Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Dirisa Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo! go Simolola Thuto ya Baebele o Eme fa Kgorong
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Gore re kgone go dira batho barutwa, re tshwanetse go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. (Math. 28:19, 20) Fa re dirisa didirisiwa tse re di neilweng re ka kgona go ruta batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! bo diretswe go re thusa go dira jalo. Re ka bo dirisa mo loetong lwa ntlha go simolola thuto ya Baebele le motho re eme fa kgorong.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Kopa Jehofa gore a go thuse go nna le keletso ya go tshwara thuto. Mo kope gore a go thuse go simolola thuto ya Baebele le go nna morutisi yo o molemo wa lefoko la gagwe.—Bafil. 2:13.
Ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa fa o ithuta o le nosi, itlwaelanye le puisano eno gore o kgone go e gakologelwa motlhofo. Fa o dira jalo, o ka kgona go bua o phuthologile le go simolola thuto ya Baebele o eme fa kgorong.