Solegelwa Molemo ke Bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge
O itse go le kana kang ka ditsela dingwe tsa go alafa go sa dirisiwe madi? A o a tlhaloganya gore dingwe tsa ditsela tse di dirisiwang mo boemong jwa ditshelo tsa madi ke dife le gore di dirisiwa jang? Lebelela bidio eno, mme o itlhatlhobe ka go araba dipotso tse di latelang.—Ela Tlhoko: E re ka mo bidiong eno go bontshiwa ka bokhutshwane batho ba ariwa, batsadi ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a bana ba bone ba bannye ba tshwanetse go e lebelela.
(1) Lebaka le legolo la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi ke lefe, mme molaomotheo oo o fitlhelwa kae mo Baebeleng? (2) Fa re tla mo kgannyeng ya go bona tlhokomelo ya kalafi, ke eng se re se batlang? (3) Balwetse botlhe ba na le tshwanelo efe? (4) Ke ka ntlha yang fa go utlwala e bile go le botlhale go gana go tshelwa madi? (5) Fa motho a latlhegelwa ke madi a le mantsi, ke dilo dife tse pedi tse dingaka di tshwanetseng go di dira ka bonako? (6) Go na le dikotsi dife tse di amang botsogo jwa motho tse di amanang le go tshelwa madi? (7) Dingaka di na le didirisiwa dife tse ba ka di dirisang go thusa motho gore a se ka a latlhegelwa ke madi a mantsi ka nako ya karo? (8) Ke eng se o tla batlang go se itse malebana le dilo tse di dirisiwang mo boemong jwa go tshelwa madi? (9) A go a kgonega go dira dikaro tse di masisi le tse di raraaneng go sa dirisiwe madi? (10) Ke eng se dingaka tse di oketsegang di ikemiseditseng go se direla Basupi ba ga Jehofa, mme ke eng se kgabagare se tla nnang kalafi e e tla dirisiwang mo balwetseng botlhe?
Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla amogela epe fela ya dikalafi tse di bontshitsweng mo bidiong eno, a ikaegile ka segakolodi sa gagwe.—Bona Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, ts. 22-4, 29-31, le Tora ya Tebelo ya October 15, 2000, ts. 30-1.