Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
JANUARY 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 24-28
“Jehofa o Tlhokomela Batho ba Gagwe”
(Isaia 25:4, 5) Gonne o fetogile kago e e thata mo mothong wa maemo a a kwa tlase, o kago e e thata mo go yo o humanegileng mo matshwenyegong ao a nang le one, botshabelo mo puleng ya matsubutsubu, moriti mo mogoteng, fa go tsubutla ga ba ba patikang go ntse jaaka pula ya matsubutsubu mo loboteng. 5 O fenya modumo wa batswakwa jaaka mogote mo nageng e e se nang metsi, mogote o o nang le moriti wa leru. Pina ya ba ba patikang e a hupediwa.
Seatla sa ga Jehofa se Nna Kwa Godimo
5 Le fa baba ba ga Jehofa ba mmona a boifisa, ke botshabelo jwa batho ba ba pelonomi ba ba ikokobeditseng ba ba batlang go mo direla. Bagateledi ba bodumedi le ba bopolotiki ba ka leka ka natla yotlhe go senya tumelo ya baobamedi ba boammaaruri, mme ba a palelwa ka gonne bone ba ikantse Jehofa gotlhelele. Kwa bofelong, o didimatsa baganetsi ba gagwe motlhofo fela, a dira jaaka e kete o khurumeditse letsatsi le le babolang la sekaka ka leru kana o kganela maatla a pula ya matsubutsubu ka lebota.—Bala Isaia 25:4, 5.
(Isaia 25:6) Mme Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.
Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dithulaganyo Tsa ga Jehofa
4 Bontsi jwa dikgatiso tsa rona di kwaletswe Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, dikgatiso tse dingwe di kwaletswe batho ba ba rileng, jaaka basha kgotsa batsadi. Bontsi jwa ditlhogo le dibidio tse di mo jw.org di rulaganyeditswe batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa. Tshedimosetso eno e bontsha gore Jehofa o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya gore o tla kaela batho botlhe ka botlalo.—Isa. 25:6.
Seatla sa ga Jehofa se Nna Kwa Godimo
‘Mokete wa Ditšhaba Tsotlhe’
6 Jaaka rre yo o lorato, Jehofa ga a sireletse bana ba gagwe fela mme gape o a ba fepa, bogolo jang ka tsela ya semoya. Fa a sena go golola batho ba gagwe ka 1919, o ne a ba direla mokete wa phenyo, letlepu la dijo tsa semoya: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.”—Isaia 25:6.
7 Mokete ono o dirwa mo “thabeng” ya ga Jehofa. Thaba eno ke eng? Ke “thaba ya ntlo ya ga Jehofa” e ditšhaba tsotlhe di ologelang kwa go yone “go ela kwa bofelong jwa metlha.” Ke ‘thaba e e boitshepo’ ya ga Jehofa, e baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba sa utlwiseng botlhoko le fa e le go senya mo go yone. (Isaia 2:2; 11:9) Jehofa o direla batho ba ba ikanyegang mokete o mogolo mo lefelong leno le le goletsegileng la kobamelo. Mme dilo tse di molemo tsa semoya tse gone jaanong di abiwang ka bontsi jaana di tshwantshetsa dilo tse di molemo tsa senama tse di tla abiwang fa Bogosi jwa Modimo e nna jone fela puso ya batho. Ka nako eo tlala e tla bo e sa tlhole e le teng. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:8, 16.
(Isaia 25:7, 8) Mme mo thabeng eno ruri o tla kometsa sefatlhego sa sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe. 8 Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe. Mme kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.
Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo
15 Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete tsa puso ya Bogosi, batho ba ba kutlo ba tla bo ba golotswe mo babeng botlhe ba ba nnileng gone ka ntlha ya go sa utlwe ga ga Adame. Baebele ya re: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa. Mme mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete [babusimmogo le ene] mo nakong ya go nna gone ga gagwe. Morago ga moo, bokhutlo, fa a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakor. 15:22-26) Ee, kgabagare loso lo re lo ruileng mo go Adame lo tla nyelediwa. “Sebipo” se se bipileng batho botlhe se tla bo se tlositswe ka bosakhutleng.—Isa. 25:7, 8.
Seatla sa ga Jehofa se Nna Kwa Godimo
8 Batho ba jaanong ba leng mo moketeng wa semoya o o rulagantsweng ke Modimo ba na le isagwe e ntle. Reetsa mafoko a ga Isaia a a latelang. O bua jaana a tshwantsha boleo le loso le “mologo,” kana “sebipo” tse di hupetsang: “Mo thabeng eno ruri [Jehofa] o tla kometsa sefatlhego sa sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe. Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:7, 8a.
9 Ee, boleo le loso di ka se tlhole di nna teng! (Tshenolo 21:3, 4) Mo godimo ga moo, kgobo ya go akelwa e batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba e itshokela ka dingwaga di le diketekete le yone e tla fedisiwa. “Kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.” (Isaia 25:8b) Seno se tla diragala jang? Jehofa o tla tlosa se se bakang kgobo eo, Satane le losika lwa gagwe. (Tshenolo 20:1-3) Ga go gakgamatse go bo batho ba Modimo ba tla tlhotlheletsega go bolela jaana: “Bona! Yono ke Modimo wa rona. Re solofetse mo go ene, mme o tla re boloka. Yono ke Jehofa. Re solofetse mo go ene. A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.”—Isaia 25:9.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 26:15) O okeditse setšhaba; wena Jehofa, o okeditse setšhaba; o ikgalaleditse. O katoseditse melelwane yotlhe ya lefatshe kgakala.
Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya
KAFA RE THUSANG KA GONE GORE PARADAISE YA SEMOYA E NNE NTLE LE GO FETA
18 Jehofa o re neile tlotla ya go dira gore paradaise ya rona ya semoya e nne ntle le go feta. Mme gone, re ka dira seo jang? Ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo le ka go dira barutwa ba ba oketsegileng. Nako le nako fa re thusa mongwe go nna motlhanka wa Modimo, re thusa go atolosa paradaise ya semoya.—Isa. 26:15; 54:2.
(Isaia 26:20) Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta.
Jehofa—Lefelo la Rona la Bonno
“BONNO JWA RONA JWA MMATOTA” FA BOKHUTLO BO NTSE BO ATAMELA
15 Fa lefatshe leno la ga Satane le ntse le ya bokhutlong, ‘ditlhabi tsa lone tsa tlalelo’ di tla nna maswe le go feta. (Math. 24:7, 8) Ga go pelaelo gore dilo di tla nna maswe le go feta ka nako ya pitlagano e kgolo. Dilo tsa motheo tsa lefatshe leno di tla phutlhama mme batho ba tla welwa ke poifo e kgolo. (Hab. 3:16, 17) Ka ntlha ya gore batho ba tla bo ba tlaletswe, ba tla batla botshabelo “mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba.” (Tshen. 6:15-17) Le fa go ntse jalo, dikgaga tsa mmatota kgotsa mekgatlho ya dipolotiki le ya kgwebo e e tshwanang le dithaba ga e kitla e ba sireletsa.
16 Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba tla tswelela ba na le tshireletsego ya ‘bonno jwa bone jwa mmatota,’ e leng Jehofa Modimo. Fela jaaka moporofeti Habakuke, ba “tla itumela mo go Jehofa.” Ba “tla ipela mo Modimong wa poloko” ya bone. (Hab. 3:18) Jehofa o tla nna jang ‘bonno jwa mmatota’ mo nakong eo ya tlalelo? Re tla tshwanelwa ke go leta gore re bone. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka seno: Fela jaaka Baiseraele ka nako ya Khudugo, “boidiidi jo bogolo” bo tla nna bo rulagane, bo ntse bo letetse kaelo ya Modimo. (Tshen. 7:9; bala Ekesodo 13:18.) Gongwe kaelo eo e tla tla ka thulaganyo ya phuthego ya Modimo. Ee ruri, go bonala diphuthego di le diketekete tse di mo lefatsheng lotlhe di golagane le ‘diphaposi tse di kwa teng’ tsa tshireletso tse go boleletsweng pele ka tsone mo go Isaia 26:20. (E bale.) A o anaanela dipokano tsa phuthego? A o nna bonako go reetsa kaelo e Jehofa a re nayang yone a dirisa thulaganyo ya phuthego?—Baheb. 13:17.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 28:1-13) A bo go latlhega serwalo se se tlhomologileng sa matagwa a Eferaime, le sethunya se se swabang sa mokgabiso wa gagwe wa bontle se se mo tlhogong ya mokgatšha o o nonneng wa ba ba fekeediwang ke beine! 2 Bona! Jehofa o na le mongwe yo o nonofileng yo o matlhagatlhaga. Ruri o tla latlhela fa fatshe ka maatla, jaaka phefo ya matsubutsubu ya dikgadima ya sefako, phefo e e senyang, jaaka phefo ya matsubutsu ya dikgadima ya metsi a a maatla a a rwalelelang. 3 Dirwalo tse di tlhomologileng tsa matagwa a Eferaime di tla gatakwa ka dinao. 4 Le sethunya se se swabang sa mokgabiso wa bontle jwa one se se mo tlhogong ya mokgatšha o o nonneng se tla nna jaaka mofeige wa ntlha pele ga selemo, gore, fa mmoni a o bona, a o kometse o sa ntse o le mo seatleng sa gagwe. 5 Mo letsatsing leo Jehofa wa masomosomo o tla nna jaaka serwalo sa mokgabiso le jaaka serwalo sa dithunya sa bontle mo go ba ba setseng ba batho ba gagwe, 6 le jaaka moya wa tshiamiso mo go yo o ntseng mo katlholong, le jaaka thata mo go ba ba faposang tlhabano mo kgorong. 7 Le bano gape—ba timetse ka ntlha ya beine e bile ba kgarakgatshegile ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang. Moperesiti le moporofeti—ba timetse ka ntlha ya bojalwa jo bo tagang, ba tlhakane tlhogo ka ntlha ya beine, ba kgarakgatshitswe ke bojalwa jo bo tagang; ba timetse mo go boneng ga bone, ba etsaetsegile mo go direng tshwetso. 8 Gonne ditafole tsotlhe di tletse matlhatsa a a leswe—ga go na fa a seyong teng. 9 Ke mang yo motho a tla mo layang ka kitso, le gone ke mang yo motho a tla dirang gore a tlhaloganye se se utlwilweng? Ba ba kgwisitsweng mashi, ba ba ntshitsweng mo mabeleng? 10 Gonne ke “taolo mo godimo ga taolo, taolo mo godimo ga taolo, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, bonnye fano, bonnye fale.” 11 Gonne o tla bua le batho bano ka ba ba nang le dipounama tse di kwakwaetsang le ka loleme lo sele, 12 ba a ba reileng a re: “Leno ke lefelo la boikhutso. Nayang yo o lapileng boikhutso. Leno ke lefelo la boiketlo,” mme ba bo ba sa rate go utlwa. 13 Mme mo go bone lefoko la ga Jehofa ruri e tla nna “taolo mo godimo ga taolo, taolo mo godimo ga taolo, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, bonnye fano, bonnye fale,” gore ba tle ba tsamaye mme ba kgotšwe go ya kwa morago, ba robaganngwe ba beelwe seru ba bo ba tshwarwe.
JANUARY 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 29-33
“Kgosi e Tla Busa Gore go Nne le Tshiamo”
(Isaia 32:1) Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.
Bakang Keresete, Kgosi e e Galalelang!
13 Gape Keresete o ‘palama ka ntlha ya tshiamo.’ Tshiamo e Kgosi e e femelang ke “tshiamo ya Modimo”—melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se phoso. (Bar. 3:21; Dute. 32:4) Isaia o ne a porofeta jaana ka ga Kgosi Jesu Keresete: “Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo.” (Isa. 32:1) Puso ya ga Jesu e tla dira gore go nne le “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di solofeditsweng kwa go tla ‘nnang le tshiamo gone.’ (2 Pet. 3:13) Monni mongwe le mongwe wa lefatshe le lesha o tla tshwanelwa ke go ikobela melao ya ga Jehofa.—Isa. 11:1-5.
(Isaia 32:2) Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.
Kgosi le Dikgosana Tsa Yone
7 Mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo tlhalosang “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” jo bo tletseng mathata, Jesu o ne a re: “Bonang gore lo se ka lwa tshoga.” (Mathaio 24:3-8) Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Jesu ba sa tshosiwe ke maemo a a kotsi a gompieno a lefatshe? Lebaka lengwe ke ka gonne “dikgosana”—le fa ba ka tswa ba tloditswe kana e le ba “dinku tse dingwe”—ba tlhokometse letsomane ka boikanyegi. (Johane 10:16) Ba tlhokomela bomorwarraabone le bomorwadiarraabone ba se na poifo, tota le fa go na le dilo tse di tsitlisang marapo tse di jaaka dintwa tsa ditso le go gailwa ga merafe. Mo lefatsheng leno le le mo leubeng la semoya, ba tlhomamisa gore meya e e ngomogileng e lapolosiwa ka boammaaruri jo bo agang jwa Lefoko la Modimo, Baebele.
8 Mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, “dikgosana” di ile tsa lemotshega sentle. “Dikgosana” tse e leng tsa ba dinku tse dingwe di thapisiwa go nna setlhopha se se golang sa “kgosana” gore morago ga pitlagano e kgolo, ba ba tshwanelegang mo go bone ba bo ba siametse go ka tlhomiwa gore ba direle mo maemong a go laola mo ‘lefatsheng le lesha.’ (Esekiele 44:2, 3; 2 Petere 3:13) Ka go neela kaelo ya semoya le go lapolosa fa ba ntse ba eteletse pele mo tirelong ya Bogosi, ba itshupa gore ba ntse “jaaka moriti wa lefika le legolo thata,” o o tlisang kgololo mo letsomaneng malebana le kobamelo ya lone.
(Isaia 32:3, 4) Mme matlho a ba ba bonang ga a kitla a ngaparaganngwa, le ditsebe tsa ba ba utlwang di tla tlhwaya tsebe. 4 Mme pelo ya ba ba mafega e tla akanyetsa kitso, le loleme lwa ba ba kwakwaetsang lo tla nna bonako go bua dilo tse di utlwalang sentle.
Kgosi le Dikgosana Tsa Yone
Go Tlhwaya Tsebe ka Matlho, Ditsebe le Dipelo
10 Boidiidi jo bogolo bo ile jwa tsibogela thulaganyo ya ga Jehofa ya puso ya Modimo jang? Boporofeti bo tswelela jaana: “Matlho a ba ba bonang ga a kitla a ngaparaganngwa, le ditsebe tsa ba ba utlwang di tla tlhwaya tsebe.” (Isaia 32:3) Mo dingwageng tse di ntseng di feta, Jehofa o ntse a rulaganyetsa gore batlhanka ba gagwe ba ba rategang ba rutiwe ba bo ba thusiwe gore ba gole. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le dipokano tse dingwe tse di dirang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe; dikopano tsa kgaolo, tsa naga, le tsa boditšhabatšhaba; mmogo le go thapisiwa mo go kgethegileng ga “dikgosana” gore di tlhokomele letsomane ka lorato, tsotlhe di thusitse go bopa setšhaba sa bakaulengwe ba ba utlwanang ba lefatshe lotlhe ba ba dimilione. Gongwe le gongwe kwa badisa bano ba leng teng mo lefatsheng, ba butse ditsebe tsa bone gore ba utlwe le go amogela diphetogo tse di malebana le go tlhaloganngwa ga lefoko la boammaaruri le le tswelelang pele. Ka digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele, ba nna ba iketleeditse go utlwa le go dira jaaka ba utlwile.—Pesalema 25:10.
11 Go tswa foo boporofeti bo tlhagisa jaana: “Pelo ya ba ba mafega e tla akanyetsa kitso, le loleme lwa ba ba kwakwaetsang lo tla nna bonako go bua dilo tse di utlwalang sentle.” (Isaia 32:4) A ope a se ka a nna mafega go dira ditshwetso malebana le se se siameng le se se sa siamang. Baebele ya re: “A o bone motho yo o potlakang ka mafoko a gagwe? Go na le tsholofelo ka sematla go na le ka ene.” (Diane 29:20; Moreri 5:2) Pele ga 1919, tota le batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwaeditswe ke dikgopolo tsa Sebabelona. Mme go simologa ka ngwaga oo, Jehofa o ile a ba naya tsela e e botoka ya go tlhaloganya maikaelelo a gagwe. Ba fitlhetse gore dilo tse a di senotseng ga di a senolwa ka mafega, mme di akantswe sentle, e bile jaanong ba bua ba tlhomamisega ka se ba se dumelang, ga ba kwakwaetse ka go sa tlhomamisege.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 30:21) Mme ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone,” fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.
Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone
2 Gompieno, Jehofa o kaela batho ba gagwe a dirisa Baebele, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe. (Dit. 9:31; 15:28; 2 Tim. 3:16, 17) Kaelo e a re nayang yone e utlwala sentle thata jaana mo e keteng “ditsebe tsa [rona] di utlwa lefoko kwa morago ga [rona] le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’” (Isa. 30:21) Tota e bile, Jesu le ene o re naya molaetsa wa ga Jehofa fa a ntse a kaela phuthego a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Re tshwanetse go tsaya kaelo eno masisi, ka gonne botshelo jo bo sa khutleng bo ikaegile ka gore re nne kutlo.—Baheb. 5:9.
(Isaia 33:22) Gonne Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Moneimolao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tla re boloka.
Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
4 Kgolagano ya Molao e ne ya simolola go dira kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Ka ntlha ya kgolagano eo, setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se ne sa tlhaolwa go nna setšhaba se Modimo a se itlhophetseng. Jaanong Jehofa o ne a nna ‘Moatlhodi wa bone, Moneimolao wa bone le Kgosi ya bone.’ (Isa. 33:22) Se se diragaletseng Baiseraele se bontsha se se diregang fa batho ba ikobela melao ya Modimo e e siameng kgotsa ba e tlhokomologa. E re ka Molao o ne o thibela go nyalana le baheitane le go ikamanya le kobamelo ya maaka, o ne o diretswe go sireletsa losika lwa ga Aborahame gore lo se ka lwa kgotlelwa.—Ekes. 20:4-6; 34:12-16.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 30:22-33) Mme lo tla leswafatsa se se manegilweng mo ditshwantshong tsa lona tsa selefera tse di betlilweng le sebipo se se lekanang sentle sa sefikantswe sa lona se se thetsweng sa gouta. Lo tla di gasamisa. Lo tla di raya jaaka mosadi yo o bonang kgwedi, lo re: “Leswe fela!” 23 Mme ruri o tla naya peo ya lona e lo e jalang mo lefatsheng pula, a lo neye senkgwe e le kungo ya mmu, se e tla nnang se se nonneng le se se nang le mafura. Mo letsatsing leo diruiwa tsa gago di tla fula mo mafulong a a bulegileng. 24 Dikgomo le diesele tse di godileng sentle tse di lemang mmu di tla ja furu e e lokilweng ka sorele, e e neng ya olosiwa ka garawe le ka foroko. 25 Mme mo thabeng nngwe le nngwe e e kwa godimo le mo thoteng nngwe le nngwe e e goletsegileng go tla nna le melatswana, mesele ya metsi, mo letsatsing la polao e kgolo e e setlhogo fa ditora di wa. 26 Mme lesedi la ngwedi o o tletseng le tla nna jaaka lesedi la letsatsi le le phatsimang; mme lesedi la letsatsi le le phatsimang e tla nna le le menaganeng ga supa, jaaka lesedi la malatsi a le supa, mo letsatsing la fa Jehofa a hapa go robega ga batho ba gagwe a bo a fodisa le ntho e e botlhoko ya titeo ya gagwe. 27 Bona! Leina la ga Jehofa le tswa kgakala, le tuka ka bogale jwa gagwe le ka maru a magolo. Fa e le dipounama tsa gagwe, di tletse katlholo, le loleme lwa gagwe lo tshwana le molelo o o lailang. 28 Mme moya wa gagwe o ntse jaaka molatswana o o phothoselang o o fitlhang mo molaleng, gore o akgaakge ditšhaba ka sefe e e se nang mosola; le tomo e e dirang gore motho a kgarakgatshege e tla bo e le mo ditlhaeng tsa ditšhaba. 29 Lo tla nna le pina e e tshwanang le ya bosigo jwa fa motho a itshepisetsa moletlo, le go ipela mo pelong jaaka ga motho yo o tsamayang ka folutu gore a tsene mo thabeng ya ga Jehofa, kwa Lefikeng la Iseraele. 30 Jehofa o tla dira gore seriti sa lentswe la gagwe se utlwiwe le go fologa ga lebogo la gagwe go bonwe, mo tšararegong ya bogale le kgabo ya molelo o o lailang le pula e kgolo ya tshoganyetso le pula ya matsubutsubu le sefako. 31 Gonne ka ntlha ya lentswe la ga Jehofa Asiria e tla welwa ke poifo; o tla e itaya ka lore. 32 Go kgatikana gongwe le gongwe ga thobane ya gagwe ya go kgwathisa e Jehofa a tla e bayang mo godimo ga Asiria e tla nna ka meropana le ka diharepa; mme o tla tlhabana le bone ka ditlhabano tsa go kgatikanya. 33 Gonne Tofethe ya gagwe e rulagantswe ka thulaganyo go tswa dinakong tsa bosheng jaana; gape e baakanyeditswe kgosi ka boyone. O dirile mokoa wa yone boteng. Molelo le dikgong di dintsi. Mohemo wa ga Jehofa, jaaka molatswana o o phothoselang wa sulefera, o tuka kgatlhanong le yone.
JANUARY 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 34-37
“Tumelo ya ga Hesekia E ne Ya Duelwa”
(Isaia 36:1) Jaanong ga diragala mo ngwageng wa bolesome le bonè wa ga Kgosi Hesekia gore Senakeribe kgosi ya Asiria a tsogologele metse yotlhe e e sireletsegileng ya Juda mme a e gapa.
(Isaia 36:4-10) Ka jalo Rabeshake a ba raya a re: “Tsweetswee, rayang Hesekia lo re, ‘Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e buile jaana: “Tshepo e o e ikantseng eno ke eng? 5 Wena o rile (mme ke lefoko la dipounama), ‘Go na le leano le thata ya ntwa.’ Jaanong o tshepile mang, go bo o ntsuologetse? 6 Bona! O ikantse go tshegediwa ke lotlhaka lono lo lo phitsegileng, Egepeto, lo fa motho a itshegeletsa ka lone, lo tla tsenang mo legofing la gagwe lo bo lo le tlhaba. Ke yone tsela e Faro kgosi ya Egepeto a ntseng ka yone mo go botlhe ba ba mo ikanyang. 7 Mme fa lo ka nthaya lwa re, ‘Re ikantse Jehofa Modimo wa rona,’ a ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe, a ntse a raya Juda le Jerusalema a re, ‘Lo tshwanetse go ikoba fa pele ga sebeso seno’?”’ 8 Jaanong, tsweetswee dirang peelano le morena wa me kgosi ya Asiria, mme mma ke lo neyeng dipitse di le dikete di le pedi go bona gore a lo kgona go pega bapalami mo go tsone. 9 Jaanong o ne o ka busetsa jang sefatlhego sa molaodi a le mongwe wa batlhanka ba babotlana go ba feta botlhe ba morena wa me morago, fa wena, o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikara le ka ntlha ya bapalami ba dipitse? 10 Jaanong a ke tsogologetse lefatshe leno go le senya e se ka taolo e e tswang kwa go Jehofa? Jehofa ka boene o ntheile a re, ‘Tsogologela lefatshe leno, mme o le senye.’”
(Isaia 36:15) Mme lo se ka lwa letla Hesekia a lo dira gore lo ikanye Jehofa, a re: “Ruri Jehofa o tla re golola. Motse ono ga o na go tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.”
(Isaia 36:18-20) Gore Hesekia a se ka a lo gogela, a re, ‘Jehofa ka boene o tla re golola.’ A medimo ya ditšhaba e gololetse mongwe le mongwe lefatshe la gagwe mo seatleng sa kgosi ya Asiria? 19 E kae medimo ya Hamathe le Arepade? E kae medimo ya Sefarefaime? A e golotse Samarea mo seatleng sa me? 20 Ke efe mo medimong yotlhe ya mafatshe ano e e golotseng lefatshe la yone mo seatleng sa me, gore Jehofa a golole Jerusalema mo seatleng sa me?”’”
Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
Rabeshake o Tlisa Kgang ya Gagwe
7 Senakeribe o roma Rabeshake (ke sereto sa sesole, ga se leina) le batlotlegi ba bangwe ba babedi kwa Jerusalema gore ba ye go laela gore motse ono o ineele. (2 Dikgosi 18:17) Batho bano ba kopana kwantle ga motse le baemedi ba ga Hesekia ba le bararo, Eliakime molebedi wa ba ntlo ya ga Hesekia, Shebena mokwaledi, le Joa morwa Asafe mokwadi.—Isaia 36:2, 3.
8 Boikaelelo jwa ga Rabeshake bo bongwe fela—go dira gore Jerusalema a dumele go ineela kwantle ga go lwa. O simolola ka go goa jaana, ka Sehebera: “Tshepo e o e ikantseng eno ke eng? . . . O tshepile mang, go bo o ntsuologetse?” (Isaia 36:4, 5) Go tswa foo Rabeshake o sotla Bajuda ba ba tshogileng, a ba gakolola gore ga ba na tshegetso epe. Ba ka batla tshegetso kae? Kwa ‘lotlhakeng lole lo lo phitsegileng,’ Egepeto? (Isaia 36:6) Ka nako eno, ruri Egepeto o tshwana le lotlhaka lo lo phitsegileng; e bile tota naga eo e e kileng ya bo e le mmusomogolo wa lefatshe e fentswe ka nakwana ke Ethiopia, mme yo e leng Faro wa Egepeto jaanong e bong Kgosi Tirehaka, ga se Moegepeto mme ke Moethiopia. Mme o tla tloga a fenngwa ke Asiria. (2 Dikgosi 19:8, 9) E re ka Egepeto a sa kgone go ipoloka, ga a kitla a thusa Juda ka sepe.
9 Jaanong Rabeshake o ntsha mabaka a gore Jehofa ga a ne a tlhabanela batho ba Gagwe ka gonne ba Mo hutsafaditse. Rabeshake a re: “Fa lo ka nthaya lwa re, ‘Re ikantse Jehofa Modimo wa rona,’ a ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe?” (Isaia 36:7) Mme gone ga se gore Bajuda ba latlhile Jehofa ka go diga mafelo a a kwa godimo le dibeso mo nageng eo, go na le moo, tota ba boetse kwa go Jehofa.
10 Go tswa foo Rabeshake o gakolola Bajuda gore fa go tliwa mo bosoleng ba bokoa tota. O ba gwetlha jaana ka lenyatso: “Mma ke lo neyeng dipitse di le dikete di le pedi go bona gore a lo kgona go pega bapalami mo go tsone.” (Isaia 36:8) Le fa go ntse jalo, a tota go a kgathalesega gore masole a Juda a a thapisitsweng a mantsi kana ga a mantsi? Nnyaa, gonne poloko ya Juda ga e a ikaega ka maatla a magolo a sesole. Diane 21:31 e tlhalosa dilo jaana: “Pitse ke selo se se baakanyediwang letsatsi la tlhabano, mme poloko ke ya ga Jehofa.” Go tswa foo, Rabeshake o bolela gore Jehofa o tla segofatsa Baasiria, e seng Bajuda. A re, fa go ne go sa nna jalo Baasiria ba ka bo ba sa tsenelela kwa teng jaana mo nageng ya Juda.—Isaia 36:9, 10.
11 Baemedi ba ga Hesekia ba amegile ka tsela e mafoko a ga Rabeshake a tla amang ka teng banna ba ba kgonang go mo utlwa ba ba kwa godimo ga lobota lwa motse. Batlhankedi bano ba Bajuda ba kopa jaana: “Bua le batlhanka ba gago, tsweetswee, ka puo ya Sesiria, gonne re reeditse; mme o se ka wa bua le rona ka puo ya Bajuda batho ba ba mo loboteng ba utlwa.” (Isaia 36:11) Mme tota Rabeshake ga a ikaelela go bua ka puo ya Sesiria. O batla go tsenya dipelaelo le poifo mo Bajudeng gore ba ineele mme Jerusalema a gapiwe go sa lowa! (Isaia 36:12) Ka gone Moasiria yono o bua gape ka “puo ya Bajuda.” O tlhagisa banni ba Jerusalema jaana: “Lo se ka lwa letla Hesekia a lo tsietsa, gonne ga a kgone go lo golola.” Morago ga moo, o leka go gogela ba ba mo reeditseng ka go tshwantsha kafa botshelo bo ka nnang ka teng mo Bajudeng fa ba busiwa ke Asiria: “Ineeleng mo go nna, mme lo tswele kwa go nna, mme mongwe le mongwe a je mo mofineng wa gagwe le mongwe le mongwe mo setlhareng sa gagwe sa mofeige gape mongwe le mongwe a nwe metsi a mogobe wa gagwe, go fitlha ke tla ke bo ke lo isa kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona, lefatshe la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha, lefatshe la senkgwe le masimo a mofine.”—Isaia 36:13-17.
12 Bajuda ga ba ne ba bona thobo monongwaga—tlhaselo ya Baasiria e ba thibetse go lema. Go utlwa gore ba ka ja merara e e monate le go nwa metsi a a monate go ka tswa go kgatlha banna ba ba reeditseng mo loboteng thata. Mme Rabeshake ga a ise a fetse go leka go koafatsa Bajuda.
13 Rabeshake o dirisa sebetsa se sengwe gape go ba tlhaba ka mafoko. O tlhagisa Bajuda gore ba se ka ba dumela Hesekia fa a ka re: “Jehofa ka boene o tla re golola.” Rabeshake o gakolola Bajuda gore medimo ya Samarea ga e a ka ya kgona go thibela ditso tse di lesome gore di fenngwe ke Baasiria. Mme go tweng ka medimo ya ditšhaba tse dingwe tse Asiria a di fentseng? “E kae medimo ya Hamathe le Arepade?” o botsa jalo. “E kae medimo ya Sefarefaime? A e golotse Samarea mo seatleng sa me?”—Isaia 36:18-20.
14 Gone ke boammaaruri, Rabeshake, yo o obamelang medimo ya maaka, ga a tlhaloganye gore go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga Samarea wa motlhanogi le Jerusalema yo o busiwang ke Hesekia. Medimo ya maaka ya Samarea e ne e se na maatla a go boloka bogosi jwa ditso tse di lesome. (2 Dikgosi 17:7, 17, 18) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jerusalema e e busiwang ke Hesekia e tlhanogetse medimo ya maaka mme e boetse kwa go direleng Jehofa. Le fa go ntse jalo, baemedi bano ba bararo ba Juda ga ba leke go tlhalosetsa Rabeshake seno. “Ba nna ba didimala ba se ka ba mo araba ka lefoko lepe, gonne taelo ya kgosi e ne e re: ‘Lo se ka lwa mo araba.’” (Isaia 36:21) Eliakime, Shebena le Joa ba boela kwa go Hesekia mme ba bega mafoko a ga Rabeshake semmuso.—Isaia 36:22.
(Isaia 37:1, 2) Mme ga diragala gore fela fa Kgosi Hesekia a utlwa, ka yone nako eo a gagoganya diaparo tsa gagwe a ipipa ka letsela la kgetsi mme a tsena mo ntlong ya ga Jehofa. 2 Mo godimo ga moo, a roma Eliakime, yo o neng a okametse ba ntlo, le Shebena mokwaledi le banna ba bagolwane ba baperesiti ba ipipile ka letsela la kgetsi kwa go Isaia morwa moporofeti Amosi.
(Isaia 37:14-20) Go tswa foo Hesekia a tsaya lekwalo mo seatleng sa barongwa a le bala, morago ga moo Hesekia a tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa a le phutholola fa pele ga ga Jehofa. 15 Mme Hesekia a simolola go rapela Jehofa, a re: 16 “Ao Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, yo o ntseng mo ditšherubeng, wena o le nosi o Modimo wa boammaaruri wa magosi otlhe a lefatshe. Wena ka bowena o dirile magodimo le lefatshe. 17 Sekega tsebe ya gago, tlhe Jehofa, o utlwe. Bula matlho a gago, tlhe Jehofa, o bone, mme o utlwe mafoko otlhe a ga Senakeribe ao a a rometseng gore a kgobe Modimo yo o tshelang. 18 Gone ke boammaaruri Jehofa, gore dikgosi tsa Asiria di swafaditse mafatshe otlhe, le lefatshe la tsone tota. 19 Mme di ne tsa tsenya medimo ya tsone mo molelong, ka gonne e ne e se medimo, mme e ne e le tiro ya diatla tsa motho, logong le leje, mme tsa e senya. 20 Mme jaanong, tlhe Jehofa Modimo wa rona, re boloke mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena, Jehofa, o [Modimo] o le nosi.”
Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
Hesekia o Dira Tshwetso
15Jaanong Kgosi Hesekia o na le tshwetso e a tshwanetseng go e dira. A Jerusalema o tla ineela mo Baasirieng? o tla ikgolaganya le Egepeto? kgotsa o tla ikemela a ba a itwela? Hesekia o mo bothateng jo bogolo. O ya kwa tempeleng ya ga Jehofa, fa a ntse a roma Eliakime le Shebena mmogo le banna ba bagolwane ba baperesiti, gore ba ye go botsa Jehofa ka moporofeti Isaia. (Isaia 37:1, 2) Barongwa ba kgosi ba atamela Isaia, ba apere letsela la kgetsi, ba re: “Letsatsi leno ke letsatsi la matshwenyego le la kgalemo le la go tlhoka maitseo ga tshotlo . . . Gongwe Jehofa Modimo wa gago o tla utlwa mafoko a ga Rabeshake, yo morena wa gagwe kgosi ya Asiria a mo romileng go ya go kgoba Modimo yo o tshelang, mme o tla mo sekisa ka ntlha ya mafoko a Jehofa Modimo wa gago a a utlwileng.” (Isaia 37:3-5) Ee, Baasiria ba kgotla Modimo yo o tshelang! A Jehofa o tla reetsa ditshotlo tsa bone? Jehofa o dirisa Isaia go tlhomamisetsa Bajuda jaana: “O se ka wa boifa ka ntlha ya mafoko a o a utlwileng a batlhokomedi ba kgosi ya Asiria ba a buileng ka nna ka go kgoba. Bona, ke tsenya moya mo go ene, mme o tla utlwa pego a bo a boela kwa lefatsheng la gagabo; eleruri ke tla dira gore a we ka tšhaka mo lefatsheng la gagabo.”—Isaia 37:6, 7.
16 Fa go sa ntse go le jalo, Rabeshake o bilediwa go ya go ema Senakeribe nokeng fa kgosi e lwa kwa Libena. Senakeribe o tla bona Jerusalema moragonyana. (Isaia 37:8) Le fa go ntse jalo, go tsamaya ga ga Rabeshake ga go tlisetse Hesekia boikhutso. Senakeribe o romela makwalo a a tshosang a a tlhalosang se banni ba Jerusalema ba ka lebelelang gore se tla ba diragalela fa ba gana go ineela: “Wena ka bowena o utlwile se dikgosi tsa Asiria di se dirileng mafatshe otlhe ka go a neelela tshenyego, a mme wena o tla gololwa? A medimo ya ditšhaba tse borremogologolwane ba di sentseng e ba golotse? . . . Kgosi ya Hamathe e kae le kgosi ya Arepade le kgosi ya motse wa Sefarefaime—ya Hena le ya Ifaha?” (Isaia 37:9-13) Totatota, Moasiria yono a re ga go thuse sepe go itwela—go itwela go tla oketsa mathata fela!
17 E re ka Hesekia a tshwenyegile thata ka ditlamorago tsa tshwetso e a tshwanetseng go e dira, o ala makwalo a ga Senakeribe fa pele ga ga Jehofa mo tempeleng. (Isaia 37:14) O rapela Jehofa go tswa pelong a mo kopa gore a reetse matshosetsi a Baasiria, a bo a konela thapelo ya gagwe ka mafoko ano: “Mme jaanong, tlhe Jehofa Modimo wa rona, re boloke mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena, Jehofa, o Modimo o le nosi.” (Isaia 37:15-20) Seno se bontsha sentle gore Hesekia ga a tshwenyege thata ka gore ene a bolokwe, mme o tshwenyegile ka kgobo e e tla tlelang leina la ga Jehofa fa Asiria a ka fenya Jerusalema.
(Isaia 37:33-38) “‘Ka gone Jehofa o buile jaana ka ga kgosi ya Asiria: “Ga a na go tsena mo motseng ono le fa e le go hulela motswi teng, le fa e le go lebana le one ka thebe le fa e le go tlhoma lorako lwa phemelo kgatlhanong le one.”’ 34 ‘O tla boa ka tsela e a tlileng ka yone, mme ga a na go tla mo motseng ono,’ go bua Jehofa. 35 ‘Mme eleruri ke tla femela motse ono gore ke o boloke ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa me.’” 36 Mme moengele wa ga Jehofa a tswa a ya go kgemetha ba le dikete di le lekgolo le masome a le robedi le botlhano mo bothibelelong jwa Baasiria. E rile batho ba tsoga go sa le phakela, bona, botlhe ya bo e le ditopo tse di suleng. 37 Ka gone Senakeribe kgosi ya Asiria a tswa a tsamaya mme a boa, mme a nna kwa Ninife. 38 Mme ga diragala gore jaaka a ne a ikoba kwa ntlong ya ga Niseroke modimo wa gagwe, Aderameleke le Sharesere, bomorwawe, ba mo tlhaba ka tšhaka, mme ba tshabela kwa lefatsheng la Ararata. Mme Esare-hadone morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe.
Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
18 Karabo ya ga Jehofa ya thapelo ya ga Hesekia e tla ka Isaia. Jerusalema ga a tshwanela go ineela mo go Asiria; o tshwanetse a ikemela. Isaia o bua jaaka e kete o bua le Senakeribe, a bolela ka bopelokgale molaetsa wa ga Jehofa mo Moasirieng yono: “Morwadia Siona wa kgarebane o go nyaditse, o go sotlile. Morwadia Jerusalema o thukuthile tlhogo morago ga gago [a sotla].” (Isaia 37:21, 22) Go tswa foo Jehofa o oketsa ka mafoko a tota a rayang gore: ‘O mang wena gore o bo o ka sotla Moitshepi wa Iseraele? Ke itse ditiro tsa gago. O rata go nna le maemo a magolo; o ikgantsha thata. O ikantse maatla a gago a sesole mme o gapile naga e ntsi. Mme o ka tlholwa. Ke tla dira gore maikaelelo a gago a iteye se fololetse. Ke tla go fenya. Go tswa foo ke tla go dira jaaka o dirile ba bangwe. Ke tla go tsenya sekgoge mo nkong ke bo ke go busetsa kwa Asiria!’—Isaia 37:23-29.
“Seno e Tla Nna Sesupo sa Gago”
19 Hesekia o tlhomamisediwa ke eng gore boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa? Jehofa o araba jaana: “Seno e tla nna sesupo sa gago: Mo ngwageng ono go tla jewa mo go medileng mo ditlhakeng tse di tshologileng, mo ngwageng wa bobedi dijo tsa ditlhaka tse di ijetseng; mo ngwageng wa boraro lo jale peo, lo robe lo bo lo jale masimo a mofine lo je maungo a one.” (Isaia 37:30) Jehofa o tla fepa Bajuda ba ba kganeletsweng. Le fa ba sa kgone go jala peo ka ntlha ya Baasiria ba ba ba dikaganyeditseng, ba tla kgona go ja mo maronopong a thobo ya ngwaga o o fetileng. Ngwaga o o latelang, ngwaga wa sabata, ba tshwanetse ba tlogela masimo a bone a sa lengwa, lemororo ba le mo bothateng jaana. (Ekesodo 23:11) Jehofa o solofetsa gore fa batho ba utlwa lentswe la gagwe, go tla tlhoga mabele a a lekaneng mo masimong go ba tshedisa. Mme mo ngwageng o o latelang, batho ba tla jala peo ka tsela e e tlwaelegileng ba bo ba itumelele maungo a tiro ya bone.
20 Jaanong Jehofa o tshwantsha batho ba gagwe le sejalo se se ka se kang sa kumolwa motlhofo: “Ba ba falolang ba ntlo ya Juda . . . ba tla mela medi go ya kwa tlase mme ba ntshetse maungo kwa godimo.” (Isaia 37:31, 32) Ee, ba ba ikanyang Jehofa ga ba boife sepe. Bone le bana ba bone ba tla nna ba tlhomame mo nageng.
21 Go tweng ka matshosetsi a Asiria kgatlhanong le Jerusalema? Jehofa o araba jaana: “Ga a na go tsena mo motseng ono le fa e le go hulela motswi teng, le fa e le go lebana le one ka thebe le fa e le go tlhoma lorako lwa phemelo kgatlhanong le one. O tla boa ka tsela e a tlileng ka yone, mme ga a na go tla mo motseng ono.” (Isaia 37:33, 34) Ke foo he Asiria a ka se ka a tlhabana le Jerusalema. Se se gakgamatsang ke gore, Baasiria, e seng Bajuda, ke bone ba tla fenngwang ba sa lwa.
22 Fela jaaka Jehofa a ne a boletse gore o tla dira, o romela moengele yo o kgemethang masole a a ikantsweng thata mo sesoleng sa ga Senakeribe—banna ba le 185 000. Go bonala seno se diragala kwa Libena, mme fa Senakeribe a tsoga o fitlhela baeteledipele, dikgosana le banna ba ba nonofileng ba masole a gagwe ba sule. O boela kwa Ninife a tlhabilwe ke ditlhong, mme le fa a fentswe thata jaana, ka botlhogoethata o nna a ntse a ineetse mo modimong wa gagwe wa maaka e bong Niseroke. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, fa a ntse a obame kwa tempeleng ya ga Niseroke, Senakeribe o bolawa ke barwa ba gagwe ba babedi. Le fano gape, Niseroke yo o sa tsheleng ga a kgone go mmoloka.—Isaia 37:35-38.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 35:8) Mme go tla nna le tsela e kgolo teng, tsela ka boyone; mme e tla bidiwa Tsela ya Boitshepo. Yo o seng phepa ga a kitla a e kgabaganya. Mme e tla nna ya yo o tsamayang mo tseleng, mme ga go bape ba ba dieleele ba ba tla kgarakgatshegang mo go yone.
Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo”
‘Go Tla Nna le Tsela ya Boitshepo’
Jehofa o ne a bolelela pele gore batho ba gagwe ba ba neng ba le mo botshwarong kwa Babelona ba ne ba tla boela kwa nageng ya bone. Boporofeti jo bo neng bo bolelela pele gore ba tla busediwa gae bo ne bo ba tlhomamisetsa jaana: “Go tla nna le tsela e kgolo teng, tsela ka boyone; mme e tla bidiwa Tsela ya Boitshepo.” (Isa. 35:8a) Mafoko ano a bontsha gore Jehofa o ne a sa solofetse Bajuda fela gore ba tla boela kwa nageng ya bone, mme gape o ne a ba tlhomamisetsa gore o tla ba sireletsa mo loetong lwa bone.
Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo”
“Yo o Seng Phepa ga a Kitla a e Kgabaganya”
Ka 537 B.C.E., Bajuda ba ba neng ba boela gae ba ne ba tshwanetse go dira sengwe se se botlhokwa. Isaia 35:8b e bua jaana ka batho ba ba neng ba tshwanelega go tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’: “Yo o seng phepa ga a kitla a e kgabaganya. Mme e tla nna ya yo o tsamayang mo tseleng, mme ga go bape ba ba dieleele ba ba tla kgarakgatshegang mo go yone.” E re ka Bajuda ba ne ba boela Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng, go ne go ka se letlelelwe batho ba ba nang le maitlhomo a bopelotshetlha, ba ba sa tlotleng dilo tse di boitshepo kana ba ba seng phepa semoyeng. Bajuda ba ba neng ba boela gae ba ne ba tshwanetse go tshela ka melao ya ga Jehofa e e kwa godimo ya boitsholo. Batho ba ba batlang gore Modimo a ba amogele gompieno ba tshwanetse go dira fela jalo. Ba tshwanetse go latelela “boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakor. 7:1) Mme gone, ke mekgwa efe e e seng phepa e re tshwanetseng go e tila?
(Isaia 36:2, 3) Mme la bofelo kgosi ya Asiria ya romela Rabeshake go tswa kwa Lakishe go ya Jerusalema, kwa go Kgosi Hesekia, a na le mophato o mogolo wa sesole, mme a ema fela fa moseleng wa mogobe o o fa godimo mo tseleng e kgolo ya naga ya motlhatswi wa matsela. 3 Foo Eliakime morwa Hilekia, yo o neng a okametse ba ntlo, le Shebena mokwaledi le Joa morwa Asafe mokwadi ba tswela kwa go ene.
(Isaia 36:22) Mme Eliakime morwa Hilekia, yo o neng a okametse ba ntlo, le Shebena mokwaledi le Joa morwa Asafe mokwadi ba tla kwa go Hesekia diaparo tsa bone di gagogantswe, mme ba mmolelela mafoko a ga Rabeshake.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II
Se re Ithutang Sone:
36:2, 3, 22. Le fa Shebena a ne a tlositswe mo maemong a go nna molebedi, o ne a letlelelwa go tswelela a direla kgosi e le mokwaledi wa motho yo o tsereng maemo a gagwe. (Isaia 22:15, 19) Fa re tlositswe mo maemong a boikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa ka lebaka lengwe, a ga re a tshwanela go tswelela pele re direla Modimo mo maemong le fa e le afe ao a a letlang?
Mmalo wa Baebele
(Isaia 36:1-12) Jaanong ga diragala mo ngwageng wa bolesome le bonè wa ga Kgosi Hesekia gore Senakeribe kgosi ya Asiria a tsogologele metse yotlhe e e sireletsegileng ya Juda mme a e gapa. 2 Mme la bofelo kgosi ya Asiria ya romela Rabeshake go tswa kwa Lakishe go ya Jerusalema, kwa go Kgosi Hesekia, a na le mophato o mogolo wa sesole, mme a ema fela fa moseleng wa mogobe o o fa godimo mo tseleng e kgolo ya naga ya motlhatswi wa matsela. 3 Foo Eliakime morwa Hilekia, yo o neng a okametse ba ntlo, le Shebena mokwaledi le Joa morwa Asafe mokwadi ba tswela kwa go ene. 4 Ka jalo Rabeshake a ba raya a re: “Tsweetswee, rayang Hesekia lo re, ‘Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e buile jaana: “Tshepo e o e ikantseng eno ke eng? 5 Wena o rile (mme ke lefoko la dipounama), ‘Go na le leano le thata ya ntwa.’ Jaanong o tshepile mang, go bo o ntsuologetse? 6 Bona! O ikantse go tshegediwa ke lotlhaka lono lo lo phitsegileng, Egepeto, lo fa motho a itshegeletsa ka lone, lo tla tsenang mo legofing la gagwe lo bo lo le tlhaba. Ke yone tsela e Faro kgosi ya Egepeto a ntseng ka yone mo go botlhe ba ba mo ikanyang. 7 Mme fa lo ka nthaya lwa re, ‘Re ikantse Jehofa Modimo wa rona,’ a ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe, a ntse a raya Juda le Jerusalema a re, ‘Lo tshwanetse go ikoba fa pele ga sebeso seno’?”’ 8 Jaanong, tsweetswee dirang peelano le morena wa me kgosi ya Asiria, mme mma ke lo neyeng dipitse di le dikete di le pedi go bona gore a lo kgona go pega bapalami mo go tsone. 9 Jaanong o ne o ka busetsa jang sefatlhego sa molaodi a le mongwe wa batlhanka ba babotlana go ba feta botlhe ba morena wa me morago, fa wena, o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikara le ka ntlha ya bapalami ba dipitse? 10 Jaanong a ke tsogologetse lefatshe leno go le senya e se ka taolo e e tswang kwa go Jehofa? Jehofa ka boene o ntheile a re, ‘Tsogologela lefatshe leno, mme o le senye.’” 11 Foo Eliakime le Shebena le Joa ba raya Rabeshake ba re: “Bua le batlhanka ba gago, tsweetswee, ka puo ya Sesiria, gonne re reeditse; mme o se ka wa bua le rona ka puo ya Bajuda batho ba ba mo loboteng ba utlwa.” 12 Mme Rabeshake a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwa go wena gore ke bue mafoko ano? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo godimo ga lobota, gore ba tle ba je mantle a bone le go nwa motlhapo wa bone ba na le lona?”
JANUARY 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 38-42
“Jehofa o Naya yo o Lapileng Maatla”
(Isaia 40:25, 26) “Mme lo ka ntshwantshanya le mang gore ke lekanngwe le ene?” go bua Moitshepi. 26 “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.
“Gomotsang Batho ba Me”
“Ke Mang yo o Bopileng Dilo Tseno?”
23 Go na le lebaka le lengwe gape le le ka kgothatsang batshwarwa ba Bajuda. Ene yo o solofetsang kgololo ke Mmopi wa dilo tsotlhe e bile ke Motswedi wa maatla otlhe a a boitshegang. Go gatelela bokgoni jwa gagwe jo bogolo, Jehofa o bua ka bokgoni jwa gagwe jo bo bonalang mo popong: “‘Lo ka ntshwantshanya le mang gore ke lekanngwe le ene?’ go bua Moitshepi. ‘Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.’”—Isaia 40:25, 26.
24 Moitshepi wa Iseraele o a ipuelela. Go bontsha gore Jehofa ga a lekane le ope, o bua ka dinaledi tsa magodimo. Jehofa o laola dinaledi fela jaaka moeteledipele wa masole a kgona go rulaganya masole a gagwe. Fa a ne a ka di phutha, ‘go ne go ka se nne le e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.’ Le fa palo ya dinaledi e le kgolo, o bitsa nngwe le nngwe ya tsone ka leina, e ka tswa e le leina le le lebaneng yone kana polelwana e e keteng leina. Fela jaaka masole a a ikobileng, di nna mo lefelong la tsone mme di nna ka thulaganyo, gonne Moeteledipele wa tsone o na le “bogolo jwa maatla a a boitshegang” le “nonofo e kgolo.” Ka jalo, batshwarwa ba Bajuda ba na le lebaka la gore ba nne le tshepo. Mmopi, yo o laolang dinaledi, o na le maatla a go tshegetsa batlhanka ba gagwe.
25 Ke mang wa rona yo o ka ganang taletso ya Modimo e e kwadilweng mo go Isaia 40:26: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone”? Dilo tse di ribolotsweng ke baithutadinaledi ba motlha wa gompieno di bontshitse gore magodimo a a tletseng dinaledi a gakgamatsa go feta jaaka a ne a lebega mo motlheng wa ga Isaia. Baithutadinaledi ba ba tlhodumelang magodimo ka dithelesekoupo tsa bone tse di bonelang kgakala thata ba fopholetsa gore lobopo lo lo bonwang ka matlho lo na le masagaripa a dinaledi a ka nna dimilione di le dikete di le 125. Ebu, lesagaripa le le lengwe fela la one—la Molalatladi—go fopholediwa gore le na le dinaledi di feta dimilione di le dikete di le 100! Kitso e e ntseng jalo e tshwanetse ya rotloetsa dipelo tsa rona go tlotla Mmopi wa rona le go ikanya lefoko la gagwe la tsholofetso ka botlalo.
(Isaia 40:27, 28) Wena Jakobe, ke ka ntlha yang fa o re, ee wena Iseraele, ke ka ntlha yang fa o bua o re, ‘Tsela ya me e fitlhetswe Jehofa, le tshiamiso ya me Modimo wa me ga a e lemoge’? 28 A ga o ise o itse kgotsa ga o ise o utlwe? Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, ke Modimo ka bosakhutleng. Ga a lape le fa e le go felelwa ke nonofo. Tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya hukudiwa.
“Gomotsang Batho ba Me”
27 Isaia o kwala mafoko a ga Jehofa a tlhalosa maikutlo a batshwarwa kwa Babelona, makgolo a dikilometara go tswa kwa nagagaeng ya bone. Bangwe ba akanya gore “tsela” ya bone—tsela e e botlhoko ya botshelo jwa bone—Modimo wa bone ga a e bone kana ga a e itse. Ba akanya gore Jehofa ga a tshwenyege le fa ba sotliwa. Ba gakololwa dilo tse ba tshwanetseng ba di itse, fa e se go tswa mo go se se ba diragalelang, e tshwanetse ya nna go tswa mo tshedimosetsong e ba e boleletsweng. Jehofa o a kgona e bile o rata go golola batho ba gagwe. Ke ene Modimo wa bosakhutleng le Mmopi wa lefatshe lotlhe. Ka gone, o sa ntse a na le maatla a a neng a a bontsha ka go bopa dilo, mme le yone Babelona e e maatla tota ga e ka ke ya mo palela. Modimo yo o ntseng jalo a ka se lape mme a swabisa batho ba gagwe. Ga ba a tshwanela go lebelela gore ba ka kgona go tlhaloganya ditiro tsa ga Jehofa ka botlalo, gonne tlhaloganyo ya gagwe—kgotsa temogo le kakanyo—ba ka se ka ba e tlhaloganya.
(Isaia 40:29-31) O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. 30 Basimane ba tla lapa le go felelwa ke nonofo, le makau a tla kgopiwa, 31 mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.”
“Gomotsang Batho ba Me”
29 Fa Jehofa a bua kafa go tlhokegang ka gone go naya yo o lapileng maatla, a ka tswa a gopotse mosepele o o bokete o batshwarwa ba tla tshwanelwang ke go o tsaya gore ba boele gae. Jehofa o gakolola batho ba gagwe gore o rata go thusa batho ba ba lapileng ba ba lebang kwa go ene gore a ba tshegetse. Tota le batho ba ba nang le maatla thata—“basimane” le “makau”—ba ka fetswa maatla ke letsapa mme ba kgotšwa ka ntlha ya letsapa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o solofetsa go naya ba ba mo ikanyang maatla—maatla a a se nang letsapa a go taboga le go tsamaya. Go fofa mo go lebegang go dirwa motlhofo fela ga ntsu, nonyane e e maatla e e kgonang go fofa mo moyeng diura di le dintsi, e dirisiwa go bontsha kafa Jehofa a matlafatsang batlhanka ba gagwe ka teng. E re ka batshwarwa ba Bajuda ba lebeletse gore Modimo a ba tshegetse jalo, ga go na se se ka dirang gore ba latlhegelwe ke tshepo.
30 Ditemana tseno tse di konelang tsa Isaia kgaolo 40 di na le mafoko a a gomotsang Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo. E re ka go na le dikgatelelo le mathata a a kana kana a a kgobang marapo, go a kgothatsa go itse gore Modimo wa rona a ka se ka a tlhoka go bona mathata a re a itshokelang le go tlhoka tshiamiso mo go re diragalelang. Re ka tlhomamisega gore Mmopi wa dilo tsotlhe, Ene yo ‘tlhaloganyo ya gagwe e ka se kang ya anelwa,’ o tla baakanya go tlhoka tshiamiso gotlhe ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe. (Pesalema 147:5, 6) Go ntse go le jalo, ga re tlhoke go itshoka ka maatla a rona. Jehofa, yo o nang le maatla a magolo thata, a ka naya batlhanka ba gagwe maatla fa ba lekwa—le eleng “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7.
31 Akanya ka batshwarwa bao ba Bajuda kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Makgolokgolo a dikilometara go tloga foo, Jerusalema wa bone yo o rategang o ne a swafetse, tempele ya teng e le marope. Mo go bone, boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo na le tsholofetso e e gomotsang ya lesedi le tsholofelo—Jehofa o ne a tla ba busetsa kwa nagagaeng ya bone! Ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a etelela batho ba gagwe pele go ya gae, a supa gore ke Modiragatsi wa ditsholofetso. Le rona re ka tshepa Jehofa ka botlalo. Ditsholofetso tsa gagwe tsa Bogosi, tse di bolelwang sentle mo boporofeting jwa ga Isaia, di tla diragala. Tseo ke dikgang tse di molemo ruri—molaetsa wa lesedi la batho botlhe!
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 38:17) Bona! Mo boemong jwa kagiso ke ne ka nna le se se bogalaka, ee, se se bogalaka; Mme wena o golagane le moya wa me wa ba wa o thibela go tsena mo kgatamping ya sebodu. Gonne o latlhetse maleo a me otlhe kafa morago ga gago.
“Modimo ke Lorato”
17 Hesekia o ne a bua le Jehofa jaana mo pineng ya tebogo e e amang maikutlo e a ileng a e tlhama fa a sena go namolwa mo bolwetseng jo bo kotsi: “O latlhetse maleo a me otlhe kafa morago ga gago.” (Isaia 38:17) Fano Jehofa o tlhalosiwa a tsaya maleo a modirabosula yo o ikwatlhayang a a latlhela kwa morago ga Gagwe koo A se kitlang a tlhola a a bona teng kana a a tsaya tsia. Go ya ka buka nngwe, bokao jwa seo bo ka tlhalosiwa jaana: “O dirile [maleo a me] gore a nne jaaka e kete ga a ise a ko a nne teng.” A seno ga se nametse pelo?
(Isaia 42:3) Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo phitsegileng; mme fa e le mogala wa lodi o o letobo, ga a kitla a o tima. O tla tlisa tshiamiso ka boammaaruri.
Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna Boikokobetso le sa Bopelonomi
13 Mafoko a gagwe a bopelonomi. Kutlwelobotlhoko e ne ya tlhotlheletsa Jesu go bua le batho ba bangwe ka bopelonomi, segolobogolo ba ba neng ba gateletswe. Fa moaposetoloi Mathaio a nopola Isaia, o ne a bua jaana ka Jesu: “Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang, e bile ga go na mogala ope wa lodi o o ntshang mosi fela o a tla o timang.” (Math. 12:20; Isa. 42:3) Seo se kaya eng? Jesu o ne a sa sotle batho kgotsa a ba tshwara ka tsela e e sa siamang. Go na le moo, o ne a bua le bone ka tsela e e neng e ba lapolosa. O ne a rerela batho “ba ba dipelo di phatlogileng” molaetsa wa tsholofelo. (Isa. 61:1) O ne a laletsa batho ba ba neng ‘ba dira ka natla le ba ba imelwang’ gore ba tle kwa go ene e le gore ba tle ba ‘bone tapologo.’ (Math. 11:28-30) Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe go akaretsa le “ba bannye,” kgotsa ba lefatshe le ba tsayang ba se botlhokwa.—Math. 18:12-14; Luke 12:6, 7.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 40:6-17) Reetsa! Mongwe a re: “Tlhaeletsa!” Mme yo mongwe a re: “Ke tla tlhaeletsa ke reng?”“Nama yotlhe ke bojang jo botala, le bopelonomi jotlhe jwa bone bo tshwana le sethunya sa naga. 7 Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile, ka gonne moya wa ga Jehofa o fokile mo go sone. Eleruri batho ke bojang jo botala. 8 Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.” 9 Tlhatlogela le eleng kwa thabeng e e kwa godimo, wena mosadi yo o tlisetsang Siona dikgang tse di molemo. Tsholetsa lentswe la gago ka maatla, wena mosadi yo o tlisetsang Jerusalema dikgang tse di molemo. Le tsholetse. O se ka wa boifa. Raya metse ya Juda o re: “Modimo wa lona ke yo.” 10 Bona! Morena Molaodimogolo Jehofa o tla tla jaaka yo o nonofileng, le lebogo la gagwe le tla bo le busa mo boemong jwa gagwe. Bona! Maduo a gagwe a na le ene, le tuelo e a e duelang e fa pele ga gagwe. 11 O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko. 12 Ke mang yo o lekantseng metsi mo legofing fela la seatla sa gagwe, mme a lekanya magodimo ka paralatso ya seatla fela mme a tsenya lorole lwa lefatshe mo selekanyong, kgotsa a lekanya dithaba ka selekanyi, le dithota ka sekale? 13 Ke mang yo o lekantseng moya wa ga Jehofa, mme ke mang yo o ka dirang gore a itse sengwe jaaka motho yo o mo gakololang? 14 O ne a gakololana le mang gore a dire gore a tlhaloganye, kgotsa ke mang yo o mo rutang tselana ya tshiamiso, kgotsa yo o mo rutang kitso, kgotsa yo o dirang gore a itse tsela ya go tlhaloganya ga mmatota? 15 Bona! Ditšhaba di ntse jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong; mme di kailwe jaaka lorole mo sekaleng. Bona! O tsholetsa ditlhaketlhake jaaka lorole lo lo boleta fela. 16 Le yone Lebanona ga e a lekana go dira gore molelo o tswelele o ntse o tuka, le diphologolo tsa yone tsa naga ga di a lekana go nna tshupelo e e fisiwang. 17 Ditšhaba tsotlhe di ntse jaaka sengwe se se seyong fa pele ga gagwe; ba kailwe ba se sepe e bile ba le selo se e seng sa mmatota mo go ene.
JANUARY 30–FEBRUARY 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 43-46
“Jehofa ke Modimo yo o Diragatsang Boporofeti”
(Isaia 44:26-28) Yo o dirang gore lefoko la motlhanka wa gagwe le diragale, le Yo o diragatsang boikaelelo jwa barongwa ba gagwe ka botlalo; Yo o buang ka Jerusalema a re, ‘O tla nniwa,’ le ka metse ya Juda a re, ‘E tla agiwa sesha, le mafelo a gagwe a a kgakgabetseng ke tla a tsosolosa’; 27 Ene Yo o rayang bodiba jo bo boteng jwa metsi a re, ‘Tšha; mme ke tla kgadisa dinoka tsa gago tsotlhe’; 28 Ene Yo o buang ka Kurose a re, ‘Ke modisa wa me, mme sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo’; le fa ke bua ka Jerusalema ke re, ‘O tla agiwa sesha,’ le ka tempele ke re, ‘Motheo wa gago o tla thewa.’”
Modimo wa Boammaaruri o Bolelela Pele Kgololo
22 Gantsi baitseanape ba ba sa tlhotlhelediwang le go leka ga ba leke go bua dilo tse di tlhomameng fa ba bolelela pele ka gonne go ka tla ga senoga fa ba le phoso fa nako e ntse e ya. Go fapaana le seo, Jehofa o dirisa Isaia go senola leina la motho yo a tla mo dirisang go golola batho ba gagwe mo botshwarong gore ba kgone go ya gae le go aga Jerusalema le tempele sesha. Leina la gagwe ke Kurose, mme o itsewe e le Kurose yo Mogolo wa Peresia. Gape Jehofa o naya tshedimosetso malebana le tsela e Kurose a tla e dirisang go phunyeletsa thulaganyo e kgolo le e e matsetseleko ya Babelona ya go iphemela. Babelona o tla bo a sireleditswe ke dipota tse ditelele le mesele ya metsi e e tsamayang go ralala motse le go o dikologa. Kurose o tla dirisa karolo ya konokono ya tsamaiso eo—Noka ya Euferatese—gore e mo thuse. Go ya ka bakwalahisitori ba bogologolo e bong Herodotus le Xenophon, Kurose o ne a faposa metsi a Euferatese kwa lefelong lengwe kgakalanyana le Babelona go fitlha metsi a nna mannye mo masole a gagwe a neng a ka kgona go a gobua. Fa go akanyediwa kafa noka e kgolo ya Euferatese e neng e ka sireletsa Babelona ka teng, ke monka e a tšha.
23 Go tweng ka tsholofetso ya gore Kurose o tla golola batho ba Modimo le gore o tla tlhomamisa gore Jerusalema le tempele di tla agiwa sesha? Kurose ka boene, mo polelong e e itseweng e e kwadilweng mo Baebeleng, o bolela jaana: “Kurose kgosi ya Peresia o buile jaana, ‘Jehofa Modimo wa magodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe, e bile ene ka boene o nthomile gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema, o o kwa Juda. Le fa e le mang mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, e kete Modimo wa gagwe o ka nna le ene. Ka gone a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juda, mme a age sesha ntlo ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele—ke Modimo wa boammaaruri—e e neng e le kwa Jerusalema.’” (Esera 1:2, 3) Lefoko la ga Jehofa ka Isaia le diragadiwa lotlhe fela!
(Isaia 45:1, 2) Jehofa o reile motlodiwa wa gagwe jaana, e leng Kurose, yo ke tshwereng seatla sa gagwe sa moja, gore ke fenye ditšhaba fa pele ga gagwe, gore ke tlamolole dinōka tsa dikgosi; ke mmulele dikgoro tse di mefama mebedi, gore le dikgoro di se ka tsa tswalega: 2 “Ke tla tsamaya kwa pele ga gago, mme ke tla papana ditotoma tsa naga. Dikgoro tsa kgotlho ke tla di thubaganya, le mephakalego ya tshipi ke tla e kgaola.
Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
4 Jehofa o dirisa Isaia go bua le Kurose jaaka e kete o a tshela, le fa tota Kurose a ise a tsholwe mo motlheng wa ga Isaia. (Baroma 4:17) E re ka Jehofa a tlhoma Kurose go sa le pele gore a dire tiro e e rileng, go ka twe Kurose ke “motlodiwa” wa Modimo. O tla fenya ditšhaba a eteletswe pele ke Modimo, a dira gore dikgosi di nne bokoa mme di se ka tsa kgona go iphemela. Mme fa Kurose a tlhasela Babelona, Jehofa o tla tlhomamisa gore dikgoro tsa motse di tlogelwa di butswe, mo e leng gore di tla bo di se na mosola fela jaaka dikgoro tse di thubagantsweng. O tla etelela Kurose pele, a tlosa dikgoreletsi tsotlhe. Kwa bofelong, masole a ga Kurose a tla fenya motse a bo a thopa “matlotlo [a one] a a fitlhilweng,” khumo ya one e e beilweng mo mabolokelong a a lefifi a a kafa tlase ga lefatshe. Seno ke sone se Isaia a se bolelelang pele. A mme mafoko a gagwe a a diragala?
5 Ka ngwaga wa 539 B.C.E.—dingwaga di ka nna 200 Isaia a sena go kwala boporofeti jono—Kurose ka mmannete o goroga kwa dipoteng tsa Babelona a bo a tlhasela motse. (Jeremia 51:11, 12) Le fa go ntse jalo, Bababelona ga ba tshwenyege. Ba akanya gore motse wa bone o ka se fenngwe. Dipota tsa one tse di telele di okame mesele e e boteng e e tletseng ka metsi a a tswang kwa Nokeng ya Euferatese, e e leng karolo ya thulaganyo ya motse ono ya itshireletso. Go setse go fetile dingwaga di feta lekgolo go se na mmaba ope yo o ileng a kgona go tlhasela Babelona! E bile tota, mmusi wa Babelona wa nama o tshwere e bong Beleshasare, o ikutlwa a sireletsegile mo e leng gore o dira mokete le maloko a ntlo ya gagwe ya segosi. (Daniele 5:1) Mo bosigong joo—bosigo jwa October 5/6—Kurose o wetsa leano le le botlhale la sesole.
6 Kgakalanyana le Babelona, baenjenere ba ga Kurose ba epile losi lwa Noka ya Euferatese, ka go rialo ba faposa metsi a yone gore a se ka a tlhola a elela kwa borwa, kwa ntlheng ya motse. Go ise go ye kae, metsi a a mo nokeng mo Babelona le go mo dikologa a fokotsega mo e leng gore masole a ga Kurose a kgona go gobua mo nokeng a ya kwa gare ga motse. (Isaia 44:27; Jeremia 50:38) Selo se se gakgamatsang ke gore, fela jaaka Isaia a boleletse pele, dikgoro tse di kafa nokeng ga di a tswalwa. Masole a ga Kurose a thelegela mo Babelona, a tsaya ntlo ya segosi a bo a bolaya Kgosi Beleshasare. (Daniele 5:30) Phenyo e dirwa mo bosigong bo le bongwe fela. Babelona o ole, mme boporofeti bo diragaditswe fela jaaka bo ne bo boletswe.
(Isaia 45:3-6) Mme ke tla go naya matlotlo mo lefifing le matlotlo a a fitlhilweng mo mafelong a go iphitlha, gore o tle o itse gore ke nna Jehofa, Yo ke go bitsang ka leina la gago, Modimo wa Iseraele. 4 Ka ntlha ya motlhanka wa me Jakobe le Iseraele yo ke mo tlhophileng, ke ne ka ba ka go bitsa ka leina la gago; Ke ne ka go naya leina la tlotlo, le fa o ne o sa nkitse. 5 Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Kwantle ga me ga go na Modimo ope. Ke tla go gatlha thata, le fa o sa nkitse, 6 gore batho ba tle ba itse go tswa kwa tlhabong ya letsatsi le go ya kwa phirimong ya lone gore ga go na ope kwantle ga me. Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
Lebaka La go Bo Jehofa a Tla Tlhopha Kurose
8 Fa Jehofa a sena go bolela gore ke mang yo o tla fenyang Babelona le gore seno se tla dirwa jang, o tlhalosa lebaka le le lengwe fela la go bo Kurose a tla thusiwa go fenya. Jehofa o bua le Kurose mo boporofeting a re ke “gore o tle o itse gore ke nna Jehofa, Yo ke go bitsang ka leina la gago, Modimo wa Iseraele.” (Isaia 45:3b) Go a tshwanela gore mmusi wa mmuso wa bonè wa lefatshe mo hisitoring ya Baebele a lemoge gore phenyo ya gagwe e kgolo e tla ka ntlha ya go tshegediwa ke mongwe yo mogolo go mo feta—Jehofa, Molaodi wa Lobopo. Kurose o tshwanetse a dumela gore o biditswe, kana o romilwe ke Jehofa, Modimo wa Iseraele. Pego ya Baebele e bontsha gore eleruri Kurose o ne a dumela gore phenyo ya gagwe e kgolo e ne e tswa kwa go Jehofa.—Esera 1:2, 3.
9 Jehofa o tlhalosa lebaka la bobedi la go bo a dira gore Kurose a tle go fenya Babelona: “Ka ntlha ya motlhanka wa me Jakobe le Iseraele yo ke mo tlhophileng, ke ne ka ba ka go bitsa ka leina la gago; ke ne ka go naya leina la tlotlo, le fa o ne o sa nkitse.” (Isaia 45:4) Go fenya Babelona ga ga Kurose go tshikinya lefatshe. Go supa gore mmuso mongwe wa lefatshe o a wa mme o mongwe ke one o simololang go busa, mme go tla nna go gakologelwa mo hisitoring ke dikokomana tse dintsi tse di tla tlang. Le fa go ntse jalo, batho ba ditšhaba tse di gaufi, ba ba lebeletseng ditiragalo ka tlhoafalo ba tshwanetse ba bo ba ka gakgamadiwa ke go itse gore sotlhe seno se diragala gore go solegelwe molemo batshwarwa ba le dikete di se kae “ba e seng ba sepe” ba ba kwa Babelona—Bajuda, ditlogolwana tsa ga Jakobe. Le fa go ntse jalo, mo matlhong a ga Jehofa, bafalodi bano ba setšhaba sa bogologolo sa Iseraele ba botlhokwa tota. Ke “motlhanka” wa gagwe. Mo gare ga ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe, bone ke ‘motlhophiwa’ wa gagwe. Le fa Kurose a ne a sa itse Jehofa pele, Jehofa o mo dirisa jaaka motlodiwa wa Gagwe gore a dige motse o o ganang go golola batshwarwa ba one. Ga se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba gagwe ba ba tlhophilweng ba sotlegele ruri kwa nageng e sele.
10 Go na le lebaka la boraro, le le botlhokwa le go gaisa la go bo Jehofa a dirisa Kurose go fenya Babelona. Jehofa a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele. Kwantle ga me ga go na Modimo ope. Ke tla go gatlha thata, le fa o sa nkitse, gore batho ba tle ba itse go tswa kwa tlhabong ya letsatsi le go ya kwa phirimong ya lone gore ga go na ope kwantle ga me. Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.” (Isaia 45:5, 6) Ee, go wa ga Mmuso wa Lefatshe wa Babelona go bontsha gore Jehofa ke ene Modimo, bosupi jo bo bontshang mongwe le mongwe gore ke ene fela a tshwanelwang ke go obamelwa. Ka ntlha ya go gololwa ga batho ba Modimo, batho ba ba tswang mo ditšhabeng di le dintsi—go tswa botlhaba go ya bophirima—ba tla dumela gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri.—Malaki 1:11.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 43:10-12) “Lo basupi ba me,” go bua Jehofa, “le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, gore lo itse lo bo lo nne le tumelo mo go nna, le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke ene Yoo. Pele ga me ga go a dirwa Modimo ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope. 11 Nna—ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki.” 12 “Nna ke boletse e bile ke bolokile ka ba ka dira gore go utlwiwe, fa go ne go se na modimo o sele mo gare ga lona. Ka jalo lo basupi ba me,” go bua Jehofa, “mme ke nna Modimo.
“Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa”
SETŠHABA SA BASUPI
14 Baiseraele ba ne ba obamela Modimo wa bone e bong Jehofa mme ditšhaba tse dingwe di ne di obamela medingwana ya bone. Mo motlheng wa ga moporofeti Isaia, Jehofa o ne a bapisa seemo se se mo lefatsheng le tsheko ya kwa kgotlatshekelo. O ne a laletsa medimo ya ditšhaba tseno go neela bosupi jo bo tlhomamisang bomodimo jwa bone a bolela jaana: “A ditšhaba tsotlhe di phuthelwe mmogo mo lefelong le le lengwe fela, a ditlhopha tsa ditšhaba di phuthege mmogo. Ke mang mo gare ga [medimo ya bone] yo o ka bolelang seno? Kgotsa a ba ka dira gore re utlwe dilo tsa ntlha? A ba batle basupi ba bone, gore ba bolelwe ba siame, kgotsa ba utlwe mme ba re, ‘Ke boammaaruri!’”—Isa. 43:9.
15 Medimo ya ditšhaba tseno e ile ya palelwa ke go itshupa gore ke ya mmatota. E ne e le medingwana fela e e neng e sa kgone go bua mme e tshwanelwa ke go rwalwa. (Isa. 46:5-7) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Lo basupi ba me, . . . le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, gore lo itse lo bo lo nne le tumelo mo go nna, le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke ene Yoo. Pele ga me ga go a dirwa Modimo ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope. Nna—ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki. . . . Ka jalo lo basupi ba me, . . . mme ke nna Modimo.”—Isa. 43:10-12.
16 Mo go se e neng e tla nna tsheko ya lefatshe lotlhe malebana le gore “Modimo Mogodimodimo ke mang?,” batho ba ba kgethegileng ba ga Jehofa ba ne ba tla neela bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri. O ne a re ke “batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.” (Isa. 43:21) E ne e le batho ba ba neng ba bidiwa ka leina la gagwe. E re ka Jehofa a ne a ba golotse kwa Egepeto, ba ne ba patelesega go buelela bolaodi jwa gagwe mo bathong ba lefatshe. Tota e bile, ba ne ba tshwanetse go nna le boikutlo jono jo moporofeti Mika a neng a re batho ba Modimo ba motlha wa gompieno ba nne le jone: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika. 4:5.
(Isaia 43:25) Nna—ke nna Yo o phimolang ditlolo tsa gago ka ntlha ya me, le maleo a gago ga nkitla ke a gakologelwa.
“Lo Basupi ba Me”!
24Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore kutlwelobotlhoko ya Modimo e e tla latelang e tla bo e se fela ka ntlha ya boikwatlhao jwa Iseraele; e tla bo e le ka ntlha ya ga Jehofa. Ee, leina la gagwe le a amega. Fa a ne a ka tlogela Iseraele kwa botshwarwa ka bosakhutleng, leina la gagwe le ne le tla tlhapadiwa ke ba ba lebeletseng. (Pesalema 79:9; Esekiele 20:8-10) Fela jalo le gompieno, go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe go botlhokwa go feta go bolokwa ga batho. Le fa go ntse jalo, Jehofa o rata batho ba ba amogelang kotlhao ya gagwe ka pelo yotlhe le ba ba mo obamelang ka moya le ka boammaaruri. O ba bontsha lorato—e ka tswa e le batlodiwa kana e le ba dinku tse dingwe—ka go phimola ditlolo tsa bone mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete.—Johane 3:16; 4:23, 24.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 46:1-13) Bele o iname, Nebo o obegetse kwa pele; medingwana ya bone e fetogile ya dibatana tsa naga le ya diruiwa, merwalo ya bone, dithoto, mokgweleo wa diphologolo tse di lapileng. 2 Ba tshwanetse go obegela kwa pele; mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go inama ka go tshwana; ruri ga ba kgone go falotsa mokgweleo wa bone, mme moya wa bone o tshwanetse go ya botshwarwa. 3 “Ntheetsa, wena ntlo ya ga Jakobe, le lona lotlhe ba lo setseng ba ntlo ya ga Iseraele, lona ba lo ntshitsweng ke nna mo mpeng, ba lo tshotsweng mo sebopelong. 4 Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato, gore ke rwale le gore ke sikare ke bo ke falotse. 5 “Lo tla ntshwantshanya le mang kgotsa lwa ntekanya le ene kgotsa lwa ntshwantsha le ene gore re tle re tshwane? 6 Go na le ba ba ntshang gouta e ntsi mo sekgwameng, mme ba lekanya selefera ka jokwe ya sekale. Ba thapa mothudi wa tshipi, mme o e dira modimo. Ba a obama, ee ba a ikoba. 7 Ba e rwala mo legetleng, ba e sikara ba bo ba e baya mo lefelong la yone gore e eme fela. Ga e tswe mo lefelong la yone la go ema. Motho e bile o goela kwa go yone, mme ga e arabe; ga e boloke motho mo matshwenyegong a gagwe. 8 “Gakologelwang seno, gore lo tle lo nne pelokgale. Go iseng pelong, lona batlodi. 9 Gakologelwang dilo tsa ntlha tsa bogologolo, gore ke nna Yo ke Leng Modimo mme ga go na Modimo ope o sele, le fa e le ope yo o tshwanang le nna; 10 Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong; Yo o reng, ‘Boikaelelo jwa me bo tla ema, mme ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang’; 11 Ene Yo o bitsang nonyane e e jang nama go tswa kwa botlhabatsatsi, le motho yo o tswang kwa lefatsheng le le kgakala gore a diragatse boikaelelo jwa me. Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa. Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa. 12 “Ntheetsang, lona ba lo pelo e maatla, lona ba lo kgakala le tshiamo. 13 Ke atameditse tshiamo ya me. Ga e kgakala, le poloko ya me ga e kitla e diega. Mme ke tla neelana ka poloko mo Siona, ke bo ke neele Iseraele bontle jwa me.”