LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/07 ts. 7
  • Kalafi ya Maemo a a Kwa Godimo ke Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kalafi ya Maemo a a Kwa Godimo ke Efe?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • A o Itse Gore o Tla Tlhopha Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Solegelwa Molemo ke Bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Bidio e e Bontshang Kgato e e Botlhokwa e e Tsewang mo go Tsa Kalafi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 1/07 ts. 7

Kalafi ya Maemo a a Kwa Godimo ke Efe?

“Molwetse mongwe le mongwe yo o newang kalafi e e sa diriseng madi, totatota o newa kalafi ya maemo a a kwa godimo.” Go ne ga bolela jalo Dr. Michael Rose, mokaedi wa tsa kalafi le ngaka e e dirang ka diidibatsi. Ke ditsela dife le mekgwa efe ya kalafi e molwetse a sa tlhokeng go tshelwa madi mo go yone e e akarediwang mo “kalafing e e sa diriseng madi”? O tshwanetse go itse e le gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng malebana le kalafi le karo. Lebelela bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge. Morago ga moo, itlhatlhobe ka go araba dipotso tse di latelang.—Ela tlhoko: Batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba lebelela bidio eno le bana ba bone ba bannye ka gonne e na le mo e supang ka bokhutshwane batho ba ariwa.

(1) Lebaka le legolo la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ke lefe? (2) Fa re tla mo kgannyeng ya go bona tlhokomelo ya kalafi, ke eng se Basupi ba ga Jehofa ba se batlang? (3) Balwetse botlhe ba na le tshwanelo efe? (4) Ke ka ntlha yang fa go utlwala e bile go le botlhale go tlhopha mekgwa e mengwe ya kalafi e e sa tlhokeng gore molwetse a tshelwe madi? (5) Fa motho a latlhegelwa ke madi a le mantsi, ke dilo dife tse pedi tse dingaka di tshwanetseng go di dira ka bonako? (6) Melaometheo e menè ya kalafi e e sa tlhokeng gore molwetse a tshelwe madi ke efe? (7) Dingaka di ka (a) fokotsa jang go dutla ga madi, (b) boloka jang disele tse dikhibidu tsa madi, (c) dira jang gore madi a oketsege, le go (d) busetsa jang madi a a dutlileng? (8) Tlhalosa mekgwa e e bidiwang (a) hemodilution le (b) cell salvage. (9) O tshwanetse wa batla go tlhalosediwa eng ka mekgwa ya kalafi e e sa tlhokeng gore molwetse a tshelwe madi? (10) A dikaro tse di masisi le tse di raraaneng di ka dirwa go sa dirisiwe tshelo ya madi? (11) Ke kgatelopele efe e e molemo e e diregang mo go tsa kalafi?

Mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele gore a o tla amogela mefuta mengwe ya kalafi e e bontshitsweng mo bidiong. A o dirile tshwetso ya gore ke mefuta efe ya kalafi e e sa diriseng madi e o ka dumelang gore e dirisiwe mo go wena le mo baneng ba gago? Ba lelapa la gaeno ba e seng Basupi le bone ba tshwanetse go itse sentle ditshwetso tsa gago le mabaka a tsone.—Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, le October 15, 2000.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela