LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/10 ts. 3
  • Nna Mothusi yo o Molemo mo Matlong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Mothusi yo o Molemo mo Matlong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O se Ka wa Nna Mothusi yo o Didimalang Fela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Motho yo o Tsamayang le Ene
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Go Kgothatsana Fa re Le mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Thusa Ba Bangwe Fa re Le mo Tirelong ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 3/10 ts. 3

Nna Mothusi yo o Molemo mo Matlong

1. Go na le mesola efe ya go tsamaya le mongwe mo bodireding?

1 Ka lekgetlo lengwe, Jesu o ne a roma barutwa ba le 70 go ya go rera mme a “ba romela ka bobedi ka bobedi.” (Luke 10:1) Ga go na pelaelo gore thulaganyo eno e ne ya thusa barutwa ba gagwe gore ba thusane le go kgothatsana fa ba ntse ba rera. Fa re tsamaya le mmoledi yo mongwe mo bodireding, re ka thusa jang?

2. Fa motho yo re tsamayang le ene a buisana le mongwe, re tshwanetse go reetsa jang mme ka ntlha yang?

2 Ka go Reetsa: Reetsa ka kelotlhoko fa motho yo o tsamayang le ene a buisana le mongwe. (Jak. 1:19) Fa go balwa temana e e rileng, e lebelele mo Baebeleng ya gago. Lebelela motho yo o buang, e ka tswa e le motho yo o tsamayang le ene kgotsa mong wa ntlo. Fa o reetsa motlotlo ka kelotlhoko, seno se ka rotloetsa le mong wa ntlo go dira jalo.

3. Ke leng mo motho yo re tsamayang le ene a ka ratang gore re bue?

3 Ka go Lemoga Gore re ka Bua Leng: Fa re patile motho yo o neelang puisano, re dira gore a nne le seriti fa re mo letla gore e nne ene a etelelang pele. (Bar. 12:10) Re tshwanetse go tila go mo tsena ganong. Fa a lebala se a neng a batla go se bua kgotsa fa mong wa ntlo a ganetsa kgotsa a botsa potso mme motho yo re tsamayang le ene a kopa thuso, re leka go oketsa mo dikakgelong tsa gagwe go na le go simolola kgang e nngwe. (Dia. 16:23; Mor. 3:1, 7) Fa re bua, mafoko a rona a tshwanetse go oketsa se se builweng.—1 Bakor. 14:8.

4. Ke eng se se tla dirang gore re ipele le go atlega mo bodireding?

4 Fa barutwa ba le 70 ba ba neng ba tsamaya ka bobedi ba ne ba fetsa go rera, ba ne ba “boa ka boipelo.” (Luke 10:17) Le rona re tla ipela le go atlega mo bodireding fa re reetsa le go lemoga gore re tshwanetse go bua leng fa re thusa batho ba re tsamayang le bone mo matlong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela