Ditshupiso Tsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi
FEBRUARY 6-12
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 47-51
“Go Ikobela Ditaelo Tsa ga Jehofa go Dira Gore re Segofadiwe”
(Isaia 48:17) Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.
Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo
“Tlhwaela Ditaolo Tsa me Tsebe!”
18 Ka maatla a moya wa ga Jehofa, moporofeti o bolela jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nthomile, le one moya wa gagwe. Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele: ‘Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.’” (Isaia 48:16b, 17) Tsela eno e Jehofa a bontshang go tlhokomela setšhaba sa Iseraele ka lorato ka yone e tshwanetse ya ba tlhomamisetsa gore Modimo o tlile go ba golola mo Babelona. Ke Morekolodi wa bone. (Isaia 54:5) Jehofa o eletsa thata gore Baiseraele ba boe ba nne le kamano le ene mme ba tlhwaele ditaelo tsa gagwe tsebe. Kobamelo ya boammaaruri e theilwe mo go utlweng ditaelo tsa Modimo. Baiseraele ga ba kgone go tsamaya ka tsela e e tshwanetseng fa ba sa rutiwe ‘tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone.’
(Isaia 48:18) Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.
Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo
19 Keletso ya ga Jehofa ya gore batho ba gagwe ba tile masetlapelo mme ba itumelele botshelo e bontshiwa ka tsela e e kgatlhang: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:18) A kopo e e tswang pelong ya Mmopi yo o maatla otlhe! (Duteronome 5:29; Pesalema 81:13) Go na le gore Baiseraele ba ye botshwarwa, ba ka nna le kagiso e e tla nnang ntsi jaaka metsi a a elelang mo nokeng. (Pesalema 119:165) Ditiro tsa bone tsa tshiamo di ka nna dintsi fela jaaka makhubu a lewatle. (Amose 5:24) Jehofa o ikuela mo Baiseraeleng e re ka a ba kgatlhegela tota, a ba bontsha ka lorato tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Fa fela ba ka reetsa!
(Isaia 48:19) Mme bana ba gago ba ne ba tla nna fela jaaka moshawa, mme ditlogolwana tse di tswang mo teng ga gago di ne di tla nna jaaka ditlhaka tsa one. Leina la motho le ne le se kitla le kgaolwa kgotsa le nyelediwa fa pele ga me.
Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo
20 Iseraele o ne a tla tlelwa ke masego afe fa a ne a ka ikwatlhaya? Jehofa a re: “Bana ba gago ba ne ba tla nna fela jaaka moshawa, mme ditlogolwana tse di tswang mo teng ga gago di ne di tla nna jaaka ditlhaka tsa one. Leina la motho le ne le se kitla le kgaolwa kgotsa le nyelediwa fa pele ga me.” (Isaia 48:19) Jehofa o gakolola batho ka tsholofetso ya gagwe ya gore losika lwa ga Aborahame lo ne lo tla ntsifala, “jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (Genesise 22:17; 32:12) Le fa go ntse jalo, ditlogolwana tseno tsa ga Aborahame di ntse di tsuologa, mme ga ba na tshwanelo ya go amogela go diragadiwa ga tsholofetso eo. E bile tota, rekoto ya bone e ntse e le maswe mo e leng gore go ya ka Molao wa ga Jehofa ka boene, ba tshwanelwa ke gore leina la bone jaaka setšhaba le phimolwe. (Duteronome 28:45) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a eletse gore batho ba gagwe ba senngwe, e bile ga a batle go ba tlogelela ruri.
21 Melaometheo e e mo ditemaneng tseno tsa botlhokwa e ama baobamedi ba ga Jehofa gompieno. Jehofa ke Motswedi wa botshelo, e bile o itse go feta motho ope fela gore re tshwanetse ra dirisa matshelo a rona jang. (Pesalema 36:9) O re neile dikaelo gore di re solegele molemo, e seng gore di re tshedise bokete. Bakeresete ba boammaaruri ba tsibogela seo ka go batla go rutwa ke Jehofa. (Mika 4:2) Dikaelo tsa gagwe di sireletsa bomoya jwa rona le kamano ya rona le ene, gape di re sireletsa mo tlhotlheletsong e e bosula ya ga Satane. Fa re tlhaloganya melaometheo e e mo melaong ya Modimo, re bona gore Jehofa o re ruta gore re solegelwe molemo. Re bona gore “ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Mme ga re kitla re fedisiwa.—1 Johane 2:17; 5:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 49:6) Mme a re: “E ne e se kgang e e seng ya sepe fela gore o nne motlhanka wa me gore o tsose ditso tsa ga Jakobe le gore o buse ba ba dibetsweng ba Iseraele; gape ke go neile go nna lesedi la ditšhaba, gore poloko ya me e nne go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.”
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II
49:6—Mesia ke “lesedi la ditšhaba” ka tsela efe, ntswa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ne bo felela mo baneng ba Iseraele? Go ntse jalo ka ntlha ya se se diragetseng morago ga loso lwa ga Jesu. Baebele e lebisa Isaia 49:6 mo barutweng ba gagwe. (Ditiro 13:46, 47) Gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng, ba thusiwa ke boidiidi jo bogolo jwa baobamedi, ke “lesedi la ditšhaba,” ba naya batho lesedi, “go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.”—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
(Isaia 50:1) Jehofa o rile: “Le kae he, lekwalo la tlhalo la ga mmaalona, yo ke mo tsamaisitseng? Kgotsa ke lo rekisitse mo go ofe wa ba ke ba kolotang? Bonang! Lo rekisitswe ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le mmaalona o lelekilwe ka ntlha ya diphoso tsa lona.
it-1-E 643 ¶4-5
Tlhalo
Go Tlhala ga Tshwantshetso. Dikwalo di bua ka lenyalo ka tsela ya tshwantshetso. (Isa 54:1, 5, 6; 62:1-6) Gape di dira jalo fa go buiwa ka tlhalo.—Jer 3:8.
Bogosi jwa Juda bo ile jwa phutlhama mme Jerusalema ya senngwa ka 607 B.C.E., e bile baagi ba naga eo ba ile ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Dingwaga pele seo se direga, Jehofa o ne a porofeta jaana a bua le Bajuda ba ba neng ba tla isiwa botshwarwa a re: “Le kae he, lekwalo la tlhalo la ga mmaalona, yo ke mo tsamaisitseng?” (Isa 50:1) Seo se ile sa direga ka gonne ‘mmaabone’ kgotsa setšhaba sotlhe sa Iseraele se ile sa tlola Molao wa ga Jehofa e seng ka gonne Jehofa e le ene a batlileng gore ba kgaogane. Mme Baiseraele bangwe ba ile ba ikwatlhaya le go kopa Jehofa gore a boelane le bone. Ka ntlha ya leina la gagwe, Jehofa o ile a ba busetsa kwa lefatsheng la bone ka 537 B.C.E., morago ga gore ba fetse dingwaga tse 70 kwa botshwarwa.—Pes 137:1-9; bona LENYALO.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 51:12-23) “Nna—ke nna Yo o lo gomotsang. “O mang gore o boife motho yo o nang le go swa yo o tla swang, le morwa batho yo o tla dirwang jaaka bojang fela jo botala? 13 Le gore o lebale Jehofa Modiri wa gago, Yo o phuthololang magodimo a bo a thaya motheo wa lefatshe, mo o neng o nna o le mo poifong letsatsi lotlhe ka ntlha ya tšararego ya yo o go pitlaganyang, jaaka e kete o ne a ipaakanyeditse go go senya? Mme tšararego ya yo o go pitlaganyang e kae? 14 “Yo o inamang a le mo dikeetaneng ruri o tla gololwa ka bofefo, gore a se ka a swa a tsena mo kgatamping le gore senkgwe sa gagwe se se ka sa tlhaela. 15 “Mme nna, Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo o fuduang lewatle gore makhubu a lone a fuduege. Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe. 16 Ke tla tsenya mafoko a me mo molomong wa gago, mme ke tla go bipa ka moriti wa seatla sa me, gore ke jale magodimo ke bo ke theye motheo wa lefatshe mme ke reye Siona ke re, ‘Lo batho ba me.’ 17 “Itsose, itsose, nanoga, wena Jerusalema, wena yo o noleng senwelo sa ga Jehofa sa tšararego mo seatleng sa gagwe. Phafana, senwelo se se bakang go theekela, o se nole, o se minolositse. 18 Go ne go se na ope wa barwa botlhe ba a ba tshotseng ba ba mo felegetsang, le gone go ne go se na ope wa barwa botlhe ba a ba godisitseng yo o mo tshwereng ka seatla. 19 Dilo tse pedi tseo di ne di go diragalela. Ke mang yo o tla go utlwelang botlhoko? Go thopa le go senya, tlala le tšhaka! Ke mang yo o tla go gomotsang? 20 Bomorwao ba idibetse. Ba rapame kwa tshimologong ya mebila yotlhe jaaka dinku tsa naga mo letloweng, jaaka ba ba tletseng tšararego ya ga Jehofa, kgalemo ya Modimo wa gago.” 21 Ka jalo reetsa seno, tsweetswee, wena mosadi yo o bogisitsweng le yo o tagilweng mme e seng ke beine. 22 Morena wa gago, Jehofa, Modimo wa gago, yo o lwelang batho ba gagwe, o rile: “Bona! Ke tla tlosa senwelo se se bakang go theekela mo seatleng sa gago. Phafana, senwelo sa me sa tšararego—ga o kitla o tlhola o se nwa gape. 23 Mme ke tla e tsenya mo seatleng sa ba ba go tshwenyang, ba ba reileng moya wa gago ba re, ‘Ikobe gore re kgabaganye,’ mo o neng o tlhola o dira mokwatla wa gago gore o nne fela jaaka lefatshe, le jaaka mmila mo go ba ba kgabaganyang.”
FEBRUARY 13-19
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 52-57
“Keresete O ne A Boga ka Ntlha ya Rona”
(Isaia 53:3-5) O ne a nyadiwa e bile a tilwa ke batho, motho yo o diretsweng ditlhabi le gore a tlwaelane le pobolo. Mme go ne ga nna jaaka e kete re subetswe sefatlhego sa motho. O ne a nyadiwa, mme re ne ra mo tsaya jaaka yo e seng wa sepe. 4 Ruri o ne a tshotse dipobolo tsa rona; mme fa e le ditlhabi tsa rona, o ne a di sikara. Mme re ne ra mo kaya e le yo o leretsweng sebetso, a iteilwe ke Modimo e bile a bogisiwa. 5 Mme o ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona; o ne a gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona. O ne a kgwathisiwa gore rona re bone kagiso, mme re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.
Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”
A “Nyadiwa” Mme a Tsewa “Jaaka yo e Seng wa Sepe”
3 Bala Isaia 53:3. Akanya fela gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ka tswa a ne a ikutlwa jang fa a tlogela tiro e e neng e mo itumedisa ya go direla a na le Rraagwe, a bo a tla mo lefatsheng a tla go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a namole batho mo boleong le mo losong! (Bafil. 2:5-8) Go ntshiwa ga ditlhabelo tsa diphologolo jaaka Molao wa ga Moshe o ne o laela go ne go tshwantshetsa fela go itshwarelwa ga maleo, mme setlhabelo sa ga Jesu sone se ne se tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo ka tsela ya mmatota. (Baheb. 10:1-4) A o ne a sa tshwanela go amogelwa le go newa tlotlo, bogolo jang ke Bajuda, ba ba neng ba letile Mesia yo o solofeditsweng? (Joh. 6:14) Mo boemong jwa moo, Keresete o ne a “nyadiwa” ke Bajuda ba bo ba mo “tsaya jaaka yo e seng wa sepe,” jaaka Isaia a ne a boleletse pele. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “O ne a tla mo legaeng la gagabo, mme batho ba gagabo ba ne ba se ka ba mo amogela.” (Joh. 1:11) Moaposetoloi Petere o ne a raya Bajuda a re: “Modimo wa borraaronamogologolwane, o galaleditse Motlhanka wa gagwe, e bong Jesu, yo lo neng lwa mo tshwarisa lwa ba lwa mo itatola fa pele ga sefatlhego sa ga Pilato, fa ene a ne a dirile tshwetso ya go mo golola. Ee, lo ne lwa itatola moitshepi le mosiami yoo.”—Dit. 3:13, 14.
4 Gape Isaia o ne a bolelela pele gore Jesu o ne a tla ‘tlwaelana le pobolo.’ Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe, kwantle ga pelaelo o ne a tle a lape, mme ga go sepe se se bontshang gore o kile a lwala. (Joh. 4:6) Le fa go ntse jalo, o ne a tlwaelana le dipobolo tsa ba a neng a ba rerela. O ne a ba utlwela botlhoko a ba a fodisa ba le bantsi. (Mar. 1:32-34) Ka jalo Jesu o ne a diragatsa boporofeti jo bo reng: “Ruri o ne a tshotse dipobolo tsa rona; mme fa e le ditlhabi tsa rona, o ne a di sikara.”—Isa. 53:4a; Math. 8:16, 17.
Jaaka e Kete o “Iteilwe ke Modimo”
5 Bala Isaia 53:4b. Batho ba le bantsi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye gore ke eng fa a boga a bo a swa. Ba ne ba akanya gore Modimo o ne a mo otlhaya, jaaka e kete o mo itaya ka bolwetse bongwe jo bo maswe. (Math. 27:38-44) Bajuda ba ne ba latofatsa Jesu ba re o a tlhapatsa. (Mar. 14:61-64; Joh. 10:33) Gone ke boammaaruri, Jesu e ne e se moleofi e bile o ne a sa tlhapatse. Mme ka gonne a ne a rata Rraagwe fela thata, go akanya fela gore o ne a tlile go swa a latofaditswe ka gore o a tlhapatsa go tshwanetse ga bo go ile ga mo okeletsa matshwenyego jaaka Motlhanka wa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go ikobela thato ya ga Jehofa.—Math. 26:39.
(Isaia 53:7, 8) O ne a pitlagane thata, e bile o ne a itetla gore a bogisiwe; le fa go ntse jalo o ne a sa bule molomo. O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong; le jaaka nku e namagadi e e nnang semumu fa pele ga babeodi ba yone, le ene o ne a sa bule molomo. 8 O ne a tsewa ka ntlha ya thibelo le ka ntlha ya katlholo; mme ke mang yo o tla itshwenyang ka dintlha tsotlhe tsa kokomana ya gagwe? Gonne o ne a kgaolwa mo lefatsheng la ba ba tshelang. O ne a itewa ka ntlha ya tlolo ya batho ba me.
Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”
“O ne A Tlisiwa Fela Jaaka Nku e Isiwa Tlhabong”
10 Bala Isaia 53:7, 8. Fa Johane Mokolobetsi a bona Jesu a tla, o ne a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Joh. 1:29) Fa Johane a ne a bitsa Jesu a re Kwana, a ka tswa a ne a gopotse mafoko ano a ga Isaia: “O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong.” (Isa. 53:7) Isaia o ne a bolelela pele jaana: “O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong.” (Isa. 53:12) Mme mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe, o ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 senwelo sa beine a bo a re: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.”—Math. 26:28.
(Isaia 53:11, 12) O tla bona ka ntlha ya matshwenyego a moya wa gagwe, o tla kgotsofala. Ka ntlha ya kitso ya gagwe mosiami, motlhanka wa me, o tla dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng; mme o tla sikara ditlolo tsa bone. 12 Ka lebaka leo ke tla mo naya kabelo mo gare ga ba bantsi, mme o tla kgaoganya se se thopilweng le ba ba thata, ka gonne o ne a tshololela moya wa gagwe mo losong, a balelwa le batlodi; a tshola boleo jwa batho ba le bantsi, mme a tsereganyetsa batlodi.
Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”
Motlhanka o Dira Gore “Batho ba le Bantsi ba Nne le Boemo jo bo Siameng”
13 Bala Isaia 53:11, 12. Jehofa o ne a bolela jaana ka Motlhanka wa gagwe yo a mo tlhophileng: “Mosiami, motlhanka wa me, o tla dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng.” Ka tsela efe? Mafoko a bofelo a temana 12 a re naya lesedi le le ka re thusang go bona karabo. “Mme [Motlhanka] a tsereganyetsa batlodi.” Ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di tsholwa e le baleofi, “batlodi,” mme ka jalo ba amogela “dituelo tse boleo bo di duelang,” e leng, loso. (Bar. 5:12; 6:23) Go botlhokwa gore batho ba ba leofileng ba letlane le Jehofa. Kgaolo 53 ya boporofeti jwa ga Isaia e tlhalosa sentle kafa Jesu a neng a “tsereganyetsa” batho ba ba leofileng ka teng, fa e re: “O ne a kgwathisiwa gore rona re bone kagiso, mme re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.”—Isa. 53:5.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 54:1) “Goa ka boipelo, wena mosadi yo o moopa yo o sa belegang! Itumele ka go goa ka boipelo mme o goe ka go tlerebetsa, wena yo o sa nnang le ditlhabi tsa pelegi, gonne barwa ba yo o kgakgabetseng ba bantsi go feta barwa ba mosadi yo o nang le monna yo e leng mong wa gagwe,” go buile Jehofa.
“Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona
Ka jalo he, “mosadi yo o gololesegileng” e bong Sara le Isake morwawe ba ne ba emela mang? Paulo o ne a bontsha gore Sara e leng “mosadi yo o moopa” o ne a emela mosadi wa Modimo, karolo ya selegodimo ya phuthego ya gagwe. Mosadi yono wa selegodimo o ne a le moopa ka gonne pele Jesu a tla o ne a se na “bana” ba ba tloditsweng ka moya mo lefatsheng. (Bagalatia 4:27; Isaia 54:1-6) Le fa go ntse jalo, ka Pentekosete ya 33 C.E., setlhopha sa banna le basadi se ne sa tshololelwa moya o o boitshepo mme ba tsalwa sesha e le bana ba mosadi yono wa selegodimo. Ka jalo bana ba ba tshotsweng ke phuthego eno ba ne ba amogelwa e le barwa ba Modimo mme ba nna baruaboswa mmogo le Jesu Keresete mo kgolaganong e ntšha. (Baroma 8:15-17) Ke ka foo mongwe wa bana bano e bong moaposetoloi Paulo a neng a kwala jaana: “Jerusalema o o kwa godimo o gololesegile, mme ke mmaarona.”—Bagalatia 4:26.
(Isaia 57:15) Gonne Mogodimo le Yo o Kwa Godimo, yo o agang ka bosaengkae le yo leina la gagwe le leng boitshepo, o rile: “Ke agile kwa bogodimong le kwa lefelong le le boitshepo, mmogo le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore ke rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.
Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
Sekao Se se Di Fetang Tsotlhe sa Boikokobetso
3 Jehofa o mogolo ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa e bile ke wa maemo a a kwa godimo, le fa go ntse jalo, “matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Mme Jehofa o dira eng fa a fitlhela baobamedi ba gagwe ba maemo a a kwa tlase ba ngomogile pelo ka ntlha ya mathata a a farologaneng? Ka tsela nngwe re ka re, ‘o aga’ le batho ba ba ntseng jalo ka moya wa gagwe o o boitshepo gore a “rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.” (Isaia 57:15) Ka gone, baobamedi ba gagwe ba ba rudisitsweng moya ba ka kgona go boa ba mo direla ka boipelo. A bo Modimo a le boikokobetso jang ne!
Mmalo wa Baebele
(Isaia 57:1-11) Mosiami o nyeletse, mme ga go na ope yo o go tsayang tsia. Mme batho ba ba nang le bopelonomi jwa lorato ba phuthelwa kwa baswing, mme go se na ope yo o lemogang gore mosiami o phuthetswe koo ka ntlha ya masetlapelo. 2 O tsena mo kagisong; ba ikhutsa mo malaong a bone, mongwe le mongwe yo o tsamayang ka tlhamalalo. 3 “Fa e le lona, atamelang fano, lona barwa ba mosadi yo o bolelelang pele ditiragalo, losika lwa motho yo o akafalang le lwa mosadi yo o dirang boaka: 4 Lo ijesa monate thata ka ntlha ya ga mang? Lo nna lo bulela mang molomo thata, lo nna lo mo ntshetsa loleme? A ga lo bana ba tlolo, losika lwa maaka, 5 ba ba tsosang kgotelo mo ditlhareng tse dikgolo, kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se se golang thata, ba ba bolayang bana setlhogo mo mekgatšheng e e phothoselang kafa tlase ga dipharo tsa mafika a magolo? 6 “Kabelo ya gago e ne e le mo majeng a a borethe a mokgatšha o o phothoselang. One—a ne a le kabelo ya gago ya bola. Mo godimo ga moo, o ne wa a tshelela tshupelo ya senō, o ne wa a isetsa mpho. A ke tla ikgomotsa ka ntlha ya dilo tseno? 7 O ne wa baya bolao jwa gago mo thabeng e e kwa godimo e e tsholeditsweng. Mme o ne wa tlhatlogela teng go isa setlhabelo. 8 O ne wa tlhoma segopotso sa gago kafa morago ga setswalo le mophakwana. Gonne o ne wa ipipolola kwantle ga me mme wa tlhatloga; o ne wa dira gore bolao jwa gago bo nne bogolo. Mme o ne wa itirela kgolagano le bone. O ne wa rata go nna le bolao le bone. O ne wa bona serwe sa bonna. 9 O ne wa fologela kwa go Meleke ka leokwane, mme wa nna wa dira gore ditlolo tsa gago di nne dintsi. O ne wa tswelela o romela barongwa ba gago kgakala, mo o neng wa isa dilo kwa tlase kwa Sheole. 10 O dirile ka natla mo ditseleng tsa gago tse dintsintsi. Ga o a ka wa re, ‘Ga go na tsholofelo!’ O bone go tsosolosiwa ga maatla a gago. Ke gone ka moo o sa bobolang. 11 “O ne wa tshaba mang mme wa boifa, mo o neng wa simolola go aka? Mme ga se nna yo o neng wa mo gakologelwa. Ga o a ka wa isa sepe pelong. A ke ne ke sa nna ke didimetse e bile ke fitlhile dikgang? Ka jalo ga o a ka wa boifa le e leng nna tota.
FEBRUARY 20-26
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 58-62
“Bolela Ngwaga wa Kamogelo wa ga Jehofa”
(Isaia 61:1, 2) Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa le go bulela magolegwa matlho thata; 2 go bolela ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng;
Tshiamo e Tlhoga mo Siona
“Ngwaga wa Kamogelo”
4 Isaia o kwala jaana: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololesego mo go ba ba isitsweng botshwarwa le go bulela magolegwa matlho thata.” (Isaia 61:1) Ke mang yo o romilweng go bolela dikgang tse di molemo? Go ka direga gore mo lekgetlhong la ntlha e ne e le Isaia, yo o tlhotlhelediwang ke Modimo go kwala dikgang tse di molemo a di kwalela batshwarwa ba ba kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka go diragadiwa go go botlhokwa thata ga mafoko ano a ga Isaia fa a ne a a lebisa mo go ene ka boene. (Luke 4:16-21) Ee, Jesu o ne a romiwa go ya go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo, mme o ne a tlolediwa seno ka moya o o boitshepo fa a ne a kolobediwa.—Mathaio 3:16, 17.
(Isaia 61:3, 4) Go abela ba ba hutsafaletseng Siona, go ba naya serwalo sa tlhogo mo boemong jwa melora, leokwane la go itumela mo boemong jwa go hutsafala, seaparo sa pako mo boemong jwa moya o o hutsafetseng; mme ba bidiwe ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo, tse di jadilweng ke Jehofa, gore a galalediwe. 4 Mme ba tla aga sesha mafelo a magologolo a a swafetseng; ba tla tsholetsa le eleng mafelo a a kgakgabetseng a metlha ya pele, mme ruri ba tla dira sesha metse e e swafetseng, e leng mafelo a a kgakgabetseng kokomana morago ga kokomana.
Tshiamo e Tlhoga mo Siona
13 Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, Modimo o ne a jala “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” tse di ntseng jalo—Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba pelokgale—mo nageng ya semoya ya setšhaba sa gagwe se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Go ralala makgolo a dingwaga, “ditlhare” tseno di ile tsa fitlha go palo ya 144 000, di tlhagisa maungo a a siameng gore a ntlafatse, kgotsa a galaletse Jehofa Modimo. (Tshenolo 14:3) Ba bofelo ba “ditlhare” tseno tse dikgolo ba ile ba atlega mo dingwageng tsa fa e sa le ka 1919, fa Jehofa a ne a tsosolosa ba ba setseng ba Iseraele wa Modimo mo seemong sa bone sa go sa dire sepe ka nakwana. Ka go ba naya metsi a mantsi a semoya ka metlha, Jehofa o tlhagisitse sekgwa sa ditlhare tsa tshiamo tse di ungwang.—Isaia 27:6.
14 Isaia o tswelela pele jaana a bontsha tiro ya “ditlhare” tseno: “Ba tla aga sesha mafelo a magologolo a a swafetseng; ba tla tsholetsa le eleng mafelo a a kgakgabetseng a metlha ya pele, mme ruri ba tla dira sesha metse e e swafetseng, e leng mafelo a a kgakgabetseng kokomana morago ga kokomana.” (Isaia 61:4) Ka taolo ya ga Kgosi Kurose wa Peresia, Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba boa kwa Babelona ba ne ba aga Jerusalema sesha le tempele ya yone, e e neng e tlogetswe e swafetse ka lobaka lo loleele. Ditiro tsa go tsosolosa di ne di tla nna dintsi le mo dingwageng tsa morago ga 33 C.E. le 1919.
15 Ka 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba hutsafala thata fa a ne a tshwarwa, a sekisiwa a bo a bolawa. (Mathaio 26:31) Le fa go ntse jalo ba ne ba leba dilo ka tsela e sele fa a ne a bonala mo go bone a sena go tsosiwa. Mme fa moya o o boitshepo o sena go tshololelwa mo go bone, ba ne ba tsena mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo, “mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ka gone ba ne ba simolola go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Ka tsela e e tshwanang, go tloga ka 1919 go ya pele Jesu Keresete o ne a dira gore masalela a barwarraagwe ba ba tloditsweng ba age sesha “mafelo a a kgakgabetseng kokomana morago ga kokomana.” Go ne go fetile makgolo a dingwaga baruti ba Labokeresete ba palelwa ke go anamisa kitso kaga Jehofa, mme mo boemong jwa yone ba buelela dingwao tsa batho le dithuto tse di seng kafa dikwalong. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlosa mo diphuthegong tsa bone mekgwa e e neng e amana le bodumedi jwa maaka gore go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri go tswelele pele. Mme ba ne ba simolola se e neng e tla nna tiro e kgolo ya go neela bosupi e e iseng e ko e direge mo lefatsheng.—Mareko 13:10.
(Isaia 61:5, 6) “Mme batswakwa ba tla ema ba dise matsomane a lona, mme batswakwa ba tla nna balemirui ba lona le babaakanyi ba lona ba mefine. 6 Fa e le lona, lo tla bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; go tla twe lo badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja dikhumo tsa ditšhaba, mme mo kgalalelong ya bone lo tla bua kaga lona lo kgana.
“Baagi ba Nakwana” Ba Seoposengwe mo Kobamelong ya Boammaaruri
5 Ka fa letlhakoreng le lengwe, mongwe a ka nna a bua ka kgaolo 61 ya buka ya Isaia, e e nang le boporofeti jo bo diragadiwang mo phuthegong ya Bokeresete. Temana 6 ya kgaolo eo e bua ka bao e tla nnang “baperesiti ba ga Jehofa.” Le fa go ntse jalo, temana 5 e bua ka “batswakwa” ba ba tla dirisanang mmogo le “baperesiti” bao. Re tshwanetse go tlhaloganya seo jang?
6 Re tlhaloganya ‘baperesiti bao ba ga Jehofa’ e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nang le seabe mo “tsogong ya ntlha” e bile “ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshen. 20:6) Mo godimo ga moo, go na le Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Bano le fa ba dirisana mmogo le ba ba tla direlang kwa legodimong, ke batswakwa ka tsela ya tshwantshetso. E re ka ba ema nokeng le go dira mmogo le “baperesiti ba ga Jehofa,” go ntse jaaka e kete ke “balemirui” le “babaakanyi ba mefine.” Fa ba ntse ba rera le go ruta batho, ba thusa go tlhagolela dinonofo tse moya o di tlhagisang e le go galaletsa Modimo. Eleruri, batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba batla batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ratang go direla Modimo ka bosakhutleng.—Joh. 10:16.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 60:17) Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.
Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya
14 Bakeresete ba le bantsi ba ba godileng ba ba mo diphuthegong tsa rona ba ile ba iponela diphetogo tse di ileng tsa dira gore phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng e nne ntle le go feta. Ba sa ntse ba gopola fa diphuthego di ne di na le motlhanka wa phuthego go na le go nna le setlhopha sa bagolwane, fa dinaga di ne di na le motlhanka wa lekala go na le go nna le Komiti ya Lekala kgotsa fa Watch Tower Society e ne e na le moporesidente go na le go nna le Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Le fa bakaulengwe bano ba ne ba na le bathusi ba ba ikanyegang, maikarabelo a go dira ditshwetso mo phuthegong, mo lekaleng le kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe, a ne a dirwa ke motho a le mongwe. Morago ga 1970, go ne ga dirwa diphetogo tsa gore setlhopha sa bagolwane e nne sone se dirang ditshwetso go na le gore di dirwe ke mokaulengwe a le mongwe.
15 Ke ka ntlha yang fa diphetogo tseno di ile tsa solegela molemo phuthego ya Modimo? Ka gonne di ne di dirwa go dumalana le Dikwalo. Go na le gore motho a le mongwe a dire ditshwetso tsotlhe, phuthego e solegelwa molemo ke dinonofo tse di molemo tsa bagolwane bano botlhe, ba e leng “dimpho [tse e leng] banna,” tse di tswang kwa go Jehofa.—Baefeso 4:8; Diane 24:6.
16 Akanya ka diphetogo tse di ileng tsa dirwa bosheng jaana mo dikgatisong tsa rona. Re itumelela go naya batho dikgatiso tse di ba thusang e bile di kgatlha. Gape akanya kafa re dirisang thekenoloji ka gone go rera dikgang tse di molemo. Ka sekai, website ya jw.org e thusa batho ba le bantsi gore ba kgone go bona thuso e ba e tlhokang. Diphetogo tseno tsotlhe di re thusa go bona kafa Jehofa a kgatlhegelang batho ka gone le kafa a ba ratang ka gone.
17 Gape re anaanela phetogo e e ileng ya dirwa mo dipokanong tsa rona gore re tle re nne le nako e e oketsegileng ya kobamelo ya lelapa kgotsa ya go ithuta re le rosi e bile re anaanela le diphetogo tse di dirwang mo dithulaganyong tsa dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Go bonala di nna di ntse di tokafala ngwaga le ngwaga! Gape re lebogela thapiso e re e newang kwa dikolong tse dintsi tsa Baebele. Diphetogo tseno tsotlhe di re thusa go bona sentle gore Jehofa ke ene a kaelang phuthego ya gagwe e bile o ntse a tsweletse pele go dira gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta.
(Isaia 61:8, 9) Gonne nna, Jehofa, ke rata tshiamiso, ke tlhoile bonokwane le tshiamololo. Mme ke tla ntsha dituelo tsa bone ka boammaaruri, mme ke tla dira kgolagano e e nnang ka bosakhutleng le bone. 9 Mme bana ba bone ba tla itsiwe mo ditšhabeng, le ditlogolwana tsa bone mo ditšhabeng. Botlhe bao ba ba bonang ba tla ba lemoga, gore ke bana ba Jehofa a ba segofaditseng.”
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
61:8, 9—“Kgolagano e e nnang ka bosakhutleng” ke eng, mme “bana” ke bomang? Eno ke kgolagano e ntšha e Jehofa a e dirileng le Bakeresete ba ba tloditsweng. “Bana” ke “dinku tse dingwe”—dimilione tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa bone.—Johane 10:16.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 62:1-12) Ka ntlha ya Siona ga nkitla ke didimala, mme ka ntlha ya Jerusalema ga nkitla ke nna fela go fitlha tshiamo ya gagwe e tswa jaaka phatsimo, le poloko ya gagwe jaaka serumola se se tukang sa molelo. 2 “Mme ruri ditšhaba di tla bona tshiamo ya gago, wena mosadi, le dikgosi tsotlhe kgalalelo ya gago. Mme o tla bidiwa ka leina le lesha, le molomo wa ga Jehofa o tla le tlhophang. 3 Mme o tla nna serwalo sa bontle mo seatleng sa ga Jehofa, le sethathelela tlhogo sa segosi mo seatleng sa Modimo wa gago. 4 Ga go kitla go tlhola go twe o mosadi yo o tlogetsweng gotlhelele; mme lefatshe la gago ga go kitla go tlhola go twe le kgakgabetse; mme wena o tla bidiwa Boitumelo Jwa me Bo mo Go Ene, mme lefatshe la gago le tla bidiwa Yo o Nang le Mong Jaaka Mosadi. Gonne Jehofa o tla bo a itumedisitswe ke wena, mme lefatshe la gago le tla nna le mong jaaka mosadi. 5 Gonne fela jaaka lekau le dira gore kgarebane e nne mosadi wa lone, bomorwao ba tla go tsaya gore o nne mosadi wa bone. Le jaaka monyadi a itumela ka ntlha ya monyadiwa, Modimo wa gago o tla itumela fela jalo ka ntlha ya gago. 6 Ke tlhomile balebeledi mo dipoteng tsa gago, wena Jerusalema. Letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe, ka metlha, a ba se ka ba nna ba didimetse fela.“Lona ba lo umakang Jehofa, lo se ka lwa didimala, 7 le gone lo se ka lwa mo naya tidimalo epe go fitlha a tlhomamisa ka thata, ee, go fitlha a baya Jerusalema jaaka pako mo lefatsheng.” 8 Jehofa o ikanne ka seatla sa gagwe sa moja le ka lebogo la gagwe le le nonofileng: “Ga nkitla ke tlhola ke naya baba ba gago dijo tsa ditlhaka go nna dijo tsa bone, le fa e le batswakwa ga ba kitla ba nwa beine ya gago e ntšha, e o e diretseng ka natla. 9 Mme bone ba ba di phuthang ba tla di ja, mme ruri ba tla baka Jehofa; mme ba ba e phuthang ba tla e nwa mo malwapeng a me a a boitshepo.” 10 Tswelang kwa ntle, tswelang kwa ntle ka dikgoro. Bulelang batho tsela. Koaganyang, koaganyang tsela e kgolo. Tlosang maje mo go yone. Tsholeletsang ditšhaba sesupo. 11 Bona! Jehofa o dirile gore go utlwiwe go fitlha kwa karolong e e kgakala thata ya lefatshe: “Rayang morwadia Siona lo re, ‘Bona! Poloko ya gago e etla. Bona! Maduo ao a a nayang a na le ene, le dituelo tse a di duelang di fa pele ga gagwe.’” 12 Mme ruri batho ba tla ba bitsa batho ba ba boitshepo, ba ba rekolotsweng ke Jehofa; mme wena o tla bidiwa Yo o Batliwang, Motse o o Sa Tlogelwang Gotlhelele.
FEBRUARY 27–MARCH 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ISAIA 63-66
“Batho ba Tla Ipelela Magodimo a Masha le Lefatshe le Lesha”
(Isaia 65:17) Gonne bona, ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.
“Lo Ipele ka Bosaengkae Mo go Se ke Se Bopang
23 Buka ya Tshenolo e tlhalosa ponatshegelo e e bonweng ke moaposetoloi Johane ya letsatsi la ga Jehofa le le tlang, fa tsamaiso eno ya dilo e tla bo e fedisiwa. Morago ga moo, Satane o tla tsenngwa mo moleteng. (Tshenolo 19:11–20:3) Morago ga go naya tlhaloso eo, Johane o boeletsa mafoko a boporofeti a ga Isaia, a kwala jaana: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha.” Ditemana tse di latelang tsa pego ya ponatshegelo eno e e galalelang di bua ka nako ya fa Jehofa Modimo a tla bo a fetola maemo a lefatshe leno gotlhelele gore e nne a a itumedisang. (Tshenolo 21:1, 3-5) Go phepafetse gore tsholofetso ya ga Isaia ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo mo lefatsheng la Modimo le lesha! Mo magodimong a e leng puso e ntšha, setšhaba se sesha sa mo lefatsheng se tla nna le paradaise ya semoya mmogo le ya senama. Tsholofetso eno e gomotsa tota ya gore “dilo tsa pele [malwetse, go boga le mathata a mangwe a batho ba nang le one] ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” Le fa e le eng se re ka se gakologelwang ka nako eo ga se kitla se re utlwisa botlhoko thata, jaaka batho ba le bantsi ba le mo kutlobotlhokong jaana gompieno.
(Isaia 65:18, 19) Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang. Gonne bona, ke bopela Jerusalema se se tla mo ipedisang le batho ba gagwe se se tla dirang gore ba itumele. 19 Ke tla ipela mo Jerusalema ke bo ke itumele ka ntlha ya batho ba me; mme ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela mo go ene le fa e le modumo wa go goa ka khutsafalo.”
“Lo Ipele ka Bosaengkae Mo go Se ke Se Bopang”
25 Le gompieno Jehofa o dira ‘Jerusalema sengwe se se ipedisang.’ Jang? Jaaka re setse re bone, magodimo a masha a a nnileng gone ka 1914 kgabagare a tla akaretsa babusimmogo ba le 144 000 ba ba nnang le seabe mo pusong ya selegodimo. Bano ba tlhalosiwa ka tsela ya boporofeti e le ‘Jerusalema yo Mosha.’ (Tshenolo 21:2) Modimo o bua ka Jerusalema yo Mosha fa a re: “Bona, ke dira Jerusalema sengwe se se ipedisang le batho ba gagwe sengwe se se itumedisang.” Modimo o tla dirisa Jerusalema yo Mosha go tlisa masego a magolo mo bathong ba ba kutlo. Ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela kgotsa go goa ka khutsafalo, gonne Jehofa o tla kgotsofatsa “dikopo tsa pelo ya [rona].”—Pesalema 37:3, 4.
(Isaia 65:21-23) Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. 22 Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. 23 Ga ba kitla ba direla ka natla lefela, le fa e le go tsholela pheretlhego; ka gonne ke bana ba ba bopilweng ka basegofadiwa ba ga Jehofa, mmogo le ditlogolwana tsa bone.
Dingwaga di le Sekete Tsa Kagiso—Le Morago ga Tsone!
‘BA TLA AGA MATLO LE GO JALA MASIMO A MOFINE’
4 Ke mang yo o ka se batleng go nna le ntlo ya gagwe, lefelo le ene le lelapa la gagwe ba ka ikutlwang ba sireletsegile e bile ba babalesegile mo go lone? Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng gompieno kgang ya go tlhokega ga matlo ke bothata jo bogolo. Batho ba pitlagane mo ditoropong tse di tletseng. Batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go nna mo matlong a nakwana mo mekhukhung. Mo go bone go nna le matlo a e leng a bone ke toro fela.
5 Mo pusong ya Bogosi, keletso ya moagi mongwe le mongwe ya go nna le legae la gagwe e tla diragadiwa ka gonne Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.” (Isa. 65:21) Le fa go ntse jalo, gore batho ba nne le magae a bone ga se yone fela tsholofelo e ba nang le yone. Kana e bile, batho bangwe gompieno ba na le magae a bone, tota e bile ba le mmalwa ba nna mo matlong a magolo. Le fa go ntse jalo, ba nna ba tshwenyega ka gore ba ka latlhegelwa ke matlo a bone ka ntlha ya go nna le mathata a tsa madi kgotsa gore dikebekwa di ka ba thubela mo matlong a bone. A bo go tla bo go farologane jang ne mo pusong ya Bogosi! Moporofeti Mika o ne a kwala jaana: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mik. 4:4.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Isaia 63:5) Ke ne ka nna ka leba, mme go ne go se na mothusi; ka simolola go itshupa ke akabetse, mme go ne go se na ope yo o ntshegetsang. Ka jalo lebogo la me le ne la nnaya poloko, le tšararego ya me e ne ya ntshegetsa.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—II
63:5—Tšararego ya Modimo e mo tshegetsa jang? Tšararego ya Modimo ke boikutlo jo bo laolegang—ke kgalefo ya gagwe e e siameng. Tšararego ya gagwe e mo thusa ka go mo tlhotlheletsa go diragatsa dikatlholo tsa gagwe tsa tshiamo.
(Isaia 64:8) Mme jaanong, wena Jehofa, o Rraarona. Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa; mme rotlhe re tiro ya seatla sa gago.
Letla Kotlhao ya ga Jehofa e go Bope
KAFA MMOPI WA LETSOPA A DIRISANG TAOLO YA GAGWE KA GONE
3 Fa Isaia 64:8 e tlhalosa ka tsela ya tshwantshetso kafa Jehofa a laolang batho le ditšhaba ka gone, ya re: “Mme jaanong, wena Jehofa, o Rraarona. Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa; mme rotlhe re tiro ya seatla sa gago.” Mmopi wa letsopa o na le taolo ya go dirisa letsopa go bopa mofuta mongwe le mongwe wa sejana se a batlang go se bopa. Letsopa ga le na taolo ya gore le tla bopiwa jang. Go ntse jalo le mo kgannyeng ya Modimo le batho. Motho a ka se ka a ganetsana le Modimo fela jaaka letsopa le ka se ganetsane le mmopi wa lone.—Bala Jeremia 18:1-6.
4 Jehofa o ne a dirisa Baiseraele ba bogologolo go bontsha se mmopi wa letsopa a kgonang go se dira ka letsopa. Mme gone, go na le pharologano e kgolo. Mmopi wa letsopa a ka kgona go bopa sejana sa mofuta mongwe le mongwe ka letsopa. A Jehofa o tlhopha batho kgotsa ditšhaba tse a tla di bopang, a dira ba bangwe gore ba nne molemo mme ba bangwe a ba dira gore ba nne bosula? Baebele ga e dumalane le kgang eno. Jehofa o neile batho mpho e e molemolemo—mpho ya go itlhophela. Ga a dirise taolo ya gagwe ka tsela e e tla dirang gore mpho ya gagwe e se ka ya tlhola e dira. Batho ba tshwanetse go itlhophela gore Mmopi e bong Jehofa a ba bope.—Bala Jeremia 18:7-10.
5 Go tweng fa batho ba le tlhogoethata mme ba sa batle go bopiwa ke Mmopi yo Mogolo wa letsopa? Fa go ntse jalo, Modimo o bontsha jang taolo e a nang le yone? Akanya ka se se diregang ka letsopa fa le sa tlhole le siametse go dirisediwa maikaelelo a lone. Ebu, mmopi wa letsopa a ka dira mofuta o mongwe wa sejana ka lone kgotsa a ka le latlha! Le fa go ntse jalo, fa letsopa le se na mosola, gantsi mmopi wa letsopa ke ene a leng phoso. Mme gone, ga go a nna jalo ka Mmopi wa rona wa letsopa. (Dute. 32:4) Fa motho a sa letle gore Jehofa a mmope, ka metlha motho yoo ke ene a leng phoso. Jehofa o dirisa taolo ya gagwe ya go nna mmopi wa letsopa mo bathong ka go fetola tsela e a dirisanang le bone ka yone go ikaegile ka gore ba tsibogela jang tsela e a ba bopang ka yone. Ba ba tsibogang ka tsela e e siameng ba tla bopiwa ka tsela e e molemo. Ka sekai, Bakeresete ba ba tloditsweng ke ‘dijana tsa kutlwelobotlhoko’ tse di bopilweng go nna ‘dijana tsa tiriso e e tlotlegang.’ Mme ba ba ganetsang Modimo ba le tlhogoethata bone, ba tla feleletsa e le “dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego.”—Bar. 9:19-23.
Mmalo wa Baebele
(Isaia 63:1-10) Ke mang yono yo o tswang kwa Edoma, yo o nang le diaparo tsa mebala e e tsabakelang go tswa kwa Bosera, yono yo o tlotlegang mo diaparong tsa gagwe, a gwanta ka maatla a gagwe a magolo? “Ke nna, Yo o buang ka tshiamo, Yo o nang le maatla a mantsi a go boloka.” 2 Ke ka ntlha yang fa diaparo tsa gago di le dikhibidu, diaparo tsa gago di tshwana le tsa mongwe yo o gatang mo segatisetsong sa beine? 3 “Ke gatile bogatisetso jwa beine ke le nosi, go se na motho go tswa kwa ditšhabeng yo o nang le nna. Mme ke ne ka nna ka ba gata ka bogale jwa me, ka nna ka ba gataka ka tšararego ya me. Mme madi a bone a a tsapogang a ne a nna a kgatšhegela diaparo tsa me, mme ke kgotletse diaparo tsa me tsotlhe. 4 Gonne letsatsi la pusoloso le mo pelong ya me, le ngwaga wa batho ba me ba ba rekolotsweng o gorogile. 5 Ke ne ka nna ka leba, mme go ne go se na mothusi; ka simolola go itshupa ke akabetse, mme go ne go se na ope yo o ntshegetsang. Ka jalo lebogo la me le ne la nnaya poloko, le tšararego ya me e ne ya ntshegetsa. 6 Ka nna ka gataka ditšhaba ka bogale jwa me, mme ka dira gore ba tagwe ke tšararego ya me mme ka folosetsa madi a bone a a tsapogang mo lefatsheng.” 7 Ke tla umaka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo lorato, dipako tsa ga Jehofa, go ya ka sotlhe se Jehofa a se re diretseng, le eleng bogolo jwa molemo mo ntlong ya Iseraele jo a bo ba neileng go ya ka mautlwelobotlhoko le kafa letlotlong la bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. 8 Mme a tswelela a re: “Eleruri ke batho ba me, barwa ba ba se kitlang ba nna maaka.” Ka jalo o ne a nna Mmoloki mo go bone. 9 Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata. Mme morongwa wa gagwe ka namana o ne a ba boloka. O ne a ba rekolola mo loratong lwa gagwe le mo bopelotlhomoging jwa gagwe, mme a ba tsholetsa a bo a ba tshola malatsi otlhe a bogologolo. 10 Mme bone ba ne ba tsuologa mme ba utlwisa moya wa gagwe o o boitshepo botlhoko. Jaanong o ne a fetoga mmaba wa bone; ene o ne a lwa le bone.