Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rera mo Tshimong ya Kgwebo
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: E re ka batho ba le bantsi ba bereka diura tse di telele, gantsi tsela e e molemolemo ya go ba bolelela molaetsa wa Bogosi ke ka go ba rerela fa ba le kwa ditirong tsa bone. Go rera mo mafelong a kgwebo go ka nna monate e bile go ka nna le diphelelo tse di molemo ka gonne batho bao ba bo ba le teng kwa dikgwebong tsa bone e bile ba maitseo tota. Mme gone, baboledi ba tshwanetse go nna botlhale e bile ba apare le go ipaakanya sentle. (2 Bakor. 6:3) Ke ka moo molebedi wa tirelo a tshwanetseng go ela tlhoko gore tshimo ya kgwebo e dirwa makgetlo a le kae le gore e berekwa ke bomang.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Ka nako ya Kobamelo ya Lelapa, rulaganyang se lo ka se buang fa go ka direga gore lo ye go rera kwa tshimong ya kgwebo.