LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/11 ts. 2
  • A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kalafi ya Maemo a a Kwa Godimo ke Efe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A o Diega go e Tlatsa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • A o Diega go e Tlatsa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 1/11 ts. 2

A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?

Karo e go sa dirisiweng madi mo go yone e dirwa mo mafelong a le mmalwa a kalafi go ralala lefatshe. A o tlhaloganya ka botlalo gore o tla tlhopha eng mo dilong tse di leng teng mo kalafing e go sa dirisiweng madi mo go yone? O tlhoka go itse gore o tle o kgone go dira ditshwetso tse di siameng tse di malebana le kalafi le karo. Lebelela bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge. Morago ga foo, boeletsa ka thapelo se o se ithutileng o dirisa dipotso tse di leng fa tlase fano.—Ela tlhoko: E re ka bidio eno e na le ditshwantsho tse di khutshwane tse go dirwang karo mo go tsone, batsadi ba tshwanetse go swetsa gore a ba tla lebelela bidio eno le bana ba bone ba bannye.

(1) Lebaka la konokono la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ke lefe? (2) Fa go tla mo kgannyeng ya go bona tlhokomelo ya kalafi, ke eng se Basupi ba ga Jehofa ba se batlang? (3) Balwetse botlhe ba na le tshwanelo efe? (4) Ke eng fa go utlwala e bile go le botlhale go tlhopha kalafi e nngwe e motho a sa tlhokeng go tshelwa madi? (5) Fa motho a latlhegelwa ke madi thata, ke dilo dife tse pedi tse dingaka di tshwanetseng go di dira ka bonako? (6) Melaometheo e menè ya kalafi e e sa tlhokeng gore molwetse a tshelwe madi ke efe? (7) Dingaka di ka (a) fokotsa jang go dutla madi, (b) boloka jang disele tse dikhibidu tsa madi, (c) dira jang gore madi a oketsege, le go (d) busetsa jang madi a a dutlileng? (8) Tlhalosa mekgwa e e bidiwang (a) hemodilution le (b) cell salvage. (9) O tshwanetse wa batla go tlhalosediwa eng ka mekgwa ya kalafi e e sa tlhokeng gore molwetse a tshelwe madi? (10) A dikaro tse di masisi le tse di raraaneng di ka dirwa go sa tshelwe madi? (11) Ke kgatelopele efe e e molemo e e diregang mo go tsa kalafi?

Mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele gore a o tla amogela mefuta mengwe ya kalafi e e bontshitsweng mo bidiong kgotsa nnyaa. A o dirile ditshwetso tse o di tlhaloganyang sentle malebana le kalafi le mekgwa ya kalafi e o iketleeditseng go e amogela le e o tla dumelang gore e dirwe mo baneng ba gago mme o bo o tlatsa karata e ntšha ya Advance Medical Directive (AMD)a? Go bona motlotlo o o feletseng wa dintlha tseno, boeletsa ka kelotlhoko setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa June 15, 2004, le October 15, 2000 wa Tora ya Tebelo. Go tswa foo dirisa diforomo tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2007 e e nang le setlhogo se se reng “Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?” go dira ditshwetso tsa gago malebana le gore ke dilo dife tse o tla tlhophang go di amogela kgotsa tse o tla di ganang. Sa bofelo, tlhomamisa gore o kwala ditshwetso tseo tsa gago sentle mo karateng ya DPA. O tshwanetse go itsise ka botlalo batho ba o ba tlhophileng go nna babueledi ba gago ba tsa kalafi le ba lelapa la gago ba e seng Basupi ka ditshwetso tseno tse o di dirileng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kwa dinageng tse dingwe, mo dikgatisong tsa rona le mo Watchtower Library, karata eno e sa ntse e bidiwa karata ya DPA (durable power of attorney).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela