Thulaganyo ya Beke ya October 1
BEKE E E SIMOLOLANG KA OCTOBER 1
Pina 103 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 27 ¶10-18 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Daniele 4-6 (10 mets.)
No. 1: Daniele 4:18-28 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Tila go Inaakanya le Tirisabadimo (5 mets.)
No. 3: Modimo O ne A Neela Batlhanka ba Gagwe mo Lefatsheng Ditaelo Jang mo Dinakong Tse di Fetileng?—rs ts. 398 ¶4-ts. 399 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Go Simolola Thuto ya Baebele ka Matlhatso wa Ntlha. O dirisa dikai tsa dipuisano tse di mo tsebeng eno, bontsha kafa thuto e ka simololwang ka teng mo Matlhatsong wa ntlha wa October. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe.
15 mets: Re Dirile Jang Ngogola? Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo. Sekaseka pego ya phuthego ya ngwaga o o fetileng wa tirelo mme o bue thata ka dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng mo bodireding o bo o ba akgole ka tsela e e tshwanetseng. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba nnileng le maitemogelo a a molemo. Umaka karolo e le nngwe kgotsa di le pedi tsa bodiredi tse phuthego e tlhokang go tokafatsa mo go tsone mo ngwageng o o tlang wa tirelo mme o neele dikakantsho tse di ka ba thusang go tokafatsa.
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka October. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go tlhalosa lebaka la go bo dimakasine tseno di ka tsosang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla, dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 85 le Thapelo