LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/09 ts. 4
  • Kafa Dimakasine di ka Buelelwang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Dimakasine di ka Buelelwang ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 3/09 ts. 4

Kafa Dimakasine di ka Buelelwang ka Gone

Tora ya Tebelo March 1

“E ka nna kgwetlho tota go dira se se siameng fa batho ba re gatelela go dira se se sa siamang. O akanya gore ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra ineela? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Diane 29:25.] Setlhogo seno se se mosola se tlhalosa mabaka a le matlhano a go bo re tshwanetse go boifa go kgopisa Modimo go na le go boifa batho.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.

Tsogang! March

“Rotlhe re rata go nna le ditsala tse di molemo. Ke dinonofo dife tse o di tsayang di le botlhokwa mo tsaleng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tlhaloso eno e e mo Baebeleng. [Bala Diane 17:17.] Setlhogo seno se na le dikakantsho tse di ka go thusang go tlhopha ditsala tse di siameng le kafa wena o ka nnang tsala e e siameng mo go ba bangwe ka gone.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 18.

Tora ya Tebelo April 1

“Nka rata go utlwa gore o ikutlwa jang ka mafoko ano a ga Jesu. [Bala Johane 3:3.] O akanya gore go tsalwa gape go kaya eng? [Mo letle gore a arabe.] Go tlhaloganya mafoko a ga Jesu sentle go tla ama matshelo a rona le dilo tse re di lebeletseng ka isagwe. Makasine ono o tlhalosa gore ka ntlha yang.”

Tsogang! April

“Bana ba le bantsi ba ba tsenang sekolo ba bonala ba gateletswe mo maikutlong. A o akanya gore dilo di fetogile fa e sale ka nako e batsadi ba bone ba neng ba le basha? [Mo letle gore a arabe.] Go gatelelwa mo maikutlong ka tsela e e feteletseng go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng. [Bala Moreri 7:7a.] Makasine ono o tlhalosa kafa batho ba ba godileng ba ka thusang basha go lepalepana le seno ka teng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela