe ba beng ba matlo e nne Babuda, Bahindu, Bajuda kgotsa Baiselamo? Fa go ntse jalo, o ka fitlhela tshedimosetso e e leng mo ditsebeng 21-24 e le mosola.
4. Re ka dirisa jang buka ya Go Fetolana fa go tsoga potso kgotsa kgang e e ka tsosang dikganetsano?
4 Go Araba Dipotso: Buka ya Go Fetolana e ka re thusa gape fa motho a botsa potso kgotsa a simolola kgang e e ka tsosang dikganetsano. O ka nna wa bolelela motho yoo gore o rata go mmontsha sengwe se se kgatlhang ka kgang eo mme o bo o ntsha buka ya gago ya Go Fetolana. E re ka ditlhogo di thathamisitswe go ya ka tatelano ya dialefabete, o ka bula setlhogo se segolo se o akanyang gore o ka bona tshedimosetso e o tlhokang mo go sone. Morago ga foo leba ka bonako dipotso tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng. Fa o sa bone se o se tlhokang ka bonako o ka nna wa leba kwa morago go bona ditlhogo tsa dithuto. Fa o sena go bona tshedimosetso e o e tlhokang e bale ka tlhamalalo go tswa mo bukeng eno. Fa lo tlotla ka temana nngwe e e rileng, o ka nna wa bona se o se tlhokang mo tsebeng ya 445 mo setlhogong se se reng “Dikwalo tse Gantsi di sa Dirisiweng Sentle.”
5. Buka ya Go Fetolana e ka dirisiwa jang ka ditsela tse dingwe tse di mosola?
5 Ditsela Tse Dingwe Tse O ka E Dirisang ka Tsone: Bangwe ba nna le buka ya Go Fetolana kwa tirong kgotsa kwa sekolong gore ba e dirise go araba dipotso tse di jaaka gore ‘Ke ka ntlha yang fa lo sa keteke malatsi a boikhutso?’ Basha ba fitlhetse gore tshedimosetso e e leng mo ditlhogong tse di reng “Popo” le “Thuto-tlhagelelo” e ba thusa go baakanyetsa dipego tsa kwa sekolong. A o ya go etela mongwe yo o lwalang kgotsa yo o tlhokafaletsweng ke mongwe yo a mo ratang? Tshedimosetso e e mo setlhogong se se reng “Kgothatso” e ka go thusa gore o mo gomotse ka Dikwalo. Buka ya Go Fetolana gape e na le tshedimosetso e e thusang ba ba baakanyetsang dipuo le ba ba tshwarang dipokano tsa tirelo ya tshimo.
6. Mokgele wa rona ke ofe fa re rera?
6 Fa re rera, mokgele wa rona ga se go fenya dikganetsano; kgotsa fela go neela motho tshedimosetso. Re batla go baya mabaka ka botswerere ka Dikwalo. Fa re ntse re dirisa buka ya Go Fetolana sentle, re bontsha gore re nna re tlhokometse kafa re rutang ka gone.—1 Tim. 4:16.