LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb16 December ts. 3
  • “A re Tlhatlogeleng Kwa Thabeng ya ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A re Tlhatlogeleng Kwa Thabeng ya ga Jehofa”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ntlo ya ga Jehofa e a Tsholediwa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Kagiso—Selo sa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kafa Kutlwano E Tla Tlang mo Lefatsheng ka Teng
    Tsogang!—1994
  • Thubakanyo e Tla Felela Ruri Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
mwb16 December ts. 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 1-5

“A re Tlhatlogeleng Kwa Thabeng ya ga Jehofa”

2:2, 3

“Kwa bofelong jwa metlha”

Metlha e re tshelang mo go yone

“Thaba ya ntlo ya ga Jehofa”

Kobamelo ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo

“Ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone”

Ba ba amogelang kobamelo e e itshekileng ba kopana mmogo ka kutlwano

“Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa”

Baobamedi ba boammaaruri ba laletsa ba bangwe go tla go obamela le bone

“O tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe”

Jehofa o tla dirisa Lefoko la Gagwe go re ruta le go re thusa go tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe

Batho ba ditso tse di farologaneng ba ologela kwa thabeng ya ga Jehofa

2:4

“Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape”

Isaia o ne a tlhalosa gore dibetsa tsa ntwa di tla dirisediwa go lema, a kaya gore batho ba ga Jehofa ba tla latelela kagiso. Ke dithulusu dife tse di neng di dirisiwa ka motlha wa ga Isaia?

“Ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma”

1 Magale a megoma ke leino la mogoma le le epang mo mmung fa motho a lema. A mangwe a ne a dirilwe ka tshipi.—1Sa 13:20

“Marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang”

2 Dikere tse di pomang e ka tswa e ne e le sekele e e nang le matshwaro a legong. Dikere tseno di ne di dirisediwa go kgaola dikalana tsa setlhare sa mofine.—Isa 18:5

Tšhaka le lerumo
Magale a megoma le dikere tse di pomang
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela